Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGANG YA BOTSHELO

Ke Ikemiseditse go Tswelela ke Ikanyega

Ke Ikemiseditse go Tswelela ke Ikanyega

BASHA ba le bantsi mo Bethele ba mpitsa ba re “Papa” kgotsa “Malome,” mme e re ka ke na le dingwaga di le 89 ke a itumela fa ba mpitsa jalo. Ke tsaya seno e le tsela e Jehofa a ntshegofatsang ka yone ka gonne ke feditse dingwaga di le 72 ke le mo tirelong ya nako e e tletseng. E re ka ke feditse dingwaga tse dintsi ke direla Modimo, ke kgona go bolelela basha bano ke sa tikatike gore ‘Modimo o tla ba segofatsa fa ba sa letle diatla tsa bone di repa.’—2 Ditir. 15:7.

BA LELAPA LA GAETSHO

Batsadi ba me ba ile ba fudugela kwa Canada ba tswa kwa Ukraine. Ba ile ba dula kwa toropong ya Rossburn, mo porofenseng ya Manitoba. Mmê o ne a na le bana ba le 16 mme ke wa bo14. Rre o ne a rata Baebele e bile o ne a re e balela moso mongwe le mongwe ka Sontaga. Le fa go ntse jalo, o ne a dumela gore baruti ba ja batho ntsoma mme ka dinako dingwe o ne a tle a bue jaana a tshameka: “Ke ipotsa gore Jesu ene o ne a duelwa ke mang?”

Bana ba kwa gae ba le robedi ba ile ba amogela boammaaruri. Kgaitsadiake e bong Rose e ne e le mmulatsela go fitlha a tlhokafala. Malatsi a le mmalwa pele a tlhokafala, o ne a kgothaletsa batho go bala Baebele, a ba raya a re: “Ke batla go go bona kwa lefatsheng le lesha.” Nkgonne e bong Ted e ne e le moruti mme o ne a ruta batho ka molelo wa dihele. Moso mongwe le mongwe ka Sontaga o ne a rera mo radiong a bolelela batho gore baleofi ba tlile go fisiwa mo molelong wa dihele. Mme gone, moragonyana o ile a nna Mosupi wa ga Jehofa yo o ikanyegang.

KE SIMOLOLA TIRELO YA NAKO E E TLETSENG

Letsatsi lengwe ka June 1944 fa ke tswa sekolong, ke ile ka fitlhela bukana e e nang le setlhogo se se reng The Coming World Regeneration * mo tafoleng. Ke ne ka simolola go e bala mme ke ne ka feleletsa ke e badile yotlhe. Fa ke sena go e bala, ke ne ka swetsa ka gore ke batla go direla Jehofa fela jaaka Jesu.

Go tlile jang gore bukana eo e feleletse e le mo tafoleng? Nkgonne e bong Steve a re banna bangwe ba babedi ba ba rekisang dibuka ba ne ba etetse kwa gae. O ne a re: “Ke ile ka reka eo ka gonne e ne e ja disente di le tlhano.” Banna bao ba ne ba tla kwa gae gape Sontaga o o latelang. Ba ile ba re raya ba re ke Basupi ba ga Jehofa le gore ba dirisa Baebele go araba dipotso tse batho ba ka tswang ba na le tsone. Re ne re itumelela seo ka gonne batsadi ba rona ba ne ba re rutile go rata Baebele. Gape Basupi bao ba babedi ba ile ba re bolelela gore go tlile go nna le kopano kwa Winnipeg, e leng kwa kgaitsadiake e bong Elsie a neng a nna teng. Ke ne ka swetsa ka gore ke ye.

Ke ne ka tsamaya ka baesekele dikilometara di le 320 go ya kwa Winnipeg mme ka ema fa ke fitlha kwa toropong ya Kelwood. Basupi ba babedi ba ba neng ba re etetse kwa gae ba ne ba nna gone. Fa ke le koo, ke ne ka ya dipokanong mme ka ithuta gore phuthego ke eng. Gape ke ila ka lemoga gore batho botlhe, banna, basadi le bana, ba tshwanetse go rera ka ntlo le ntlo fela jaaka Jesu.

