Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 17

PINA 111 Mabaka a Rona a go Ipela

O se Ka wa Tswa mo Paradaiseng ya Tshwantshetso

O se Ka wa Tswa mo Paradaiseng ya Tshwantshetso

“Itumeleng lo bo lo ipele ka bosakhutleng ka ntlha ya se ke se bopang.”​—ISA. 65:18.

SE GO BUIWANG KA SONE

Re tlile go bona gore paradaise ya tshwantshetso e re tswela mosola jang le gore re ka thusa ba bangwe jang gore ba tle mo go yone.

1. Paradaise ya tshwantshetso ke eng, e bile re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng?

 GO NA le paradaise e e nang le batho ba le dimilione ba ba dirang dilo tse dintle e bile ba tshela ka kagiso. Batho bao ba ititeile sehuba gore ga ba kitla ba tswa mo go yone e bile ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go thusa batho ba bangwe gore ba tle mo go yone. Paradaise eno ke ya tshwantshetso. a

2. Ke eng se se kgatlhang ka paradaise ya tshwantshetso?

2 Go a kgatlha go bo Jehofa a dirile gore go nne le lefelo la tshwantshetso le batho ba gagwe ba dirisanang ka kagiso e bile ba utlwana mo go lone. Ba itumelela botshelo le fa gone ba nna mo lefatsheng le le bosula la ga Satane le batho ba lone ba sa rataneng. (1 Joh. 5:19; Tshen. 12:12) Modimo wa rona yo o lorato o a bona gore batho ba lefatshe leno ba utlwisa ba bangwe botlhoko. Le fa go ntse jalo, o dira gore batlhanka ba gagwe ba ikutlwe ba sireletsegile gore ba kgone go tswelela ba mo direla ba itumetse. Baebele e a re paradaise ya tshwantshetso ke “lefelo le go tshabelwang mo lone” le “tshingwana e e nosediwang sentle.” (Isa. 4:6; 58:11) Ba ba nnang mo paradaiseng eno, ba itumetse ka gonne Jehofa o ba thusa gore ba atlege mo nakong eno e e thata.​—Isa. 54:14; 2 Tim. 3:1.

3. Boporofeti jo bo mo go Isaia kgaolo 65 bo ne jwa diragadiwa jang lekgetlo la ntlha?

3 Jehofa o ne a dirisa moporofeti Isaia go bolelela pele gore batho ba ba mo paradaiseng ya tshwantshetso ba ne ba tla tshela jang. Boporofeti joo bo tlhaga mo go Isaia kgaolo 65. Bo ne jwa diragadiwa lekgetlo la ntlha ka 537 B.C.E. Ka nako eo, Bajuda ba ba neng ba ikwatlhaya ba ne ba gololwa kwa botshwarwa kwa Babelona ba bo ba boela kwa Jerusalema. Jehofa o ile a ba segofatsa e bile o ile a ba thusa gore ba age Jerusalema gape le gore ba age tempele e ba neng ba tla mo obamela mo go yone kwa Iseraele.​—Isa. 51:11; Seka. 8:3.

4. Isaia kgaolo 65 e diragadiwa jang gape mo motlheng wa rona?

4 Boporofeti jo bo mo go Isaia bo ile jwa simolola go diragadiwa gape ka 1919 fa batho ba ga Jehofa ba ne ba gololwa mo Babelona yo Mogolo. Fa e sa le go tloga ka nako eo, paradaise ya tshwantshetso e ne ya simolola go anamela mo lefatsheng lotlhe. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba neng ba rera dikgang tse di molemo, ba ne ba tlhoma diphuthego ba bo ba simolola go nna le dinonofo tse Jehofa a batlang gore re nne le tsone. Banna le basadi ba ba neng ba rata ntwa e bile ba sa itshware sentle, ba ne ba ‘apara botho jo bosha jo Modimo a bo dirileng go ya ka thato ya gagwe.’ (Baef. 4:24) Boammaaruri ke gore bontsi jwa dilo tse Isaia a buang ka tsone, ke tse Jehofa a tlileng go re direla tsone mo nakong e e tlang. Mme gone, go nna mo paradaiseng ya tshwantshetso gone jaanong go re tswela mosola. Mma re bone gore go nna mo paradaiseng eno go re tswela mosola jang le gore ke eng fa re sa tshwanela go tswa mo go yone.

