Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 31

“Ga re Ineele”!

“Ga re Ineele”!

“Jalo ga re ineele.”—2 BAKOR. 4:16.

PINA 128 Go Itshoka go ya Bokhutlong

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Bakeresete ba tshwanetse go dira eng gore ba wetse lobelo lwa bone?

BAKERESETSE ba mo lobelong lwa botshelo. Le fa re ka tswa re na le nako e e telele mo lobelong lono kgotsa e le gone re simololang, re tshwanetse go nna re taboga go fitlha kwa bofelong. Kgakololo e Paulo a ileng a e naya Bakeresete ba kwa Filipi e ka re thusa go wetsa lobelo lwa rona. Fa Paulo a kwala lekwalo leno, go ne go na le Bakeresete bangwe kwa phuthegong eo ba ba neng ba na le nako e telele ba direla Jehofa. Ba ne ba direla Jehofa ka boikanyegi mme gone Paulo o ne a ba kgothaletsa gore ba tswelele ba itshokile. Paulo o ne a batla gore ba tswelele ba lebile “kwa mokgeleng.”—Bafil. 3:14.

2. Goreng re ka re kgakololo ya ga Paulo e ne e le mo nakong?

2 Kgakololo ya ga Paulo e ne e le mo nakong. Batho ba kwa Filipi ba ne ba bogisa Bakeresete. Dilo tseno tsotlhe di simolotse fa Paulo le Silase ba ne ba rera dikgang tse di molemo kwa Filipi morago ga gore Modimo a ba kope gore ba ye go thusa kwa “Makedonia.” (Dit. 16:9) Fa ba le koo, ba ile ba kopana le mosadi mongwe yo o bidiwang Lidia yo o neng a “reeditse, mme Jehofa o ne a bula pelo ya gagwe thata.” (Dit. 16:14) Moragonyana, ene le ba lelapa la gagwe ba ne ba kolobediwa. Satane o ne a sa itumela. Banna ba motse oo ba ne ba isa Paulo le Silase kwa kgotlatshekelong ba ba latofatsa ka gore ba tsosa tlhakatlhakano mo motseng. Ka jalo, Paulo le Silase ba ile ba itewa, ba tsenngwa mo kgolegelong mme moragonyana ba ne ba kopiwa gore ba tswe mo motseng. (Dit. 16:16-40) A ba ne ba ineela? Nnyaa. Gotweng ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Filipi? Se se itumedisang ke gore le bone ga ba a ka ba ineela. Ga go pelaelo gore ba ile ba kgothadiwa ke se Paulo le Silase ba ileng ba se dira.

3. Paulo o ile a lemoga eng, mme re tla tlotla ka dipotso dife?

3 Paulo o ne a ikemiseditse gore ga a na go ineela. (2 Bakor. 4:16) O ne a itse gore o tshwanetse go nna a tlhomile mogopolo mo mokgeleng gore a kgone go wetsa lobelo lwa gagwe. Re ka ithuta eng mo go Paulo? Ke bomang ba ba ileng ba bontsha gore re ka kgona go itshoka le fa re na le mathata? Tsholofelo ya go tshelela ruri e ka re thusa jang gore re se ka ra ineela?

SEKAO SA GA PAULO SE KA RE THUSA JANG?

4. Paulo o ne a kgona jang go rerela batho le fa a ne a tshwerwe?

4 Fa Paulo a ne a kwalela Bakeresete ba kwa Filipi, o ne a tshwerwe kwa Roma. Le fa gone a ne a sa kgone go tswa a ya go rerela batho, o ne a rerela ba ba neng ba mo etela e bile o ne a kwalela diphuthego makwalo. Gompieno le gone Bakeresete bangwe ga ba kgone go ya bodireding, ka jalo fa ba na le baeng, ba dirisa tshono eo go ba rerela. Gape ba rerela batho ka go ba kwalela makwalo.