Fa ke le kwa Winnipeg, ke ile ka kopana le nkgonne e bong Jack yo o neng a nna kwa bokone jwa Ontario. Le ene o ne a ya kopanong. Ka letsatsi la ntlha la kopano, go ile ga dirwa kitsiso ya gore go tlile go nna le kolobetso. Nna le Jack re ile ra dira tshwetso ya gore re kolobediwe kwa kopanong eo. Re ne re ikemiseditse go nna babulatsela morago fela ga kopano. Jack o ile a nna mmulatsela morago ga yone kopano eo. Ke ne ke na le dingwaga di le 16 mme ke ne ke tshwanetse go boela sekolong, mme ka ngwaga o o latelang, le nna ke ne ka nna mmulatsela.

DILO TSE KE DI ITHUTILENG

Nna le Stan Nicolson re ne re le babulatsela mme re ila ra ya go thusa kwa Souris, kwa porofenseng ya Manitoba. Ke ile ka lemoga gore ga se ka metlha go nna mmulatsela go leng motlhofo. Le fa gone re ile ra felelwa ke madi, re ila ra tswelela re le babulatsela. Letsatsi lengwe fa re tswa tshimong, re ne re tshwerwe ke tlala e bile re se na madi. Re ne re gakgametse tota fa re ne re fitlhela go na le kgetsi e tona e e tsentseng dijo mo kgorong ya rona! Le gompieno re sa ntse re sa itse gore di tlisitswe ke mang. Bosigo joo, re ile ra ja ka mpa tse pedi. Eleruri eo e ne e le tshegofatso e e tswang kwa go Jehofa! Tota e bile fa kgwedi eo e fela, ke ne ke nonne.

Dikgwedi di se kae morago ga moo, re ne ra kopiwa go ya go thusa kwa toropong ya Gilbert Plains, e e leng bokgakala jwa dikilomitara di le 240 go tswa kwa bokone jwa Souris. Ka nako eo, go ne go na le tšhate e e tona mo seraleng e e bontshang pego ya tshimo ya phuthego ya kgwedi le kgwedi. Kgwedi nngwe phuthego e ne e sa dira bontle, mme ke ne ka neela puo e e bontshang gore re tshwanetse go tokafatsa. Morago ga dipokano, kgaitsadi mongwe wa mmulatsela yo o godileng, yo monna wa gagwe e neng e se Mosupi, o ne a tla kwa go nna a lela mme a nthaya a re, “Ke lekile, mme kgwedi eno ke paletswe ke go dira go feta mono.” Le nna ke ile ka lela, mme ka kopa maitshwarelo.

Fela jaaka go ile ga ntiragalela, basha ba le bantsi ba ba nang le matlhagatlhaga ba ka dira diphoso tseo mme ba bo ba kgobega marapo. Ke ithutile gore go na le gore re itetle go kgobega marapo, go ka nna molemo gore re ithute mo diphosong tsa rona le go dirisa se re se ithutileng mo botshelong. Modimo o tla re segofatsa fa re nna re mo direla ka boikanyegi.

DIKGWETLHO TSE RE NENG RA LEBANA LE TSONE KWA QUEBEC

Fa ke na le dingwaga di le 21 ke ile ka lalediwa go ya tlelaseng ya bo14 ya Sekolo sa Gileade mme re ne ra aloga ka February 1950. Eo e ne e le tshiamelo e e molemo tota! Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi mo tlelaseng eo ba ne ba kopiwa go ya go thusa kwa porofenseng ya Quebec kwa Canada e go neng go buiwa Sefora kwa go yone. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bogisiwa koo. Ke ne ka kopiwa go ya go thusa kwa toropong ya Val-d’Or. Letsatsi lengwe nna le bakaulengwe le bokgaitsasdi bangwe re ne ra ya go rera kwa motseng o o gaufi wa Val-Senneville. Fa re le koo, moruti mongwe o ne a re tshosetsa a re re tswe mo motseng. Ka ntlha ya seo, o ne a bulelwa kgetsi kwa kgotlatshekelo. Moruti yoo o ne a duedisiwa. *

