Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 15

A o Tlhoma “Sekao . . . mo Tseleng e o Buang ka Yone”?

A o Tlhoma “Sekao . . . mo Tseleng e o Buang ka Yone”?

“Nna sekao mo go ba ba ikanyegang mo tseleng e o buang ka yone.”​—1 TIM. 4:12.

PINA 90 A re Kgothatsaneng

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Ke mang yo o re neileng bokgoni jwa go bua?

 BOKGONI jo re nang le jone jwa go bua, ke mpho e e tswang kwa Modimong wa rona yo o lorato. Fela fa motho wa ntlha e bong Adame a sena go bopiwa, o ne a kgona go dirisa mafoko go bua le Rraagwe yo o kwa legodimong. Gape o ne a ka kgona go oketsa puo ya gagwe ka go tlhama mafoko a masha. Adame o ile a dirisa bokgoni joo fa a ne a naya diphologolo tsotlhe maina. (Gen. 2:19) E bile o tshwanetse a bo a ne a itumetse tota fa a ne a bua lekgetlo la ntlha le motho yo mongwe, e bong mosadi wa gagwe yo montle Efa!—Gen. 2:22, 23.

2. Puo e dirisitswe jang ka tsela e e sa tshwanelang mo nakong e e fetileng go tla go fitlha gompieno?

2 Go ise go ye kae, mpho ya go bua e ne ya dirisiwa ka tsela e e sa tshwanelang. Satane Diabolo o ne a bolelela Efa maaka, mme maaka ao a ne a dira gore ba leofe ba bo ba nne le diphelelo tsa boleo. (Gen. 3:1-4) Adame o ne a dirisa bokgoni jwa go bua ka tsela e e sa tshwanelang fa a ne a latofatsa Efa le Jehofa ka ntlha ya diphoso tse ene a neng a di dirile. (Gen. 3:12) Kaine o ne a bolelela Jehofa maaka fa a sena go bolaya morwarraagwe e bong Abele. (Gen. 4:9) Moragonyana, setlogolwana sa ga Kaine e bong Lameke, o ne a tlhama poko e e neng e bontsha gore batho ba ba neng ba tshela mo motlheng wa gagwe ba ne ba rata ntwa. (Gen. 4:23, 24) Batho ba ntse jang gompieno? Ka dinako dingwe, baeteledipele ba dipolotiki ga ba tlhabiwe ke ditlhong go bua puo ya matlhapa mo gare ga batho. Tota e bile, gompieno ke ka sewelo o ka bonang di-movie tse di se nang puo e e leswe. Baithuti ba utlwa puo ya matlhapa kwa sekolong, bagolo bone ba e utlwa kwa tirong. Tsela e puo e e leswe e tlwaelegileng ka yone gompieno, e bontsha gore lefatshe leno le bosula tota.

3. Re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra dira eng, mme re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?

3 Fa re se kelotlhoko, re ka nna ra simolola go bua puo e e leswe ka gonne re e utlwa gangwe le gape. Boammaaruri ke gore rona Bakeresete, re batla go itumedisa Jehofa, ka jalo ga re ka ke ra bua puo e e leswe. Re batla go dirisa mpho ya go bua e re nang le yone ka tsela e e tshwanetseng gore re bake Modimo wa rona. Mo setlhogong seno, re tlile go sekaseka kafa re ka dirang seo ka gone (1) kwa bodireding, (2) kwa phuthegong le (3) fa re tlotla le batho ba bangwe letsatsi le letsatsi. Le fa go ntse jalo, a re simololeng pele ka go bona gore go botlhokwa go le kana kang mo go Jehofa gore re dirisa mpho eo jang.