BA BA MO PARADAISENG YA TSHWANTSHETSO BA TSHELA JANG?

5. Go ya ka Isaia 65:13, ke eng se re se itumelelang mo paradaiseng ya tshwantshetso?

5 Ba ja sentle e bile ga ba tshwarwe ke lenyora. Boporofeti jwa ga Isaia bo tlhalosa gore tsela e batho ba ba leng mo paradaiseng ya tshwantshetso ba tshelang ka yone, e farologana thata le e ba ba seng mo go yone ba tshelang ka yone. (Bala Isaia 65:13.) Jehofa o naya batho ba gagwe sengwe le sengwe se ba se tlhokang go akaretsa le dilo tse di ba thusang gore ba atamalane le ene. Ka sekai, o ba naya moya o o boitshepo, Lefoko la gagwe, dikgatiso le dibidio gore ba kgone go ‘ja, . . . go nwa . . . [le gore ba] itumele.’ (Bapisa le Tshenolo 22:17.) Ba ba seng mo paradaiseng ya tshwantshetso bone, ‘ba tshwarwa ke tlala . . . , ba tshwarwa ke lenyora . . . , [e bile] ba tlhabiwa ke ditlhong.’ Seno se direga ka gonne ba sa atamalana le Modimo.​—Amose 8:11.

6. Ke dilo dife tse Jehofa a re nayang tsone tse di tlhalosiwang mo go Joele 2:21-24, e bile di re tswela mosola jang?

6 Mo go Joele 2:21-24 go buiwa ka dijo tsa ditlhaka, beine le leokwane go bontsha gore Jehofa o naya batho ba gagwe dilo tse ba di tlhokang go akaretsa le dilo tse di ba thusang gore ba tswelele ba atamalane le ene. Ka sekai, o re naya Baebele, dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng, websaete, dipokano le dikopano. Ka metlha dilo tseno di re tswela mosola e bile di dira gore re itumelele botshelo.

7. Ke eng se se dirang gore re itumele? (Isaia 65:14)

7 Ba itumetse e bile ba kgotsofetse. Re na le mabaka a a utlwalang a go “goa ka boitumelo” ka gonne re leboga Jehofa fela thata. (Bala Isaia 65:14.) Fa re ithuta Baebele re a itumela ka gonne re nna le tsholofelo ya gore Jehofa o tla dira dilo tse a di solofeditseng mo nakong e e tlang ka ntlha ya setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo. Go tlotla le bakaulengwe le bokgaitsadi ka dilo tseno le gone go dira gore re itumele.​—Pes. 34:8; 133:1-3.

8. Batho ba ba mo paradaiseng ya tshwantshetso ba lemogiwa ka eng?

8 Batho ba ga Jehofa ba a ratana e bile ba tshela ka kutlwano mo paradaiseng ya tshwantshetso. Seno se dira gore re lemoge gore batlhanka ba ga Jehofa ba tla bo ba ratana e bile ba utlwana le go feta kwa lefatsheng le lesha. (Bakol. 3:14) Kgaitsadi mongwe o tlhalosa se a ileng a se lemoga fa a ne a kopana le batho ba ga Jehofa lekgetlo la ntlha. A re: “Ke ne ke sa itse gore ke dire eng gore ke itumele. Tota le fa ke ne ke na le ba lelapa la gaetsho ke ne ke sa itumela. Lekgetlo la ntlha fa ke ne ke kopana le Basupi ba ga Jehofa, ke ile ka lemoga gore ba a ratana.” Mongwe le mongwe yo o batlang go itumela, o tshwanetse go tla mo paradaiseng ya tshwantshetso. Le fa batho ba sa re rate, ba a lemoga gore re a ratana.​—Isa. 65:15.

