Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Bona Botlhokwa Jwa go Tokafatsa Tsela e o Direlang Jehofa ka Yone?

A o Bona Botlhokwa Jwa go Tokafatsa Tsela e o Direlang Jehofa ka Yone?

“Tswelela o dira ka bojotlhe mo go baleng phatlalatsa, mo go rotloetseng, mo go ruteng.”—1 TIM. 4:13.

PINA: 45, 70

1, 2. (a) Boporofeti jo bo mo go Isaia 60:22 bo diragaditswe jang mo metlheng eno ya bofelo? (b) Go na le tlhokego efe mo phuthegong ya ga Jehofa?

“YO MONNYE o tla nna sekete, le yo mmotlana o tla nna setšhaba se se thata.” (Isa. 60:22) Boporofeti jono bo a diragadiwa mo metlheng eno ya bofelo. Kana e bile, mo ngwageng wa tirelo wa 2015, baboledi ba Bogosi ba le 8 220 105 ba ne ba tlhagafetse mo tirong ya go rera mo lefatsheng lotlhe! Mafoko a bofelo a boporofeti jono a tshwanetse go ama Mokeresete mongwe le mongwe, ka gonne Rraarona yo o kwa legodimong a re: “Nna, Jehofa, ke tla go akofisa mo motlheng wa gone.” Fela jaaka bapalami ba ba mo koloing e e ntseng e oketsa lobelo, le rona re lemoga gore tiro ya go dira barutwa e ntse e oketsega. Mongwe le mongwe wa rona o tsibogela jang koketsego eno? E re ka re le baboledi ba ba tlhagafetseng ba Bogosi, a re dira sotlhe se re ka se kgonang mo tirong ya go rera? Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba tsenya kopo ya go nna babulatsela ba ka metlha kgotsa ba ba thusang. Tota e bile, re itumela thata fa re bona Bakeresete ba le bantsi ba ya go direla kwa go nang le tlhokego e kgolwane gone kgotsa ba nna le seabe mo mefuteng e mengwe ya tirelo.

2 Go ntse go le jalo, go tlhokega badiri ba ba oketsegileng. Ngwaga le ngwaga go tlhomiwa diphuthego di ka nna 2 000. Fa e le gore phuthego nngwe le nngwe e tlhoka bagolwane ba le batlhano, seno se raya gore ngwaga le ngwaga batlhanka ba bodiredi ba le 10 000 ba tlhoka go tshwanelegela go nna balebedi. Gape seno se raya gore bakaulengwe ba le diketekete ba tlhoka go tshwanelegela go nna batlhanka ba bodiredi. Mo godimo ga moo, go sa kgathalesege gore a re bakaulengwe kgotsa bokgaitsadi, rotlhe re na le “mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena.”—1 Bakor. 15:58.

GO TOKAFATSA TSELA E O DIRELANG JEHOFA KA YONE GO KAYA ENG?

3, 4. Go tokafatsa tsela e o direlang Jehofa ka yone go kaya eng mme seo se go ama jang?

3 Bala 1 Timotheo 3:1. Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le go ‘kgaratlha,’ le kaya go otlolola letsogo gore o tshware sengwe se se kgakala. Fa moaposetoloi Paulo a ne a dirisa lefoko leno, o ne a gatelela gore motho o tlhoka go tsaya matsapa gore a tokafatse tsela e a direlang Jehofa ka yone. A re re mokaulengwe mongwe o akanya ka isagwe ya gagwe mo phuthegong. Gongwe ga e ise e nne motlhanka wa bodiredi mme o lemoga gore o tlhoka go dira ka natla gore a nne le dinonofo tsa Bokeresete. Sa ntlha, o kgaratlhela go nna motlhanka wa bodiredi. Mme fa nako e ntse e ya o solofela gore o tla tshwanelegela go nna molebedi. O dira ka natla gore a nne le ditshwanelego tse di tlhokegang gore a kgone go sikara maikarabelo a a oketsegileng a phuthego.