Eo e ne e le nngwe ya dilo tse di ileng tsa diragala ka nako ya fa Basupi ba ne ba bogisiwa kwa Quebec. Dingwaga di ka nna 300, porofense ya Quebec e ne e laolwa ke bodumedi jwa Roma Katoliki. Baruti le batho ba dipolotiki ba ba dirisang le bone ba ne ba bogisa Basupi ba ga Jehofa. Ka nako eo go ne go se motlhofo e bile re ne re le bannye ka palo, le fa go ntse jalo, ga re a ka ra repisa diatla. Batho bangwe ba ne ba reetsa molaetsa wa rona. Ke ile ka nna le tshiamelo ya go ruta batho ba le mmalwa Baebele. Nngwe ya dithuto tseo, e ne e le lelapa la batho ba le lesome. Lelapa leo lotlhe le ile la simolola go direla Jehofa. Sekao sa bone se ile sa tlhotlheletsa batho ba bangwe go tlogela Kereke ya Katoliki. Re ile ra tswelela re rera le fa gone re ne re lebana le dikgwetlho.

GO THAPISA BAKAULENGWE KA PUO YA BONE

Ka 1956, ke ile ka kopiwa go ya go thusa kwa Haiti. Go ne go se motlhofo gore barongwa ba ithute Sefora mme gone batho ba ne ba reetsa molaetsa wa bone. Morongwa mongwe e bong Stanley Boggus a re, “Re ne re gakgametse tota go bona batho ba leka go re thusa gore re itlhalose.” Ka lesego ke ile ka ithuta Sefora fa ke ne ke nna kwa Quebec. Mme gone, re ile ra lemoga gore bontsi jwa bakaulengwe ba lefelo leno ba ne ba bua Se-Creole sa kwa Haiti. Ka jalo gore re kgone go fitlhelela batho dipelo, re ne re tshwanetse go ithuta Se-Creole. Re ile ra ithuta puo eo mme re ne ra segofalediwa matsapa ao.

Setlhopha se se Laolang se ile sa dumela gore Tora ya Tebelo le dikgatiso tse dingwe di ranolelwe mo puong ya Se-Creole sa kwa Haiti. Ka ntlha ya seo, palo ya batho ba ba neng ba ya dipokanong e ile ya oketsega mo nageng eo. Ka 1950 go ne go na le baboledi ba le 99 kwa Haiti mme ka 1960 palo eo e ile ya oketsega go nna baboledi ba feta 800. Ka nako eo, ke ile ka kopiwa go ya go direla kwa Bethele. Ka 1961, ke ile ka itumelela tshiamelo ya go tshwara Sekolo sa Bodiredi sa Bogosi. Ka jalo re ile ra thapisa balebedi ba potologo le babulatsela ba ba kgethegileng ba le 40. Ka January 1962 kwa kopanong, re ile ra kgothaletsa bakaulengwe ba ba tshwanelegang gore ba oketse bodiredi jwa bone, mme bangwe ba bone ba ile ba tlhomiwa go nna babulatsela ba ba kgethegileng. Seo se ile sa thusa fela thata ka gonne morago ga moo, batho ba ile ba simolola go re ganetsa.

Morago ga kopano ka January 23, 1962, nna le morongwa mongwe e bong Andrew D’Amico, re ile ra tshwarwa mme mapodise a ile a tsaya dimakasine tsotlhe tsa Tsogang! tsa January 8, 1962 (ka Sefora). Makasine oo o ne o nopotse lokwalodikgang longwe lo lo neng lo re kobamelo ya voodoo e ne e dirwa kwa Haiti. Batho ba le bantsi ga ba a ka ba rata seo mme ba ile ba re ke rona re kwadileng setlhogo seo. Dibeke moragonyana, barongwa ba ile ba lelekwa mo nageng. * Mme bakaulengwe ba ba ileng ba thapisiwa ba ile ba tswelela ka tiro ya Bogosi. Se se itumedisang ke gore ba ile ba itshoka mme tumelo ya bone e ile ya nonofa. Gone jaanong ba na le Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo ka Se-Creole sa kwa Haiti, e leng sengwe se re neng re akanya gore se ka se direge.

