Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGANG YA BOTSHELO

Ke Bone Boitumelo jo Bogolo mo go Abeng

Ke Bone Boitumelo jo Bogolo mo go Abeng

FA KE na le dingwaga di le 12, ke ne ka lemoga gore go na le sengwe sa botlhokwa se nka se nayang ba bangwe. Fa ke le kwa kopanong, mokaulengwe mongwe o ne a mpotsa gore a ga ke batle go ya go rera. Ke ne ka re, “Ke a batla,” le fa gone ke ne ke ise ke tsamaye ke ye go rera. Re ne ra ya bodireding mme a nnaya dibukana tse di buang ka Bogosi Jwa Modimo. O ne a nthaya a re: “Wena o tla dira seterata se se ka kwa mme nna ke tla dira se se ka fano.” Le fa ke ne ke tshogile, ke ne ka ya ka ntlo le ntlo mme go ise go ye kae, ke ne ka gakgamala fa ke lemoga gore ke tsamaisitse dibukana tsotlhe. Go ne go bonala sentle gore batho ba ne ba batla se ke neng ke ba naya sone.

Ke tshotswe ka 1923 kwa Chatham, Kent, e e kwa Engelane, mme ke goletse mo lefelong le batho ba lone ba neng ba swabisitswe ke dilo tse di neng di direga mo lefatsheng. Ntwa ya Ntlha ya Lefatshe e ne e sa dira gore go nne le kagiso jaaka batho ba ne ba solofeditswe. Batsadi ba me le bone ba ne ba swabisitswe ke baruti ba kereke ya Baptist ba ba neng ba se na sepe ka batho ba bangwe. Fa ke na le dingwaga di le robonngwe, mmè o ne a simolola go ya kwa holong ya Lekgotla la Baithuti ba Baebele ba Ditšhabatšhaba, kwa batho ba ba neng ba ipitsa Basupi ba ga Jehofa ba neng ba tshwarela dipokano tsa bone gone. Kgaitsadi mongwe o ne a tshwarela bana thuto a dirisa Baebele le buka ya The Harp of God. Ke ne ke rata se ke neng ke se ithuta.

GO ITHUTA MO BAKAULENGWENG BA BA GODILENG

Fa ke le mo dingwageng tsa bolesome, ke ne ke rata go bontsha batho tsholofelo e e mo Lefokong la Modimo. Le fa gantsi ke ne ke bereka ke le nosi mo bodireding jwa ntlo le ntlo, gape ke ile ka ithuta mo go ba bangwe. Ka sekai, letsatsi lengwe fa nna le mokaulengwe mongwe yo o godileng re ya kwa tshimong ka dibaesekele, re ne ra feta moruti mongwe mme ka re: “Podi ke ele e a feta.” Mokaulengwe yono o ne a emisa baesekele mme a nkopa gore re nne fa fatshe. O ne a nthaya a re: “Ke mang yo o go neileng dithata tsa go atlhola batho gore ke dipodi? Rona re tshwanetse go itumelela go rera dikgang tse di molemo mme re tlogelele tiro ya go atlhola mo diatleng tsa ga Jehofa.” Ke ile ka ithuta go le gontsi ka boitumelo jo bo nnang gone fa motho a abela ba bangwe.—Math. 25:31-33; Dit. 20:35.

Mokaulengwe yo mongwe yo o godileng o ne a nthuta gore ka dinako tse dingwe go itumelela go aba go tlhoka gore motho a itshoke ka bopelotelele. Mosadi wa gagwe o ne a sa beye Basupi ba ga Jehofa sebete. Nako nngwe mokaulengwe yono o ne a ntaletsa gore ke ye go ja dijo tse di motlhofo kwa go ene. Mosadi wa gagwe o ne a re kolopa ka matlhare a tee ka gonne a galefetse go bo mokaulengwe yono a ne a ile bodireding. Go na le gore mokaulengwe yono a mo omanye a galefile, o ne a busetsa matlhare a tee mo a nnang teng. Bopelotelele jwa gagwe bo ne jwa duelwa fa mosadi wa gagwe a ne a kolobediwa mme a nna Mosupi wa ga Jehofa.

