Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batla Sengwe se se Botoka Thata go Gaisa Gouta

Batla Sengwe se se Botoka Thata go Gaisa Gouta

A o kile wa bona leje le lennye la gouta? Ga se batho ba bantsi ba ba kileng ba le bona. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba bone sengwe se se botoka thata go gaisa gouta. Selo seo ke botlhale jwa Modimo jo bo ka se kang jwa rekwa ka gouta e e itshekileng.—Jobe 28:12, 15.

BAITHUTI ba Baebele ba tshwana le batho ba ba batlang gouta. Baithuti bano ba tshwanelwa ke go bereka ka thata le go nna ba sekaseka Dikwalo go bona botlhale joo jo bo ka se kang jwa lekanngwa le sepe. E re ka re le baithuti ba Baebele, ke eng se re ka ithutang sone mo ditseleng tse tharo tse gouta e batliwang ka tsone?

O BONA LEJE LE LENNYE LA GOUTA!

A re re o tsamaya mo losing lwa noka mme o bona leje le lennye le le phatsimang. O a le sela mme o lemoga gore ke leje la gouta. Le lennye thata fa le bapisiwa le letlhoka la mmetšhese e bile le bonwa sewelo fela jaaka teemane e kgolo. Mme fa o sena go le sela, o simolola go leba go bona gore a ga go na a mangwe.

Gongwe o sa ntse o gopola letsatsi la ntlha fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba go etetse go tla go bua le wena ka molaetsa wa tsholofelo o o mo Baebeleng. O ka tswa o gakologelwa lekgetlo la ntlha fa o ne o bona leje la gouta ya boammaaruri. Seo se ka tswa se ile sa direga fa la ntlha o ne o bona leina la Modimo mo Baebeleng. (Pes. 83:18) Gongwe o ile wa ithuta gore o ka kgona go nna tsala ya ga Jehofa. (Jak. 2:23) Ka nako eo, o ne o itse sentle gore o bone sengwe se se botoka thata go gaisa gouta! Mme o ka tswa o ne o batla go bona maje a mangwe a boammaaruri.

O BONA MAJE A MANGWE!

Ka dinako tse dingwe maje a mannye a gouta a kgobokana mo melatswaneng le mo dinokeng. Mo pakeng e le nngwe fela, batho ba ba batlang gouta ba kgona go fitlhela gouta e ntsi e e jang diketekete tsa didolara.

Fa o ne o simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, o ka tswa o ne o ikutlwa e kete o motho yo o batlang gouta mo lefelong le le tletseng gouta. Fa o ntse o tlhatlhanya ka ditemana tsa Baebele, kitso ya gago e ile ya oketsega mme tumelo ya gago e ne ya gola. Fa o ntse o dira jalo, o ile wa ithuta kafa o ka atamalanang ka gone le Jehofa le kafa o ka ipolokang ka gone mo loratong lwa gagwe mme o dira jalo ka boikaelelo jwa go bona botshelo jo bo sa khutleng.—Jak. 4:8; Jude 20, 21.

Fela jaaka motho yo o batlang gouta, a o dira ka natla go ithuta boammaaruri jo bo mo Baebeleng?

Fela jaaka batho ba ba batlang gouta, le wena o ka tswa o ile wa dira dipatlisiso tse di tseneletseng gore o bone dithuto tse di botlhokwa tsa boammaaruri. Fa o sena go ithuta boammaaruri jo bo mo Baebeleng, gongwe seo ke sone se ileng sa go tlhotlheletsa gore o ineele le go kolobediwa.—Math. 28:19, 20.

NNA O BATLA!

Motho a ka nna a fitlhela gouta e nnye mo majeng. Mangwe a maje ao a na le gouta e ntsi thata mo a ka epiwang a bo a thubiwa gore go ntshiwe gouta mo go one. Fa o a leba la ntlha, o ka se bone gouta mo go one. Ka ntlha yang? Ka gonne maje a boleng jo bo kwa godimo a ka nna a bo a na le digerama di le 10 fela tsa gouta mo lejeng lengwe le lengwe. Le fa go ntse jalo, batho ba ba batlang gouta ga ba bone seo e le matsapa a bophiri fela.

Le fa motho a sena go ithuta “thuto ya motheo ya ntlhantlha ka ga Keresete,” o sa ntse a tlhoka go tsaya matsapa go ithuta mo go oketsegileng. (Baheb. 6:1, 2) O tlhoka go leka ka natla go ithuta dilo tse disha le go ithuta dithuto tse a ka di dirisang mo botshelong. Ka jalo, o ka dira eng gore o nne le thuto ya Baebele e e go solegelang molemo le fa o ka tswa o na le lobaka lo loleele o ithuta Dikwalo?

Nna o tlhagafaletse go ithuta. Iphe nako ya go sekaseka dilo tse o di ithutang. Fa o tsaya matsapa go ithuta, o tla bona dithuto tsa botlhokwa tse di mo Dikwalong, botlhale le kaelo e e tswang kwa Modimong. (Bar. 11:33) O ka oketsa kitso ya gago ya Dikwalo ka go dirisa didirisiwa tsa go dira dipatlisiso tse di teng ka puo ya gago. Nna pelotelele fa o batla kaelo ya Modimo le fa o batla dikarabo tsa dipotso tsa gago mo Baebeleng. Botsa ba bangwe gore ke ditemana dife kgotsa ditlhogo dife tse ba fitlhetseng di ba thusa thata e bile di ba kgothatsa. Bua le ba bangwe ka dintlha tse di kgatlhang tse o di boneng fa o ne o ithuta Lefoko la Modimo.

Gone boikaelelo jwa gago ga e a tshwanela go batla go nna le kitso fela e ntsi. Moaposetoloi Paulo o ne a re tlhagisa gore “kitso e a gogomosa.” (1 Bakor. 8:1) Ka jalo, leka ka natla go nna o le boikokobetso le go nna le tumelo e e nonofileng. Go nna le kobamelo ya lelapa le go ithuta Baebele o le nosi go tla go thusa gore o tshele go ya ka melao ya ga Jehofa e bile go tla go tlhotlheletsa gore o thuse ba bangwe. Mo godimo ga moo, o tla itumela ka gonne o bone sengwe se se botoka thata go feta gouta.—Dia. 3:13, 14.