Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 14

‘Latela Dikgato Tsa Gagwe Gaufiufi’

‘Latela Dikgato Tsa Gagwe Gaufiufi’

“Keresete o ne a boga ka ntlha ya lona, a lo tlogelela sekao gore lo latele dikgato tsa gagwe gaufiufi.”—1 PET. 2:21.

PINA 13 Keresete, Sekao sa Rona

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

Jesu o re tlogeletse dikgato tse re ka di latelang gaufiufi (Bona serapa 1-2)

1-2. Re ka latela dikgato tsa ga Jesu jang? Mme ke sekai sefe se se ka re thusang go tlhaloganya seo?

AKANYA o tsamaya le setlhopha sa batho lo le mo sekgweng se se kotsi, mme go na le motho yo o lo kaelang. Motho yoo o itse sekgwa seo sentle. Fa a ntse a tsamaya o tlogela dikgato kgotsa motlhala wa gagwe mo santeng. Fa lo ntse lo tsamaya, lo lemoga gore ga lo tlhole lo bona motho yo o lo kaelang. Mme ga lo tshoge. Go na le moo, lo leka ka natla go latela motlhala wa gagwe!

2 Lefatshe le le bosula le re tshelang mo go lone le ka tshwantshiwa le sekgwa se se kotsi. Mme Bakeresete bone ba ka tshwantshiwa le batho ba ba tsamayang mo sekgweng seo. Re leboga Jehofa go bo a re neile Morwawe e bong Jesu Keresete gore a re kaele. Mme re leka go latela dikgato tsa gagwe gaufiufi. (1 Pet. 2:21) Buka nngwe e e tlhalosang Baebele e tlhalosa gore mo temaneng eno, Petere o ne a tshwantsha Jesu le mokaedi. Fela jaaka mokaedi yo re tlotlileng ka ene, Jesu le ene o re tlogeletse dikgato tse re ka di latelang. A jaanong re tlotleng ka dipotso tseno tse tharo: Go latela dikgato tsa ga Jesu go kaya eng? Goreng re tshwanetse go di latela? Re ka di latela jang?

GO LATELA DIKGATO TSA GA JESU GO KAYA ENG?

3. Go latela dikgato tsa mongwe go kaya eng?

3 Go latela dikgato tsa mongwe go kaya eng? Gantsi fa Baebele e bua ka ‘go tsamaya’ kgotsa ‘dinao’ e a bo e bua ka se motho a se dirang mo botshelong jwa gagwe. (Gen. 6:9; Dia. 4:26) Tsela e motho a tshelang ka yone, e ka tshwantshiwa le dikgato kgotsa metlhala e a e tlogelang fa a tsamaya. Ka jalo, go latela dikgato tsa motho go kaya go etsa sekao sa gagwe.

4. Go latela dikgato tsa ga Jesu go kaya eng?

4 Go latela dikgato tsa ga Jesu go kaya eng? Go kaya go etsa sekao sa gagwe. Mo lekwalong la setlhogo, moaposetoloi Petere o ne a bua ka sekao se se molemo sa ga Jesu, sa go itshoka fa a bogisiwa. Le fa go ntse jalo, go na le ditsela tse dingwe gape tse dintsi tse re ka etsang Jesu ka tsone. (1 Pet. 2:18-25) Tota e bile, tsela e Jesu a neng a tshela ka yone, go akaretsa sengwe le sengwe se a neng a se bua le se a neng a se dira, e ka nna sekao se se molemo se re ka se latelang.

5. A batho ba ba sa itekanelang ba ka kgona go latela dikgato tsa ga Jesu? Tlhalosa.

5 E re ka re sa itekanela, a go a kgonega gore re etse sekao sa ga Jesu? Ee, re ka kgona. Petere ga a ka a re re gate mo dikgatong tsa ga Jesu, go na le moo, o ile a re re “latele dikgato tsa [ga Jesu] gaufiufi.” Fa re leka ka natla go latela dikgato tsa gagwe, le fa gone re sa itekanela, re tla bo re dira se moaposetoloi Johane a ileng a se bua fa a ne a re: ‘Tswelelang lo tsamaya fela jaaka Jesu a ne a tsamaya.’—1 Joh. 2:6.