Keletso ya go bontsha ba bangwe tsholofelo ya mo isagweng e ne ya nna e gola mme nna le mmè re ne ra kolobediwa kwa Dover ka March 1940. Boritane e ne ya bolotsa ntwa kgatlhanong le Jeremane ka September 1939 fa ke le dingwaga di le 16. Ka June 1940, ke ne ke eme mo kgorong mme ke lebile dilori tse di neng di feta di tletse ka masole a le diketekete a a neng a utlwile botlhoko. Masole ano a ne a falotse Ntwa ya kwa Dunkirk. Ba ne ba lebega ba se na tsholofelo mme ke ne ke eletsa go ba bolelela ka Bogosi Jwa Modimo. Mo go one ngwaga oo, Boritane e ne ya simolola go itewa ka dibomo kgapetsakgapetsa. Bosigo bongwe le bongwe, ke ne ke nna ke lebile difofane tsa ntwa tsa Jeremane tse di nang le dibomo fa di ntse di fofa mo lefelong la rona. Modumo wa dibomo o ne o utlwala mme seo se ne se dira gore batho ba tshoge le go feta. Mo mosong fa re tsoga, re ne re fitlhela matlo a le mantsi a senyegile. Go ne go bonala sentle gore Bogosi Jwa Modimo ke jone fela tsholofelo ya me.

KE SIMOLOLA GO ABA

Ka 1941, ke ne ka simolola botshelo jo ke bo itumelelang le gompieno. Ke ne ke le moithuti mo lefelong la go dira dikepe le go di baakanya mme tiro eo e ne e duela bontle tota. Batlhanka ba ga Jehofa ba ne ba sa bolo go itse gore Bakeresete ga ba a tshwanela go ya ntweng. Ka 1941, re ne ra lemoga gore ga re a tshwanela go bereka mo lefelong lepe fela le le amanang le ditiro tsa bosole. (Joh. 18:36) E re ka lefelo le ke neng ke bereka kwa go lone le ne le dira dikepe tsa mo metsing tsa ntwa, ke ne ka swetsa ka gore ke tlogele tiro eo mme ke tsenele tirelo ya nako e e tletseng. Kabelo ya me ya ntlha e ne e le kwa toropong e ntle ya Cirencester kwa Cotswolds.

Fa ke le dingwaga di le 18, ke ne ka tsenngwa mo kgolegelong dikgwedi di le robongwe ka gonne ke gana go tsenela bosole. Ke ne ke tshogile tota fa kgoro ya sele ya me e ne e tswalwa mme ke tlogetswe ke le nosi. Go ise go ye kae, batlhokomedi ba kgolegelo le magolegwa a mangwe ba ne ba mpotsa gore ke tshwaretswe eng mme ke ne ka ba tlhalosetsa ka tumelo ya me.

Fa ke sena go gololwa, ke ne ka kopiwa gore ke thuse Leonard Smith * go rera kwa ditoropong tse di farologaneng tsa naga ya rona ya Kent. Go simolola ka 1944, difofane tsa jete di feta sekete tse di neng di tletse ka dibomo di ne tsa wela mo Kent. Re ne re nna fa gare ga London le Yuropa e e neng e laolwa ke Banasi. Go ne go tshosa tota ka gonne fa o utlwa enjene e tima, o ne o itse gore mo metsotswaneng e se kae fela, jete eo e tlile go wa e bo e thunya. Re ne re ithuta Baebele le lelapa lengwe. Ka dinako tse dingwe, re ne re nna ka fa tlase ga tafole ya tshipi e e neng e diretswe go ba sireletsa fa ntlo e ka wa. Maloko otlhe a matlhano a lelapa leo a ne a kolobediwa.

GO ISA DIKGANG TSE DI MOLEMO KWA MAFELONG A A KGAKALA

Mo nakong ya fa ke simolola go nna mmulatsela kwa Ireland, re ne re itsise batho ka kopano

Morago ga ntwa, ke ne ka nna mmulatsela dingwaga tse pedi kwa borwa jwa Ireland. Re ne re sa itse gore Ireland ga e tshwane le Engelane. Re ne ra tsena mo matlong a batho re kopa lefelo la bonno, re ba bolelela gore re barongwa e bile re naya batho dimakasine mo seterateng. Eo e ne e se tshwetso e e botlhale ka gonne naga eo e ne e le ya Bakatoliki. Fa monna mongwe a ne a re tshosetsa, ke ne ka bolelela lepodise le le neng la nthaya la re: “Tota o a bo o ne o tsenwe ke eng?” Re ne re sa itse gore baruti ba na le dithata tse di kalo. Fa batho ba amogela dibuka tsa rona, ba ne ba dira gore batho bao ba kobiwe kwa ditirong tsa bone e bile ba ile ba dira gore re lelekwe kwa re neng re nna gone.

