SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 17
Jehofa o Tla go Thusa go Itshokela Mathata
“Mathata a mosiami a mantsi, mme Jehofa o mo golola mo go one otlhe.”—PES. 34:19.
PINA 44 Thapelo ya Motho yo o Tlhokang Kgothatso
SE RE TLA TLOTLANG KA SONE a
1. Re tlhatswegile pelo ka eng?
RE A itse gore Jehofa o a re rata e bile o batla gore re itumele. (Bar. 8:35-39) Gape re a itse gore go dirisa melaometheo ya Baebele ka metlha go re tswela mosola. (Isa. 48:17, 18) Mme gone, re tshwanetse go dira eng fa re nna le mathata a re neng re sa akanye gore re tla nna le one?
2. Re ka nna le mathata afe, mme a ka dira gore re ipotse dipotso dife?
2 Batlhanka botlhe ba ga Jehofa ba na le mathata. Ka sekai, mongwe mo lelapeng a ka re utlwisa botlhoko. Re ka nna ra lwala, re bo re sa kgone go direla Jehofa ka tsela e re batlang go mo direla ka yone. Botshelo jwa rona bo ka nna jwa tlhakatlhakanngwa ke masetlapelo a tlholego kgotsa re ka nna ra bogisiwa ka ntlha ya se re se dumelang. Fa re diragalelwa ke dilo tseno, re ka nna ra ipotsa go re: ‘Ke eng fa ke le mo mathateng a a kanakana? Ke sentse eng? A Jehofa o ntatlhile?’ A o kile wa ikutlwa jalo? Fa e le gore go ntse jalo, o se ka wa kgobega marapo. Batlhanka ba le bantsi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa le bone ba ile ba ikutlwa jalo.—Pes. 22:1, 2; Hab. 1:2, 3.
3. Re ithuta eng mo go Pesalema 34:19?
3 Bala Pesalema 34:19. Temana eno e re bolelela dintlha tse pedi tsa botlhokwa: (1) Basiami ba na le mathata. (2) Jehofa o re golola mo mathateng. O re golola jang? O re thusa go amogela gore fa fela re sa ntse re tshela mo lefatsheng leno le le bosula, re tla nna le mathata. Gone ke nnete gore Jehofa o re solofetsa gore re tla itumela fa re mo direla. Le fa go ntse jalo, seno ga se reye gore dilo di tla re tsamaela sentle ka metlha. (Isa. 66:14) Jehofa o batla gore re tlhome mogopolo mo botshelong jo bo monate jo a re solofetsang jone. (2 Bakor. 4:16-18) Mme gone jaanong, o re thusa gore re tswelele re mo direla.—Dikhu. 3:22-24.
4. Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?
4 A re boneng gore re ka ithuta eng mo batlhankeng ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba mo motlheng wa go kwalwa ga Baebele le ba mo motlheng wa rona. Re tla bona gore ka dinako tse dingwe, re ka nna le mathata a re neng re sa akanye gore re tla nna le one. Mme fa re ikaega ka Jehofa, o tla re thusa. (Pes. 55:22) Fa re ntse re tlotla ka batlhanka bano ba ga Jehofa, ipotse go re: ‘Nna nkabo ke ile ka dira eng fa ke le mo maemong ao? Se se ileng sa ba diragalela se nthusa jang gore ke tshepe Jehofa? Ke ithuta eng mo go bone?’
MO MOTLHENG WA GO KWALWA GA BAEBELE
5. Labane o ile a bakela Jakobe mathata afe? (Bona setshwantsho se se mo khabareng.)
5 Batlhanka ba ga Jehofa ba mo nakong e e fetileng ba ile ba nna le mathata a ba neng ba sa akanye gore ba tla nna le one. Akanya ka se se ileng sa diragalela Jakobe. Rraagwe o ne a mo laela gore a ye go batla mosadi kwa go malomaagwe e bong Labane ka gonne le ene o ne a obamela Jehofa. Gape rraagwe o ile a mo netefaletsa gore Jehofa o tla mo segofatsa fela thata. (Gen. 28:1-4) Jakobe o ile a ikobela rraagwe. O ne a tswa kwa Kanana a bo a ya kwa legaeng la ga Labane. Labane o ne a na le bana ba basetsana ba le babedi e bong Lea le Ragele. Jakobe o ile a rata Ragele a bo a dumela go berekela rraagwe dingwaga di le supa gore a mo nyale. (Gen. 29:18) Le fa go ntse jalo, Labane o ile a tsietsa Jakobe ka go dira gore a nyale Lea. O ne a letla gore Jakobe a nyale Ragele morago ga beke a bo a re a mmerekele dingwaga tse dingwe gape di le supa. (Gen. 29:25-27) Ga go a ka ga felela foo. Labane o ne a kopa Jakobe gore a tlhokomele leruo la gagwe, mme o ile a fetola tuelo ya gagwe makgetlo a le mantsi. Go ne ga feta dingwaga di le 20 Labane a ntse a tsietsa Jakobe.—Gen. 31:41, 42.