9. Isaia 65:16 le 17 e a re Modimo o tlile go dira eng ka dilo tse di re utlwisang botlhoko gone jaanong?

9 Ba ritibetse e bile ga ba tlhobaele thata. Isaia 65:14 e a re ba ba tlhophang go sa tsene mo paradaiseng ya tshwantshetso ba a ‘lela ka ntlha ya dipelo tse di botlhoko e bile ba a bokolela ka ntlha ya moya o o hutsafetseng.’ Mme gone, go na le dilo tse di utlwisang batho ba ga Jehofa botlhoko gompieno. Go tla direga eng ka tsone? Baebele e a re dilo tseo tsotlhe di ‘tla bo di lebetswe; e bile di tla bo di tlositswe fa pele ga matlho a’ Modimo. (Bala Isaia 65:16, 17.) Jehofa o tlile go fedisa mathata otlhe a re nang le one e bile ga re kitla re tlhola re a gakologelwa.

10. Goreng o tsaya go kopana le bakaulengwe le bokgaitsadi e le tshiamelo e e seng kana ka sepe? (Bona le setshwantsho.)

10 Tota le gone jaanong re itumelela go ya kwa dipokanong ka gonne fa re le koo re a ritibala e bile re lebala ka dilo tse di utlwisang botlhoko. Gape re thusa bakaulengwe le bokgaitsadi gore ba ritibale fa re nna le maungo a moya o o boitshepo a a akaretsang lorato, boitumelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi le bonolo. (Bagal. 5:22, 23) Ruri go nna mo phuthegong ya ga Jehofa ke tshiamelo e e seng kana ka sepe! Ba ba tswelelang ba le mo paradaiseng ya tshwantshetso, ba tla itumelela go bona “magodimo a masha le lefatshe le lesha” tse Jehofa a di solofeditseng.

Ke tshiamelo e e seng kana ka sepe go nna mo paradaiseng ya tshwantshetso (Bona serapa 10) c


11. Go ya ka Isaia 65:18 le 19, re tshwanetse go ikutlwa jang ka paradaise ya tshwantshetso?

11 Ba lebogela se Jehofa a se dirileng e bile ba a ipela. Gape Isaia o tlhalosa lebaka la go bo re tshwanetse go ‘itumela le go ipelela’ go bo re le mo paradaiseng ya tshwantshetso. A re Jehofa ke ene a dirileng gore paradaise eno e nne teng. (Bala Isaia 65:18, 19.) Ka jalo, go a utlwala go bo Jehofa a re neile tshiamelo ya go thusa batho gore ba tswe mo mekgatlhong ya lefatshe leno e e sa ba ruteng boammaaruri ka ene, mme ba tle mo paradaiseng ya tshwantshetso. Re itumelela masego a re nang le one ka gonne re itse boammaaruri, e bile re dira sotlhe se re ka se kgonang go bolelela batho ba bangwe ka masego ao.​—Jer. 31:12.

12. O ikutlwa jang ka dilo tse Modimo a reng o tla re direla tsone tse di tlhalosiwang mo go Isaia 65:20-24, mme ka ntlha ya eng?

12 Gape re a ipela e bile re lebogela tsholofelo e re nang le yone ka gonne re atamalane le Jehofa. Baebele e re bolelela ka dilo tse dintle tse re tlileng go di bona le go di dira kwa lefatsheng le lesha. E a re: “Ga go kitla go tlhola go nna le losea lo lo tshelang malatsi a le mmalwa fela, kgotsa motho yo o godileng yo o sa tsheleng lobaka lo loleele.” Re tla ‘aga matlo re bo re nna mo go one, e bile re tla jala masimo a morara re bo re ja maungo a one.’ ‘Ga re kitla re dira ka natla re direla lefela’ ka gonne re tla bo re le ba ba “segofaditsweng ke Jehofa.” Jehofa o solofetsa gore o tla re naya botshelo jo bo kgotsofatsang. E re ka a itse se mongwe le mongwe wa rona a se tlhokang, ‘o tla araba, tota le pele ga re goela kwa go ene.’ Mo godimo ga moo, o tla “kgotsofatsa keletso ya setshedi sengwe le sengwe.”​—Isa. 65:20-24; Pes. 145:16.

