Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Bona go le Botlhokwa go Thapisa ba Bangwe?

A o Bona go le Botlhokwa go Thapisa ba Bangwe?

“Ke tla lo naya thuto e e molemo.”—DIA. 4:2.

PINA: 93, 96

1, 2. Ke eng fa re tshwanetse go thapisa ba bangwe gore ba tshwanelegele go newa ditshiamelo mo phuthegong?

GO RERA dikgang tse di molemo tsa Bogosi e ne e le kabelo e e botlhokwa thata ya ga Jesu fa a ne a le mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo, o ne a ipha nako ya go thapisa ba bangwe gore e nne badisa le barutisi. (Math. 10:5-7) Le fa Filipi a ne a tshwaregile mo tirong ya boefangedi, ga go pelaelo gore o ne a thusa barwadie ba banè gore ba nne bareri ba ba tlhagafetseng. (Dit. 21:8, 9) A go thapisa go botlhokwa mo metlheng ya rona?

2 Palo ya batho ba ba amogelang dikgang tse di molemo e ntse e oketsegela pele mo lefatsheng lotlhe. Batho ba ba sa tswang go kopanela le phuthego ya Modimo mme gone ba ise ba kolobediwe, ba tshwanetse go itse gore go botlhokwa go ithuta Baebele ba le bosi. Gape ba tshwanetse go rutiwa go rera dikgang tse di molemo le go ruta batho ba bangwe Baebele. Bakaulengwe ba mo diphuthegong tsa rona ba tshwanetse go kgothadiwa gore ba dire ka natla gore ba tshwanelegele go tlhomiwa go nna batlhanka ba bodiredi kgotsa bagolwane. Bakeresete ba ba nang le kamano e e molemo le Jehofa ba ka naya batho ba ba sa tswang go kopanela “thuto e e molemo,” ka go ba thusa go atamalana thata le Jehofa.—Dia. 4:2.

THUSA BA BA SA TSWANG GO KOPANELA GORE BA NONOTSHIWE LE GO TLHALEFISIWA KE LEFOKO LA MODIMO

3, 4. (a) Paulo o ne a amanya jang go ithuta Dikwalo le go nna le diphelelo tse di molemo mo bodireding? (b) Pele ga re kgothaletsa batho ba re ithutang le bone gore ba ithute Baebele ba le bosi, ke eng se re tshwanetseng go se dira?

3 Go ithuta Dikwalo re le rosi go botlhokwa go le kana kang? Karabo ya potso eno e mo mafokong a moaposetoloi Paulo a neng a a kwalela Bakeresete ba kwa Kolosa. O ne a re: “[Ga re kgaotse] go lo rapelela le go kopa gore lo tladiwe ka kitso ya boammaaruri ya thato ya gagwe ka botlhale jotlhe le go tlhaloganya ga semoya, gore lo tsamaye kafa go tshwanetseng Jehofa gore lo mo itumedise ka botlalo jaaka lo tswelela lo ungwa maungo mo tirong nngwe le nngwe e e molemo e bile lo oketsega mo kitsong e e boammaaruri kaga Modimo.” (Bakol. 1:9, 10) Kitso eo ya boammaaruri e ne e tla thusa Bakeresete ba kwa Kolosa gore ba “tsamaye kafa go tshwanetseng Jehofa gore [ba] mo itumedise ka botlalo.” Seo se ne se tla ba thusa gore ba tswelele ba “ungwa maungo mo tirong nngwe le nngwe e e molemo.” Moobamedi wa ga Jehofa o tshwanetse go nna le thulaganyo ya ka metlha ya go ithuta Baebele gore a kgone go direla Jehofa ka katlego. Re tla bo re dira sentle fa re thusa batho ba re ithutang Baebele le bone gore ba tlhaloganye ntlha eno.

