Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 32

Direla Jehofa o le Boikokobetso

Direla Jehofa o le Boikokobetso

“Nna boingotlo fa o tsamaya le Modimo wa gago.”—MIKA 6:8.

PINA 31 Lo Tsamayeng le Modimo!

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Dafide o ne a reng ka boikokobetso jwa ga Jehofa?

A RE KA re Jehofa o boikokobetso? Ee. Dafide o ile a re: “O tla nnaya thebe ya gago ya poloko, mme boikokobetso jwa gago ke jone bo ntirang mogolo.” (2 Sam. 22:36; Pes. 18:35) Fa Dafide a ne a bua mafoko ano, a ka tswa a ne a akantse ka nako ya fa Samuele a ne a tlile kwa gaabo a tlile go tlotsa motho yo o neng a tla nna kgosi e e latelang ya Iseraele. Kwa gaabo Dafide go ne go na le bana ba basimane ba le robedi, mme e ne e le ene wa bofelo, le fa go ntse jalo ke ene yo Jehofa a neng a mo tlotsa go nna kgosi e e neng e tla tlhatlhama Saulo.—1 Sam. 16:1, 10-13.

2. Re tla ithuta eng mo setlhogong seno?

2 Dafide o tshwanetse a bo a ne a dumalana le mafoko a a buang ka Jehofa, a a tlhagang mo go Pesalema 113 a a reng: “O a ikokobetsa gore a lebe legodimo le lefatshe, o tsholetsa motho wa maemo a a kwa tlase go tswa mo loroleng; O godisa mohumanegi . . . gore a mo nnise le batlotlegi.” (Pes. 113:6-8) Mo setlhogong seno, re tla ithuta gore Jehofa o ne a bontsha jang gore o boikokobetso le gore re ka mo etsa jang. Gape re tla ithuta gore Kgosi Saulo, moporofeti Daniele le Jesu ba ile ba bontsha jang nonofo eno.

SE RE KA SE ITHUTANG MO GO JEHOFA

3. Jehofa o dirisana jang le rona, mme seo se re bontsha eng ka ene?

3 Tsela e Jehofa a dirisanang ka yone le batho ba ba nang le boleo, e bontsha gore o boikokobetso. Jehofa ga a itumelele fela gore re mo obamele mme o re tsaya re le ditsala tsa gagwe. (Pes 25:14) O ntshitse setlhabelo ka Morwawe gore re kgone go nna ditsala tsa gagwe le gore a kgone go re itshwarela fa re mo leofela. Ruri Jehofa o kutlwelobotlhoko!

4. Jehofa o re file eng, mme ka ntlha yang?

4 Jehofa o re bontsha jang gape gore o boikokobetso? E re ka Jehofa e le ene a re bopileng, a ka bo a dirile gore re se ka ra kgona go itirela ditshwetso mme ga a ka a dira jalo. Go na le moo, o re bopile mo setshwanong sa gagwe a bo a dira gore re kgone go itirela ditshwetso. Fa re bapisiwa le Jehofa, re bathonyana ba maemo a a kwa tlase mme ditshwetso tse re di dirang di a mo ama. O batla gore re mo direle ka gonne re mo rata e bile re itse gore fa re dira jalo o tla re segofatsa. (Dute. 10:12; Isa. 48:17, 18) Re itumelela go bo re na le Modimo yo o ikokobeditseng jaaka Jehofa!

Jesu o kwa legodimong. Mo thoko ga gagwe, go eme baengele ba ba busang le ene. Ba lebile dimiriate tsa baengele. Bangwe ba ya kwa lefatshe go ya go dira dikabelo tsa bone. Jehofa o neile baengele botlhe ba ba mo setshwantshong maikarabelo (Bona serapa 5)

5. Jehofa o re ruta jang go nna boikokobetso? (Bona setshwantsho sa khabara.)

5 Tsela e Jehofa a dirisanang le rona ka yone e re ruta go nna boikokobetso. Ga go na ope yo o botlhale go gaisa Jehofa. Le fa go ntse jalo, o a reetsa fa ba bangwe ba na le dikakantsho. Ka sekai, Jehofa o ne a letla Morwawe go mo thusa fa a bopa dilo tsotlhe. (Dia. 8:27-30; Bakol. 1:15, 16) Le fa gone Jehofa a kgona go itirela sengwe le sengwe, o naya ba bangwe maikarabelo a go dira dilo dingwe. Ka sekai, o tlhomile Jesu go nna Kgosi ya Bogosi jwa gagwe, gape o tla naya batlodiwa ba ba 144 000 ba ba tla busang le Jesu, taolo e e rileng. (Luke 12:32) Gone Jehofa ke ene a rutileng Jesu gore a kgone go nna Kgosi le Moperesiti yo Mogolo. (Baheb. 5:8, 9) Gape o ruta ba ba tla busang le Jesu kwa legodimong gore ba kgone go diragatsa maikarabelo a bone. Mme gone, ga a nnele go ba bolelela gore ba dire eng le gore ba se ka ba dira eng. O a ba tshepa e bile o a itse gore ba tla dira thato ya gagwe.—Tshen. 5:10.