5. Go ya ka Bafilipi 3:12-14, ke eng se se thusitseng Paulo gore a se ka a iteega tsebe?

5 Paulo ga a ka a letla dilo tsa mo nakong e e fetileng di mo itaya tsebe. O ne a re o tshwanetse go “lebala dilo tse di kwa morago” gore a kgone go “gagamalela  . . . kwa dilong tse di kwa pele.” (Bala Bafilipi 3:12-14.) Paulo o ne a ka itewa tsebe ke dilo dife? Sa ntlha, o ne a atlegile e bile a rutegile. Mme gone fa a sena go nna Mokeresete, o ne a tsaya dilo tseo tsotlhe “e le matlakala a mantsi.” (Bafil. 3:3-8) Le fa gone a ne a utlwisiwa botlhoko ke gore o kile a bo a bogisa Bakeresete, ga a ka a letla seo se mo kgoba marapo. Paulo o ne a dirile dilo di le dintsi mo tirong ya ga Jehofa mme gone o ne a sa tseye gore go lekane. O ne a tswelela a direla Jehofa ka boikanyegi le fa a ile a lebana le dikgwetlho tse dintsi tse di jaaka go tsenngwa mo kgolegelong, go itewa, go kgobotlediwa ka maje, go thubegelwa ke sekepe le go tlhoka dijo le diaparo. (2 Bakor. 11:23-27) Paulo o ne a itse gore le fa a fetile mo mathateng a le mantsi e bile a kgonne go dira dilo di le dintsi mo tirong ya ga Jehofa, o ne a ise a wetse lobelo lwa gagwe. Go ntse jalo le ka rona.

6. Re ka nna ra tshwanelwa ke go lebala dilo dife tse re di tlogetseng kwa morago?

6 Re ka etsa Paulo jang ka go “lebala dilo tse di kwa morago”? Bangwe ba sa ntse ba tshwenngwa ke diphoso tse ba di dirileng mo nakong e e fetileng. Fa e le gore le wena o ikutlwa jalo, gongwe o ka ipha nako ya go ithuta ka setlhabelo sa ga Jesu. Fa o ithuta, o tlhatlhanya e bile o rapela, o tla kgona go imologa. Go dira jalo go tla go thusa gore o tlogele go itshwaya phoso ka maleo a Jehofa a setseng a a itshwaretse. Gape re ka ithuta eng mo go Paulo? Bangwe ba ka tswa ba tlogetse tiro ya maemo gore ba kgone go direla Jehofa. Ka jalo ba tshwanetse go leka ka natla gore ba se ka ba eletsa dilo tse ba di tlogetseng kwa morago. (Dipa. 11:4-6; Mor. 7:10) Gape “dilo tse di kwa morago” di ka akaretsa dilo tse di ntle tse re kileng ra di dira kgotsa diteko tse re kileng ra kgona go di itshokela. Gone ke boammaaruri gore go akanya ka tsela e Jehofa a kileng a re thusa ka yone go ka dira gore re atamalane le ene. Mme gone ga re a tshwanela go akanya gore se re setseng re se dirile mo tirong ya ga Jehofa se lekane.—1 Bakor. 15:58.

Ga re a tshwanela go letla sepe se re itaya tsebe mo lobelong lwa rona (Bona serapa 7)

7. Go ya ka 1 Bakorintha 9:24-27, re tshwanetse go dira eng gore re fenye lobelo lwa botshelo? Tshwantsha.

7 Paulo o ne a tlhaloganya mafoko ano a ga Jesu: “Itekeng ka tlhagafalo.” (Luke 13:23, 24) O ne a itse gore fela jaaka Jesu, o tshwanetse go direla Jehofa ka boikanyegi botshelo jwa gagwe jotlhe. Ka jalo, o ile a tshwantsha Bakeresete le batabogi mo lobelong. (Bala 1 Bakorintha 9:24-27.) Motabogi o akanya fela ka mokgele e bile ga a itetle go itewa tsebe ke sepe. Ka sekai, batho ba ba tabogang mo toropong ba ka nna ba feta mo dishopong kgotsa mo mafelong a mangwe a a ka ba itayang tsebe. A o akanya gore motabogi a ka ema a bo a lebelela se se mo dishopong? E seng fa a batla go fenya lobelo. Le rona ga re a tshwanela go itewa tsebe ke sepe mo lobelong lo re mo go lone lwa botshelo. Go nna re akantse ka mokgele wa rona go tla re thusa gore re dire ka natla mme re tla kgona go fenya.