6. Jakobe o ile a nna le mathata afe a mangwe?
6 Jakobe o ile a nna le mathata a mangwe gape. O ne a na le bana ba le bantsi, mme ka dinako tse dingwe bomorwawe ba ne ba sa utlwane. Ba ne ba feleletsa ba rekisitse morwarraabone gore e nne lekgoba. Simeone le Lefi ba ile ba tsenya ba lelapa la bone matlho ba bo ba gogagoga leina la Modimo mo seretseng. Mo godimo ga moo, mosadi yo Jakobe a neng a mo rata thata e bong Ragele, o ile a tlhokafala fa a ne a tshola ngwana wa bone wa bobedi. Go tswa foo, go ile ga nna le leuba. Ka jalo, Jakobe o ile a patelesega go fudugela kwa Egepeto a setse a tsofetse.—Gen. 34:30; 35:16-19; 37:28; 45:9-11, 28.
7. Jehofa o ile a bontsha Jakobe jang gore o a mo rata?
7 Le fa Jakobe a ile a nna le mathata a le mantsi, o ile a tswelela a na le tumelo e bile a tshepa gore Jehofa o tlile go mo segofatsa. Mme Jehofa o ile a bontsha Jakobe gore o a mo rata. Ka sekai, le fa Labane a ne a tsietsa Jakobe, Jehofa o ile a dira gore a hume. Gape Jakobe o tshwanetse a bo a ne a itumetse tota fa a kopana le Josefa e re ka a ne a akanya gore ke kgale a sule. Jakobe o ile a kgona go itshokela mathata otlhe a gagwe ka gonne o ne a atamalane le Jehofa. (Gen. 30:43; 32:9, 10; 46:28-30) Le rona re ka kgona go itshokela mathata fa re tswelela re atamalane le Jehofa.
8. Kgosi Dafide o ne a eletsa go dira eng?
8 Kgosi Dafide ga a ka a kgona go dira sengwe le sengwe se a neng a eletsa go se direla Jehofa. Ka sekai, o ne a batla go agela Jehofa tempele. O ne a bolelela moporofeti Nathane se a ikaeletseng go se dira, mme Nathane o ne a mo raya a re: “Dira sengwe le sengwe se se mo pelong ya gago, ka gonne Modimo wa boammaaruri o na le wena.” (1 Ditir. 17:1, 2) Se Nathane a ileng a se bua se tshwanetse sa bo se ile sa kgothatsa Dafide tota. Gongwe o ne a simolola go dira dithulaganyo tsa go aga tempele ka yone nako eo.
9. Dafide o ile a dira eng fa a bolelelwa dikgang tse di seng monate?
9 Le fa go ntse jalo, ka bonako fela Nathane o ne a boela kwa go Dafide a mo tshwaretse dikgang tse di seng monate. “Mo go jone bosigo joo,” Jehofa o ne a bolelela Nathane gore Dafide ga se ene a tla agang tempele, mme e tla agiwa ke morwawe. (1 Ditir. 17:3, 4, 11, 12) Dafide o ile a dira eng fa a utlwa molaetsa oo wa ga Nathane? Ga a ka a ngala, go na le moo, o ne a simolola go kokoanya madi le dilo tse Solomone a neng a tlile go di tlhoka fa a aga tempele.—1 Ditir. 29:1-5.
10. Jehofa o ile a segofatsa Dafide jang?
10 Fa Jehofa a sena go bolelela Dafide gore ga se ene a tla agang tempele, o ne a dira kgolagano le ene. O ne a mo solofetsa gore mongwe wa losika lwa gagwe o tla busa ka bosakhutleng. (2 Sam. 7:16) Ka nako ya Puso ya Dingwaga Tse di Sekete, Dafide o tlile go itumela tota fa a utlwa gore Kgosi ya Puso eo e tswa mo losikeng lwa gagwe. Pego eno e re thusa go bona gore le fa re sa kgone go dira dilo tsotlhe tse re neng re eletsa go di direla Jehofa, a ka re segofatsa ka tsela e re neng re sa e lebelela.
