Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Goreng Jesu a ile a nopola mafoko a ga Dafide a a mo go Pesalema 22:1 pele a tlhokafala?

Pele Jesu a tlhokafala, o ile a bua mafoko a a mo go Mathaio 27:46 a a reng: “Modimo wa me, Modimo wa me, o ntatlhetseng?” Fa Jesu a ne a bua mafoko ano, o ne a diragatsa mafoko a ga mopesalema Dafide a a mo go Pesalema 22:1. (Mar. 15:34) Go tla bo go le phoso go akanya gore Jesu o ne a bua mafoko ano ka gonne a swabisitswe ke Jehofa kgotsa a se na tumelo. Jesu o ne a tlhaloganya lebaka la go bo a tshwanetse go swa mme o ne a ikemiseditse go dira jalo. (Math. 16:21; 20:28) Gape o ne a itse gore ka nako ya loso lwa gagwe Jehofa o ne a tshwanetse go tlogela go mo sireletsa. (Jobe 1:10) Ka jalo, Jehofa o ile a tlogela go sireletsa Jesu, ka gonne Jesu o ne a tshwanetse go bontsha gore a ka tswelela a ikanyega go sa kgathalesege gore loso lwa gagwe lo ne lo tla nna jang.—Mar. 14:35, 36.

Jaanong, goreng Jesu a ile a bua mafoko a a mo go pesalema eno? Le fa gone re sa tlhomamisega gore ke eng fa a ile a bua mafoko ao, mma re tlotleng ka mabaka mangwe a go bo a ka tswa a ile a a bua. *

Fa Jesu a ne a bua mafoko ano, a ka tswa a ne a gatelela gore Jehofa ga a kitla a mo thusa. Jesu o ne a tshwanetse go ntsha botshelo jwa gagwe e le setlhabelo a sa thusiwe ke Jehofa. Ka nako eo, Jesu e ne e le motho mme o ne a tlhoka go swa gore a “utlwele motho mongwe le mongwe loso.”—Baheb. 2:9.

Fa Jesu a ne a bua mafoko ano, a ka tswa a ne a batla gore ba bangwe ba akanye ka mafoko otlhe a a mo pesalemeng eo. Ka nako eo, Bajuda ba ne ba tlwaetse go tshwara dipesalema ka tlhogo. Fa ba ne ba utlwa temana nngwe ya pesalema, ba ne ba akanya ka pesalema yotlhe. Fa e le gore Jesu o ne a batla gore batho ba dire jalo, o ne a tla thusa balatedi ba gagwe ba Bajuda go gopola boporofeti jo bo buang ka loso lwa gagwe jo bo mo pesalemeng eo. (Pes. 22:7, 8, 15, 16, 18, 24) Gape ditemana tsa bofelo tsa pesalema eo di galaletsa Jehofa e bile di tlhalosa Jesu e le kgosi ya lefatshe lotlhe.—Pes. 22:27-31.

Fa Jesu a ne a bua mafoko ano, a ka tswa a ne a leka go tlhalosa gore ga a na molato. Pele Jesu a bolawa, o ne a sekisediwa kwa kgotlatshekelong ya Sanehederine, mme tsheko ya gagwe e ne e se ka fa molaong. O ne a latofadiwa ka gore o tlhapaditse Modimo. (Math. 26:65, 66) Go ile ga kopanwa bosigo thata gore ba mo sekise mme ga ba a ka ba latela molao. (Math. 26:59; Mar. 14:56-59) Fa Jesu a ne a re, “Modimo wa me, Modimo wa me, o ntatlhetseng?” a ka tswa a ne a leka go tlhalosa gore ga a dira sepe se se phoso le gore ba ne ba se na lebaka le le utlwalang la go mmolaya.

