Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kakantsho Ya Go Ithuta

Kakantsho Ya Go Ithuta

A tsela e ditemana di tlhalosiwang ka yone mo bukeng ya Kaedi ya go Dira Dipatlisiso ya Basupi ba ga Jehofa e go tswela mosola?

Ditlhaloso tseno di ka go thusa go bona dintlha tse di oketsegileng mo Lefokong la Modimo. Di ka go thusa go itse gore maemo a ne a ntse jang fa go ne go kwalwa pego e e rileng, gore ke eng fa e ne e kwalwa, e ne e kwalelwa mang le gore mafoko mangwe a kaya eng.

Fa o bala Baebele mo LAEBORARI YA MO INTERNET kgotsa mo JW Library® o ka kgona go bona dikgatiso tse di mo bukeng ya Kaedi ya go Dira Dipatlisiso tse di tlhalosang ditemana dingwe. Dikgatiso tseno di tlhaga mo karolong e e ka fa mojeng mo Baebeleng.

Dikgatiso tsa bosheng di tlhaga kwa godimo mme fa o ntse o ya kwa tlase go tlhaga tsa kgale. Nna o gopotse gore tsela e ditemana dingwe di tlhalosiwang ka yone mo dikgatisong tsa kgale e ka tswa e tlhabolotswe.

  • Fa o le mo LAEBORARI YA MO INTERNET ga o tlhoke go downlouda Kaedi ya go Dira Dipatlisiso.

  • Fa o le mo JW Library o tlhoka go downlouda Kaedi ya go Dira Dipatlisiso. O ka dira jalo ka go tobetsa konopo e e reng “download” mo karolong e e ka fa mojeng kwa godimo mo kgaolong nngwe le nngwe ya Baebele.