11. Jehofa o ile a segofatsa Bakeresete jang le fa Bogosi bo sa tla ka nako e ba neng ba e lebeletse? (Ditiro 6:7)
11 Bakeresete ba bogologolo ba ile ba nna le mathata mangwe a ba neng ba sa akanye gore ba tla nna le one. Ka sekai, ba ne ba eletsa gore Bogosi Jwa Modimo bo tle, mme ba ne ba sa itse gore bo tla tla leng. (Dit. 1:6, 7) Ka jalo, ba ile ba dira eng? Ba ne ba tswelela ba rerela batho. Fa ba ntse ba rera mo mafelong a a farologaneng, ba ile ba lemoga gore Jehofa o a ba thusa.—Bala Ditiro 6:7.
12. Bakeresete ba ile ba dira eng fa go ne go na le leuba?
12 Nako nngwe go ne ga “nna le leuba le legolo mo lefatsheng.” (Dit. 11:28) Bakeresete le bone ba ile ba amiwa ke leuba leo. Go tshwanetse ga bo go ne go le thata tota. Batsadi ba ka tswa ba ne ba tshwenyegile tota, ba ipotsa gore ba tla bona kae dijo gore ba tlamele malapa a bone. Basha ba ba neng ba batla go dira mo go oketsegileng mo tirong ya go rera ba ka tswa ba ne ba ikutlwa jang? A gongwe ba ne ba akanya gore go botoka gore ba eme pele, go fitlha leuba le fela? Le fa go ne go le thata, Bakeresete bao ga ba a ka ba ineela. Ba ne ba tswelela ba rera, e bile ba ile ba kgaoganya se ba nang le sone le Bakeresete ba kwa Judea.—Dit. 11:29, 30.
13. Jehofa o ile a thusa Bakeresete jang ka nako ya leuba?
13 Jehofa o ile a thusa Bakeresete jang ka nako ya leuba? Ba ba ileng ba thusiwa ka dilo tse ba di tlhokang ba ne ba lemoga gore Jehofa ga a ba latlha. (Math. 6:31-33) Ba tshwanetse ba bo ba ile ba atamalana thata le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba ileng ba ba thusa. Ba ba neng ba ntsha meneelo le ba ba neng ba thusa ka ditsela tse dingwe, ba tshwanetse ba bo ba ne ba itumetse tota go bo ba kgonne go thusa ba bangwe. (Dit. 20:35) Jehofa o ile a ba segofatsa botlhe ka gonne ga ba a ka ba ineela fa go le thata.
14. Moaposetoloi Paulo le Barenabase ba ile ba diragalelwa ke eng, mme go ne ga felela jang? (Ditiro 14:21, 22)
14 Bakeresete ba bogologolo ba ne ba nna ba bogisiwa, mme ka dinako tse dingwe seno se ne se direga ba sa lebelela. Ka sekai, nako nngwe moaposetoloi Paulo le Barenabase ba ne ba ya go rera kwa Lisetera. Fa ba goroga, batho ba motse oo ba ile ba ba amogela le go ba reetsa. Mme moragonyana, Bajuda bangwe ba ne ba “tlhotlheletsa batho” mme batho bao ba ile ba kgobotletsa Paulo ka maje, ba bo ba mo tlogela fa ba ne ba akanya gore o sule. (Dit. 14:19) Le fa go ntse jalo, Paulo le Barenabase ga ba a ka ba ineela, ba ile ba ya go rera kwa lefelong le lengwe. Go ne ga felela jang? Ba ile ba dira “barutwa ba le bantsi thata” e bile ba ile ba kgothatsa Bakeresete ba bangwe ka se ba neng ba se bua le se ba neng ba se dira. (Bala Ditiro 14:21, 22.) E re ka Paulo le Barenabase ba ile ba tswelela ba rera le fa ba ne ba bogisiwa, ba ile ba thusa batho ba le bantsi. Fa re tswelela re dira tiro e Jehofa a re neileng yone le fa go le thata, o tla nna a re segofatsa.
