Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dira le Jehofa Letsatsi le Letsatsi

Dira le Jehofa Letsatsi le Letsatsi

“Re badirimmogo le Modimo.”—1 BAKOR. 3:9.

PINA: 64, 111

1. Re ka dira le Jehofa ka ditsela dife?

JEHOFA o ne a batla gore batho ba dire le ene go diragatsa thato ya gagwe. Le fa gone batho ba sa itekanela, ba sa ntse ba ka kgona go nna badirimmogo le Jehofa. Ka sekai, re nna “badirimmogo le Modimo” ka go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi le go dira barutwa. (1 Bakor. 3:5-9) Ruri ke tshiamelo go dira mmogo le Mmopi yo o maatla wa lobopo mo tirong e a e tsayang e le botlhokwa! Mme gone, go na le ditsela tse dingwe tse re ka dirang le Jehofa ka tsone ntle le go rera. Mo setlhogong seno, re tlile go ithuta kafa re ka dirang mmogo le Jehofa ka gone ka go thusa ba lelapa le badumedimmogo, go amogela baeng, go ithaopela ditiro tsa Bogosi le go oketsa tirelo ya rona.—Bakol. 3:23.

2. Ke eng fa re sa tshwanela go bapisa tsela e re direlang Jehofa ka yone le e batho ba bangwe ba mo direlang ka yone?

2 Fa re ntse re sekaseka dintlha tseno, o se ka wa ipapisa le batho ba bangwe. Gopola gore ga re lekane le gore botsogo, maemo le bokgoni jwa rona bo a farologana. Moaposetoloi Paulo o ne a re: “A mongwe le mongwe a bontshe se tiro ya gagwe e leng sone, mme ke gone a tla nnang le lebaka la go itumela ka ga gagwe ka esi, mme e seng a ipapisa le motho yo mongwe.”—Bagal. 6:4.

THUSA BA LELAPA LA GAGO LE BAKERESETEMMOGO LE WENA

3. Ke eng fa re ka re batho ba ba tlhokomelang ba malapa a bone ba dira mmogo le Modimo?

3 Jehofa o lebeletse gore re tlhokomele ba malapa a rona. Ka sekai, o ka nna wa tlhoka go bereka gore o kgone go tlamela lelapa la gago. Bommê ba le bantsi ga ba bereke, mme ba nna kwa gae gore ba tlhokomele bana ba bone ba bannye. Mo godimo ga moo, bana bangwe ba ba godileng ba tlhokomela batsadi ba bone ba ba tsofetseng. Dilo tseno di botlhokwa. Baebele ya re: “Fa motho a sa tlamele ba e leng ba gagwe, mme segolobogolo ba e leng maloko a ba ntlo ya gagwe, o itatotse tumelo e bile o bosula go gaisa motho yo o se nang tumelo.” (1 Tim. 5:8) Fa o na le maikarabelo ao, go ka direga gore ga o kgone go fetsa nako e ntsi mo dilong tse di direlwang Bogosi. Mme gone, o se ka wa kgobega marapo! Jehofa o a itumela fa o tlamela ba lelapa la gago.—1 Bakor. 10:31.

4. Batsadi ba ka baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele jang, mme go tla diregang fa ba dira jalo?

4 Batsadi ba dira mmogo le Jehofa fa ba kgothaletsa bana ba bone go ipeela mekgele mo tirelong ya Modimo. Batsadi ba le bantsi ba ba ileng ba dira jalo, ba ile ba itumelela go bona bana ba bone ba tsenela tirelo ya nako e e tletseng ba bo ba ya go direla kwa mafelong a a kgakala. Bana bangwe ke barongwa; ba bangwe ke babulatsela mme ba direla kwa go nang le tlhokego gone; mme ba bangwe bone ba direla kwa Bethele. Seno se raya gore ba ka nna ba se ka ba kgona go bona batsadi ba bone ka metlha. Le fa go ntse jalo, batsadi ba ba ratang Jehofa ba kgothaletsa bana ba bone gore ba itshoke mo dikabelong tsa bone. Ka ntlha yang? Ba itumelela go itse gore bana ba bone ba baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele. (3 Joh. 4) Gongwe bontsi jwa bone ba ikutlwa jaaka Hana yo o neng a re o “adimile” Jehofa morwawe. Batsadi bano ba tsaya seo e le tshiamelo e e molemo tota.—1 Sam. 1:28.

