Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGANG YA BOTSHELO

Go Itshokela Diteko go Tlisa Masego

Go Itshokela Diteko go Tlisa Masego

LEPODISE le ne la nthaya la re: “O rre yo o setlhogo tota. O latlhile mosadi wa gago yo o mo mmeleng le morwadio. Ba tlile go tlhokomelwa ke mang? Tlogela bodumedi jwa gago mme o boele gae.” Ke ne ka raya lepodise leo ke re: “Ga ke a latlha lelapa la me. Ke lona lo ntshwereng. Tota lo ntshwaretse eng?” Lepodise leo le ne la araba jaana le galefile: “Re go tshwaretse gore o Mosupi, seo ke molato o mogolo.”

Seno se diragetse ka 1959 mo kgolegelong ya kwa Irkutsk kwa Russia. Mma ke tlhalose gore ke eng fa nna le mosadi wa me e bong Maria, re ne re ikemiseditse “go boga ka ntlha ya tshiamo” le kafa re ileng ra segofadiwa ka teng ka gonne re ne ra tswelela re ikanyega.—1 Pet. 3:13, 14.

Ke tsholetswe kwa Ukraine, mo motseng wa Zolotniki ka 1933. Ka 1937, mmangwane le monna wa gagwe ba e neng e le Basupi, ba ne ba re etela go tswa kwa Fora. Ba ne ba re tlogelela dibuka tse pedi tse di neng di gatisitswe ke mokgatlho wa Watch Tower, e nngwe e ne e na le setlhogo se se reng, “Government” mme e nngwe e na le setlhogo se se reng “Deliver-ance.” Rre o ne a di bala, mme o ne a simolola go dumela mo Modimong gape. Ka maswabi, ka 1939, o ne a tlhaselwa ke bolwetse mme pele a tlhokafala, o ne a raya mmê a re: “Seno ke boammaaruri. O bo rute bana.”

GO RERA KWA SIBERIA

Ka 1951, balaodi ba puso ba ne ba simolola go fudusa Basupi ba le bantsi go tswa kwa USSR ba ba isa kwa Siberia. Nna, mmê le nnake e bong Grigory, re ne ra kobiwa kwa Ukraine. Re ne ra tsamaya dikilomitara di feta 6 000 ka terena, re ya kwa toropong ya Tulun, kwa Siberia. Dibeke di le pedi moragonyana, nkgonne e bong Bogdan, o ne a isiwa kwa kampeng mo toropong e e gaufi ya Angarsk. O ne a atlholetswe dingwaga di le 25 kwa kampeng eo gore a dire tiro e e boima.

Nna, mmê le Grigory re ne re rera mo mafelong a a gaufi le Tulun, mme gone, re ne re dirisa botlhale fa re rera. Ka sekai, re ne re botsa batho jaana: “A go na le mongwe yo o rekisang kgomo fano?” Fa re kopana le mongwe yo o rekisang kgomo, re ne re tlotla le motho yoo ka tsela e e gakgamatsang e dikgomo di dirilweng ka yone. Go tswa foo, re bo re tlotla le ene ka Mmopi. Lekwalodikgang lengwe le ne la kwala ka Basupi ba ga Jehofa, le re ba botsa batho gore a ba rekisa dikgomo, mme gone ba batla dinku. Leano leno le ne la re thusa gore re kopane le batho ba ba ratang Modimo. Re ne re itumelela go ithuta Baebele le batho ba ba boikokobetso le ba ba amogelang batho mo mafelong ao. Gompieno go na le phuthego e e nang le baboledi ba feta 100 kwa Tulun.

TUMELO YA GA MARIA E A LEKWA

Mosadi wa me e bong Maria o ne a ithuta boammaaruri kwa Ukraine, fa Ntwa ya Lefatshe II e tsweletse. Fa a le dingwaga di le 18, lepodise lengwe le ne la simolola go mo tshwenya le go leka go mo pateletsa gore a tlhakanele dikobo le ene, mme Maria o ne a gana. Letsatsi lengwe o ne a fitlhela lepodise leo le robetse mo bolaong jwa gagwe. Maria o ne a sia. Lepodise leo le ne la galefa, mme la raya Maria la re le tlile go mo isa kgolegelong e re ka Maria e le Mosupi. Go ne ga nna fela jalo, ka 1952, Maria o ne a atlholelwa dingwaga di le lesome kwa kgolegelong. Maria o ne a ikutlwa fela jaaka Josefa, yo o neng a tsenngwa mo kgolegelong ka gonne a ne a ikanyega. (Gen. 39:12, 20) Mokgweetsi yo o neng a isa Maria kwa kgolegelong go tswa kwa kgotlatshekelo o ne a mo raya a re: “O se ka wa tshoga. Batho ba le bantsi ba boa kwa kgolegelong ba sa ntse ba ikanyega mo Modimong.” Mafoko ano a ne a mo kgothatsa.