MO MOTLHENG WA RONA
15. O ithuta eng mo go Mokaulengwe A. H. Macmillan?
15 Batho ba ga Jehofa ba ne ba lebeletse gore go tla direga dilo dingwe ka 1914. Bontsi jwa bone ba ne ba akanya gore ba tla ya legodimong ka one ngwaga oo. Mongwe wa bone e ne e le Mokaulengwe A. H. Macmillan. Fa a ne a neela puo ka September 1914 o ne a re: “Ga go na pelaelo epe gore eno ke puo ya bofelo ya phatlalatsa eo ke e neelang.” Mme gone, ga go a ka ga nna jalo. Moragonyana o ne a re: “Gongwe bangwe ba rona re ne re le mafega thata mo go akanyeng gore re ne re tlile go ya legodimong gone fela foo.” Gape o ne a re: “Selo seo re neng re tshwanetse go se dira e ne e le go ipoloka re tshwaregile re direla Morena.” Mokaulengwe Macmillan o ne a dira fela jalo. O ne a tswelela a dira ka natla mo tirong ya go rera. O ile a kgothatsa bakaulengwe ba le bantsi ba ba neng ba tshwerwe ka gonne ba gana go tsenela bosole. Gape o ne a tswelela a ya dipokanong le fa a ne a setse a tsofetse thata. Go dira go le gontsi mo tirong ya ga Jehofa go ile ga thusa Mokaulengwe Macmillan jang fa a ne a emetse go ya legodimong? Pele ga a tlhokafala ka 1966 o ne a re: “Ke sa ntse ke na le tumelo e e nonofileng.” Go botlhokwa gore re etse Mokaulengwe Macmillan, segolobogolo fa go fetile nako e telele re ntse re itshoketse diteko.—Baheb. 13:7.
16. Mokaulengwe Jennings le mosadi wa gagwe ba ile ba nna le mathata afe? (Jakobe 4:14)
16 Batho ba le bantsi ba ga Jehofa ba lwala ba sa lebelela. Ka sekai, Mokaulengwe Herbert Jennings b o tlhalosa gore ene le mosadi wa gagwe e ne e le barongwa kwa Ghana e bile ba ne ba rata kabelo ya bone thata. Le fa go ntse jalo fa nako e ntse e ya, ngaka e ne ya mmolelela gore o na le bolwetse jwa go fetofetoga maikutlo. Mokaulengwe Jennings o ne a nopola Jakobe 4:14 a bo a tlhalosa gore bolwetse joo e ne e le bokamoso jo ba neng ba sa bo lebelela. (E bale.) O ne a re: “Fa re lebana le boammaaruri, re ne ra rulaganya go tswa kwa Ghana le go tlogela ditsala tsa rona tse dikgolo mme ra boela kwa Canada [gore ke bone kalafi e ke neng ke e tlhoka].” Jehofa o ile a thusa Mokaulengwe Jennings le mosadi wa gagwe gore ba tswelele ba mo direla le fa go ne go se motlhofo.
17. Kgang ya botshelo ya ga Mokaulengwe Jennings e ile ya thusa ba bangwe jang?
17 Kgang ya botshelo ya ga Mokaulengwe Jennings e ile ya thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi. Kgaitsadi mongwe o ne a re: “Ga ke ise ke ko ke amege maikutlo thata jaaka fa ke ne ke bala setlhogo seno. . . . Go bala kafa Mokaulengwe Jennings a ileng a tshwanelwa ka teng go tlogela kabelo ya gagwe gore a ye go itlhokomela ka ntlha ya bolwetse jwa gagwe, go ile ga nthusa gore ke lebe seemo sa me ka tsela e e lekalekaneng.” Mokaulengwe mongwe ene o ne a re: “Morago ga gore ke nne mogolwane wa phuthego ka dingwaga di le lesome, ke ne ka tshwanelwa ke go tlogela tshiamelo ya me ka ntlha ya bolwetse bongwe jwa tlhaloganyo. Boikutlo jwa go palelwa bo ne bo le bogolo thata mo e leng gore gantsi go ne go ngomola pelo go bala ditlhogo tsa dikgang tsa botshelo. . . . Mme tsela e mokaulengwe Jennings a ileng a itshoka ka teng go ile ga nkgomotsa.” Se se ileng sa diragalela Mokaulengwe Jennings se re gopotsa gore fa re tswelela re direla Jehofa le fa re na le mathata, re ka kgothatsa ba bangwe. Tota le fa maemo a rona a ka fetoga re ne re sa lebelela, fa re itshoka, re ka thusa ba bangwe gore le bone ba itshokele mathata a bone.—1 Pet. 5:9.
