Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 32

A Lorato Lwa Lona lo Gole

A Lorato Lwa Lona lo Gole

“Seno ke se ke tswelelang ke se rapelela, gore lorato lwa lona lo tote fela thata.”—BAFIL. 1:9.

PINA 106 Go Lwela go Nna le Lorato

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Ke bomang ba ba ileng ba tlhoma phuthego kwa Filipi?

FA MOAPOSETOLOI Paulo, Silase, Luke le Timotheo ba tsena kwa Filipi, ba ile ba fitlhela batho ba le bantsi ba ba neng ba kgatlhegela molaetsa wa Baebele. Fa ba le koo, ba ile ba tlhoma phuthego mme bakaulengwe le bokgaitsadi ba ile ba simolola go kopanela mmogo. Go ka direga gore ba ne ba kopanela kwa ntlong ya ga Lidia yo o neng a rata go amogela baeng.—Dit. 16:40.

2. Phuthego ya Filipi e ile ya kopana le kgwetlho efe?

2 Go ise go ye kae, bakaulengwe le bokgaitsadi ba phuthego eno ba ile ba kopana le kgwetlho. Batho bangwe ba ba sa rateng boammaaruri ba ile ba leka go thibela Paulo le ditsala tsa gagwe gore ba se ka ba rerela batho. Paulo le Silase ba ile ba tshwarwa ba bo ba itewa, mme fela fa ba sena go gololwa, ba ile ba ya go kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi. Morago ga moo, Paulo,Silase le Timotheo ba ne ba tsamaya mme go bonala Luke ene a ile a sala kwa motseng wa Filipi. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba phuthego ya Filipi ba ile ba dirang? Jehofa o ile a ba thusa gore ba tswelele ba mo direla ka tlhoafalo. (Bafil. 2:12) Ga go pelaelo gore Paulo o ne a le motlotlo ka bone!

3. Go ya ka Bafilipi 1:9-11, Paulo o ile a rapelela eng?

3 Morago ga dingwaga di ka nna lesome, Paulo o ile a kwalela phuthego ya Filipi lekwalo. Fa o bala lekwalo leo, o kgona go lemoga gore eleruri Paulo o ne a rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe. O ne a re: ‘Ke lo tlhologeletswe lotlhe ka lorato lwa bopelonomi lo lo tshwanang le lo Keresete Jesu a nang le lone.’ (Bafil. 1:8) Gape o ile a re o a ba rapelela. O ne a kopa Jehofa gore a ba thuse gore lorato lwa bone lo gole, ba tlhomamise dilo tsa botlhokwa, ba se ka ba nna le molato, ba se ka ba kgopisa ba bangwe le gore ba tswelele ba ungwa maungo a a siameng. Le rona re ka ithuta go le gontsi mo lekwalong le Paulo a le kwaletseng Bafilipi. Mma re le bale. (Bala Bafilipi 1:9-11.) Go tswa foo, re tla tlotla ka dilo dingwe tse a di buileng, re bo re bona gore re ka di dirisa jang mo matshelong a rona.

LORATO LWA LONA LO GOLE

4. (a) Go ya ka 1 Johane 4:9 le 10, Jehofa o bontshitse jang gore o a re rata? (b) Re tshwanetse go rata Modimo go le kana kang?

4 Jehofa o bontshitse gore o a re rata ka go romela Morwawe mo lefatsheng gore a tle go re swela. (Bala 1 Johane 4:9, 10.) Re rata Jehofa ka gonne le ene o a re rata. (Bar. 5:8) Mme gone, re tshwantse go rata Modimo go le kana kang? Jesu o ile a re: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.” (Math. 22:36, 37) Re tshwanetse go rata Jehofa ka pelo yotlhe e bile tsela e re mo ratang ka yone e tshwanetse go nna e gola letsatsi le letsatsi. Paulo o ne a raya Bafilipi a re lorato lwa bone lo tshwantse go ‘tota fela thata.’ Ke eng se se ka re thusang gore re rate Jehofa le go feta?

5. Ke eng se se ka re thusang gore re rate Jehofa le go feta?

5 Fa re batla go rata Modimo, re tshwanetse go mo itse pele. Baebele ya re: “Yo o sa rateng ga a ise a itse Modimo, ka gonne Modimo ke lorato.” (1 Joh. 4:8) Moaposetoloi Paulo o ile a re fa re itse Modimo e bile re tlhaloganya tsela e a dirang dilo ka yone, re tla mo rata le go feta. (Bafil. 1:9) Fa re ne re simolola go ithuta Baebele, re ne ra simolola go rata Jehofa le fa gone re ne re sa mo itse go le kalo mme fa re ntse re ithuta ka ene, re ne ra mo rata le go feta. Ke ka moo go leng botlhokwa thata gore re bale Baebele ka metlha e bile re akanye ka dilo tse re di balang.—Bafil. 2:16.

