Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ke eng fa baganetsi ba ga Jesu ba ne ba buelela kgang ya go tlhapa diatla?

Eno ke nngwe ya dikgang tse baba ba ga Jesu ba neng ba mo latofatsa ka tsone. Molao wa ga Moshe o ne o umaka se se neng se tshwanetse go dirwa fa motho a itshekologile, jaaka fa go na le sengwe se se elelang mo serweng, motho a na le lepero kgotsa a tshwere setopo sa motho kgotsa sa phologolo. Gape o ne o tlhalosa ditaelo tse di tshwanetseng go latelwa gore motho a itsheke gape. Seno se ne se dirwa ka go ntsha setlhabelo, go tlhapa kgotsa go kgatshiwa.—Lefi. kgao. 11-15; Dipa. kgao. 19.

Borabi ba Bajuda ba ne ba tlhalosa karolo nngwe le nngwe ya melao eo. Buka nngwe ya re fa motho a itshekologile, o ne a “botsolodiwa gore go tlile jang gore a itshekologe, gore boitshekologo jwa gagwe bo ne bo tla anamela jang kwa bathong ba bangwe, le gore ke didirisiwa dife tse di neng di ka itshekologa le tse di neng di ka se itshekologe le meetlo e e neng e tshwanetse go latelwa gore motho a boe a itsheke gape.”

Baganetsi ba ga Jesu ba ne ba mmotsa ba re: “Ke ka ntlha yang fa barutwa ba gago ba sa itshware go ya ka ngwao ya batho ba dinako tsa pele, mme ba ja dijo ka diatla tse di leswe?” (Mar. 7:5) Baganetsi bao ba ne ba sa bue ka kgang ya go tlhapa diatla tse di leswe pele motho a ja. Borabi ba ne ba latela moetlo, ka jalo, ba ne ba batla go tshelwa metsi mo diatleng pele ba ja. Buka e re e umakileng fa godimo ya re: “Gape go ne go sekasekiwa gore ke didirisiwa dife tse di tshwanetseng go dirisiwa go tshela metsi, gore ke metsi afe a a tshwanetseng go dirisiwa, gore ke mang yo o tshwanetseng go a tshela le gore metsi a tshwanetse go tshelwa go fitlha fa kae mo seatleng.”

Jesu o ne a araba jang baeteledipele bao ba bodumedi ba Bajuda ba ba neng ba itiretse melao e mentsintsi? O ne a re: “Isaia o ne a porofeta sentle ka ga lona baitimokanyi ke lona, jaaka go kwadilwe gotwe, ‘Batho bano ba ntlotla ka dipounama tsa bone, mme dipelo tsa bone di katogetse kgakala le nna [Jehofa]. Ba nna ba nkobamelela lefela, ka gonne ba ruta ditaelo tsa batho ba re ke dithuto tsa motheo.’ Ka go tlogela taelo ya Modimo, lo ngangatlela ngwao ya batho.”—Mar. 7:6-8.