18. O ithuta eng mo go se se ileng sa diragalela kgaitsadi mongwe wa kwa Nigeria, jaaka re bona mo ditshwantshong?
18 Maemo a a thata a a jaaka bolwetse jwa leroborobo jwa COVID-19 a ile a ama batlhanka ba le bantsi ba ga Jehofa. Ka sekai, kgaitsadi mongwe wa kwa Nigeria yo o tlhokafaletsweng ke monna o ne a se na madi le dijo. Morwadie o ile a mmotsa gore ba tlile go ja eng fa ba sena go apaya raese e nnye e e neng e setse. O ile a tlhalosetsa morwadie gore ga ba na madi. Ka jalo ba tshwanetse go dira se motlholagadi wa kwa Sarepate a ileng a se dira, ba apeye se se setseng ba bo ba tlogelela sengwe le sengwe mo go Jehofa. (1 Dikg. 17:8-16) Mo go lone letsatsi leo, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ile ba ba tlisetsa dijo tse di neng di ka kgona go fetsa dibeke tse pedi. Kgaitsadi yono a re o ile a lemoga gore Jehofa o ne a mo reeditse ka tlhoafalo fa a ne a bua le morwadie. Fa re ikaega ka Jehofa, mathata a ka se re kgaoganye le ene, tota e bile a ka dira gore re atamalane thata le ene.—1 Pet. 5:6, 7.
19. Mokaulengwe Aleksey Yershov o ile a diragalelwa ke eng?
19 Bosheng jaana, bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ile ba bogisiwa. Mokaulengwe Aleksey Yershov, yo o nnang kwa Russia le ene o ile a bogisiwa. Fa a ne a kolobediwa ka 1994, tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne e sa thibelwa kwa Russia. Le fa go ntse jalo, morago ga dingwaga di le mmalwa, dilo di ile tsa fetoga. Ka 2020, ntlo ya ga Mokaulengwe Yershov e ne ya phuruphudiwa e bile o ne a tseelwa dilo di le dintsi. Morago ga dikgwedi di se kae, puso e ile ya mmulela kgetsi. Motho mongwe yo a neng a itira e kete o kgatlhegela go ithuta Baebele o ile a tsaya Mokaulengwe Yershov dibidio, mme dibidio tseo di ile tsa dirisiwa e le bosupi kgatlhanong le ene kwa kgotlatshekelo. Ruri seno se utlwisa botlhoko!
20. Ke eng se se thusitseng Mokaulengwe Yershov gore a nne a atamalane le Jehofa?
20 A se se diragaletseng Mokaulengwe Yershov se ile sa koafatsa tumelo ya gagwe? Nnyaa. O ile a atamalana thata le Jehofa. A re: “Nna le mosadi wa me re rapela gangwe le gape. Ke a itse gore ke ne nka se kgone go itshokela mathata ano fa Jehofa a ne a sa nthuse. Go ithuta ke le nosi go nthusa gore ke se ka ka kgobega marapo. Ke akanyetsa kwa teng ka batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba mo nakong e e fetileng. Dipego di le dintsi mo Baebeleng di re thusa go bona gore go botlhokwa gore re nne re ritibetse mme re tshepe Jehofa.”
21. Re ithutile eng mo setlhogong seno?
21 Mo setlhogong seno, re ithutile gore ga re itse gore re tla diragalelwa ke eng kamoso. Le fa go ntse jalo fa re ikaega ka Jehofa, o tla re thusa. Temana ya setlhogo e a re: “Mathata a mosiami a mantsi, mme Jehofa o mo golola mo go one otlhe.” (Pes. 34:19) A re tlhomeng mogopolo mo tseleng e Jehofa a re thusang ka yone, e seng mo mathateng a rona. Fa re dira jalo, re tla bua mafoko ano a Paulo a ileng a a bua: “Ke kgona go dira dilo tsotlhe ka ntlha ya yo o nnayang maatla.”—Bafil. 4:13.
PINA 38 O Tla go Nonotsha
a Le fa gone ka dinako tse dingwe re nna le mathata a re neng re sa akanye gore re tla nna le one, re ka tlhatswega pelo gore Jehofa o tla re thusa. O ile a thusa jang batlhanka ba gagwe mo nakong e e fetileng? O re thusa jang gone jaanong? Go sekaseka kafa Jehofa a ileng a thusa batho ba gagwe ka gone mo nakong e e fetileng le mo motlheng wa rona, go tla re tlhatswa pelo gore le rona o tla re thusa fa re ikaega ka ene.
b Bona makasine wa Tora ya Tebelo wa December 1, 2000, ts. 24-28.