6. Go ya ka 1 Johane 4:11, 20 le 21 ke eng se re tshwanetseng go se dira?

6 E re ka re itse gore Jehofa o a re rata, le rona re tla rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona. (Bala 1 Johane 4:11, 20, 21.) O ka tswa o akanya gore go tla nna motlhofo fela gore o rate bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago ka gonne rotlhe re obamela Jehofa e bile re leka go nna le botho jo bo tshwanang le jwa gagwe. Mo godimo ga moo, rotlhe re etsa sekao sa ga Jesu, yo o ileng a bontsha gore o a re rata ka go re swela. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe go thata go ikobela taelo ya gore re ratane. Akanya ka se se ileng sa direga kwa phuthegong ya Filipi.

7. Re ithuta eng mo kgakololong e Paulo a ileng a e naya Yudia le Sentike?

7 Yudia le Sentike e ne e le bokgaitsadi ba ba tlhagafetseng e bile ba ile ba bereka thata le moaposetoloi Paulo. Go ka direga gore ba ile ba nna le kgotlhang ka jalo ba ne ba sa tlhole ba utlwana. Paulo o ile a kwalela phuthego ya bone mme mo lekwalong leo, o ile a kopa Yudia le Sentike gore “ba nne [le] mogopolo o o tshwanang.” (Bafil. 4:2, 3) Gape o ile a kopa botlhe mo phuthegong gore ba nne ba “dire dilo tsotlhe go se na dingongorego le manganga.” (Bafil. 2:14) Ga go pelaelo gore kgakololo ya ga Paulo e ile ya thusa botlhe mo phuthegong gore ba ratane.

Ke eng fa re sa tshwanela go nna re akanya ka diphoso tsa bakaulengwe ba rona? (Bona serapa 8) *

8. Ke eng se se ka dirang gore go nne thata gore re rate bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona, mme ke eng se se ka re thusang gore re ba rate?

8 Fela jaaka Yudia le Sentike, le rona re ka nna ra palelwa ke go rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ka gonne re akanya thata ka dilo tse ba sa di direng sentle. Rotlhe re dira diphoso letsatsi le letsatsi. Mme fa re nnela go akanya ka diphoso tsa ba bangwe, go tla nna thata gore re ba rate. Ka sekai, mokaulengwe a ka nna a lebala go re thusa go phepafatsa Holo ya Bogosi mme seo se ka nna sa re kgopisa. Fa re simolola go akanya ka diphoso tse dingwe gape tse a kileng a di dira, re tla kgopisega le go feta. Fa o ka iphitlhela o le mo maemong a a ntseng jalo, akanya ka seno: Jehofa o a itse gore rotlhe re dira diphoso, mme gone, o a re rata. Ka jalo, le rona re tshwanetse go rata bakaulengwe ba rona e bile ga re a tshwanela go nnela go akanya ka diphoso tsa bone. Fa re rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona, go tla nna le kutlwano mo phuthegong.—Bafil. 2:1, 2.

“DILO TSE DI BOTLHOKWA THATA”

9. Dilo tse di botlhokwa thata tse Paulo a buang ka tsone mo lekwalong la Bafilipi ke dife?

9 Jehofa o ile a laela Paulo gore a bolelele Bakeresete ba kwa Filipi gore ba “tlhomamise dilo tse di botlhokwa thata.” Le rona re tshwanetse go dira jalo. (Bafil. 1:10) Dilo tseno di akaretsa go itshepisiwa ga leina la Modimo, go diragadiwa ga boikaelelo jwa gagwe le gore go nne le kagiso le kutlwano mo phuthegong. (Math. 6:9, 10; Joh. 13:35) Fa dilo tseo di le botlhokwa mo go rona, seo se tla bo se bontsha gore re rata Jehofa.

10. Re tshwanetse go dira eng gore re nne re se na molato?

10 Gape Paulo o ile a re re nne re “se na molato.” Seno ga se reye gore ga re kitla re dira diphoso. Boammaaruri ke gore re tla nna re dira diphoso, mme Jehofa o tla re leba re se na molato fa re leka ka natla go rata ba bangwe e bile re tlhomamisa dilo tse di botlhokwa thata. Re bontsha gore re rata ba bangwe fa re dira sotlhe se re ka se kgonang gore re se ka ra ba kgopisa.