GO BOTLHOKWA MO GO JEHOFA GORE RE BUA JANG

Se o se buang se bontsha jang se se mo pelong ya gago? (Bona serapa 4-5) *

4. Go ya ka Malaki 3:16, goreng go le botlhokwa mo go Jehofa gore re buang jang?

4 Bala Malaki 3:16. Mo ‘bukeng ya gagwe ya kgakologelo,’ Jehofa o kwala maina a batho ba ba buang ka tsela e e bontshang gore ba a mmoifa le gore ba akanya ka leina la gagwe. Goreng a dira jalo? Ka gonne se re se buang, se bontsha gore ke eng se se mo dipelong tsa rona. Jesu o ne a re: “Molomo o bua se se tletseng mo pelong.” (Math. 12:34) Se re se buang, se bontsha gore re rata Jehofa go le kana kang. Mme e bile, Jehofa o batla gore batho ba ba mo ratang ba itumelele botshelo ka bosakhutleng mo lefatsheng le lesha.

5. (a) Se re se buang, se ama kobamelo ya rona jang? (b) Jaaka re bona mo setshwantshong, ke eng se re tshwanetseng go se ela tlhoko fa re dirisa mpho ya go bua?

5 Tsela e re buang ka yone e ka dira gore Jehofa a amogele kobamelo ya rona kgotsa a se ka a e amogela. (Jak. 1:26) Bangwe ba batho ba ba sa rateng Modimo ba bua ka bogale, ga ba maitseo e bile ba a ikgogomosa. (2 Tim. 3:1-5) Ga re batle go tshwana le bone. Re batla gore tsela e re buang ka yone e itumedise Jehofa. Le fa go ntse jalo, a Jehofa o tla itumela fa re bua ka bopelonomi le batho ba bangwe fa re le kwa dipokanong kgotsa kwa bodireding, mme gone re tlhaba ba malapa a rona ka mafoko fa batho ba bangwe ba seyo?—1 Pet. 3:7.

6. Tsela e Kimberly a neng a bua ka yone e ne ya nna le diphelelo dife tse di molemo?

6 Fa re dirisa mpho e re e neilweng ya go bua ka tsela e e molemo, re bontsha ba bangwe gore re obamela Jehofa. Re dira gore ba lemoge pharologanyo “fa gare ga motho yo o siameng le motho yo o bosula, fa gare ga yo o direlang Modimo le yo o sa mo direleng.” (Mal. 3:18) Seo se ne sa diragalela kgaitsadi yo o bidiwang Kimberly. * Ene le mosetsana yo a neng a tsena tlelase le ene, ba ne ba neilwe tiro ya sekolo e ba neng ba tshwanetse go e dira mmogo. Fa ba sena go dira tiro eo, mosetsana yoo o ne a lemoga gore Kimberly o ne a sa tshwane le baithuti ba bangwe. O ne a sa sebe batho ba bangwe, go na le moo o ne a bua ka bopelonomi e bile o ne a sa rogane. Seo se ne sa kgatlha mosetsana yoo mme moragonyana o ne a simolola go ithuta Baebele le Kimberly. Ruri Jehofa o a itumela fa tsela e re buang ka yone e dira gore batho ba bangwe ba batle go ithuta ka ene!

7. O ikemiseditse go dira eng ka mpho ya go bua e Modimo a go neileng yone?

7 Rotlhe re batla go bua ka tsela e e tla dirang gore Jehofa a tlotliwe le e e tla dirang gore re atamalane le bakaulengwe ba rona. Ka jalo, a jaanong re sekasekeng se re ka se dirang gore re tswelele re tlhoma ‘sekao mo tseleng e re buang ka yone.’

TLHOMA SEKAO FA O LE KWA BODIREDING

Go bua le batho ka bopelonomi fa re le kwa bodireding go itumedisa Jehofa (Bona serapa 8-9)

8. Re ithuta eng mo tseleng e Jesu a neng a bua ka yone fa a ne a le kwa bodireding?

8 Bua ka bopelonomi le ka tlotlo fa mongwe a sa bue le wena sentle. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a latofadiwa ka gore o nwa beine thata, o ja bobe, o direla Diabolo, ga a ikobele molao wa Sabata e bile o tlhapatsa Modimo. (Math. 11:19; 26:65; Luke 11:15; Joh. 9:16) Le fa go ntse jalo, Jesu ga a ka a araba ka bogale. Fela jaaka Jesu, le rona ga re a tshwanela go araba ka bogale fa batho ba re galefela. (1 Pet. 2:21-23) Gone ke boammaaruri gore ga go motlhofo go nna pelonomi fa batho ba bangwe ba sa bue le rona sentle. (Jak. 3:2) Ke eng se se ka re thusang gore re bue le bone sentle?