4 Ka tsela e e tshwanang, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba eletsang go nna babulatsela, go direla kwa Bethele kgotsa go ithaopela go aga Diholo Tsa Bogosi ba dira sentle fa ba leka ka natla go fitlhelela mekgele ya bone. Mma re sekaseke kafa Lefoko la Modimo le re kgothaletsang ka gone go gatela pele mo kobamelong ya boammaaruri.

LEKA KA NATLA GO TOKAFATSA TSELA E O DIRELANG JEHOFA KA YONE

5. Basha ba ka dirisa maatla a bone jang mo tirong ya Bogosi?

5 Basha ba na le maatla a a tlhokegang gore ba kgone go dira go le gontsi mo tirelong ya ga Jehofa. (Bala Diane 20:29.) Bakaulengwe bangwe ba basha ba ba direlang kwa Bethele ba thusa go gatisa le go tshwaraganya Dibaebele le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba basha ba thusa mo tirong ya go aga le go baakanya Diholo Tsa Bogosi. Fa go nna le masetlapelo a tlholego, basha ba thusa Basupi ba ba nang le maitemogelo mo tirong ya namolo. Gape basha ba le bantsi ba babulatsela ba rera mo dinageng tsa bone le kwa dinageng tse go buiwang dipuo di sele kwa go tsone.

6-8. (a) Mokaulengwe mongwe yo mosha o ne a fetola jang tsela e a ikutlwang ka yone ka tiro ya Modimo mme go ne ga nna le diphelelo dife? (b) Re ka dira jang gore re ‘leke mme re bone gore Jehofa o molemo’?

6 Ga go pelaelo gore o a itse gore go botlhokwa go direla Modimo ka pelo yotlhe. Mme gotweng fa o ikutlwa jaaka mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Aaron? Le fa gone a goletse mo lelapeng la Basupi, a re: “Ke ne ke sa itumelele go ya dipokanong le go ya bodireding.” O ne a batla go direla Modimo a itumetse mme o ne a ipotsa gore ke eng fa a sa itumelele go dira jalo. O ne a dira eng?

7 Aaron o ne a nna le thulaganyo ya ka metlha ya go bala Baebele, go baakanyetsa dipokano le go akgela kwa go tsone. O ne a simolola go rapela ka metlha. Fa tsela e a ratang Jehofa ka yone e oketsega, o ne a simolola go tokafatsa kafa a mo direlang ka gone. Fa e sa le go tloga ka nako eo, Aaron o ile a itumelela go nna mmulatsela, go dira mmogo le Bakeresete ba bangwe mo tirong ya namolo le go rera kwa nageng e sele. Gone jaanong Aaron o direla kwa Bethele e bile ke mogolwane. O ikutlwa jang ka tshwetso e a e dirileng? “Ke ‘lekile mme ka bona gore Jehofa o molemo.’ E re ka a ntshegofaditse, ke ikutlwa ke mo kolota e bile ke tlhotlheletsega go oketsa tsela e ke mo direlang ka yone mme seno se dira gore ke nne le masego a a oketsegileng.”

8 Mopesalema o ne a re: “Ba ba senkang Jehofa . . . ga ba na go tlhaela sepe se se molemo.” (Bala Pesalema 34:8-10.) Eleruri, Jehofa ga a ke a swabisa ba ba mo direlang ka tlhagafalo. Fa re dira sotlhe se re ka se kgonang mo tirong ya ga Jehofa, re a bo re ‘leka mme re bona gore Jehofa o molemo.’ Gape fa re obamela Modimo ka moya otlhe, re tla itumela fela thata.

ITSHOKE MME O TSWELELE O TLHAGAFETSE

9, 10. Ke eng fa go le botlhokwa gore o nne le “boikutlo jwa go leta”?