GO DIRELA JEHOFA LE FA RE NA LE MATHATA

8. Re tla tlotla ka dilo dife tse tharo tse di ka re kgobang marapo?

8 Mma re tlotle ka dilo di le tharo tse di ka re kgobang marapo. Re ka kgobega marapo fa dilo tse re di solofetseng di sa direge, fa re koafala ka ntlha ya botsofe kgotsa fa re na le mathata a a sa feleng. Go itse gore ba bangwe ba ile ba thusiwa ke eng fa ba ne ba lebane le mathata ao go ka re thusa.—Bafil. 3:17.

9. Go ka direga eng fa dilo tse re neng re di solofetse di sa direge?

9 Fa dilo tse re di solofetseng di sa direge. Re eletsa gore dilo tse Jehofa a re solofetsang tsone di direge. Fa moporofeti Habakuke a ne a kopa Jehofa gore a fedise dilo tse di bosula tse di neng di direga kwa Juda, Jehofa o ne a mo raya a re a nne pelotelele kgotsa a nne a “lebeletse.” (Hab. 2:3) Fa dilo tse re di solofetseng di sa direge ka bonako, re ka nna ra simolola go goga dinao mo tirong ya ga Jehofa kgotsa ra kgobega marapo. (Dia. 13:12) Seno ke se se ileng sa diragalela bakaulengwe bangwe ka 1914. Bakaulengwe ba le bantsi ba ba tloditsweng ba ne ba akanya gore ba tlile go ya legodimong. Fa seo se sa direge ba ile ba dira eng?

Le fa dilo di sa tsamaya jaaka Royal le Pearl Spatz ba ne ba solofetse ka 1914, ba ile ba tswelela ba direla Jehofa ka boikanyegi dingwaga di le dintsi (Bona serapa 10)

10. Banyalani bangwe ba ile ba dira eng fa sengwe se ba neng ba se solofetse se sa direge?

10 Mokaulengwe Royal Spatz o kolobeditswe ka 1908 a na le dingwaga di le 20. O ne a tlhatswegile pelo gore mo nakong e e sa fediseng pelo, o tlile go ya legodimong. Tota e bile, ka 1911 fa a ne a kopa Pearl gore ba nyalane o ne a mo raya a re: “O a itse gore go tlile go direga eng ka 1914. Ga re a tshwanela go senya nako.” A ba ile ba kgobega marapo fa se ba neng ba se solofetse se sa direge? Nnyaa. Selo sa botlhokwa mo go bone e ne e le go direla Modimo e seng go ya legodimong. Ba ne ba ikemiseditse go tswelela ba itshokile mo lobelong lwa botshelo. Ba ile ba direla Jehofa ka boikanyegi go fitlha ba tlhokafala. Ga go pelaelo gore o eletsa gore Jehofa a galaletse leina la gagwe le gore a dire dilo tse a re solofetsang tsone. Jehofa o tla dira dilo tseno tsotlhe ka nako e a e tlhomileng. Fa seo se ise se direge, a re tsweleleng re itshokile e bile re sa letle sepe se re itaya tsebe kgotsa se re kgoba marapo.

Arthur Secord o ne a ikemiseditse go tswelela a direla Jehofa le fa a ne a setse a tsofetse (Bona serapa 11)

11-12. Ke eng fa re ka kgona go tswelela re direla Jehofa le fa re tsofetse? Naya sekai.