Fa Jesu a ne a bua mafoko ano, a ka tswa a ne a leka go lemotsha ba bangwe gore le fa mokwadi wa pesalema eo e bong Dafide a ne a boga, seo se ne se sa reye gore Jehofa ga a tlhole a mo amogela. Fa Dafide a ne a bua mafoko ano, ga go reye gore o ne a sa tlhole a na le tumelo mo go Jehofa. Fa a sena go botsa potso eo o ile a tlhalosa gore o tshepa gore Jehofa a ka kgona go boloka batho ba gagwe. Mme Jehofa o ile a tswelela a mo segofatsa. (Pes. 22:23, 24, 27) Ka tsela e e tshwanang, le fa Jesu, “Morwa Dafide” a ne a boga mo koteng ya tlhokofatso, Jehofa o ne a mo amogela.—Math. 21:9.

Fa Jesu a ne a bua mafoko ano, a ka tswa a ne a leka go tlhalosa tsela e a neng a utlwile botlhoko ka yone ka gonne Jehofa a ne a tlhoka go tlogela go mo sireletsa, gore a bontshe gore a ka kgona go ikanyega. E ne e se boikaelelo jwa ga Jehofa gore Morwawe a boge a bo a swe. Go ne ga tlhokega gore Jesu a boge a bo a bolawe morago ga gore Adame le Efa ba tlhanogele Modimo. Jesu o ne a sa dira sepe se se phoso. Mme gone, o ne a tshwanetse go boga le go swa gore a kgone go araba dipotso tse Satane a neng di boditse. Gape o ne a tshwanetse go ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo e le gore a rekolole batho mo losong le mo boleong jo bo bakilweng ke Adame. (Mar. 8:31; 1 Pet. 2:21-24) Seno se ne se ka kgonega fela fa Jehofa a ne a ka tlogela go sireletsa Jesu lekgetlho la ntlha mo botshelong jwa gagwe.

Fa Jesu a ne a bua mafoko ano, gongwe o ne a leka go thusa balatedi ba gagwe gore ba akanye ka lebaka la go bo Jehofa a ile a letla gore a bolaelwe mo koteng ya tlhokofatso. * Jesu o ne a itse gore tsela e a neng a tlile go bolawa ka yone, jaaka sekebekwa mo koteng ya tlhokofatso e ne e tlile go kgopisa ba le bantsi. (1 Bakor. 1:23) Fa balatedi ba gagwe ba ne ba ka tlhoma mogopolo mo lebakeng la go bo a ne a tshwanetse go swa, ba ne ba tla tlhaloganya lebaka la go bo a tshwanetse go bolawa ka tsela eo. (Bagal. 3:13, 14) Mme seo se ne se tla ba thusa gore ba mo tseye e le Mmoloki wa bone e seng sekebekwa.

Go sa kgathalesege gore ke eng fa Jesu a ne a bua mafoko a a mo go Pesalema 22:1 fa a le mo koteng ya tlhokofatso, o ne a itse gore o diragatsa boikaelelo jwa ga Jehofa. Moragonyana fa Jesu a sena go bua mafoko ao o ile a re: “Go diragaditswe!” (Joh. 19:30; Luke 22:37) E re ka Jehofa a ile a tlogela go thusa Jesu ka nakwana, o ile a kgona go diragatsa dilo tsotlhe tse a neng a di tletse mo lefatsheng. Gape seo se ile sa mo thusa gore a kgone go diragatsa se se neng se kwadilwe ka ene mo “molaong wa ga Moshe le mo Baporofeting le Dipesalema.”—Luke 24:44.

^ ser. 2 Bona serapa 9 le 10 mo setlhogong se se reng, “Se re Ithutang Sone mo Mafokong a Bofelo a ga Jesu,” mo makasineng ono.

^ ser. 4 Ka dinako dingwe Jesu o ne a bua kgotsa a botsa dipotso tse di neng di dira gore batho ba akanye. O ne a dira jalo e le go thusa balatedi ba gagwe gore ba tlhalose tsela e ba neng ba ikutlwa ka yone.—Mar. 7:24-27; Joh. 6:1-5; Bona makasine wa Tora ya Tebelo wa October 15, 2010, ts. 4-5.