9 Fa o ntse o leka ka natla go fitlhelela mekgele ya gago, bontsha “boikutlo jwa go leta.” (Mik. 7:7) Ka metlha Jehofa o ema nokeng batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang le fa gone a ka letla gore ba lete nakonyana pele ba ka amogela ditshiamelo kgotsa gore maemo a bone a fetoge gore ba kgone go mo direla mo go oketsegileng. Jehofa o ne a solofetsa Aborahame gore o tla nna le morwa mme gone Aborahame o ne a tshwanetse go nna le tumelo le bopelotelele. (Baheb. 6:12-15) Le fa gone Aborahame a ile a leta dingwaga di le dintsi pele Isake a tsholwa, ga a ka a fela pelo e bile Jehofa ga a ka a mo swabisa.—Gen. 15:3, 4; 21:5.

10 Go nna pelotelele ga go motlhofo. (Dia. 13:12) Fa re ne re ka nnela go akanya ka dilo tse di sa tsamayang ka tsela e re neng re e lebeletse, re ne re tla kgobega marapo thata. Go na le moo, go tla bo go le botoka go dirisa nako eo go leka go fitlhelela ditshwanelego tse di mo Baebeleng. Ela tlhoko ditsela tse tharo tsa kafa re ka dirang seo ka gone.

11. Ke dinonofo dife tsa Bokeresete tse re ka lekang ka natla go nna le tsone, mme ke eng fa di le botlhokwa?

11 Leka ka natla go nna le dinonofo tsa Bokeresete. Fa re bala Lefoko la Modimo e bile re tlhatlhanya ka lone, re tla nna botlhale, re tla nna le temogo, bokgoni jwa go dira ditshwetso tse di molemo, kitso, bokgoni jwa go akanya le go itekanela sentle mo mogopolong. Go botlhokwa gore ba ba etelelang pele mo kobamelong ya boammaaruri ba nne le dinonofo tseno. (Dia. 1:1-4; Tito 1:7-9) Mme fa re ntse re bala dikgatiso tsa rona tse di theilweng mo Baebeleng, re kgona go lemoga kafa Modimo a akanyang ka gone. Letsatsi le letsatsi, re tshwanetse go dira ditshwetso tse di malebana le boitlosobodutu, moaparo le go ipaakanya, go dirisa madi sentle le go dirisana sentle le ba bangwe. Fa re dirisa se re se ithutang mo Baebeleng, re ka kgona go dira ditshwetso tse di itumedisang Jehofa.

12. Maloko a phuthego a ka itshupa jang gore a a ikanyega?

12 Itshupe gore o a ikanyega. Go sa kgathalesege gore a re bakaulengwe kgotsa bokgaitsadi, re tshwanetse go leka ka natla go dira kabelo epe fela e re e newang mo phuthegong. E re ka Nehemia e ne e le mmusi, o ne a tshwanetse go tlhopha batho ba ba tla etelelang pele batho ba Modimo. O ne a tlhoma bomang? O ne a tlhoma batho ba ba boifang Modimo, ba ba ikanyegang e bile ba ikanngwa. (Neh. 7:2; 13:12, 13) Tota le gompieno, “se se batliwang mo balebeding ke gore motho a fitlhelwe a ikanyega.” (1 Bakor. 4:2) Batho ba bona dilo tse di molemo tse re di dirang.—Bala 1 Timotheo 5:25.

13. O ka etsa jang sekao sa ga Josefa fa ba bangwe ba sa go tshware sentle?

13 Letla Jehofa a go itshekise. O ka dira eng fa ba bangwe ba sa go tshware sentle? Gongwe o ka leka go rarabolola bothata ka bonako. Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe fa o leka go ipuelela o tseegile maikutlo, o ka gakatsa bothata. Bomorwarraagwe Josefa ga ba a ka ba mo tshwara sentle, mme ga a ka a boloka sekgopi. Moragonyana, Josefa o ne a latofadiwa ka maaka a bo a tsenngwa mo kgolegelong go sa tshwanela. Le fa go ntse jalo, o ne a letla gore Jehofa a mo kaele fa a ne a le mo mathateng. Go ne ga nna le diphelelo dife? “Lefoko la ga Jehofa le ne la mo itshekisa.” (Pes. 105:19) Fa diteko tseo di khutla, Josefa o ne a tshwanelegela kabelo e e kgethegileng. (Gen. 41:37-44; 45:4-8) Fa o leka go rarabolola mathata, rapelela botlhale, itshware sentle o bo o bue ka bonolo mme o kope Modimo gore a go nonotshe. Jehofa o tla go thusa.—Bala 1 Petere 5:10.