9. Ke eng se se ka re thusang go laola tsela e re buang ka yone fa re le kwa bodireding?

9 Fa mongwe a sa bue le wena sentle fa o le kwa bodireding, o se ka wa galefa. Mokaulengwe yo o bidiwang Sam a re: “Ke leka go akanya gore motho yoo o tshwanetse go itse boammaaruri ka Modimo le gore a ka kgona go fetoga.” Ka dinako dingwe, mong wa ntlo a ka galefa ka gonne re tlile ka nako e e sa siamang. Fa re kopana le motho yo o galefileng, re ka dira se kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Lucia a se dirang. Re ka rapela ka bokhutshwane re kopa Jehofa gore a re thuse gore re ritibale le gore re se ka ra bua ka tsela e e sa bontsheng bopelonomi le tlotlo.

10. Timotheo wa ntlha 4:13 e ka re thusa gore re ipeele mokgele ofe?

10 Tokafatsa bokgoni jwa gago jwa go ruta. Timotheo e ne e le morutisi yo o nang le bokgoni, le fa go ntse jalo o ne a tshwanetse go tswelela a tokafatsa tsela e a rutang ka yone. (Bala 1 Timotheo 4:13.) Re ka tokafatsa jang tsela e re rutang ka yone kwa bodireding? Re tshwanetse go baakanyetsa sentle. Re itumelela gore re na le dithulusu tse dintsi tse di ka re thusang go tokafatsa tsela e re rutang ka yone. O ka bona tshedimosetso e e ka go thusang mo boroutšhareng jwa Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta le mo karolong ya “Tlhagafalela Bodiredi” e e mo Bukaneng ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona. A o dirisa dikgatiso tseno? Fa re baakanyeditse sentle, ga re tshoge thata e bile re bua re le pelokgale.

11. Bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba dirile eng gore ba nne le bokgoni jwa go ruta?

11 Tsela e nngwe e re ka tokafatsang bokgoni jwa rona jwa go ruta, ke ka go ithuta mo bathong ba bangwe ba ba mo phuthegong. Sam yo re buileng ka ene pelenyana, o ne a tle a ipotse gore ke eng se se dirang gore bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba nne le bokgoni jwa go ruta. Go tswa foo, o ne a reetsa ka kelotlhoko fa ba ruta mme a bo a leka go ba etsa. Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Talia, o reetsa ka tlhoafalo fa bakaulengwe ba ba nang le maitemogelo ba neela dipuo tsa phatlalatsa. Seo se mo thusitse gore a kgone go araba dipotso tse batho ba di botsang kwa tshimong.

TLHOMA SEKAO FA O LE KWA DIPOKANONG

Re baka Jehofa fa re opela go tswa pelong fa re le kwa dipokanong (Bona serapa 12-13)

12. Bangwe ba thatafalelwa ke go dira eng?

12 Rotlhe re ka dira gore go nne monate kwa dipokanong ka go opela le ka go araba dikarabo tse re di baakanyeditseng sentle. (Pes. 22:22) Bangwe ba thatafalelwa ke go opela le go akgela kwa dipokanong. A le wena go a go thatafalela? Fa go le jalo, go ka nna molemo gore o itse gore batho ba bangwe ba thusitswe ke eng gore ba se ka ba tlhola ba tshoga fa ba opela kgotsa ba akgela kwa dipokanong.

13. Ke eng se se ka go thusang gore o opele go tswa pelong fa o le kwa dipokanong?

13 Opela go tswa pelong. Lebaka la botlhokwa la go bo re opela kwa dipokanong ke go baka Jehofa. Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Sara o akanya gore ga a itse go opela. Le fa go ntse jalo, o batla go baka Jehofa ka go mo opelela. Ka jalo fa a baakanyetsa dipokano, o baakanyetsa le dipina tse di tlileng go opelwa. Fa a ntse a opela dipina tseo, o leka go bona gore mafoko a tsone a tsamaisana jang le se go tla bong go tlotliwa ka sone kwa dipokanong. A re: “Seo se nthusa gore ke akanye ka mafoko e seng gore ke tshwenyege ka gore ke opela jang.”