Go tloga ka 1952 go fitlha ka 1956, Maria o ne a dira tiro e e boima tota kwa kampeng e e gaufi le toropo ya Gorkiy (e jaanong e bidiwang Nizhniy Novgorod) kwa Russia. O ne a neilwe tiro ya go kumula ditlhare, mme o ne a bereka tota le fa go le tsididi thata. Tiro eno e ne ya mo tsenya bokoa, mme ka 1956, o ne a gololwa mme a ya kwa Tulun.

KE NE KE LE KGAKALA LE MOSADI WA ME LE BANAKE

Fa mokaulengwe mongwe kwa Tulun a ne a mpolelela gore go na e kgaitsadi yo o tlang, ke ne ka tsaya baesekele mme ka ya kwa dibeseng gore ke ye go mo thusa ka dithoto tsa gagwe. Ke ne ka rata Maria fela ke simolola go mmona. Le fa gone go ile ga tsaya nakonyana go re ke gape pelo ya gagwe, ke ne ka feleletsa ke atlegile. Re ne ra nyalana ka 1957. Morago ga ngwaga, morwadiarona e bong Irina o ne a tsholwa mme ga ke a ka ka nna le ene lobaka. Ka 1959, ke ne ka tshwarwa ka gonne ke ne ke gatisa dikgatiso tsa Baebele. Ke ne ka fetsa dikgwedi di le thataro mo seleng ke le nosi. Gore ke se ka ka kgobega marapo, ke ne ke rapela ka metlha, ke opela dipina tsa Bogosi gape ke akanya ka tiro ya go rera e ke neng ke tla e dira fa ke gololwa.

Fa ke ne ke nna kwa kampeng ya pogisetso ka 1962

Fa ke le kwa kgolegelong, lepodise lengwe le le neng le mpotsolotsa le ne la nthaya le re: “Re tlile go lo bolaya fela jaaka motho a bolaya dipeba mo ntlong ya gagwe.” Ke ne ka mo raya ka re: “Jesu o rile dikgang tse di molemo tsa Bogosi DI TLA rerwa mo ditšhabeng tsotlhe, mme ga go na ope yo o tla thibelang seo.” Lepodise leo le ne la dirisa leano le lengwe, le ne la leka go ntlhotlheletsa gore ke itatole tumelo ya me, jaaka ke tlhalositse kwa tshimologong. E re ka ke ne ke sa ineele, ke ne ka atlholelwa dingwaga di le supa kwa kampeng ya pogisetso e e gaufi le toropo ya Saransk. Fa ke le mo tseleng ke ya kwa kampeng eo, ke ne ka utlwa gore morwadi wa rona wa bobedi e bong Olga o ne a sa tswa go tsholwa. Le fa ke ne ke le kgakala le mosadi wa me le banake, ke ne ke gomodiwa ke go itse gore nna le Maria re ne re ikanyega mo go Jehofa.

Maria le bomorwadiarona e bong Olga le Irina ka 1965

Gangwe ka ngwaga Maria o ne a nketela kwa Saransk, le fa a ne tshwanelwa ke go tsamaya malatsi a le 12 ka terena go ya le go boa. Ngwaga le ngwaga o ne a ntlela ditlhako tse disha. O ne a fitlha dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo mo diretheng tsa ditlhako tseo. Ngwaga mongwe ke ne ka itumelela loeto lwa gagwe thata ka gonne o ne a tla le barwadi ba rona. Ke ne ke itumeletse go ba bona le go fetsa nako le bone.

DIKGWETLHO TSE DINGWE KWA MAFELONG A MANGWE

Ka 1966, ke ne ka gololwa mme re ne ra fudugela kwa toropong ya Armavir, gaufi le Lewatle le Lentsho. Fa re le koo, bomorwaarona e bong Yaroslav le Pavel ba ne ba tsholwa.