TOKAFATSA TSELA E O RERANG KA YONE

14, 15. (a) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ‘nna re tlhokometse’ tsela e re rerang ka yone? (b) Ke eng se o ka se dirang fa gantsi o sa fitlhele batho kwa lefelong le lo rerang mo go lone? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo le lebokose le le reng, “ Leka Mefuta e Mengwe ya go Rera.”)

14 Paulo o ne a kgothatsa Timotheo jaana: “Tswelela o dira ka bojotlhe mo go baleng phatlalatsa, mo go rotloetseng, mo go ruteng. Nna o itlhokometse e bile o tlhokometse go ruta ga gago.” (1 Tim. 4:13, 16) Timotheo e ne e setse e le moreri wa dikgang tse di molemo yo o nang le maitemogelo. Le fa go ntse jalo, bodiredi jwa gagwe bo ne bo tla nna le diphelelo tse di molemo fa fela a ‘nna a tlhokometse’ tsela e a rutang ka yone. O ne a se tseye gore batho ba tla mo reetsa fa a sa tokafatse tsela e a rerang ka yone. O ne a tshwanetse go fetola tsela e a rutang ka yone gore a tle a ba ame pelo. E re ka re le bareri ba dikgang tse di molemo, le rona re tshwanetse go dira se se tshwanang.

15 Gantsi fa re rera ka ntlo le ntlo, ga re fitlhele batho mo magaeng. Gape go na le dikago le mafelo mangwe a go sa tseneng mongwe le mongwe kwa go one. Fa e le gore go ntse jalo mo lefelong le lo rerang mo go lone, akanyetsa go dirisa mefuta e mengwe ya go rera dikgang tse di molemo.

16. Go rera phatlalatsa go ka nna le diphelelo dife tse di molemo?

16 Go rera phatlalatsa ke mofuta mongwe o o molemo wa go rera dikgang tse di molemo. Basupi ba le bantsi ba nna le seabe ka botlalo mo tirong eno e bile ba nna le diphelelo tse di molemo. Ba rerela batho kwa diteisheneng tsa diterena le tsa dibese, kwa marekisetsong le kwa diparakeng le kwa mafelong a mangwe a go tsenang batho botlhe kwa go one. Mosupi a ka dirisa temogo mme a simolola motlotlo le mongwe ka go bua ka sengwe se se umakilweng mo dikgannyeng, go akgola bana ba gagwe kgotsa go botsa ka tiro e a e dirang. Fa motlotlo o ntse o tsweletse, Mosupi yono o umaka ntlha nngwe e e tswang mo Baebeleng e e tla dirang gore motho yoo a akanye. Gantsi se motho yoo a tlileng go se bua se tla dira gore ba tlotle mo go oketsegileng ka Baebele.

17, 18. (a) Ke eng se se ka dirang gore o nne le bopelokgale jwa go rera phatlalatsa? (b) Fa o le mo tirong ya go rera, ke eng fa o anaanela tsela e Dafide a neng a galaletsa Jehofa ka yone?

17 Fa e le gore o bona go le thata go rera phatlalatsa, o se ka wa latlhela seditse. Mmulatsela mongwe wa kwa New York City e bong Eddie o ne a okaoka go bua le batho phatlalatsa. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya o ne a nna le bopelokgale jwa go dira jalo. Ke eng se se neng sa mo thusa? A re: “Ka nako ya kobamelo ya lelapa, nna le mosadi wa me re dira dipatlisiso gore re tle re kgone go araba batho ba ba ganetsang le ba ba nang le dikgopolo di sele. Gape re kopa dikakantsho tse dingwe mo Basuping ba bangwe.” Gone jaanong Eddie o itumelela go rera phatlalatsa.