4 Pele ga re thusa batho ba bangwe gore ba solegelwe molemo ke go ithuta Baebele ba le bosi, rona ka borona re tshwanetse go itse botlhokwa jwa go dira jalo. Tota e bile, re tshwanetse go nna le thulaganyo ya ka metlha ya go ithuta Baebele. Ka jalo, o ka nna wa ipotsa go re: ‘Fa batho ba ke kopanang le bone mo bodireding ba bua dilo tse di sa dumalaneng le dithuto tsa Baebele kgotsa ba botsa dipotso tse di thata, a ke kgona go dirisa Baebele go ba araba? Fa ke bala kafa Jesu, Paulo le Bakeresete ba bangwe ba ileng ba itshoka ka gone mo bodireding, a ke tlhatlhanya kafa boitshoko jwa bone bo ka nthusang ka gone mo tirong ya ga Jehofa?’ Rotlhe re tlhoka kitso le kgakololo e e mo Lefokong la Modimo. Mme fa re bolelela ba bangwe kafa go ithuta Baebele go re solegelang molemo ka gone, ba ka nna ba tlhotlheletsega go ithuta Dikwalo ka tlhoafalo gore le bone ba bone melemo eo.

5. Umaka dikakantsho tsa kafa o ka thusang motho yo o sa tswang go kopanela gore a nne le thulaganyo ya ka metlha ya go ithuta Baebele.

5 O ka nna wa ipotsa go re: ‘Nka thusa jang motho yo ke ithutang le ene gore a ithute Baebele a le nosi ka metlha?’ O ka simolola ka go mmontsha kafa a ka baakanyetsang ka gone. O ka nna wa mo kgothaletsa gore a bale dikarolo dingwe tsa dintlha tse di oketsegileng tse di mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng? le go bala ditemana tse di umakilweng. Mo thuse go baakanyetsa dipokano gore a kgone go akgela. Mo kgothaletse gore a bale makasine wa Tora ya Tebelo le wa Tsogang! Fa e le gore Watchtower Library kgotsa LAEBORARI YA MO INTERNET e gone ka puo ya gagwe, o ka mmontsha kafa a ka di dirisang ka gone go bona dikarabo tsa dipotso tsa Baebele. Dilo tseno di ka nna tsa thusa motho yo o ithutang Baebele le ene gore a itumelele go ithuta Lefoko la Modimo a le nosi.

6. (a) O ka thusa jang motho yo o ithutang le ene gore a rate Baebele le go feta? (b) Ke eng se moithuti wa Baebele a ka nnang a se dira fa a rata Dikwalo?

6 Gone ga re a tshwanela go pateletsa ope gore a bale Baebele le go e ithuta. Go na le moo, re tshwanetse go dirisa didirisiwa tse phuthego ya ga Jehofa e re nayang tsone go thusa batho ba re ithutang le bone gore ba rate Baebele le go feta. Fa nako e ntse e ya, motho yoo a ka nna a ikutlwa fela jaaka mopesalema yo o neng a opela a re: “Go atamela Modimo go molemo mo go nna. Ke beile botshabelo jwa me mo go Morena Molaodimogolo Jehofa.” (Pes. 73:28) Jehofa o tla dirisa moya wa gagwe go thusa moithuti yono yo o tlhoafetseng wa Baebele.

THAPISA BA BA SA TSWANG GO KOPANELA GORE BA RERE LE GO RUTA

7. Jesu o ne a thapisa jang bareri ba dikgang tse di molemo? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

7 Mathaio kgaolo 10 e na le ditaelo tse Jesu a neng a di naya baaposetoloi ba gagwe ba ba 12. O ne a umaka dintlha tse ba tshwanetseng go di ela tlhoko. [1] Baaposetoloi ba ne ba le tsebe ntlha go utlwa se Jesu a neng a ba ruta sone malebana le go rera ka tsela e e nang le diphelelo tse di molemo. Go tswa foo, ba ne ba ya kwa bodireding. E re ka ba ne ba latela mekgwa ya ga Jesu ya go rera, go ise go ye kae, ba ile ba nna barutisi ba ba atlegileng ba boammaaruri jwa Dikwalo. (Math. 11:1) Le rona re ka thapisa batho ba re ithutang Baebele le bone gore ba nne baboledi ba ba atlegileng ba dikgang tse di molemo. Mma re sekaseke ditsela tse pedi tsa kafa re ka dirang seo ka gone.