5. O ka thusa jang bakaulengwe le bokgaitsadi ba phuthego ya lona? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

5 Fa o se na maikarabelo a mantsi a lelapa, a o ka kgona go thusa badumedimmogo le wena ba ba tlhokometseng ba malapa a bone kgotsa a o ka thusa ba ba lwalang, ba ba tsofetseng kgotsa ba ba tlhokang thuso nngwe? Batla bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong ya lona ba ba ka tswang ba tlhoka thuso. Gongwe go na le kgaitsadi mongwe yo o tlhokometseng motsadi wa gagwe yo o godileng, a o ka mo tlhokomela fa kgaitsadi yoo a ntse a dira ditiro tse dingwe? Kgotsa gongwe o ka thusa bangwe ka go ba isa kwa dipokanong, kwa mabenkeleng, go ba direla mekgaphe mengwe kgotsa go tsamaya le bone fa ba etela mongwe yo o lwalang. Fa o dira jalo, o ka nna wa bo o dira mmogo le Jehofa go araba thapelo ya mongwe.—Bala 1 Bakorintha 10:24.

AMOGELA BAENG

6. Re ka amogela baeng jang?

6 Batho ba Modimo ba itsege ka go amogela baeng. Mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika, mafoko a a reng, “go tshola baeng” a kaya go bontsha batho ba o sa ba itseng bopelonomi. (Baheb. 13:2) Baebele e na le dipego tse di re bontshang gore re ka amogela baeng jang. (Gen. 18:1-5) Re tshwanetse go leka ka natla go thusa batho ba bangwe, e ka ne “ba [amana] le rona mo tumelong” kgotsa nnyaa.—Bagal. 6:10.

7. Go amogela bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba mo tirelong ya nako e e tletseng go ka go solegela molemo jang?

7 O ka dira mmogo le Modimo ka go amogela bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba mo tirelong ya nako e e tletseng. (Bala 3 Johane 5, 8.) Dinako tse di ntseng jalo di tla dira gore “lo kgothatsane.” (Bar. 1:11, 12) Akanya ka sekai sa ga Olaf. A re nako nngwe fa a sa le mosha, go ne go se na ope yo o neng a kgona go amogela molebedi wa potologo. Olaf o ne a kopa batsadi ba gagwe ba e seng Basupi gore ba mo amogele. Ba ne ba dumela, mme gone, ba ne ba mo raya ba re o tla tshwanelwa ke go robala mo sofeng. O ne a dira jalo mme ga a ka a ikwatlhaela seo. Olaf a re: “Re nnile le beke e e monate tota! Letsatsi le letsatsi nna le molebedi wa potologo re ne re tsoga phakela re bo re tlotla ka dilo tse di kgatlhang fa re ntse re ja sefitlholo. O ile a nkgothatsa mme seo sa dira gore ke eletse go tsenela tirelo ya nako e e tletseng.” Gone jaanong, Olaf o na le dingwaga di le 40 e le morongwa.

8. Ke eng fa re tshwanetse go bontsha batho ba bangwe bopelonomi le fa gone kwa tshimologong ba sa bontshe gore ba a leboga? Naya sekai.

8 Re ka bontsha batho ba bangwe lorato ka ditsela di le dintsi le fa gone ka dinako dingwe ba sa bontshe gore ba a leboga. Ka sekai, kgaitsadi mongwe wa kwa Spain o ne a ithuta Baebele le mosadi mongwe wa kwa Ecuador e bong Yesica. Nako nngwe fa ba ntse ba ithuta, Yesica o ne a simolola go lela. Kgaitsadi yono o ne a mmotsa gore bothata ke eng. Yesica o ne a mmolelela gore pele a fuduga o ne a humanegile. Letsatsi lengwe o ne a se na dijo mme o ne a naya morwadie metsi fela. O ne a leka go robatsa morwadie mme a kopa Modimo gore a mo thuse. Moragonyana ga moo, Basupi ba babedi ba ne ba mo etela, le fa go ntse jalo, ga a ka a ba amogela e bile o ne a gagola makasine o ba neng ba mo naya one. O ne a ba botsa jaana: “A lo a re ngwanake a je makasine o?” Bokgaitsadi bao ba ne ba leka go mo gomotsa mme ba palelwa. Moragonyana, ba ne ba mo tlisetsa dijo mme ba di tlogela fa kgorong. Yesica o ne a amiwa maikutlo ke bopelonomi jwa bone e bile o ne a ikutlwa molato ka gonne ga a ka a lemoga gore Modimo o arabile thapelo ya gagwe. Mme gone jaanong o ikemiseditse go direla Jehofa. Eleruri bopelotshweu jwa bokgaitsadi bao bo ile jwa nna le diphelelo tse di molemo!—Mor. 11:1, 6.