Go ise go ye kae, re ile ra lemoga gore fa re goroga kwa lefelong le lesha, go molemo gore re simolole go rera kwa lefelong le le kgakala le gore re rere fela fa go na le moruti yo o sa re itseng mo lefelong leo. Mme kwa bofelong, re feleletse ka go rerela batho ba ba leng gaufi le rona. Kwa Kilkenny, re ne re ithuta Baebele gararo ka beke le lekawana lengwe le fa re ne re tshosediwa ke digongwana tse di galefileng. Ke ne ke rata go ruta batho Baebele mo ke neng ka tsenya kopo ya go thapisiwa kwa Sekolong sa Baebele sa Watchtower sa Gileade gore ke nne morongwa.

Sekepe sa Sibia se e neng e le ntlo ya barongwa go simolola ka 1948 go fitlha ka 1953

Fa khoso e sena go fela morago ga dikgwedi tse tlhano, nna mmogo le baalogi ba bangwe ba bararo re ne ra abelwa go ya go direla kwa ditlhaketlhakeng tsa Lewatle la Caribbean. Ka November 1948, re ne ra tswa kwa New York City mme ra tsaya sekepe sa dimetara di le 18 se se bidiwang Sibia. E re ka ke ne ke ise ke tsamaye ke tseye loeto ka sekepe, ke ne ke itumetse tota. Mongwe wa rona e bong Gust Maki e ne e le kapotene wa sekepe yo o nang le maitemogelo. O ne a re ruta dilo di le mmalwa ka sekepe, jaaka tsela ya go isa diseile kwa godimo le kwa tlase, go baya khampase ka tsela e e siameng le kafa sekepe se kgweediwang ka gone mo phefong. Gust o ne a kgweetsa sekepe ka malatsi a le 30 mo ditsuatsueng tse di bogale go fitlha re goroga kwa Bahamas.

“LO LE BOLELE MO DITLHAKETLHAKENG”

Morago ga go rera dikgwedi di le mmalwa mo ditlhaketlhakeng tse dinnye tsa Bahamas, re ile ra tsaya loeto ka sekepe go ya kwa Setlhaketlhakeng sa Leeward le sa Windward, tse di sekgala sa dikilometara di ka nna 800 go tswa kwa Ditlhaketlhakeng Tsa Virgin tse di gaufi le Puerto Rico le go ela gaufi le Trinidad. Go ne ga feta dingwaga di le tlhano re ntse re rera mo ditlhaketlhakeng tse go se nang Basupi mo go tsone. Ka dinako tse dingwe, go ne go feta dibeke re sa kgone go romela kgotsa go amogela poso. Mme re ne re itumelela go ruta batho ka lefoko la ga Jehofa kwa ditlhaketlhakeng tseo!—Jer. 31:10.

Barongwa ba palame sekepe sa Sibia (go tswa ka fa molemeng go ya mojeng): Ron Parkin, Dick Ryde, Gust Maki, le Stanley Carter

Fa re goroga mo lefelong le dikepe di emang mo go lone, baagi ba ne ba re gakgamaletse mme ba kokoana ka bonako go tla go bona gore re bomang. Bangwe ba bone ba ne ba ise ba tsamaye ba bone lekgoa kgotsa sekepe. Batho ba ditlhaketlhake tseo ba ne ba le botsalano e bile ba itse Baebele sentle. Gantsi ba ne ba re naya ditlhapi, di-avocado le matonkomane. Sekepe sa rona se sennye se ne se se na lefelo le le lekaneng la go robala, go apaya kgotsa go tlhatswa diaparo mme gone re ne re kgona go tshela mo go sone.

Re ne re baya sekepe fa lotshitshing re bo re etela batho letsatsi lotlhe. Gantsi re ne re ba bolelela gore go tla nna le puo ya Baebele. Go tswa foo, fa letsatsi le phirima, re ne re letsa bele ya sekepe. Re ne re itumela fa re bona batho ba goroga. Dipone tsa oli tse ba neng ba di tshotse di ne di benya jaaka dinaledi. Ka dinako tse dingwe, go ne go tla batho ba le lekgolo ba bo ba nna go fitlha bosigo ba botsa dipotso. Ba ne ba rata go opela, ka jalo, re ne re ba thaepela dipina tsa Bogosi. Fa re ntse re leka go opela, le bone ba ne ba opela le rona mme mantswe a rona rotlhe a bo a utlwala monate tota. Ruri tseo e ne e le dinako tse di itumedisang!