GORENG RE TSHWANETSE GO LATELA DIKGATO TSA GA JESU?

6-7. Goreng re ka re fa re etsa sekao sa ga Jesu re tla nna ditsala tse dikgolo tsa ga Jehofa?

6 Fa re latela dikgato tsa ga Jesu, re tla nna ditsala tse dikgolo tsa ga Jehofa. Goreng re ka re jalo? Sa ntlha, Jesu o ile a re tlhomela sekao se se molemo sa go tshela ka tsela e e itumedisang Jehofa. (Joh. 8:29) Ka jalo, fa re etsa sekao sa gagwe, re tla itumedisa Jehofa. Mme re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla atamalana le mongwe le mongwe yo o lekang ka natla go nna tsala ya gagwe.—Jak. 4:8.

7 Sa bobedi, Jesu o ne a etsa Rraagwe. Ke lone lebaka la go bo Jesu a ile a re: “Yo o mponeng o bone le Rara.” (Joh. 14:9) Re ka etsa tsela e e molemo e Jesu a neng a tshwara ba bangwe ka yone. O ile a tlhomogela motho yo o neng a tshwerwe ke lepero pelo, a akanyetsa mosadi yo o neng a lwala le go utlwela batho ba ba tlhokafaletsweng botlhoko. Fa re etsa Jesu re a bo re etsa Jehofa. (Mar. 1:40, 41; 5:25-34; Joh. 11:33-35) Fa re ntse re leka ka natla go etsa Jehofa, botsala jwa rona le ene bo tla nonofa.

8. Tlhalosa gore go etsa sekao sa ga Jesu go ka re thusa jang gore re ‘fenye’ lefatshe.

8 Fa re latela dikgato tsa ga Jesu ga re kitla re letla lefatshe leno le le bosula le re kgoreletsa go direla Jehofa. Mo bosigong jwa bofelo pele Jesu a bolawa, o ile a kgona go bua a re: “Ke fentse lefatshe.” (Joh. 16:33) Fa a ne a bua jalo, o ne a raya gore ga a ka a letla tsela e batho ba akanyang ka yone, mekgele ya bone le dilo tse ba di dirang di tlhotlheletsa tsela e a dirang dilo ka yone. Jesu ga a ka a lebala gore lebaka la go bo a ile a tla mo lefatsheng e ne e le go tlotlomatsa Jehofa. Rona re ka etsa jang sekao sa ga Jesu? Go na le dilo di le dintsi tse di ka re kgoreletsang go tlhoma mogopolo mo go direleng Jehofa. Mme fa re dira thato ya ga Jehofa fela jaaka Jesu, re ka kgona go ‘fenya’ lefatshe.—1 Joh. 5:5.

9. Re tshwanetse go dira eng gore re bone botshelo jo bo sa khutleng?

9 Fa re latela dikgato tsa ga Jesu re ka tshelela ruri. Fa lekawana lengwe le le humileng le ne le botsa Jesu gore le tshwanetse go dira eng gore le bone botshelo jo bo sa khutleng, Jesu o ile a mo raya a re: ‘Tla o nne molatedi wa me.’ (Math. 19:16-21) O ile a raya Bajuda bangwe ba ba neng ba sa dumele gore ke ene Keresete a re: “Dinku tsa me . . . di ntshala morago. Ke di naya botshelo jo bo sa khutleng.” (Joh. 10:24-29) Mme gape, fa Jesu a ne a bua le Nikodemo yo e neng e le leloko la Sanehederine, yo moraganyana a ileng a kgatlhegela go ithuta ka ene o ne a mo raya a re “mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene” a ka bona “botshelo jo bo sa khutleng.” (Joh. 3:16) Re bontsha gore re na le tumelo mo go Jesu, fa re dirisa se a neng a se ruta le go etsa tsela e a neng a tshela ka yone. Fa re dira jalo, re tla bona botshelo jo bo sa khutleng.—Math. 7:14.