8, 9. (a) Jesu o ne a bua jang le batho fa a le mo bodireding? (b) Re ka thusa jang baboledi ba basha gore ba etse sekao sa ga Jesu fa ba le mo bodireding?

8 Tlotla le batho. Gantsi Jesu o ne a bua le batho ka Bogosi. Ka sekai, o ne a tlotla monate le mosadi yo o neng a tlile fa sedibeng sa ga Jakobe se se neng se le gaufi le motse wa Sikara. (Joh. 4:5-30) Gape o ne a tlotla le Mathaio Lefi yo e neng e le mokgethisi. Diefangele ga di bue go le kalo ka puisano eo mme gone Mathaio o ile a amogela taletso ya ga Jesu ya gore a nne molatedi wa gagwe. Mathaio mmogo le batho ba bangwe ba ne ba reeditse Jesu a bua lobaka lo loleele ka nako ya mokete o o neng o tshwaretswe kwa ntlong ya ga Mathaio.—Math. 9:9; Luke 5:27-39.

9 Nako nngwe Jesu o ne a bua ka bonolo le Nathanaele yo o neng a na le dikgopolo tse di sa siamang ka batho ba kwa Nasaretha. Seo se ile sa dira gore Nathanaele a fetole tsela e a neng a akanya ka yone. Nathanaele o ne a ithuta mo go oketsegileng ka se Jesu wa Monasaretha a neng a mo ruta sone. (Joh. 1:46-51) Ka jalo, le rona re ka kgona go thapisa baboledi ba basha gore ba kgone go bua le batho ka tsela e e botsalano e bile ba wetse makgwafo fa ba le mo bodireding. [2] Baboledi bano ba tla itumelela go bona kafa batho ba tsibogang ka gone fa ba ba bontsha gore ba a ba kgatlhegela e bile ba bua le bone ka tsela e e bonolo.

10-12. (a) Jesu o ne a thusa jang batho ba ba neng ba kgatlhegela dikgang tse di molemo? (b) Re ka thusa jang baboledi ba basha gore ba tokafatse bokgoni jwa bone jwa go nna barutisi ba boammaaruri jo bo mo Baebeleng?

10 Dira gore batho ba kgatlhegele molaetsa wa Baebele. Jesu o ile a rera dingwaga di le mmalwa fela. Le fa go ntse jalo, o ne a ipha nako ya go dira gore batho ba kgatlhegele dikgang tse di molemo. Ka sekai, o ne a rerela boidiidi jwa batho a le mo mokorong. Ka nako eo, o ne a dira kgakgamatso ka go dira gore Petere a tshware ditlhapi tse dintsi mme go tswa foo a mo raya a re: “Go tloga jaanong go ya pele o tla bo o tshwara batho ba tshela.” Se Jesu a ileng a se bua le go se dira, se ile sa nna le diphelelo dife? Petere mmogo le batho ba a neng a tshwara ditlhapi le bone ba ne ba “busetsa mekoro morago kwa lefatsheng, mme ba tlogela sengwe le sengwe ba mo sala morago.”—Luke 5:1-11.

11 Leloko lengwe la Sanehederine e bong Nikodemo, o ne a kgatlhiwa ke dithuto tsa ga Jesu. O ne a batla go ithuta mo go oketsegileng mme gone a tshaba gore batho ba tla reng fa ba mmona a bua le Jesu phatlalatsa. Jesu o ne a le tekatekano e bile a dirisa nako ya gagwe go thusa ba bangwe; o ne a kopana le Nikodemo bosigo ba le babedi fela. (Joh. 3:1, 2) Dipego tseno di re ruta eng? Morwa Modimo o ne a ipha nako ya go nonotsha tumelo ya batho ba bangwe. Le rona re tshwanetse go tlhoafalela go boela kwa bathong ba ba bontshitseng kgatlhego le go ithuta Baebele le bone.