ITHAOPELE DIPOROJEKE TSE DI DIRWANG MO PHUTHEGONG

9, 10. (a) Baiseraele ba ne ba na le ditshono dife tsa go ithaopa? (b) Bakaulengwe ba ka thusa ka ditsela dife mo phuthegong?

9 Baiseraele ba ne ba na le ditshono di le dintsi tsa go ithaopa. (Ekes. 36:2; 1 Ditir. 29:5; Neh. 11:2) Gompieno le gone, re ka ithaopa ka go dirisa nako, dithoto le bokgoni jwa rona go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi. Fa o dira jalo, o tla itumela e bile Jehofa o tla go segofatsa.

10 Lefoko la Modimo le kgothaletsa banna mo phuthegong gore ba dire mmogo le Jehofa ka go kgaratlhela go nna batlhanka ba bodiredi le bagolwane. (1 Tim. 3:1, 8, 9; 1 Pet. 5:2, 3) Bakaulengwe ba ba dirang jalo ba bontsha gore ba batla go thusa ba bangwe go nna le tumelo e e nonofileng. (Dit. 6:1-4) A bagolwane ba kile ba go kopa gore o nne motlhokomedi kgotsa gore o thuse ka dikgatiso, tshimo, go baakanya dilo dingwe kgotsa sengwe se sele? Bakaulengwe ba ba thusang ka dilo tseno ba re go dira jalo go a itumedisa.

Go ithaopela diporojeke tsa go aga go tla dira gore re nne le ditsala tse disha (Bona serapa 11)

11. Kgaitsadi mongwe o ile a solegelwa molemo jang ke go itirela ditsala fa a ne a thusa mo diporojekeng tsa go aga?

11 Gantsi Bakeresete ba ba ithaopelang ditiro dingwe mo phuthegong ba nna le ditsala tse disha. Akanya ka kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Margie. O ile a dira mo diporojekeng tsa go aga Diholo Tsa Bogosi dingwaga di le 18. Mo dingwageng tseo, o ile a nna tsala ya bokgaitsadi ba le bantsi ba basha e bile o ne a ba thapisa. Go dira jalo go ile ga mo naya tshono ya go kgothatsa ba bangwe le gore le ene a kgothadiwe. (Bar. 1:12) Ka nako ya fa a lebane le diteko, ditsala tse a ileng a nna le tsone di ile tsa mo kgothatsa. A o kile wa ithaopela porojeke ya go aga? O ka kgona go ithaopa le fa o se na kitso epe ka go aga.

12. O ka thusa jang fa go nna le masetlapelo?

12 Fa go nna le masetlapelo, batho ba Modimo ba dira mmogo le ene ka go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone. Ka sekai, ba ntsha meneelo gore ba thuse bao ba amilweng ke masetlapelo. (Joh. 13:34, 35; Dit. 11:27-30) Gape ba thusa ka go phepafatsa le go baakanya dilo tse di senyegileng. Legae la kgaitsadi mongwe wa Mo-Poland e bong Gabriela le ne la senngwa ke morwalela, le fa go ntse jalo, o ne a itumela fa bakaulengwe ba diphuthego tse di gaufi ba tla go mo thusa. A re: “Ga ke batle go bua thata ka dilo tse di senyegileng ka gonne ke dithoto fela. Go na le moo, ke batla go bua ka dilo tse ke ileng ka di amogela. Tiragalo eno e dirile gore ke tlhatswege pelo gore go nna karolo ya phuthego ya Bokeresete ke tshiamelo e bile go dira gore motho a itumele.” Batho ba le bantsi ba ba amogelang thuso morago ga masetlapelo le bone ba ikutlwa ka tsela e e tshwanang. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba dirang mmogo le Jehofa go thusa ba bangwe ka tsela eo le bone ba a itumela.—Bala Ditiro 20:35; 2 Bakorintha 9:6, 7.