18 Fa o ntse o nna le bokgoni le bopelokgale jwa go rera dikgang tse di molemo, go tla bonala gore tsela e o direlang Jehofa ka yone e a tokafala. (Bala 1 Timotheo 4:15.) Mo godimo ga moo, ga go na pelaelo gore o tla galaletsa Rraarona yo o kwa legodimong fela jaaka Dafide fa a ne a re: “Ke tla baka Jehofa ka dinako tsotlhe; Pako ya gagwe e tla nna mo molomong wa me ka metlha. Ba ba pelonolo ba tla utlwa mme ba tla ipela.” (Pes. 34:1, 2) Mme go ka nna ga direga gore ka ntlha ya tiro ya gago ya go rera, batho ba ba pelonolo ba kopanele le wena mo kobamelong ya boammaaruri.

GALALETSA MODIMO KA GO TOKAFATSA TSELA E O MO DIRELANG KA YONE

19. Ke eng fa motlhanka yo o ikanyegang wa ga Jehofa a tshwanetse go itumela, le fa gone maemo a gagwe a le thata?

19 Dafide o ne a re: “Ditiro tsotlhe tsa gago di tla go baka, wena Jehofa, le batho ba gago ba ba ikanyegang ba tla go baka. E bile ba tla bua ka thata ya gago, le kgalalelo ya bontlentle jwa bogosi jwa gagwe.” (Pes. 145:10-12) Mafoko ao a bontsha tsela e Basupi botlhe ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba ikutlwang ka teng. Mme gotweng fa bolwetse kgotsa bogodi bo dira gore o se ka wa kgona go nna le seabe ka botlalo mo tirong ya go rera? Nna o gopotse gore fa o ntse o rerela batho ba ba go tlhokomelang le ba bangwe, tiro eo ya gago e galaletsa Modimo wa rona yo o molemo. Fa o tsentswe mo kgolegelong ka ntlha ya se o se dumelang, ga go pelaelo gore fa maemo a letla o bolelela batho ka boammaaruri mme seo se itumedisa Jehofa. (Dia. 27:11) Gape Jehofa o a itumela fa o tswelela go dira dilo tse di amanang le kobamelo ya gagwe le fa gone o le mo lelapeng le le kgaoganeng ka bodumedi. (1 Pet. 3:1-4) Le fa gone o le mo maemong a a thata, o ka kgona go galaletsa Jehofa le go tokafatsa tsela e o mo direlang ka yone.

20, 21. Fa o abetswe tiro e e oketsegileng mo phuthegong ya ga Jehofa, o ka solegela ba bangwe molemo jang?

20 Ga go pelaelo gore Jehofa o tla go segofatsa fa o nna o tokafatsa tsela e o mo direlang ka yone. Gongwe fa o fetola tsela e o dirang dilo ka yone, o ka kgona go nna le seabe se segolo mo go rereleng batho gore ba nne le tsholofelo. Mo godimo ga moo, fa o tokafatsa tsela e o direlang Jehofa ka yone e bile o nna o intsha setlhabelo, badumedikawena ba ka solegelwa molemo fela thata. Mme ka ntlha ya matsapa a o a tsayang mo phuthegong, ba bangwe ba ba ratang Jehofa ba tla go rata, ba tla go anaanela e bile ba tla go ema nokeng.

21 Go sa kgathalesege gore re ntse re direla Jehofa dingwaga di le kae, rotlhe re ka tokafatsa tsela e re mo direlang ka yone. Mme gone, Bakeresete ba ba nang le kamano e e nonofileng le Jehofa ba ka thusa jang ba basha mo boammaaruring gore ba tokafatse tsela e ba direlang Jehofa ka yone? Re tla sekaseka kgang eno mo setlhogong se se latelang.