Go ise go ye kae, mapodise a ne a tla go phuruphutsha ntlo ya rona ba batla dikgatiso tsa Baebele. Ba ne ba di batla gotlhe, tota le kwa bojelong jwa dikgomo. Letsatsi lengwe fa ba ntse ba di batla jalo, ba ne ba tshologa sethitho ka ntlha ya mogote, e bile diaparo tsa bone di ne di tletse lorole. Maria o ne a ba tlhomogela pelo, e re ka ba ne ba dira se ba neng ba se laetswe. O ne a ba tshelela jusi a bo a ba isetsa boratšhe jwa diaparo, sekotlolo sa metsi le ditoulo. Moragonyana fa molaodi wa bone a tla, ba ne ba mmolelela gore re ile ra ba bontsha bopelonomi. Fa ba tsamaya, molaodi yoo o ne a nyenya, a bo a re sadisa sentle. Re ne ra itumelela go bona gore go nna le diphelelo tse di molemo fa re ‘nna re fenya bosula ka molemo.’—Bar. 12:21.

Le fa matlo a rona a ne a phuruphudiwa jalo, re ne ra tswelela re rera kwa Armavir. Gape re ne re thusa setlhopha se sennye sa baboledi kwa toropong e e gaufi ya Kurganinsk. Ke itumedisiwa ke gore gone jaanong go na le diphuthego di le thataro kwa Armavir le di le nnê kwa Kurganinsk.

Fa dingwaga di ntse di feta, go na le dinako dingwe tse mo go tsone kamano ya rona le Jehofa e neng e koafala. Mme re leboga Jehofa go bo a ile a dirisa bakaulengwe ba ba ikanyegang go re thusa go nonotsha tumelo ya rona. (Pes. 130:3) Gape go ne ga nna thata tota fa re ne re dira le mapodise a puso a a neng a tsena mo diphuthegong re sa itse. Ba ne ba bonala ba tlhagafetse mo phuthegong le mo bodireding. Tota e bile bangwe ba bone ba ne ba newa ditshiamelo dingwe mo phuthegong. Mme gone, morago ga nako go ne ga senoga gore tota e ne e le bomang.

Ka 1978, fa Maria a na le dingwaga di le 45, o ne a ima gape. E re ka a ne a na le bolwetse jwa pelo, dingaka di ne di tshaba gore a ka nna a swa, ka jalo, ba ne ba leka go mo pateletsa gore a senye mpa. O ne a gana. Ka ntlha ya seo, dingaka dingwe di ne di mo sala morago mo bookelong ka lemao, ba leka go mo tlhaba gore a tshole ngwana pele ga nako. Maria o ne a tshaba kwa bookelong gore a sireletse ngwana.

Komiti ya Sepodisi ya Puso e ne ya re laela gore re tswe mo toropong eo. Re ne ra fudugela kwa motseng o o gaufi le toropo ya Tallinn kwa Estonia, e ka nako eo e neng e le karolo ya USSR. Fa re le koo, ga go a ka ga direga jaaka dingaka di ne di bua ka gonne Maria o ne a belega morwaarona e bong Vitaly mme Maria ga a ka a swa.

Moragonyana re ne ra fudugela kwa motseng wa Nezlobnaya, kwa borwa jwa Russia. Re ne re rera re le kelotlhoko kwa ditoropong tsa bojanala tse di gaufi, tse di neng di etelwa ke batho ba ba tswang kwa mafelong a a farologaneng mo nageng ya Russia. Ba ne ba ya kwa ditoropong tseo ka gonne ba batla kalafi, mme bangwe ba bone ba ne ba boela gae ba na le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng.

GO RUTA BANA BA RONA GORE BA RATE JEHOFA

Re ne re leka go ruta bana ba rona gore ba rate Jehofa le gore ba mo direle. Gantsi re ne re laletsa bakaulengwe ba ba tlhomang sekao se se molemo gore ba tle mo legaeng la rona, gore bana ba rona ba ithute mo go bone. Mongwe yo a neng a re etela thata e ne le nnake e bong Grigory yo e neng e le molebedi wa potologo go tloga ka 1970 go fitlha ka 1995. Re ne re itumelela go fetsa nako le ene ka gonne e ne e le motho yo o itumetseng e bile a rata go dira metlae. Fa re na le baeng, gantsi re ne re tshameka metshameko ya Baebele, mme seno se ne sa thusa bana ba rona gore ba rate dipego tsa Baebele.

Bomorwaake le basadi ba bone.