TIRO YA GO AGA KWA CENTRAL AFRICAN REPUBLIC

Morago ga go thusa kwa Haiti, ke ile ka nna morongwa kwa Central African Republic. Moragonyana fa ke le koo, ke ile ka itumelela tshiamelo ya go nna molebedi wa potologo le go nna mookamedi wa ofisi ya lekala.

Ka nako eo, Diholo Tsa Bogosi di le dintsi e ne e le tsa maemo a a kwa tlase. Ke ile ka ithuta go phutha lotlhaka kwa nageng le go rulela ka lone. Bafetikatsela ba ne ba ntshega fa ba bona ke dira dilo tseno. Mme go dira jalo go ile ga kgothaletsa bakaulengwe gore ba thuse go aga Diholo Tsa Bogosi le go di tlhokomela. Baruti ba ne ba re tshega ka gonne dikereke tsa bone di ne di ruletswe ka disenke mme Diholo tsa rona tsone di ruletswe ka lotlhaka. Le fa go ntse jalo, seno ga se a ka sa re kgoba marapo. Moragonyana, setsuatsue se ile sa tlhasela toropo ya Bangui. Baruti ba ile ba tlogela go re sotla ka gonne se ile sa tlhatlhamolola disenke tsa kereke nngwe. Mme gone, setsuatsue seo ga se a ka sa senya marulelo a Diholo Tsa Bogosi. Mo dikgweding di le tlhano, re ile ra aga ofisi ya lekala e ntšha le ntlo ya barongwa gore ba thuse mo tirong ya Bogosi. *

MOLEKANE WA LENYALO YO O TLHAGAFETSENG

Ka letsatsi la rona la lenyalo

Ka 1976 tiro ya go rera e ne ya thibelwa kwa Central African Republic mme ka kopiwa go ya go direla kwa toropong ya N’Djamena, kwa nageng ya Chad. Fa ke le koo, ke ile ka kopana le mmulatsela yo o kgethegileng e bong Happy. O ne a tswa kwa Cameroon. Re ile ra nyalana ka April 1, 1978. Ka kgwedi eo, go ile ga runya ntwa ya selegae mme ra tshabela kwa borwa jwa naga eo. Fa ntwa e fela, re ile ra boela kwa gae mme ra lemoga gore segongwana se ne se nna mo ntlong ya rona. Re fitlhetse dikgatiso tsa rona di seyo. Mosese wa ga Happy wa lenyalo le dimpho tse re neng re di neilwe le tsone di ne di ile. Ga re a ka ra ineela. Re ile ra tshegetsana le go tswelela ka tiro ya Bogosi.

Dingwaga tse pedi morago ga moo, tiro ya Basupi ba ga Jehofa kwa Central African Republic e ile ya letlelelwa semolao. Re ile ra boela teng mme ra tswelela ka tiro ya potologo. Re ne re nna mo koloing ya rona. E ne e na le bete e e meniwang, faki, foriji le setofo sa gase. Go ne go le thata go tsaya maeto. Nako nngwe re ne ra emisiwa ke mapodise makgetlho a le 117.

Bontsi jwa nako go ne go le mogote thata. Ka dinako tse dingwe fa re le kwa kopanong go ne go le thata go bona metsi a a tla dirisiwang ka nako ya kolobetso. Ka jalo, bakaulengwe ba ne ba epa mesima kwa melapong go fitlha ba bona metsi mme metsi ao a ne a tshelwa mo motomong wa metsi batho ba bo ba kolobediwa mo go one.