RE KA LATELA DIKGATO TSA GA JESU JANG GAUFIUFI?

10. Ke eng se re tshwanetseng go se dira gore re itse Jesu botoka? (Johane 17:3)

10 Pele ga re ka latela dikgato tsa ga Jesu gaufiufi re tshwanetse go mo itse. (Bala Johane 17:3.) Gore re itse Jesu re tshwanetse go tswelela re ithuta ka ene. Re tshwanetse go ithuta ka botho jwa gagwe, tsela e a neng a akanyang ka yone, le e a neng a dira dilo ka yone. Le fa re ka tswa re na le lobaka lo loleele re le mo phuthegong, re tshwanetse go tswelela re ithuta ka ga Jehofa le Morwawe.

11. Dibuka tsa Mathaio, Mareko, Luke le Johane di bua ka eng?

11 Jehofa o ile a dira gore go nne le dibuka tsa Baebele tse nnê tse di buang ka botshelo jwa ga Jesu, e leng Mathaio, Mareko, Luke le Johane. O ne a dira jalo ka gonne a batla go re thusa go itse Morwawe botoka. Dibuka tseno di bua ka botshelo jwa ga Jesu le bodiredi jwa gagwe. Di re bolelela ka dilo tse Jesu a neng a di bua, dilo tse a neng a di dira le tsela e a neng a ikutlwa ka yone. Gape di re thusa go ‘akanya ka kelotlhoko’ ka sekao se Jesu a re tlhometseng sone. (Baheb. 12:3) Di re thusa go bona dikgato tse Jesu a re tlogeletseng tsone. Ka jalo, fa re ithuta dibuka tseno, re ka kgona go itse Jesu botoka. Mme seo se ka re thusa go latela dikgato tsa gagwe gaufiufi.

12. Re ka dira eng gore re kgone go solegelwa molemo ke dipego tsa botshelo jwa ga Jesu?

12 Gore re kgone go solegelwa molemo ke dibuka tsa Baebele tse di buang ka botshelo jwa ga Jesu ga re a tshwanela go di bala fela. Re tshwanetse go ipha nako ya go ithuta tsone ka kelotlhoko re bo re akanyetsa kwa teng ka se re ithutang sone. (Bapisa Joshua 1:8.) A re tlotleng ka dikakantsho tse pedi tse di ka re thusang go akanyetsa kwa teng ka se re se balang mo dipegong tseo le go bona gore re ka se dirisa jang.

13. O ka dira jang gore dipego tsa botshelo jwa ga Jesu di go ame pelo?

13 Bona ditiragalo tse di mo dipegong tseo ka leitlho la mogopolo. Bona o bo o utlwe se se diragalang mo pegong eo, mme o bo o ikutlwa ka tsela e batho bao ba neng ba ikutlwang ka yone. Gore o kgone go dira jalo, dira dipatlisiso mo dikgatisong tse phuthego ya Modimo e re nayang tsone. Bala ka ditiragalo tse di diragetseng pele kgotsa morago ga pego e o e balang, gore o kgone go tlhaloganya se o se balang. Dira dipatlisiso ka batho le mafelo a go buiwang ka one. Bapisa pego e o e balang le pego e nngwe e e tshwanang le yone mo go nngwe ya dibuka tse di buang ka botshelo jwa ga Jesu mo Baebeleng. Ka dinako tse dingwe mokwadi yo mongwe o bua se mokwadi yo mongwe a se tlogetseng kwa morago.

14-15. Re tshwanetse go dira eng gore re kgone go dirisa se re ithutang sone mo dipegong tsa botshelo jwa ga Jesu?

14 Sa bobedi, dirisa se o ithutileng sone mo dipegong tseo. (Joh. 13:17) Fa o sena go ithuta pego nngwe ipotse gore: ‘Ke eng se ke se ithutang mo pegong eno se nka se dirisang mo botshelong jwa me? Nka dirisa jang pego eno go thusa mongwe?’ Leka go akanya ka mongwe yo o mo itseng yo o tla solegelwang molemo ke pego eno. Mme o batle nako e e siameng ya go bua le ene. Fa o bua le ene, mmontshe gore o a mo rata le gore o a mo akanyetsa.