14. Fa e le gore o ditlhong, ke eng se se ka go thusang gore o akgele kwa dipokanong?

14 Akgela ka metlha. Boammaaruri ke gore, go akgela ga go motlhofo mo bathong ba bangwe. Talia yo re buileng ka ene pelenyana a re: “Ke tshoga tota fa ke tshwanelwa ke go bua fa pele ga batho, le fa go ntse jalo batho ga ba lemoge seo ka gonne ke bua ke ritibetse. Mme gone, ga go motlhofo gore ke akgele.” Seo ga se dire gore Talia a se ka a akgela. Fa a baakanyetsa dipokano, o nna a gopotse gore karabo ya ntlha e tshwanetse go nna khutshwane le gore e tshwanetse go araba potso ka tlhamalalo. A re: “Seo se raya gore go siame fa ke araba karabo e khutshwane e bile e tlhamaletse ka gonne eo ke yone karabo e motshwari wa thuto a e batlang.”

15. Ke eng se re tshwanetseng go se gakologelwa ka dikakgelo tsa rona?

15 Tota le Bakeresete ba ba seng ditlhong, ka dinako dingwe ba ka tshaba go akgela fa ba le kwa dipokanong. Goreng? Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Juliet a re: “Ka dinako dingwe ke okaoka go araba ka gonne ke tsaya gore kakgelo ya me ga e monate e bile ga e utlwale sentle.” Mme gone, gakologelwa gore Jehofa o batla gore o akgele kafa o ka kgonang ka gone. * O itumela tota fa re dira sotlhe se re ka se kgonang gore re akgele kwa dipokanong tota le fa ka dinako dingwe re tshoga.

TLHOMA SEKAO FA O TLOTLA LE BATHO BA BANGWE

16. Ga re a tshwanela go bua le batho jang?

16 O se ka wa bua “mafoko a a kgobang.” (Baef. 4:31) Jaaka re bone pelenyana, Mokeresete ga a tshwanela go rogana. Le fa go ntse jalo, go na le ditsela tse dingwe tse di bofitlha tsa go bua mafoko a a kgobang tse re tshwanetseng go di ela tlhoko. Ka sekai, re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra bua dilo tse di sa siamang ka batho ba ditso tse dingwe, ditšhaba tse dingwe kgotsa merafe e mengwe. Gape ga re batle go utlwisa batho ba bangwe botlhoko ka go bua mafoko a a ba sotlang. Mokaulengwe mongwe a re: “Ka dinako dingwe, ke ne ke utlwisa batho ba bangwe botlhoko ke ithaya ke re ke dira motlae. Fa dingwaga di ntse di tsamaya, mosadi wa me o ile a nthusa fela thata ka go mpolelela re le babedi fela gore dilo dingwe tse ke neng ke di bua, di ne di sa siama e bile di utlwisa batho ba bangwe botlhoko.”

17. Re ka kgothatsa ba bangwe jang go ya ka Baefeso 4:29?

17 Bua ka tsela e e kgothatsang ba bangwe. Nna o ipaakanyeditse go akgola ba bangwe go na le go ba tshwayatshwaya diphoso kgotsa go ngongorega. (Bala Baefeso 4:29.) Go na le dilo tse dintsi thata tse Baiseraele ba neng ba ka di lebogela, mme gone ba ne ba nna ba ngongorega. Fa re nna re ngongorega, seo se tla dira gore batho ba bangwe le bone ba ngongorege. Gakologelwa gore pego e e sa siamang e ditlhola di le lesome di neng tsa tla ka yone, e ne ya dira gore ‘Baiseraele botlhe ba simolole go ngongorega ka Moshe.’ (Dipa. 13:31–14:4) Mme fa re akgola batho ba bangwe, seo se ka dira gore botlhe ba itumele. Ga go pelaelo gore morwadia Jefetha o ne a kgona go tswelela ka kabelo ya gagwe ka gonne ditsala tsa gagwe di ne di mo akgola. (Baatlh. 11:40) Sara yo re buileng ka ene pelenyana a re: “Fa re akgola batho ba bangwe, re dira gore ba lemoge gore Jehofa o a ba rata le gore ba bangwe mo phuthegong le bone ba a ba rata.” Ka jalo, batla ditshono tsa go akgola bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago.