11 Go koafala ka ntlha ya botsofe. Batho ba ba tabogang ba tshwanetse gore ba bo ba itekanetse sentle mo mmeleng. Mme Bakeresete bone ga ba tlhoke gore ba bo ba itekanetse sentle mo mmeleng gore ba kgone go tswelela ba le mo lobelong lwa botshelo. Tota e bile Bakeresete bangwe ba ba godileng ba santse ba direla Jehofa ka boikanyegi. (2 Bakor. 4:16) Ka sekai, fa Mokaulengwe Arthur Secord a na le dingwaga di le 88, o ne a na le dingwaga di le 55 a direla kwa Bethele. O ne a tsofetse e bile a lwala. Letsatsi lengwe, mooki yo o neng a mo tlhokometse o ne a mo raya a re: “Mokaulengwe Secord, o diretse Jehofa ka lobaka lo loleele.” Le fa go ntse jalo, Mokaulengwe Arthur o ne a sa akanye thata ka dilo tse a di dirileng mo nakong e e fetileng. Ka jalo o ne a mo raya a re: “O bua nnete. Mme gone, se re se dirileng ga se botlhokwa go le kalo, Jehofa o itumelela se re se dirang gone jaanong.”

12 Gongwe o na le dingwaga di le dintsi o direla Jehofa mme gone jaanong, o a lwala e bile ga o kgone go dira go le kalo mo tirong ya ga Jehofa. O se ka wa kgobega marapo. Itse gore Jehofa ga a lebala dilo tsotlhe tse o mo diretseng tsone mo nakong e e fetileng. (Baheb. 6:10) Gape o se ka wa lebala gore nako e re e fetsang mo tirong ya ga Jehofa ga se yone e bontshang gore re a mo rata. Go na le moo, re bontsha gore re a mo rata fa re dira bojotlhe mo tirong ya gagwe e bile re mo direla re itumetse. (Bakol. 3:23) Jehofa ga a lebelela gore re dire dilo tse re sa kgoneng go di dira.—Mar. 12:43, 44.

Anatoly le Lidiya Melnik ba ile ba itshokela mathata a le mantsi (Bona serapa 13)

13. Anatoly le Lidiya ba ile ba lebana le maemo afe mme seo se re kgothatsa jang?

13 Mathata a a sa feleng. Batlhanka bangwe ba ga Jehofa ba na le nako e e telele ba itshoketse go bogisiwa. Ka sekai, fa Anatoly Melnik * a na le dingwaga di le 12, rraagwe o ne a tshwarwa a bo a isiwa kgolegelong kwa Siberia. Morago ga ngwaga, Anatoly, mmaagwe le batsadi ba ga mmaagwe le bone ba ne ba isiwa kwa Siberia. Fa ba le kwa Siberia ba ne ba tsamaya dikilomitara di le 30 go ya dipokanong mo serameng. Moragonyana Mokaulengwe Melnik o ne a fetsa dingwaga di le tharo kwa kgolegelong a tlogetse mosadi wa gagwe e bong Lidiya le ngwana wa bone. Le fa Anatoly le ba lelapa la gagwe ba ile ba bogisiwa dingwaga di le dintsi, ba ile ba tswelela ba direla Jehofa ka boikanyegi. Gone jaanong o na le dingwaga di le 82 mme o direla mo Komiting ya Lekala la kwa Central Asia. E kete re ka etsa Anatoly le Lidiya mme re tswelele re itshokile mo tirelong ya ga Jehofa.—Bagal. 6:9.

NNA O AKANTSE KA TSHOLOFETSO YA GO TSHELELA RURI

14. Paulo o ne a tshwanetse go dira eng gore a fitlhelele mokgele wa gagwe?

14 Paulo o ne a dumela gore a ka kgona go fitlhelela mokgele wa gagwe. E re ka e ne e le Mokeresete yo o tloditsweng, o ne a itse gore fa a ka wetsa lobelo lwa gagwe, o ne a tla kgona “go tsaya tuelo ya pitso ya kwa godimo” kgotsa go busa kwa legodimong le Jesu. O ne a itse gore o ne a tlhoka go tswelela a itshokile gore a kgone go fitlhelela mokgele oo. (Bafil. 3:14) Paulo o ne a dirisa papiso nngwe go thusa Bafilipi gore ba lemoge gore le bone ba ne ba tshwanetse go tswelela ba itshokile gore ba fitlhelele mokgele wa bone.