Fa re sena go tshwara thuto ya Baebele, baithuti bangwe ba ne ba tsamaya le rona go ya kwa lelapeng le le latelang gore le bone ba nne gone ka nako ya fa re ithuta le lelapa leo. Le fa re ne re tshwanelwa ke go tsamaya morago ga go nna dibeke di le mmalwa, gantsi re ne re kopa batho ba ba kgatlhegang thata gore ba tswelele ba ithuta le ba bangwe go fitlha re boa. Go ne go itumedisa tota go bona kafa bangwe ba bone ba neng ba tsaya kabelo eno masisi ka gone.

Gone jaanong bontsi jwa ditlhaketlhake tseo ke mafelo a mantle a bojanala mme bogologolo e ne e le mafelo a a fitlhegileng a a nang le makadiba a a pududu, matshitshi a mantsi le ditlhare tsa mokolane. Gantsi re ne re tsamaya bosigo re tswa mo setlhaketlhakeng se sengwe re ya kwa go se sengwe. Didolofine di ne di thuma gaufi le sekepe sa rona mme go utlwala modumo wa enjene fa e tsamaya mo metsing. Ngwedi e ne e phatsima mo metsing a lewatle mme e dira gore go lebege bontle tota.

Fa re sena go rera dingwaga di le tlhano kwa ditlhaketlhakeng, re ne ra ya kwa Puerto Rico go ya go tlogela sekepe sa rona mme ra tsaya mokoro o o neng o tsamaya ka dienjene. Fa ke goroga koo, ke ne ka kopana le kgaitsadi wa morongwa yo montle yo o bidiwang Maxine Boyd mme ka ratana le ene. E ne e le moreri yo o tlhagafetseng wa dikgang tse di molemo fa e sa le go tloga bongwaneng. E ne e le morongwa kwa Dominican Republic go fitlha puso ya Katoliki e mo leleka ka 1950. E re ka ke ne ke tsamaya ka sekepe, ke ne ke letleletswe go nna kgwedi fela mo Puerto Rico. Go ise go ye kae, ke ne ke tlile go boela kwa ditlhaketlhakeng mme ke ne ke tla boa gape morago ga dingwaga di le mmalwa. Ka jalo, ke ne ka akanya jaana, ‘Ronald, fa e le gore o batla lekgarebe leno, o tshwanetse go berekela mo nakong.’ Morago ga dibeke di le tharo ke ne ka mo kopa gore re nyalane mme ra dira jalo morago ga dibeke di le thataro. Nna le Maxine re ne ra abelwa go nna barongwa mo Puerto Rico, ka jalo, ga ke ise ke tsamaye ke tseye loeto ka mokoro oo o mosha.

Ka 1956, re ne ra nna bapotologi. Bakeresete ba le bantsi ba ne ba humanegile mme gone, re ne re rata go ba etela. Ka sekai, kwa motseng wa Potala Pastillo, go ne go na le malapa a mabedi a Basupi a a neng a na le bana ba le bantsi mme ke ne ke rata go ba tshamekela seletswa sa mmino sa folutu. Ke ne ka botsa mongwe wa basetsana e bong Hilda gore a ga a kitla a rata go tsamaya le rona mo tshimong. O ne a nthaya a re: “Nka rata mme ga ke na ditlhako.” Re ne ra mo rekela ditlhako mme o ne a tsamaya le rona. Morago ga dingwaga fa nna le Maxine re etetse Bethele ya kwa Brooklyn ka 1972, kgaitsadi mongwe yo o neng a sa tswa go aloga mo Sekolong sa Gileade o ne a tla kwa go rona. O ne a tlile go ya kwa kabelong ya gagwe kwa Ecuador, mme o ne a re raya a re: “Ke a bona gore ga lo nkgopole. Ke nna mosetsana yole wa kwa Pastillo yo o neng a se na ditlhako.” E ne e le Hilda! Re ne re itumetse thata mo re neng ra tsholola dikeledi!

Ka 1960, re ne ra kopiwa go ya go direla kwa lekaleng la Puerto Rico le le neng le le mo ntlong ya matlhatlaganyane a mabedi kwa Santurce, San Juan. Kwa tshimologong, nna le Lennart Johnson re ne re dira bontsi jwa tiro. Ene le mosadi wa gagwe e ne e le bone Basupi ba ga Jehofa ba ntlha kwa Dominican Republic mme ba gorogile mo Puerto Rico ka 1957. Moragonyana, tiro ya ga Maxine e ne e le go tsenya dikopo tsa dimakasine mme a dira di feta sekete ka beke. O ne a rata tiro ya gagwe ka gonne a akanya ka batho botlhe ba ba tla amogelang dijo tseo tsa semoya.