13. Pele batho ba simolola go direla Jehofa, ba dira diphetogo dife tse di tlhalosiwang mo go Isaia 65:25?

13 Ba tshela ka kagiso e bile ba sireletsegile. Moya o o boitshepo o ile wa thusa batho ba le bantsi gore ba tlogele mekgwa e e sa siamang e e jaaka go rata ntwa, go nna bogale le go sa ikanyege. (Bala Isaia 65:25.) Ba ile ba dira ka natla gore ba tlogele mekgwa eo. (Bar. 12:2; Baef. 4:22-24) E re ka batho ba ga Jehofa ba na le boleo, ba sa ntse ba dira diphoso. Le fa go ntse jalo, Jehofa o dirile gore “batho ba mefuta yotlhe” ba ba mo ratang e bile ba ratana, ba kgone go tshela ka kagiso le gore ba utlwane. (Tito 2:11) Ga go na ope yo o ka kgonang go dira jalo fa e se Jehofa fela.

14. Mokaulengwe mongwe o ile a dira diphetogo dife tse di tlhalosiwang mo go Isaia 65:25?

14 A batho ba ka kgona go tlogela mekgwa e e sa siamang? Akanya ka se se ileng sa diragalela lekawana lengwe le le neng la tsenngwa mo kgolegelong ka makgetlo a le mantsi. Fa a na le dingwaga di le 20 o ne a dira boitsholo jo bo sa siamang e bile a le dikgoka. O ile a tshwarwa ka gonne a utswa dikoloi, a senyetsa batho mo matlong, a rata ntwa e bile a dira dilo tse dingwe tse di bosula. Lekgetlo la ntlha fa a utlwa se Baebele e se rutang e bile a simolola go ya kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa, o ile a lemoga gore go obamela Jehofa mo paradaiseng ya tshwantshetso go tla mo thusa gore a tshele botshelo jo bo botoka. Fa a sena go kolobediwa, o ne a nna a akanya ka mafoko a a mo go Isaia 65:25 le tsela e a ileng a dira diphetogo ka yone mo botshelong. O ne a sa tlhole a le bogale jaaka tau, mme o ne a le bonolo jaaka kwana.

15. Goreng re batla go thusa batho gore ba tle mo paradaiseng ya tshwantshetso, mme re ka dira seo jang?

15 Mafoko a a simololang a Isaia 65:13 a re: “Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang.” Temana 25 yone fa e felela e a re, “go bua Jehofa.” Mafoko ano a re netefaletsa gore se Jehofa a se buang se a direga. (Isa. 55:10, 11) Gone jaanong Jehofa o setse a dirile gore go nne le paradaise ya tshwantshetso. Le fa re nna mo lefatsheng leno le le bosula, re a ratana e bile re tshela ka kagiso mo paradaiseng eo. (Pes. 72:7) Ka jalo, re batla go dira sotlhe se re ka se kgonang go thusa batho ba le bantsi gore ba tle mo phuthegong ya ga Jehofa. Re ka ba thusa ka go ba dira barutwa.​—Math. 28:19, 20.

RE KA DIRA ENG GORE BATHO BA TLE MO PARADAISENG YA TSHWANTSHETSO?

16. Re ka thusa batho ba bangwe jang gore ba tle mo phuthegong ya ga Jehofa?

16 Mongwe le mongwe wa rona a ka thusa batho gore ba tle mo paradaiseng ya tshwantshetso. Re ka dira jalo ka go etsa Jehofa. Ga a pateletse batho gore ba tle mo phuthegong ya gagwe. Go na le moo, o ba ‘gogela’ kwa go ene. (Joh. 6:44; Jer. 31:3) Fa batho ba ba ratang Modimo ba ithuta gore Modimo o lorato le gore o na le botho jo bo ntseng jang, ba tlhotlheletsega go mo direla. Tsela e re itshwarang ka yone e ka thusa batho ba bangwe gore ba batle go direla Jehofa.

