Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POROJEKE YA GO ITHUTA

Batho ba ba Batlang go Itumedisa Jehofa ba Dira Ditshwetso Tse di Siameng

Batho ba ba Batlang go Itumedisa Jehofa ba Dira Ditshwetso Tse di Siameng

Bala Genesise 25:29-34 go bona gore a Esau le Jakobe ba ne ba dira ditshwetso tse di siameng.

Ithute mo go oketsegileng ka se go buiwang ka sone. Go ne ga direga eng pele ga foo? (Gen. 25:20-28) Go ne ga direga eng morago ga foo?​—Gen. 27:1-46.

Dira dipatlisiso ka dintlha tse dingwe. Morwa wa leitibolo o ne a na le maikarabelo afe le ditshwanelo dife?​—Gen. 18:18, 19; w10 5/1 13.

  • A go ne go tlhokega gore motho e nne morwa wa leitibolo gore Mesia a tsholwe mo losikeng lwa gagwe? (w17.12 14-15)

Akanya ka dilo tse o di ithutileng, mme o di dirise. Goreng Jakobe a ne a tsaya tshiamelo ya go nna leitibolo e le botlhokwa, mme Esau ene a ne a sa e tseye e le botlhokwa? (Baheb. 12:16, 17; w03 10/15 28-29) Jehofa o ne a ikutlwa jang ka Esau le Jakobe, mme ka ntlha ya eng? (Mal. 1:2, 3) Esau a ka bo a ile a dira eng gore a kgone go dira ditshwetso tse di siameng?

  • Ipotse go re: ‘A tsela e ke dirisang nako ya me ka yone e bontsha gore ke tsaya go direla Jehofa e le selo sa botlhokwa thata mo botshelong jwa me? A ke netefatsa gore ke tshwara kobamelo ya lelapa ka metlha?’