Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 17

Jehofa O a Go Rata!

Jehofa O a Go Rata!

“Jehofa o ipelela batho ba gagwe.”—PES. 149:4.

PINA 108 Lorato Lwa Modimo lo lo Ikanyegang

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

Jehofa o rata mongwe le mongwe wa rona

(Bona serapa 1)

1. Ke eng se Jehofa a se lemogang ka batho ba gagwe?

JEHOFA MODIMO o “ipelela batho ba gagwe.” (Pes. 149:4) Mme ruri seo se dira gore re itumele! Jehofa o bona botho jwa rona jo bo molemo, o itse dilo tse re kgonang go di dira, gape o re thusa gore re nne ditsala tsa gagwe. Fa re nna re ikanyega mo go ene, o tla tswelela a atamalane le rona!—Joh. 6:44.

2. Goreng go le thata gore bangwe ba dumele gore Jehofa o a ba rata?

2 Bangwe ba ka re: ‘Ke a itse gore Jehofa o rata batho ba gagwe botlhe mme nna nka itse jang gore Jehofa o a nthata? Goreng mongwe a ka botsa potso eno? Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Oksana, * o ile a boga thata fa a sa ntse a le mosha. A re: “Ke ne ke itumetse tota fa ke ne ke kolobediwa mme go tswa foo, ke ne ka nna mmulatsela wa ka metlha. Mme morago ga dingwaga di le 15 ke ne ka simolola go akanya ka dilo tse di botlhoko tse di ntiragaletseng. Ke ne ka simolola go akanya gore Jehofa ga a tlhole a nkamogela le gore ga go na sepe se nka se dirang gore a nthate.” Kgaitsadi mongwe wa mmulatsela yo o bidiwang Yua le ene o ile a lebana le mathata a le mantsi fa a sa ntse a le monnye. A re: “Ke ne ka ineela mo go Jehofa ka gonne ke batla go mo itumedisa. Mme gone, ke ne ke tlhomamisegile gore Jehofa ga a kitla a nthata.”

3. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

3 Fela jaaka bokgaitsadi ba babedi ba re buileng ka bone, le wena o rata Jehofa mme ka dinako dingwe o ka belaela gore o a go rata. Goreng o tshwanetse go tlhomamisega gore Jehofa o a go rata? Mme ke eng se se ka go thusang fa o akanya gore Jehofa ga a go rate? Re tla tlotla ka dikarabo tsa dipotso tseno.

GO BELAELA GORE JEHOFA O A GO RATA GO KOTSI

4. Goreng go le kotsi go belaela gore Jehofa o a re rata?

4 Lorato lo maatla mme lo ka re tlhotlheletsa. Fa re tlhomamisegile gore Jehofa o a re rata e bile o re eme nokeng, re tla dira sotlhe se re ka se kgonang go mo direla le fa re lebane le mathata. Mme fa re belaela gore Jehofa o a re rata ‘maatla a rona a tla tlhaela.’ (Dia. 24:10) Fa re kgobega marapo, re bo re simolola go akanya gore Jehofa ga a re rate, ga re kitla re kgona go ikemela fa Satane a re tlhasela.—Baef. 6:16.

5. Go ile ga diragala eng ka bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba ba neng ba akanya gore Jehofa ga a ba rate?

5 Bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba ile ba simolola go akanya gore Jehofa ga a ba rate le gore ga a amege ka bone. Mme seo se ile sa dira gore tumelo ya bone e koafale. Mogolwane mongwe yo o bidiwang James a re: “Le fa gone ke ne ke direla kwa Bethele e bile ke itumelela go rera le go direla mo phuthegong ya puo e nngwe, ke ne ka simolola go belaela gore Jehofa o itumelela se ke mo direlang sone. Mme ke ne ke ipotsa gore a mme tota Jehofa o reetsa dithapelo tsa me.” Eva yo le ene a leng mo tirelong ya nako e e tletseng, a re: “Ke ne ka lemoga gore go kotsi go akanya gore Jehofa ga a go rate ka gonne seo se ama tsela e o mo direlang ka yone. Se dira gore re se ka ra tlhola re dira dilo dingwe mo tirelong ya ga Jehofa, le gore re se ka ra tlhola re itumela fa re mo direla.” Michael yo e leng mmulatsela wa ka metlha gape e le mogolwane a re: “Fa o sa dumele gore Jehofa o amega ka wena, o tla katogela kgakala le ene.”