17. Re ka thusa batho ba bangwe jang gore ba tle mo paradaiseng ya tshwantshetso?

17 Fa re rata bakaulengwe e bile re dirisana le bone ka bopelonomi, re ka thusa batho gore ba tle mo paradaiseng ya tshwantshetso. Re batla gore fa batho ba tla kwa dipokanong ba ikutlwe ka tsela e batho ba kwa Korintha wa bogologolo ba ka tswang ba ne ba ikutlwa ka yone. Ba ne ba re: “Ruri Modimo o mo gare ga lona.” (1 Bakor. 14:24, 25; Seka. 8:23) Ka jalo re tshwanetse go dirisa kgakololo e e mo go 1 Bathesalonika 5:13 e e reng: “A mongwe le mongwe a tshele le yo mongwe ka kagiso.”

18. Ke eng se se ka dirang gore batho ba tle mo paradaiseng ya tshwantshetso?

18 Re tshwanetse go leba bakaulengwe le bokgaitsadi ka tsela e Jehofa a ba lebang ka yone. Re ka dira jalo ka go tlhoma mogopolo mo dilong tse dintle tse ba di dirang e seng mo makoeng a bone ka gonne ba tla bo ba sa tlhole ba na le one kwa lefatsheng le lesha. Fa go nna le dikgotlhang, re ka kgona go di rarabolola ka lorato fa re ‘tshwarana ka bopelonomi, re tlhomogelana pelo, e bile re itshwarelana ka pelo yotlhe.’ (Baef. 4:32) Seo se tla dira gore batho ba ba batlang go bontshiwa lorato, ba tle mo paradaiseng ya tshwantshetso. b

O SE KA WA TSWA MO PARADAISENG YA TSHWANTSHETSO

19. (a) Go ya ka lebokoso le le reng, “ Maropeng go a Boelwa,” bangwe ba ikutlwa jang ka go boela mo paradaiseng ya tshwantshetso? (b) Re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng? (Bona le setshwantsho.)

19 Ruri re lebogela go bo re le mo paradaiseng ya tshwantshetso! E ntse e nna ntle le go feta, e bile go na le batho ba le bantsi ba ba direlang Jehofa mo go yone. Re batla gore re tswelele re le mo paradaiseng eno e Jehofa a dirileng gore e nne teng. Mongwe le mongwe yo o batlang go itumela, go nna a kgotsofetse, go ritibala le go ikutlwa a sireletsegile, o tshwanetse go tla mo paradaiseng eno ya tshwantshetso mme a se ka a tswa mo go yone. Mme gone, re tshwanetse go nna kelotlhoko ka gonne Satane o dira sotlhe se a ka se kgonang go re tsietsa gore re tswe mo go yone. (1 Pet. 5:8; Tshen. 12:9) Ga re a tshwanela go mo letla gore a dire jalo. E kete re ka dira sotlhe se re ka se kgonang go dirisana ka kagiso gore paradaise eno e tswelele e le ntle e bile e le phepa!

Ba ba sa tsweng mo paradaiseng ya tshwantshetso, ba tla itumelela go nna mo paradaiseng ya mmatota (Bona serapa 19)


O KA ARABA JANG?

  • Paradaise ya tshwantshetso ke eng?

  • Re itumelela masego afe mo paradaiseng ya tshwantshetso?

  • Re ka thusa batho ba bangwe jang gore ba tle mo go yone?

PINA 144 Leba Kwa Mokgeleng!

a TLHALOSO: Mafoko a a reng ‘paradaise ya tshwantshetso’ a dirisiwa go tlhalosa maemo a sireletsegileng a batho ba ba obamelang Jehofa ba itumelelang one. Mo paradaiseng eno ya tshwantshetso, re atamalana le Jehofa e bile re dirisana le ba bangwe ka kagiso.

b Leba bidio ya setlhogo se se reng, Ba Kae Gone Jaanong? Alena Žitníková: How My Dream Was Fulfilled mo jw.org, mme o tla bona gore kgaitsadi yono o ne a itumelela masego afe ka gonne a le mo paradaiseng ya tshwantshetso.

c TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Bakaulengwe le bokgaitsadi ba itumelela go tlotla kwa dipokanong, mme mokaulengwe yo mongwe ene o ntse a le nosi.