12 Fa re bereka mmogo le baboledi ba basha mo bodireding, seno se ka nna sa ba thusa go tokafatsa bokgoni jwa bone jwa go ruta batho boammaaruri jo bo mo Baebeleng. Re ka ba thusa go nna ba ntshitse matlho dinameng go bona batho ba ba kgatlhegelang molaetsa wa rona. Re ka laletsa baboledi ba basha gore ba tsamaye le rona fa re boela kwa bathong ba ba bontshitseng kgatlhego kgotsa fa re ya go tshwara dithuto tsa Baebele. Ga go pelaelo gore fa re ba thapisa ka tsela eno e bile re ba kgothatsa, ba tla thusa batho ba ba kgatlhegelang molaetsa wa rona e bile ba tla kgona go tshwara dithuto tsa Baebele ka bobone. Gape ba tla ithuta gore ba se ka ba ineela ka bonako go na le moo ba nne pelotelele le go itshoka mo bodireding.—Bagal. 5:22; bona lebokoso le le reng, “ Re Tlhoka go Itshoka.”

THAPISA BA BA SA TSWANG GO KOPANELA GORE BA THUSE BAKERESETEMMOGO LE BONE

13, 14. (a) O akanya eng ka batho ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba ba ileng ba intsha setlhabelo go thusa ba bangwe? (b) O ka thapisa jang basha mmogo le batho ba ba sa tswang go kopanela gore ba bontshe Bakeresetemmogo le bone gore ba a ba rata?

13 Dipego tsa Baebele di bua ka tshiamelo e re nang le yone ya go bontsha “lorato lwa bokaulengwe” le go thusa Bakeresetemmogo le rona. (Bala 1 Petere 1:22; Luke 22:24-27.) Morwa Modimo o ne a ntsha sengwe le sengwe se a nang le sone, go akaretsa le botshelo jwa gagwe, go direla batho ba bangwe. (Math. 20:28) Dorekase “o ne a tota mo ditirong tse di molemo le dimpho tsa kutlwelobotlhoko.” (Dit. 9:36, 39) Kgaitsadi mongwe wa kwa Roma e bong Marea o ne a dira “ditiro tsa bonatla” a di direla Bakeresete ba phuthego e a neng a le mo go yone. (Bar. 16:6) Re ka thusa jang batho ba ba sa tswang go kopanela gore ba bone botlhokwa jwa go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone?

Thapisa ba ba sa tswang go kopanela gore ba bontshe Bakeresetemmogo le bone gore ba a ba rata (Bona serapa 13 le 14)

14 Basupi ba ba godileng ba ka laletsa batho ba ba sa tswang go kopanela gore ba tsamaye le bone fa ba ya go etela Bakeresete ba ba lwalang le ba ba godileng. Fa go tshwanela, batsadi ba ka tsamaya le bana ba bone. Bagolwane ba ka bereka le Bakeresete ba bangwe go tlhomamisa gore Bakeresete ba ba godileng ba na le dijo tse di lekaneng le gore matlo a bone a mo boemong jo bo siameng. Fa re dira jalo, basha mmogo le batho ba ba sa tswang go kopanela ba ithuta go direla ba bangwe dilo tse di molemo. Mogolwane mongwe fa a le mo bodireding, o a tle a ye go tlhola Basupi ba ba nnang mo motseselegaeng o a rerang mo go one. Mokaulengwe yo mosha yo gantsi a tsamayang le ene o ithutile gore batho botlhe ba mo phuthegong ba tshwanetse go ikutlwa ba ratiwa.—Bar. 12:10.

15. Ke eng fa go le botlhokwa gore bagolwane ba thuse banna ba Bakeresete gore ba gatele pele?

15 E re ka Jehofa a dirisa banna go ruta phuthego, go botlhokwa gore bakaulengwe ba nne le bokgoni jwa go ruta. Fa o le mogolwane, a o ka ipha nako ya go reetsa motlhanka wa bodiredi fa a baakanyetsa puo ya gagwe? Go dira jalo go ka nna ga mo thusa gore a tokafatse bokgoni jwa gagwe jwa go nna morutisi wa Lefoko la Modimo.—Neh. 8:8. [3]

16, 17. (a) Paulo o ne a thusa jang Timotheo go gatela pele? (b) Bagolwane ba ka thapisa jang balebedi ba mo isagweng ba phuthego ya Modimo?