15. Paulo o ile a dirisa papiso efe go rotloetsa Bafilipi gore ba tlhome mogopolo mo mokgeleng wa bone?

15 Paulo o ile a gopotsa Bafilipi gore ba tlile go tshela kwa legodimong. (Bafil. 3:20) Ke eng fa a ile a dira jalo? Mo motlheng oo, go nna moagi wa Roma e ne e le maemo ka gonne baagi ba Roma ba ne ba newa ditshiamelo dingwe tse di rileng. * Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba tla nna le ditshiamelo tse di fetang tseo fa ba busa le Jesu Keresete kwa legodimong. Ke ka moo Paulo a ileng a rotloetsa Bafilipi gore ba ‘itshware ka mokgwa o o tshwanelang dikgang tse di molemo ka ga Keresete.’ (Bafil. 1:27) Mo temaneng eno lefoko ‘itshware’ le kaya go itshwara jaaka moagi. Gompieno Bakeresete ba ba tloditsweng ba re tlhomela sekao se se molemo ka gonne ba tlhomile mogopolo mo mokgeleng wa bone wa go busa le Jesu kwa legodimong.

16. Le fa re ka tswa re na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng kgotsa kwa legodimong, Bafilipi 4:6 le 7 ya re re dire eng?

16 Le fa re ka tswa re na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng kgotsa kwa legodimong, rotlhe re tshwanetse go nna re tlhomile mogopolo mo mokgeleng wa rona. Ga re a tshwanela go nnela go akanya ka dilo tse di diragetseng mo nakong e e fetileng e bile ga re a tshwanela go letla sepe se re kgoba marapo. (Bafil. 3:16) O ka tswa o na le nako e e telele o emetse go bona ditsholofetso tsa ga Jehofa di diragadiwa. Gongwe e bile o setse o tsofetse kgotsa o ka tswa o ile wa bogisiwa dingwaga di le dintsi. Mme gone, ga o a tshwanela go “tlhobaela ka sepe.” Go na le moo, rapela Jehofa ka tlhoafalo mme o tla go thusa gore o nne le kagiso.—Bala Bafilipi 4:6, 7.

17. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?

17 Fela jaaka motabogi a ntsha ga tshwene fa a bona gore o tloga a wetsa lobelo, le rona re tshwanetse go dira se se tshwanang e re ka re tshela mo metlheng ya bofelo. Re tshwanetse go nna re akantse ka dilo tsotlhe tse Jehofa a re solofetsang gore o tla di dira mo nakong e e tlang. Ke eng se se tla re thusang go itshoka go fitlha re wetsa lobelo? Setlhogo se se latelang se tla re thusa go bona gore ke eng se se tshwanetseng go nna botlhokwa thata mo botshelong jwa rona le kafa re ka ‘tlhomamisang dilo tse di botlhokwa thata’ ka gone.—Bafil. 1:9, 10.

PINA 79 Ba Rute go Nitama

^ ser. 5 Le fa re na le nako e e telele re direla Jehofa, re batla go nna re tokafatsa botho jwa rona le tsela e re mo direlang ka yone. Moaposetoloi Paulo o ile a kgothaletsa Bakeresete gore ba se ka ba ineela. Lekwalo le a le kwaletseng Bafilipi le a re kgothatsa e bile le re thusa go tswelela re itshokile mo lobelong lwa botshelo. Mo setlhogong seno, re tla ithuta gore re ka dirisa jang kgakololo ya ga Paulo.

^ ser. 13 Bona kgang ya botshelo ya ga Mokakulengwe Melnik mo makasineng wa Tsogang! wa November 8, 2004 mo setlhogong se se reng “Ke Rutilwe go Rata Modimo go Tswa Bongwaneng.”

^ ser. 15 Batho ba kwa Filipi ba ne ba na le ditshiamelo dingwe tse baagi ba Roma ba neng ba na le tsone, ka jalo, bakaulengwe ba kwa Filipi ba ne ba tlhaloganya papiso ya ga Paulo.