13. Go ithaopa go ka nonotsha kamano ya rona le Jehofa jang? Naya sekai.

13 Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Stephanie le Bakeresete ba bangwe ba ile ba itumelela go dira mmogo le Modimo ka go thusa Basupi ba ba neng ba tshabetse mo United States ka ntlha ya dintwa kwa dinageng tsa bone. Ba ne ba ba thusa go bona magae le fanitšhara. Stephanie a re: “Tsela e ba neng ba itumetse le e ba neng ba re leboga ka yone e ile ya re ama maikutlo. Bakaulengwe le bokgaitsadi bao ba akanya gore re ba thusitse, mme gone, tota ke bone ba re thusitseng. Lorato, kutlwano, tumelo le tsela e bakaulengwe ba neng ba ikaega ka Jehofa ka yone, di ile tsa dira gore re mo rate fela thata le gore re anaanele sotlhe se re se newang mo phuthegong ya gagwe.”

OKETSA TIRELO YA GAGO

14, 15. (a) Moporofeti Isaia o ne a na le boikutlo bofe? (b) Bakeresete ba ka etsa sekao sa ga Isaia jang?

14 A o ka itumelela go dira mmogo le Jehofa ka tsela e e oketsegileng? A o ka kgona go fudugela kwa go nang le tlhokego gone mo phuthegong ya gagwe? Gone ga re tlhoke go fudugela kwa mafelong a a kgakala gore re direle Modimo. Mme gone, maemo a bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe a ba letla gore ba ye go direla kwa mafelong a a kgakala. Ba ikutlwa fela jaaka moporofeti Isaia. Jehofa o ne a botsa jaana: “Ke tla roma mang, mme ke mang yo o tla re elang?” Isaia o ne a araba jaana: “Ke fano! Roma nna.” (Isa. 6:8) A o eletsa go dira mo go oketsegileng mo tirelong ya ga Jehofa? O ka thusa ka ditsela dife?

15 Jesu o ne a bua jaana ka tiro ya go rera: “Thobo e kgolo, mme badiri ba babotlana. Jalo, kopang Mong wa thobo gore a romele badiri mo thobong ya gagwe.” (Math. 9:37, 38) A o ka kgona go direla kwa go nang le tlhokego gone, gongwe o le mmulatsela? Kgotsa a o ka thusa motho yo mongwe gore a dire jalo? Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba dumela gore tsela e e molemo ya go bontsha gore ba rata Modimo le batho ba bangwe ke ka go nna babulatsela kwa mafelong a go tlhokegang baboledi ba ba oketsegileng gone. A go na le ditsela tse dingwe tse o ka oketsang tirelo ya gago ka tsone? Fa o ka dira jalo, o tla itumela fela thata.

16, 17. O ka oketsa tsela e o direlang Jehofa ka yone ka ditsela dife tse dingwe?

16 A o ka kgona go direla kwa Bethele kgotsa go thusa mo tirong ya go aga mafelo a kobamelo, gongwe o le moithaopi wa nakwana kgotsa o le modiredi yo o thusang mo Bethele mme o nna kwa gae? Go tlhokega baithaopi ba ba ka direlang Jehofa kwa mafelong a a farologaneng le ba ba ka dirang ditiro tse di farologaneng. Seno se ka raya gore ba dire tiro nngwe e e rileng le fa gone ba na le kitso le maitemogelo a tiro e nngwe. Jehofa o anaanela moya wa go ithaopa o o bontshiwang ke Bakeresete ba ba iketleeleditseng go direla kwa go nang le tlhokego gone.—Pes. 110:3.

17 A o batla go amogela thapiso e e oketsegileng gore o tle o kgone go diragatsa dikabelo tsa gago mo phuthegong? Fa go le jalo, o ka tsenya kopo ya go ya kwa Sekolong sa Baboledi ba Bogosi. Sekolo seno se thapisa Bakeresete ba ba mo tirelong ya nako e e tletseng gore ba oketse tirelo ya bone. Ba ba yang kwa sekolong seno ba tshwanetse ba bo ba iketleeleditse go amogela kabelo nngwe le nngwe e ba e newang. A o eletsa go oketsa tirelo ya gago ka tsela eno?—1 Bakor. 9:23.

18. O tla solegelwa molemo jang fa o dira mmogo le Jehofa letsatsi le letsatsi?

18 Batho ba ga Jehofa ba pelotshweu, ba dira molemo, ba pelonomi, ba rata ba bangwe e bile ba amega ka bone. Seno se dira gore ba itumele le gore ba nne le kagiso. (Bagal. 5:22, 23) Le fa o ka tswa o le mo maemong afe, o ka itumelela go etsa tsela e Jehofa a leng pelotshweu ka gone le go dira mmogo le ene!—Dia. 3:9, 10.