11. Ke eng fa re sa tshwanela go kgopisa ba bangwe?

11 Taelo ya gore re se ka ra kgopisa ba bangwe e masisi tota. Re ka kgopisa ba bangwe jang? Re ka ba kgopisa ka tsela e re aparang ka yone, tsela e re itlosang bodutu ka yone kgotsa ka tiro ya rona ya boitshediso. Dilo tseno ga di phoso, mme boammaaruri ke gore, fa di ka dira gore mongwe a kgopisege, tumelo ya gagwe e bo e koafala, Jehofa o tla utlwa botlhoko. Jesu o ne a re go ka nna botoka gore motho a gokelelwe letlapa mo thamong a bo a latlhelwa mo lewatleng go na le gore a dire sengwe se se ka dirang gore mokaulengwe kgotsa kgaitsadi wa gagwe a tlogele Jehofa.—Math. 18:6.

12. Re ithuta eng mo go se se ileng sa dirwa ke banyalani bangwe ba babulatsela?

12 Akanya ka sengwe se banyalani bangwe ba babulatsela ba ileng ba se dira. Ba ne ba le mo phuthegong le banyalani bangwe ba ba neng ba sa tswa go kolobediwa. Banyalani bano ba ba sa tswang go kolobediwa ba ne ba goletse mo malapeng a a nang le melao e e gagametseng. Ba ne ba dumela gore Bakeresete ga ba a tshwanela go lebelela difilimi tota le tse di itshiametseng fela. Ka jalo, ba ne ba gakgametse tota fa ba utlwa gore banyalani ba babulatsela ba ne ba tswa go lebelela filimi. Morago ga moo, babulatsela bano ga ba a ka ba tlhola ba ya go lebelela difilimi go fitlha banyalani bano ba ba sa tswang go kolobediwa ba kgona go tlhaloganya sentle se se siameng le se se sa siamang. (Baheb. 5:14) Babulatsela bano ba ile ba bontsha gore eleruri, ba rata banyalani bano ba ba sa tswang go kolobediwa.—Bar. 14:19-21; 1 Joh. 3:18.

13. Re ka dira jang gore ba bangwe ba leofe?

13 Gape re ka kgopisa ba bangwe ka go dira gore ba leofe. Re ka dira seo jang? Akanya ka seno: A re re motho o simolola go ithuta Baebele mme o na le bothata jwa go nwa bojalwa thata. O batla go bo tlogela mme gone o a palelwa. Go feta nako e e telele a ntse a lwantshana le bothata jono, mme kwa bofelong, o a atlega. O a itse gore ga a tshwanela go tlhola a nwa bojalwa gape. O dira diphetogo tse dingwe mme moragonyana o a kolobediwa. Letsatsi lengwe, o lalediwa kwa kokoanong. Fa a le koo, mokaulengwe mongwe o mo naya bojalwa a bo a mo raya a re: “O Mokeresete jaanong. Moya wa ga Jehofa o tla go thusa gore o kgone go itshwara gore o se ka wa nwa thata.” Fa a ka reetsa kgakololo eo e e sa siamang a bo a nwa, o tla ipakela mathata.

14. Dipokano di re thusa jang go dirisa kgakololo e e mo go Bafilipi 1:10?

14 Dipokano tsa rona di re thusa go dirisa kgakololo e e mo go Bafilipi 1:10. Sa ntlha, dilo tse re di ithutang kwa dipokanong di re thusa go lemoga gore ke eng se se botlhokwa thata mo go Jehofa. Gape fa re le kwa dipokanong, re ithuta gore re ka dirisa jang se re se ithutang gore re nne re se na molato. Mo godimo ga moo, fa re le kwa dipokanong, re rutiwa gore re tshwanetse go ratana le go dira dilo tse di siameng. (Baheb. 10:24, 25) Fa re nna re kgothatsana, seno se tla re thusa gore re rate Jehofa le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona. Fa re rata Modimo e bile re rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ka pelo yotlhe, ga re kitla re ba kgopisa.