Ke itumelela go direla mo Bethele ka gonne ke nna le tshono ya go aba. Mme Bethele e na le dikgwetlho tsa yone. Ka sekai, ka nako ya kopano ya ntlha ya boditšhabatšhaba kwa Puerto Rico ka 1967, ke ne ke na le maikarabelo a mantsi thata. Nathan Knorr yo ka nako eo a neng a etelela pele tiro ya Basupi ba ga Jehofa, o ne a tla kwa Puerto Rico. O ne a ntatofatsa ka gore ga ke a rulaganyetsa barongwa sepalangwa le fa gone ke ne ke se rulagantse. Moragonyana, o ne a nkgalemela botlhoko a re ga ke dire dilo ka thulaganyo le go mpolelela gore ke mo swabisitse. Ke ne ke sa batle go ngangisana le ene mme gone ke ne ke utlwile botlhoko thata. Le fa go ntse jalo, fa re kopana le ene gape, o ne a laletsa nna le Maxine gore re tle kwa go ene mme a re apeela.

Go tswa kwa Puerto Rico, re ne ra etela malapa a le mantsi kwa Engelane. Nna le Mmè re ile ra amogela boammaaruri mme Rre ene ga a ka a bo amogela. Mme fa dibui tsa Bethele di etile, gantsi Mmè o ne a rulaganya gore ba robale kwa gae. Rre o ne a bona kafa bagolwane bano ba neng ba ikokobeditse ka gone e bile ba farologane le baruti ba a neng a sa ba beye sebete. Mme ka 1962, o ne a kolobediwa le go nna Mosupi wa ga Jehofa.

Ke na le Maxine kwa Puerto Rico fa re sena go nyalana le ka nako ya fa re gopola dingwaga di le 50 re le mo lenyalong ka 2003

Maxine o ne a tlhokafala ka 2011. Ke lebile pele go mmona ka nako ya tsogo ya baswi. Mo dingwageng di le 58 tse re neng re le mmogo ka tsone, nna le Maxine re ile ra bona batho ba ga Jehofa ba kwa Puerto Rico ba gola go tswa go ba le 650 go ya go ba le 26 000! Go tswa foo, ka 2013, lekala la Puerto Rico le ne la kopanngwa le la kwa United States mme ka kopiwa go ya go direla kwa Wallkill, New York. Morago ga dingwaga di le 60 ke nna kwa setlhaketlhakeng, ke ile ka ikutlwa jaaka segwagwa sa kwa Puerto Rico se se opelang ka lotlatlana. Mme e ne e le nako ya go tswelela pele ka botshelo.

“MODIMO O RATA YO O NAYANG KA BOITUMELO”

Ke sa ntse ke itumelela go direla Modimo mo Bethele. Ke na le dingwaga di feta 90 mme tiro ya me ke go kgothatsa maloko a lelapa la Bethele. Ba mpolelela gore fa e sa le ke fitlha mo Wallkill, ke setse ke kopane le batho ba feta 600. Bangwe ba bone ba bua le nna ka mathata a bone kgotsa a lelapa. Ba bangwe ba kopa kgakololo ya gore ba ka dira jang gore ba atlege mo tirelong ya Bethele. Mme ba ba sa tswang go nyala ba kopa kgakololo ya gore ba ka dira jang gore lenyalo la bone le atlege. Bangwe ba ile ba abelwa go ya tshimong. Ke a ba reetsa mme fa go tshwanela, gantsi ke ba raya ke re: “‘Modimo o rata yo o nayang ka boitumelo.’ Ka jalo, itumelele tiro ya gago. O e direla Jehofa.”—2 Bakor. 9:7.

Dikgwetlho tsa go itumela fa o le kwa Bethele di tshwana le tse re lebanang le tsone fa re le gope fela: O tshwanetse go itse lebaka la go bo se o se dirang se le botlhokwa. Sengwe le sengwe se re se dirang mo Bethele, ke tirelo e e boitshepo. Re thusa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” go fepa bakaulengwe mo lefatsheng lotlhe ka dijo tsa semoya. (Math. 24:45) Gongwe le gongwe kwa re direlang Jehofa gone, re nna le tshono ya go mo galaletsa. A re itumeleleng sengwe le sengwe se a re kopang go se dira, ka gonne “Modimo o rata yo o nayang ka boitumelo.”

^ ser. 13 Kgang ya botshelo ya ga Leonard Smith e mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa April 15, 2012.