Go tswa kwa molemeng go ya mojeng, kwa morago: Yaroslav, Pavel, Jr., Vitaly

Fa pele: Alyona, Raya, Svetlana

Ka 1987 morwaarona e bong Yaroslav o ne a fudugela kwa toropong ya Riga kwa Latvia, gore a kgone go rera a gololesegile. Mme e re ka a ne a gana go tsenela bosole, o ne a atlholelwa ngwaga le halofo kwa kgolegelong, mme o ne a isiwa kwa dikgolegelong di le robongwe tse di farologaneng. Maitemogelo a ke mo tlotletseng one a nako ya fa ke le kwa kgolegelong a ile a mo thusa go itshoka. Moragonyana o ile a nna mmulatsela. Ka 1990, morwaarona e bong Pavel, yo o neng a le dingwaga di le 19 o ne a batla go ya go direla e le mmulatsela kwa Sakhalin, e leng setlhaketlhake se se kwa bokone jwa Japane. Kwa tshimologong re ne re sa batle a tsamaya. Go ne go na le baboledi ba le 20 fela kwa lefelong leo, e bile le ne le le bokgakala jwa dikilometara di le 9 000 go tswa kwa re neng re nna teng. Moragonyana re ne ra dumela gore a tsamaye mme eo e ne e le tshwetso e e molemo. Batho ba koo ba ne ba amogela molaetsa wa Bogosi. Morago ga dingwaga di le mmalwa, go ne ga nna le diphuthego di le robedi kwa lefelong leo. Pavel o ne a direla kwa Sakhalin go fitlha ka 1995. Ka nako eo, re ne re nna fela le gofejane wa rona e bong Vitaly. Go tloga fa a sa le monnye, o ne a rata go bala Baebele. Fa a na le dingwaga di le 14, o ne a nna mmulatsela, mme ke ne ka bereka le ene ke le mmulatsela dingwaga di le pedi. E ne e le nako e e monate tota. Fa a na le dingwaga di le 19, o ne a ya go direla e le mmulatsela yo o kgethegileng kwa lefelong le lengwe.

Ka 1952, lepodise le ne la raya Maria le re: “Itatole tumelo ya gago, e seng jalo o tlile go fetsa dingwaga di le lesome kwa kgolegelong. Fa o gololwa o tla bo o tsofetse e bile o le nosi.” Mme ga go a ka ga nna jalo. Re ile ra bona lorato lwa ga Jehofa Modimo, lwa bana ba rona le batho ba re ileng ra ba thusa go ithuta boammaaruri. Nna le Maria re ile ra itumelela go etela mafelo a bana ba rona ba neng ba direla kwa go one. Re ne ra bona tsela e batho ba bana ba rona ba ba thusitseng go ithuta ka Jehofa ba itumetseng ka yone.

RE LEBOGELA THUSO YA GA JEHOFA

Ka 1991, tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya letlelelwa semolao. Tshwetso eo e ne ya dira gore re tlhagafalele tiro ya go rera fela thata. Phuthego ya rona e ne ya reka bese gore re kgone go ya go rera kwa ditoropong le kwa metseng e e gaufi ka mafelobeke.

Ke na le mosadi wa me ka 2011

Ke itumelela gore Yaroslav le mosadi wa gagwe e bong Alyona le Pavel le mosadi wa gagwe e bong Raya ba direla kwa Bethele mme Vitaly le mosadi wa gagwe e bong Svetlana ba mo tirong ya potologo. Morwadiarona yo mogolo e bong Irina o nna kwa Jeremane le lelapa la gagwe. Monna wa gagwe e bong Vladimir le barwa ba bone ba le bararo ba direla e le bagolwane. Morwadiarona e bong Olga o nna kwa Estonia mme o nteletsa ka metlha. Ka maswabi, mosadi wa me yo o rategang o ne a tlhokafala ka 2014. Ke lebile pele go boa ke mmona gape fa a tsosiwa. Gone jaanong ke nna mo toropong ya Belgorod, mme bakaulengwe le bokgaitsadi ba nkeme nokeng tota.

Dingwaga tse ke di feditseng ke direla Jehofa di nthutile gore go ikanyega ga go motlhofo, mme kagiso e Jehofa a re e nayang ke letlotlo le le ka se lekanngweng le sepe. Masego a nna le Maria re nnileng le one ka gonne re ikanyega, a feta kgakala sepe fela se ke neng ke ka se batla. Pele USSR e wa ka 1991, go ne go na le baboledi ba feta 40 000, mme gone jaanong go na le baboledi ba feta 400 000 mo dinageng tse e neng e le karolo ya Soviet Union. Ke na le dingwaga di le 83 mme ke sa ntse ke direla ke le mogolwane. Jehofa o nthusitse gore ke kgone go itshoka. Eleruri Jehofa o ntshegofaditse fela thata.—Pes. 13:5, 6.