Re etsa Jehofa fa re ruta kgotsa re katisa ba bangwe e bile re ba naya maikarabelo (Bona serapa 6-7) *

6-7. Re ka ithuta eng mo go Rraarona Jehofa?

6 Jehofa ga a tlhoke go thusiwa ke ope, mme le fa go ntse jalo o neile ba bangwe maikarabelo a go dira dilo dingwe. Mme e re ka rona re tlhoka go thusiwa ke ba bangwe, go raya gore re tlhoka go mo etsa. A o tlhogo ya lelapa kgotsa o mogolwane mo phuthegong? Etsa Jehofa ka go naya ba bangwe maikarabelo mme o se ka wa ba salasala morago o ba bolelela gore ba dire tiro eo jang. Fa o etsa Jehofa o tla dira gore ba bangwe ba se ka ba ipelaela mme ba kgone go dira tiro e o ba neileng yone. (Isa. 41:10) Ke eng gape se batho ba ba nang le maikarabelo ba ka ithutang sone mo go Jehofa?

7 Baebele ya re Jehofa o itumelela go utlwa dikakantsho tsa baengele. (1 Dikg. 22:19-22) Batsadi, lo ka etsa jang sekao sa ga Jehofa? Fa go kgonega, botsa bana ba gago gore ba akanya gore tiro nngwe e ka dirwa jang. Fa dikakantsho tsa bone di siame, di dirise.

8. Jehofa o ne a dirisana jang le Aborahame le Sara a le pelotelele?

8 Gape Jehofa o bontsha gore o boikokobetso ka go nna pelotelele. Ka sekai, Jehofa o pelotelele le fa batlhanka bangwe ba gagwe ba mmotsa dipotso ka ditshwetso tse a di dirileng. Jehofa o ne a reetsa Aborahame fa a ne a mmolelela gore o akanya gore tshwetso e a e dirileng ya go senya Sodoma le Gomora ga e a siama. (Gen. 18:22-33) A o a gopola gore Jehofa o ne a dirisana jang le Sara? Ga a ka a kgopisega kgotsa a galefa fa Sara a ne a tshega molaetsa o a neng a o tlisitse wa gore o tla tshola ngwana le fa a tsofetse. (Gen. 18:10-14) Mme o ile a bontsha gore o tlotla Sara.

9. Batsadi le bagolwane ba ka ithuta eng mo go Jehofa?

9 Batsadi le bagolwane ba ka ithuta eng mo go Jehofa? O dira eng fa bana ba gago kgotsa bangwe mo phuthegong ba sa dumalane le tshwetso ya gago? A o nna manganga? Kgotsa o leka go tlhaloganya gore goreng ba sa dumalane le tshwetso ya gago? Go nna monate mo lelapeng le mo phuthegong fa ba ba eteletseng pele kgotsa ba ba nang le maikarabelo ba etsa Jehofa. Go tla go fitlha fa, re ithutile gore re ka etsa jang sekao sa ga Jehofa sa go nna boikokobetso. Jaanong a re boneng gore re ka etsa jang bangwe mo Baebeleng ba ba neng ba le boikokobetso.

RE KA ITHUTA ENG MO GO BA BANGWE?

10. Jehofa o dirisa jang dikai tsa ba bangwe go re ruta?

10 E re ka Jehofa e le ‘Motlhatlheledi wa rona yo Mogolo’ o re kwaletse dikai tse re ka di etsang mo Baebeleng. (Isa. 30:20, 21) Fa re bala Baebele, re ithuta ka batho ba ba neng ba na le dinonofo tse Modimo a di ratang tse di jaaka boikokobetso. Gape re ithuta gore go ne ga diragala eng ka ba ba neng ba palelwa ke go bontsha dinonofo tseo.—Pes. 37:37; 1 Bakor. 10:11.