16 Go tlhokega badisa ba ba oketsegileng mo phuthegong e bile banna ba ba tla dirang tiro eno ba tlhoka go nna ba thapisiwa. Paulo o ne a tlhalosa kafa thapiso eo e ka dirwang ka gone fa a ne a raya Timotheo a re: “Wena ngwanaka, nna o bone maatla mo bopelonoming jo bo sa re tshwanelang jo bo ka ga Keresete Jesu, mme dilo tse o neng wa di utlwa mo go nna ka tshegetso ya basupi ba bantsi, dilo tseno di neye banna ba ba ikanyegang, ba le bone ba tla tshwanelegang sentle go ruta ba bangwe.” (2 Tim. 2:1, 2) Timotheo o ne a ithuta ka go tsamaya le Paulo mo maetong a gagwe. Go tswa foo, fa Timotheo a le mo bodireding kgotsa a dira tiro epe fela ya Modimo, o ne a dirisa se a neng a se ithutile mo go Paulo.—2 Tim. 3:10-12.

17 Paulo ga a ka a tlogela Timotheo fela a sa mo thapise. O ne a tsamaya le lekawana leno mo tirong ya borongwa. (Dit. 16:1-5) Bagolwane ba ka etsa sekao sa ga Paulo ka go tsamaya le batlhanka ba bodiredi ba ba tshwanelegang go ya go dira maeto a bodisa, fa go tshwanela. Fa ba dira jalo, ba naya bakaulengwe bano tshono ya go bona kafa balebedi ba Bakeresete ba tlhokang ka gone go ruta, go nna le tumelo le go nna boitshoko fa ba dirisana le letsomane. Seno ke karolo ya thapiso e e newang badisa ba mo isagweng ba “letsomane la Modimo.”—1 Pet. 5:2.

A GO BOTLHOKWA GO THAPISA BA BANGWE?

18. Ke eng fa go le botlhokwa gore Bakeresete ba bangwe ba thapisediwe go dira tiro ya ga Jehofa?

18 Go thapisa ba bangwe go botlhokwa thata ka gonne phuthego ya Modimo e ntse e a gola e bile go nna le ditshono tse di oketsegileng tsa go direla Jehofa. Jesu le Paulo ba tlhomile sekao se se molemo thata mo ntlheng eno. Jehofa o batla gore batlhanka ba gagwe ba thapisiwe sentle gore ba kgone go dira dikabelo tsa bone. Modimo o re naya tshono ya go thapisa ba ba se nang maitemogelo gore ba thuse mo phuthegong. Kgang ya go thapisa ba bangwe e potlakile e bile e botlhokwa thata ka gonne maemo a lefatshe leno a ntse a senyegela pele e bile ditshono tsa go rera di ntse di a bulega.

19. Ke eng fa o tshwanetse go tlhomamisega gore matsapa a o a tsayang go thapisa ba bangwe mo tirong ya ga Jehofa a tla atlega?

19 Gone ke boammaaruri gore go thapisa ba bangwe go tlhoka nako le matsapa. Le fa go ntse jalo, Jehofa le Morwawe yo a mo ratang ba tla re ema nokeng le go re naya botlhale jo bo tla re thusang go dira jalo. Re tla itumela fa re bona ba re ba thapisitseng ba ‘dira ka natla e bile ba iteka.’ (1 Tim. 4:10) E kete le rona re ka tswelela re gatela pele mo tirong e e boitshepo ya ga Jehofa.

^ [1] (serapa 7) Tseno ke dingwe tsa dintlha tse Jesu a neng a tlotla ka tsone: (1) Rera molaetsa o o tshwanetseng. (2) Kgotsofalela dilo tse Modimo a go tlamelang ka tsone. (3) Tila go ngangisana le batho mo bodireding. (4) Ikanye Modimo fa o lebana le kganetso. (5) O se ka wa boifa.

^ [2] (serapa 9) Tsebe 62-64 ya buka ya Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, e na le dikakantsho tse di tla re thusang fa re tlotla le batho mo bodireding.

^ [3] (serapa 15) Tsebe 52-61 ya buka ya Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, e tlhalosa dilo tse di ka re thusang go nna le bokgoni jwa go ruta.