6. Ke eng se re tshwanetseng go se dira fa re simolola go akanya gore Modimo ga a re rate?

6 Maitemogelo ano a re bontsha kafa go ka nnang kotsi ka gone go akanya gore Jehofa ga a re rate. Mme ke eng se re tshwanetseng go se dira fa re simolola go akanya gore gongwe Jehofa ga a re rate? Re tshwanetse go tlogela go akanya jalo ka yone nako eo! Kopa Jehofa gore a go thuse gore o se ka wa nna le “dikakanyo . . . tse di tlhobaetsang” le gore a go neye ‘kagiso ya Modimo e e tla disang pelo ya gago le maatla a gago a mogopolo.’ (Pes. 139:23; Bafil. 4:6, 7) Gape gopola gore ga se wena fela o a tleng o ikutlwe ka tsela eo. Go na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bangwe ba ba lekang ka natla go lwa le dikakanyo tseo tse di sa siamang. Tota le batlhanka bangwe ba ga Jehofa ba mo nakong e e fetileng le bone ba ne ba tshwanelwa ke go lwa le maikutlo a a ntseng jalo. A re boneng gore ke eng se re ka ithutang sone mo sekaong sa ga moaposetoloi Paulo.

SE RE KA THUTANG SONE MO GO SE SE DIRAGALETSENG PAULO

7. Ke mathata afe a Paulo a ileng a lebana le one?

7 A ka dinako dingwe o a tle o ikutlwe e kete o na le maikarabelo a mantsi thata, le gore go thata gore o dire dilo tse o tlhokang go di dira? Fa go ntse jalo, o tla tlhaloganya gore Paulo o ne a ikutlwa jang. Paulo o ne a sa tshwenyega fela ka phuthego e le nngwe. Mme o ne a tshwenyegile “ka diphuthego tsotlhe.” (2 Bakor. 11:23-28) A o na le bolwetse bongwe jo bo sa foleng jo ka dinako dingwe bo dirang gore o se ka wa itumelela botshelo? Paulo o ne a na le bothata bongwe jo bo neng bo dira gore a boge fela thata. Gongwe a ka tswa a ne a na le bolwetse jo a neng a batla gore bo fole. (2 Bakor. 12:7-10) A o a tle o kgobege marapo ka gonne o dira diphoso? Paulo le ene o ne a tle a ikutlwe jalo. Ka dinako tse dingwe o ne a ipitsa “motho yo o tlhomolang pelo” ka gonne a tlhoka go dira ka natla gore a dire dilo tse di siameng.—Bar. 7:21-24.

8. Ke eng se se neng se thusa Paulo gore a kgone go itshoka le fa a ne a lebane le mathata?

8 Le fa Paulo a ne a tshwanelwa ke go itshokela mathata otlhe a a neng a lebana le one, o ile a tswelela a direla Jehofa. Ke eng se se neng se mo thusa gore a kgone go dira jalo? Le fa gone a ne a itse gore o na le makoa kgotsa diphoso, o ne a dumela mo setlhabelong sa ga Jesu. Gape o ne a itse tsholofetso ya ga Jesu ya gore ‘mongwe le mongwe yo o dumelang mo go Jesu a ka nna le botshelo jo bo sa khutleng.’ (Joh. 3:16; Bar. 6:23) Tota Paulo o ne a dumela mo setlhabelong sa ga Jesu. O ne a tlhomamisegile gore Jehofa o ikemiseditse go itshwarela le batho ba ba dirileng maleo a a masisi fa ba ikwatlhaya.—Pes. 86:5.

9. Ke eng se re ka ithutang sone mo mafokong a ga Paulo a a mo go Bagalatia 2:20?

9 Paulo o ne a dumela gore Jehofa o mo rata fela thata, ka gonne o ne a rometse Jesu gore a tle go mo swela. (Bala Bagalatia 2:20.) Ela tlhoko mafoko a bofelo mo temaneng eno, a a bontshang gore Paulo o ne a tlhomamisegile ka seno. Paulo o ile a re: ‘Morwa Modimo, . . . o nthatile a ba a ineela ka ntlha ya me.’ Paulo o ne a sa akanye gore ke motho yo o bosula mo e leng gore Modimo ga a mo rate. Ga a ka a re: ‘Ke a bona gore Modimo o na le mabaka a mantsi a go rata bakaulengwe ba me, mme nna ga a na lebaka la go bo a tshwanetse go nthata.’ O ile a raya Baroma a re: “Fa re ne re sa ntse re le baleofi, Keresete o ne a re swela.” (Bar. 5:8) Ga gona sepe se se ka thibelang Jehofa gore a re rate!

10. Ke eng se re ithutang sone mo go Baroma 8:38 le 39?

10 Bala Baroma 8:38, 39. Paulo o ne a itse gore tsela e Jehofa a ratang batlhanka ba gagwe ka yone e maatla go le go kae. O ile a re ga go na sepe se se ka re ‘kgaoganyang le lorato lwa Modimo.’ Paulo o ne a itse gore Jehofa o ile a dirisana le Baiseraele a le pelotelele. Gape o ne a itse tsela e Modimo a ileng a mo utlwela botlhoko ka yone. Tota re ka re Paulo o ne a re, ‘E re ka Jehofa a ile a ntsha Morwawe go tla go ntshwela ga ke na lebaka la go belaela gore o a nthata.’—Bar. 8:32.