GO DIRELA KWA DINAGENG TSE DINGWE TSA AFRIKA

Ka 1980 re ne ra fudugela kwa Nigeria. Re ne ra fetsa dingwaga di le pedi le halofo re thusa ka dithulaganyo tsa go aga lekala le lesha. Bakaulengwe ba ne ba rekile bobolokelo bongwe jo bogolo. Re ne re tshwanetse go bo tlhatlhamolola le go ya go bo aga sesha kwa setsheng sa rona. Letsatsi lengwe mo mosong, ke ne ka palama bobolokelo joo fa re ntse re bo tlhatlhamolola. Motshegare ke ne ka leka go fologela kwa tlase. Le fa go ntse jalo, dilo dingwe tse ke neng ke di dirisa go palama di ne di tlositswe fa go ntse go tlhatlhamololwa, ka jalo, ke ne ka wa. Go ne go lebega ke gobetse thata, mme fa ke sena go tsenngwa mo X-ray le go tlhatlhobiwa, ngaka e ne ya raya Happy e re: “O se ka wa tshwenyega. O gobetse fela ditshika dingwe, mme o tla siama morago ga malatsi a le mmalwa.”

Re ya kopanong re dirisa sepalangwa sa botlhe

Ka 1986 ke ile ka ya go direla ke le molebedi wa potologo kwa Côte d’Ivoire. Re ne ra ya go direla le kwa Burkina Faso. Ga ke ise ke tsamaye ke akanye gore naga eno e tla nna legae la rona.

Fa re ne re le mo tirong ya potologo, re ne re nna mo koloing

Ke ile ka fuduga kwa Canada ka 1956, mme ka boela gone ka 2003 morago ga dingwaga di le 47. Mo lekgetlhong leno ke ne ke na le mosadi wa me. Le fa gone re ne re le baagi ba Canada, re ne re itsaya re le batho ba Afrika.

Ke tshwere thuto ya Baebele kwa Burkina Faso

Ka 2007, fa ke na le dingwaga di le 79, ke ile ka kopiwa go ya go thusa kwa Afrika gape. Re ne ra abelwa kwa Burkina Faso mme ka nna leloko la Komiti ya Naga. Ofisi ya rona e ne ya dirwa ofisi ya thanolo e e okamelwang ke lekala la Benin. Mme ka August 2013, re ne ra abelwa go ya go direla kwa Bethele ya Benin.

Ke na le Happy, fa re ne re direla kwa lekaleng la Benin

Le fa gone ke godile, ke sa ntse ke rata bodiredi fela thata. Dingwaga tse tharo tse di fetileng, bagolwane bangwe le mosadi wa me ba ile ba nthusa mme ke ile ka itumelela go bona batho ba babedi ba ke neng ke ithuta Baebele le bone e bong Gédéon le Frégis ba kolobediwa. Gone jaanong ba direla Jehofa.

Nna le mosadi wa me re ne ra romelwa kwa lekaleng la Afrika Borwa mme lelapa la Bethele le ntlhokometse fela thata. Afrika Borwa ke naga ya bosupa mo Afrika e ke ileng ka nna le tshiamelo ya go direla kwa go yone. Ka October 2017, re ile ra bona masego a mangwe. Re ile ra lalediwa go nna gone fa go neelwa ntlokgolo kwa Warwick, New York. Eo ke tiragalo e ke se kitlang ke tsamaya ke e lebala.

Buka ya ngwaga ya 1994, tsebe 255 (ka Seesemane) ya re: “Re kgothatsa botlhe ba ba feditseng dingwaga ba direla Modimo jaana: ‘Nnang pelokgale mme lo se ka lwa letla diatla tsa lona tsa repa, ka gonne tiro ya lona e na le maduo.’—2 Ditir. 15:7.” Nna le Happy re ikemiseditse go dira jalo le go kgothaletsa ba bangwe gore le bone ba dire jalo.

^ ser. 9 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa ka 1944. Gone jaanong ga e tlhole e gatisiwa.

^ ser. 18 Bona setlhogo se se reng “Quebec Priest Convicted for Attack on Jehovah’s Witnesses” mo makasineng wa Tsogang! wa November 8, 1953, ts. 3-5 (ka Seesemane).

^ ser. 23 Dintlha tse di oketsegileng di tlhalosiwa mo kgatisong ya Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 1994, ts. 148-150 (ka Seesemane).

^ ser. 26 Bona makasine wa Tsogang! o o nang le setlhogo se se reng “Building on a Solid Foundation” wa May 8, 1966, ts. 27 (ka Seesemane).