18. Go ya ka Pesalema 15:1, 2, goreng re tshwanetse go bua boammaaruri, mme seo se akaretsa eng?

18 Bua boammaaruri. Ga re ka ke ra kgona go itumedisa Jehofa fa re sa bue boammaaruri. O tlhoile maaka. (Diane 6:16, 17) Tota le fa batho ba le bantsi gompieno ba leba go bua maaka e le selo se se tlwaelegileng, rona ga re bue maaka ka gonne Jehofa a re go phoso. (Bala Pesalema 15:1, 2.) Ga re bolelele batho ba bangwe maaka e bile ga re ba fitlhele tshedimosetso e ba tshwanetseng go e itse ka gonne seo se ka dira gore ba akanye gore dilo di ka tsela nngwe e e rileng mme di sa nna jalo.

Fa mongwe a seba fa re ntse re tlotla mme re bo re fetola motlotlo oo gore e nne o o agang, Jehofa o a itumela (Bona serapa 19)

19. Ke eng se sengwe se re tshwanetseng go se tila?

19 Tila go seba. (Diane 25:23; 2 Bathes. 3:11) Juliet yo re buileng ka ene pelenyana, o tlhalosa kafa go seba go dirang gore a ikutlwe ka gone. A re: “Go reetsa motho yo o sebang go kgoba marapo e bile go dira gore ke se ka ka tlhola ke tshepa motho yoo. Tota e bile, fa e le gore o kgona go seba batho ba bangwe mo go nna, a le nna ga a ka ke a ntsheba?” Fa o lemoga gore mongwe o simolola go seba fa lo ntse lo tlotla, fetola motlotlo oo mme o bue sengwe se se agang.—Bakol. 4:6.

20. O ikemiseditse go dira eng ka mpho e o nang le yone ya go bua?

20 E re ka re tshela mo lefatsheng le batho ba le bantsi ba dirisang puo e e leswe, re tshwanetse go leka ka natla go bua ka tsela e e itumedisang Jehofa. A re gakologelweng gore go bua ke mpho e Jehofa a re neileng yone e bile go botlhokwa mo go ene gore re e dirisa jang. O tla re segofatsa fa re leka go dirisa mpho eo gore re mmake fa re le kwa bodireding, kwa dipokanong le fa re tlotla le batho ba bangwe. Fa Jehofa a sena go fedisa lefatshe leno le le bosula, go tla nna motlhofo gore re tlotle Jehofa ka mpho eno ya go bua. (Jude 15) Fa re sa ntse re emetse nako eo, ikemisetse go itumedisa Jehofa ka “mafoko a [gago].”—Pes. 19:14.

PINA 121 Re Tlhoka Boikgapo

^ Jehofa o re neile mpho e e kgatlhang, e leng mpho ya go bua. Ka maswabi, batho ba le bantsi ga ba dirise mpho eno ka tsela e Jehofa a batlang gore ba e dirise ka yone. Ke eng se se ka re thusang gore tsela e re buang ka yone e kgothatse e bo e itumedise Jehofa le fa gone re tshela mo lefatsheng leno le le bosula? Re ka dira eng gore re itumedise Jehofa ka tsela e re buang ka yone fa re le kwa bodireding, kwa dipokanong le fa re tlotla le batho ba bangwe? Setlhogo seno se tlile go araba dipotso tseo.

^ Maina mangwe a fetotswe.

^ Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka go akgela kwa dipokanong, bala setlhogo se se reng “Baka Jehofa mo Phuthegong” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa January 2019.

^ TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Mokaulengwe o a galefa fa mong wa ntlo a mo galefela; mokaulengwe ga a opele kwa dipokanong; kgaitsadi o a seba.