Se se botlhokwa mo go Jehofa ke se re se dirang gone jaanong le se re tla se dirang mo nakong e e tlang,  e seng diphoso tsa rona tsa mo nakong e e fetileng(Bona serapa 11) *

11. Le fa Paulo a ile a dira maleo a a jaaka a a ileng a bua ka one mo go 1 Timotheo 1:12-15, goreng a ne a tlhomamisegile gore Jehofa o a mo rata?

11 Bala 1 Timotheo 1:12-15. Gongwe ka dinako dingwe Paulo o ne a tshwenngwa ke dilo tse a ileng a di dira pele a nna Mokeresete. Ke ka moo a ileng a re ga go na motho yo o dirileng maleo a a fetang a gagwe. Pele Paulo a ithuta boammaaruri o ne a nna a tshwara Bakeresete kwa mafelong a a farologaneng. E bile o ne a dumalana le kgotlatshekelo fa e ne e dira tshwetso ya gore bangwe ba bone ba bolawe. (Dit. 26:10, 11) Fa e le gore Paulo o kile a kopana le mosha wa Mokeresete yo a ileng a letla gore batsadi ba gagwe ba bolawe, gongwe o ile a utlwa botlhoko. Paulo o ne a ikwatlhaela dilo tse a neng a di dirile mme gone, o ne a itse gore ga a kitla a kgona go di fetola. O ne a dumela gore Jesu o mo swetse. Ka jalo, o ile a re: “Ke se ke leng sone ka bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo.” (1 Bakor. 15:3, 10) Re ithuta eng? Le wena o tshwanetse go tlhomamisega gore Jesu o go swetse. Mme ka ntlha ya se a ileng a se dira, o kgona go nna tsala ya ga Jehofa. (Dit. 3:19) Se se botlhokwa mo go Jehofa ke se re se dirang gone jaanong le se re tla se dirang mo nakong e e tlang. Mme e seng diphoso tse re di dirileng mo nakong e e fetileng, go sa kgathalasege gore re ne re le Basupi ka nako eo, kgotsa re se bone.—Isa. 1:18.

12. Mafoko a a mo go 1 Johane 3:19 le 20 a ka re thusa jang fa re ikutlwa re se botlhokwa kgotsa re sa tshwanelege go ratiwa?

12 Fa o akanya ka gore Jesu o ile a swela maleo a gago, gongwe o ka nna wa akanya gore wena ga o tshwanelege go newa mpho eo e e tlhwatlhwakgolo. Ke eng se se ka dirang gore o ikutlwe jalo? Dipelo tsa rona di ka nna tsa re tsietsa di bo di dira gore re ikutlwe re le batho ba ba se nang mosola le go akanya gore ga re kitla re ratiwa. (Bala 1 Johane 3:19, 20.) Fa re simolola go akanya jalo, re tshwanetse go gopola gore “Modimo o mogolo go feta dipelo tsa rona.” Le fa re ka akanya gore Modimo ga a re rate e bile ga a kitla a re itshwarela, ene o a itse gore o a re rata le gore o tlile go re itshwarela. Re tshwanetse go itlhomamisetsa gore Jehofa o a re rata. Gore re kgone go dira jalo, re tshwanetse go ithuta Lefoko la gagwe, go mo rapela ka metlha le go fetsa nako le batho ba ba mo obamelang. Goreng go le botlhokwa gore re dire dilo tseno?

SE SE KA GO THUSANG

13. Go ithuta Lefoko la Modimo go ka re thusa jang? (Bona lebokoso le le reng, “ Kafa Lefoko la Modimo le ba Thusang ka Gone.”)

13 Fa o ithuta Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi o tla tlhaloganya dinonofo tsa ga Jehofa le go feta. O tla tlhaloganya gore o go rata tota. Fa o akanyetsa kwa teng ka se o ithutang sone mo Baebeleng, o tla kgona go akanya sentle. Gape seo se tla go thusa go ‘tlhamalatsa’ dilo tse o di akanyang le tsela e o ikutlwang ka yone. (2 Tim. 3:16) Mogolwane mongwe yo o bidiwang Kevin, o ne a tlhola a ikutlwa e le motho yo o se nang mosola. A re: “Go bala le go akanyetsa kwa teng ka Pesalema 103, go ile ga nthusa go baakanya tsela e ke akanyang ka yone le go lemoga gore Jehofa o ikutlwa jang ka nna.” Eva yo re tlotlileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng a re: “Pele letsatsi le wela, ke akanya ka dilo tse Jehofa a di tsayang di le botlhokwa. Seo se dira gore ke nne le kagiso ya mogopolo e bile se nonotsha tumelo ya me.”