NNANG LO “TLADIWE KA MAUNGO A A SIAMENG”

15. Go ‘tladiwa ka maungo a a siameng’ go kayang?

15 Paulo o ile a rapelela gore Bakeresete ba kwa Filipi ba “tladiwe ka maungo a a siameng.” (Bafil. 1:11) Ga go pelaelo gore “maungo a a siameng” a ne a akaretsa gore ba rate Jehofa le batho ba gagwe. Gape ba ne ba tshwanetse go rerela batho dikgang tse di molemo. Mo go Bafilipi 2:15, moaposetoloi Paulo a re ba ‘phatsima jaaka masedi mo lefatsheng.’ Go a utlwala go bo a ne a bua jalo ka gonne Jesu o ne a re barutwa ba gagwe ke “lesedi la lefatshe.” (Math. 5:14-16) Gape o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba dire ‘batho barutwa.’ Mo godimo ga moo, o ne a re ba tla nna ‘basupi . . . go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” (Math. 28:18-20; Dit. 1:8) Re ungwa “maungo a a siameng” fa re dira ka natla mo tirong eno ya botlhokwa.

Fa Paulo a ne a tshwerwe kwa Roma, o ile a kwalela phuthego ya Filipi lekwalo. Gape o ne a rerela masole a a neng a mo disitse le batho ba ba neng ba mo etela (Bona serapa 16)

16. Bafilipi 1:12-14 e bontsha jang gore re ka kgona go tswelela re rera le fa maemo a le thata? (Bona setshwantsho sa khabara.)

16 Rotlhe re ka kgona go phatshima jaaka masedi. Ka dinako dingwe re ka nna ra akanya gore maemo mangwe a ka nna a dira gore re se ka ra kgona go rerela batho, mme go bo go sa nne jalo. Ka sekai, fa Paulo a ne a kwalela Bafilipi, o ne a tshwerwe kwa Roma. Le fa gone a ne a tshwerwe, o ne a rerela masole a a neng a mo disitse le batho ba ba neng ba mo etela. E re ka Paulo a ile a tswelela a rera le fa a ne a tshwerwe, seno se ile sa thusa bakaulengwe le bokgaitsadi “go bua lefoko la Modimo ka go tlhoka poifo.”—Bala Bafilipi 1:12-14; 4:22.

Batla ditsela tse disha tsa go rerela batho (Bona serapa 17) *

17. Bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba kgona jang go tswelela ba rera le fa maemo a le thata?

17 Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ba nnang kwa dinageng tse tiro ya rona e thibetsweng kwa go tsone ba pelokgale fela jaaka Paulo. E re ka ba sa kgone go rera ka ntlo le ntlo, ba dirisa ditsela tse dingwe go rerela batho. (Math. 10:16-20) Kwa nageng nngwe, molebedi wa potologo o ne a raya bakaulengwe le bokgaitsadi a re ba rerele ba masika, baagisani, bana ba ba tsenang sekolo le bone, badirimmogo le ditsala tsa bone. Mo dingwageng di le pedi, palo ya baboledi e ile ya oketsega fela thata. Gongwe o nna mo nageng e tiro ya rona e sa thibelwang kwa go yone. Le fa go ntse jalo, o ka ithuta sengwe sa botlhokwa mo go se bakaulengwe le bokgaitsadi bao ba ileng ba se dira. Se se ba diragaletseng se re ruta gore fa re dira ka natla mo tirong ya ga Jehofa, o tla re thusa gore re kgone go tswelela re rera le fa go ka nna thata.—Bafil. 2:13.

18. Re tshwanetse go dira eng?

18 A re ikemisetseng go dirisa kgakololo e e mo lekwalong la Bafilipi. Re tshwanetse go tlhomamisa dilo tse di botlhokwa thata, go nna re se na molato, go tila go kgopisa ba bangwe le go ungwa maungo a a siameng. Fa re dira jalo, lorato lwa rona lo tla gola e bile re tla tlotlomatsa Jehofa Modimo.

PINA 17 “Ke a Batla”

^ ser. 5 Mo metlheng eno ya bofelo, re tshwanetse go ratana fela thata. Lekwalo la Bafilipi le tla re thusa go bona gore re ka godisa lorato lwa rona jang le fa gone go se motlhofo.

^ ser. 54 SETSHWANTSHO: Fa go ntse go phepafadiwa Holo ya Bogosi, mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Tebogo o tlogela go phepafatsa a bo a tlotla le mokaulengwe mongwe le morwawe. Seno se kgopisa Moagi ka gonne o batla gore ba fetse go phepafatsa. Moragonyana, Moagi o bona Tebogo a thusa kgaitsadi mongwe yo o godileng. Seno se gopotsa Moagi gore ga a tshwanela go nna a akanya fela ka dilo tse Tebogo a sa di direng sentle.

^ ser. 58 SETSHWANTSHO: Kwa nageng nngwe e tiro ya rona e thibetsweng kwa go yone, mokaulengwe o rerela tsala ya gagwe ba bangwe ba sa mo lemoge. Moragonyana kwa tirong ka nako ya dijo, o rerela modirimmogo le ene.