15 A re boneng gore re ka dirisa jang dintlha tseno tse pedi mo sekaing se se latelang. Re tla sekaseka pego ya motlholagadi yo o humanegileng yo Jesu a neng a mmona kwa tempeleng.

MOTLHOLAGADI YO O HUMANEGILENG KWA TEMPELENG

16. Tlhalosa se se diragalang mo go Mareko 12:41.

16 Bona pego eno ka leitlho la mogopolo. (Bala Mareko 12:41.) Akanya ka se se ileng sa direga. Ke Nisane 11, 33 C.E. Mo malatsing a le mmalwa Jesu o tlile go bolawa. O feditse diura di le dintsi a ruta kwa tempeleng. Baeteledipele ba bodumedi ba tlhotse ba mo tshwenya letsatsi lotlhe. Pelenyana mo letsatsing leo, bangwe ba bone ba ne ba mmotsa gore o neilwe ke mang taolo ya go dira dilo tse a neng a di dira. Ba bangwe ba ne ba mmotsa dipotso tse ba neng ba akanya gore a ka se kgone go di araba. (Mar. 11:27-33; 12:13-34) Jaanong, Jesu o kwa letlhakoreng le lengwe la tempele. Go ka direga gore o ntse mo lefelong le le bidiwang Lelwapa lwa Basadi ka gonne o kgona go bona matlole a matlotlo. Jesu o dula fatshe mme o lebelela batho ba ba tsenyang madi mo matloleng. Batho ba le bantsi ba ba humileng ba latlhela madi a mantsi. Gongwe o gaufi thata mo a kgonang go utlwa modumo wa madi fa a wela mo teng ga matlole.

17. Ke eng se motlholagadi yo go buiwang ka ene mo go Mareko 12:42 a ileng a se dira?

17 Bala Mareko 12:42. Moragonyana, Jesu o bona mosadi mongwe. Mosadi yoo ke motlholagadi e bile o humanegile. (Luke 21:2) Botshelo jwa gagwe bo thata. Gongwe a ka tswa a se na madi a a lekaneng a go reka dilo tse a di tlhokang. Mme gone, o ya kwa letloleng a bo a latlhela madinyana a mabedi a tshipi. Gongwe madinyana ao ga a dire le modumo fa a wela mo letloleng. Jesu o a itse gore mosadi yoo o tsentse madi a a kanakang mo letloleng. O tsentse madi a mabedi a tshipi a tlhwatlhwa e e kwa tlase. Madi ao, a ne a sa lekana go reka le thaga, e leng nonyane ya tlhwatlhwa e e kwa tlase thata.

18. Mareko 12:43 le 44 e tlhalosa gore Jesu o ile a reng ka moneelo o mosadi wa motlholagadi a neng a o ntshitse?

18 Bala Mareko 12:43, 44. Jesu o kgatlhilwe ke mosadi yono wa motlholagadi. Ka jalo, o bitsa barutwa ba gagwe o ba bontsha mosadi yoo a bo a re: “Motlholagadi yono wa mohumanegi o latlhetse go feta botlhe.” Go tswa foo a bo a re: “Botlhe [segolobogolo batho ba ba humileng] ba latlhetse se se tswang mo go se se setseng sa bone, mme ene, go tswa mo letlhokong la gagwe, o latlhetse gotlhe mo a neng a na le gone, gotlhe mo a tshelang ka gone.” Fa mosadi yono a ne a ntsha madinyana a gagwe a bofelo, o ne a bontsha gore o tshepa gore Jehofa o tla mo tlhokomela.—Pes. 26:3.