14. Go rapela go ka re thusa jang?

14 Rapela ka metlha. (1 Bathes. 5:17) Fa o batla go nna tsala ya mongwe o tshwanetse go buisana le ene ka metlha le go mmolelela gore o ikutlwa jang. Go ntse fela jalo le ka botsala jwa rona le Jehofa. Fa re bolelela Jehofa tsela e re ikutlwang ka yone, dilo tse re di akanyang le dilo tse di re tshwenyang, re mmontsha gore re a mo tshepa le gore re a itse gore o a re rata. (Pes. 94:17-19; 1 Joh. 5:14, 15) Yua, yo re buileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng a re: “Fa ke rapela, ga ke bolelele Jehofa fela ka dilo tse di ntiragaletseng mo letsatsing leo. Ke mmolelela sengwe le sengwe se ke se akanyang le tsela e ke ikutlwang ka yone. Gone jaanong, ke a lemoga gore Jehofa ga a tshwane le manejara wa khampani nngwe mme ke Rre yo o ratang bana ba gagwe.”—Bona lebokoso le le reng, “ A o Setse o e Badile?

15. Jehofa o bontsha jang gore o a re rata?

15 Fetsa nako le batho ba ba obamelang Jehofa ka gonne ke dimpho tse di tswang kwa go Ene. (Jak. 1:17) Jehofa o bontsha gore o a re rata ka go re naya bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba re bontshang gore ba a re ‘rata ka dinako tsotlhe.’ (Dia. 17:17) Mo lekwalong le Paulo a ileng a le kwalela Bakolosa, o bua ka Bakeresete ba ba ileng ba mo tshegetsa mme o ba bitsa a re ke ‘thuso e e mo nonotshang.’ (Bakol. 4:10, 11) Jesu le ene o ne a tlhoka thuso. Fa ditsala tsa gagwe tsa baengele le batho di ne di mo thusa o ne a bontsha gore o lebogela thuso ya bone.—Luke 22:28, 43.

16. Ditsala tse di siameng di ka re thusa jang gore re atamalane le Jehofa?

16 A o a tle o kope kgotsa o amogele thuso mo ditsaleng tsa gago mo phuthegong? Fa re bua le motho yo o nang le botsala jo bo nonofileng le Jehofa ka mathata a rona, seo ga se reye gore tumelo ya rona e bokoa. Tota se bontsha gore re batla go sireletsa botsala jwa rona le Jehofa. Akanya ka se James, yo re buileng ka ene a ileng a se bua. A re: “Go tsalana le batho ba ba nang le botsala jo bo nonofileng le Jehofa go nthusitse fela thata. Fa ke nna le dikakanyo tse di sa siamang ba a ntheetsa, ba bo ba mpolelela gore ba a nthata. Mme fa ba dira jalo, ke kgona go lemoga gore Jehofa le ene o a nthata le gore o a nkgathalela.” Ruri go botlhokwa gore re nne le ditsala mo phuthegong!

NNELA RURI MO LORATONG LWA GA JEHOFA

17-18. Re tshwanetse go reetsa mang, mme ka ntlha yang?

17 Satane o batla gore re ineele re bo re feleletse re dira dilo tse di sa siamang. O batla gore re dumele gore Jehofa ga a re rate le gore ga re tshwanelege gore a re boloke. Mme jaaka re ithutile, seo ga se nnete.

18 Jehofa o a go rata. O botlhokwa mo go ene. Fa o mo ikobela, o tla “nnela ruri mo loratong lwa gagwe,” fela jaaka Jesu. (Joh. 15:10) Ka jalo, o se ka wa reetsa fa Satane kgotsa pelo ya gago e go bolelela gore ga o motho yo o siameng kgotsa o ikutlwa e kete Jehofa ga a go rate. Go na le moo, reetsa Jehofa ka gonne ene o bona sengwe le sengwe se se molemo se o se dirang. Tlhomamisega gore Jehofa o rata batho ba gagwe, go akaretsa le wena!

PINA 141 Kgakgamatso ya Botshelo

^ ser. 5 Bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ga ba dumele gore Jehofa o a ba rata. Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka gore goreng re ka dumela gore Jehofa o rata mongwe le mongwe wa rona. Gape re tla ithuta gore re ka dira eng fa re belaela gore Jehofa o a re rata.

^ ser. 2 Maina mangwe a fetotswe.

^ ser. 68 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Pele Paulo a ithuta boammaaruri, o ne a bogisa Bakeresete mme a dira gore ba bangwe ba tsenngwe mo kgolegelong. Fa a sena go amogela se Keresete a mo diretseng sone, o ile a fetoga a bo a kgothatsa Bakeresete. Bangwe ba bone e ne e le ba masika a batho ba a ileng a ba bogisa.