Fela jaaka Jesu, fa o bona ba bangwe ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go direla Jehofa, ba akgole (Bona serapa 19-20) *

19. Re ka ithuta eng mo go se Jesu a ileng a se bua ka mosadi yo o humanegileng wa motlholagadi?

19 Dirisa pego eno mo botshelong jwa gago. Ipotse gore, ‘Nka ithuta eng mo go se Jesu a ileng a se bua ka mosadi yo o humanegileng wa motlholagadi?’ Akanya ka motlholagadi yoo. Gongwe o ne a eletsa gore a ka bo a kgona go naya Jehofa madi a a oketsegileng. Mme gone, o ile a naya Jehofa sotlhe se a neng a ka se kgona. Gape Jesu o ne a itse gore Rraagwe o anaanela moneelo wa mosadi yoo. Re ithuta ntlha ya botlhokwa fano, re ithuta gore Jehofa o a itumela fa re mo direla ka pelo yotlhe le ka moya otlhe. (Math. 22:37; Bakol. 3:23) Go dira sotlhe se re ka se kgonang mo tirelong ya ga Jehofa go kaya go dirisa nako le maatla a rona go obamela Jehofa, ka go ya bodireding le go nna gone kwa dipokanong.

20. O ka dirisa jang se o ithutileng sone mo pegong ya mosadi wa motlholagadi? Naya sekai.

20 O ka dirisa jang se o ithutileng sone mo pegong ya mosadi wa motlholagadi? Leka go akanya ka batho ba ba tlhokang go kgothadiwa le go bolelelwa gore Jehofa o itumelela se ba mo direlang sone. A o itse kgaitsadi mongwe yo o godileng, yo o lwalang e bile a ikutlwa molato ka gonne a sa tlhole a kgona go direla Jehofa kafa a neng a mo direla ka gone? Kgotsa a o itse mokaulengwe mongwe yo o nang le bolwetse jo bo sa foleng mme a kgobiwa marapo ke gore ga a kgone go nna gone kwa dipokanong ka metlha? Thusa bakaulengwe le bokgaitsadi bao ka go ba bolelela mafoko a a “molemo [le a a] agang.” (Baef. 4:29) Tlotla le bone ka dintlha tse di kgothatsang tse o ithutileng tsone mo pegong ya mosadi wa motlholagadi. Mafoko a gago a a gomotsang a ka ba gopotsa gore Jehofa o a itumela fa re dira sotlhe se re ka se kgonang go mo direla. (Dia. 15:23; 1 Bathes. 5:11) Fa o akgola ba bangwe ka gonne ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go direla Jehofa, le fa go lebega e kete se ba se dirang ke selo se sennye, o tla bo o latela dikgato tsa ga Jesu gaufiufi.

21. O ikemiseditse go dira eng?

21 Re leboga go bo dibuka tsa botshelo jwa ga Jesu di na le dintlha di le dintsi tse di re thusang go mo etsa le go latela dikgato tsa gagwe gaufiufi! Gongwe lo ka ithuta ka dipego tsa botshelo jwa ga Jesu ka nako ya Kobamelo ya Lelapa kgotsa ka nako ya fa o ithuta o le nosi. Gopola gore, fa o batla gore dipego tseno di go solegele molemo, o tshwanetse go bona se o se balang ka leitlho la mogopolo le go dirisa se o ithutang sone. Gone re ka solegelwa molemo ke go etsa se Jesu a neng a se dira mme gape re tlhoka go reetsa se a neng a se bua. Mo setlhogong se se latelang re tla bona gore re ka ithuta eng mo mafokong a bofelo a Jesu a ileng a a bua pele a tlhokafala.

PINA 15 Bakang Leitibolo la ga Jehofa!

^ ser. 5 Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go ‘latela dikgato tsa ga Jesu gaufiufi.’ Jesu o re tlogeletse sekao sefe se re tshwanetseng go se latela? Re tla bona karabo ya potso eno mo setlhogong seno. Gape re tla tlotla ka gore ke eng fa re tshwanetse go latela dikgato tsa gagwe gaufiufi, le gore re ka dira seo jang.

^ ser. 60 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Fa kgaitsadi a sena go bala le go akanyetsa kwa teng ka se Jesu a ileng a se bua ka mosadi wa motlholagadi, o akgola kgaitsadi yo o godileng go bo a direla Jehofa ka moya otlhe.