11. Re ithuta eng mo sekaing se se sa siamang sa ga Saulo?

11 Akanya ka se se diragaletseng Kgosi Saulo. Fa a simolola go busa, o ne a le boikokobetso. O ne a itse gore a ka se kgone go dira sengwe le sengwe ke ka moo a neng a tshaba go amogela maikarabelo a a oketsegileng. (1 Sam. 9:21; 10:20-22) Mme fa nako e ntse e ya, Saulo o ne a simolola go nna mabela, a bo a dira dilo tse a neng a sa tshwanela go di dira. O ne a simolola go itshwara jaana fela fa a se na go nna kgosi. Nako nngwe fa a ne a emetse moporofeti Samuele o ne a palelwa ke go nna pelotelele. Saulo o ne a palelwa ke go nna pelotelele le go bontsha Jehofa gore o a mo tshepa. O ne a ntsha setlhabelo le fa a ne a sa tshwanela go dira jalo. Seo se ne sa dira gore Jehofa a se ka a tlhola a mo amogela a bo a dira gore a se ka a tlhola a nna kgosi. (1 Sam. 13:8-14) Sekai seno se re ruta gore ga re a tshwanela go dira dilo tse re sa newang maikarabelo a go di dira.

12. Goreng Daniele e le sekao se se molemo se re ka se etsang?

12 A gone jaanong re tlotle ka sekai se se molemo sa ga moporofeti Daniele. Daniele e ne e le motlhanka yo o boikokobetso wa ga Jehofa mme ka metlha o ne a kopa thuso kwa go Ene. Ka sekai, fa Jehofa a ne a mo dirisa go tlhalosa toro ya ga Nebukadenesare, Daniele ga a ka a itlotlomatsa mme o ne a tlotlomatsa Jehofa. (Dan. 2:26-28) Re ithuta eng? Fa re neela dipuo tse di monate kwa dipokanong kgotsa re atlega mo bodireding, ga re a tshwanela go itlotlomatsa mme re tshwanetse go tlotlomatsa Jehofa. Re ne re ka se kgone go dira jalo, fa Jehofa a sa re thuse. (Bafil. 4:13) Fa re dira jalo, re a bo re etsa sekao se se molemo sa ga Jesu. Re raya jang?

13. Go ya ka Johane 5:19 le 30 re ithuta eng mo go Jesu?

13 Le fa gone Jesu a ne a se na boleo e bile a itekanetse, o ne a ikaega ka Jehofa. (Bala Johane 5:19, 30.) Ga ise a ko a leke go tsaya taolo ya ga Rraagwe. Bafilipi 2:6 ya re Jesu ga a ka a itsaya a “lekana le Modimo.” Jesu e ne e le Morwa yo o ikokobeditseng, a tlhaloganya gore o felela kae e bile a tlotla bolaodi jwa ga Rraagwe.

Jesu o ne a tlhaloganya gore le fa a na le taolo, go na le mo e felelang gone (Bona serapa 14)

14. Jesu o ne a dira eng fa a ne a kopiwa go dira sengwe se a neng a se na tshwanelo ya go se dira?

14 Ela tlhoko se Jesu Keresete a ileng a se dira fa Jakobe, Johane le mmaabone ba ne ba mo kopa sengwe se a neng a se na tshwanelo ya go ba naya sone. Jesu o ne a ba bolelela gore Rraagwe ke ene yo o nang le tshwanelo ya go tlhopha gore ke mang yo o tla nnang mo letlhakoreng la gagwe la moja le la molema mo Bogosing jwa gagwe. (Math. 20:20-23) Jesu o ne a itse gore go na le mo a felela teng. O ne a le boikokobetso, e bile ga a ise a dire sepe se Jehofa a neng a sa mo laela gore a se dire. (Joh. 12:49) O a ka etsa Jesu jang?

Re ka etsa jang sekao sa ga Jesu sa go nna boikokobetso? (Bona serapa 15-16) *

15-16. Re ka dirisa jang kgakololo e e tlhagang mo go 1 Bakorintha 4:6?

15 Re ka etsa Jesu ka go dirisa kgakololo e e mo go 1 Bakorintha 4:6. Lokwalo lono la re: “Lo se ka lwa ya ka kwa ga dilo tse di kwadilweng.” Ka jalo, fa motho a re kopa kgakololo, ga re a tshwanela go bua sengwe le sengwe fela se se tlang mo tlhaloganyong ya rona re sa akanya, kgotsa re mo pateletsa go dirisa dikgakololo tsa rona. Go na le moo, re tshwanetse ra ba naya kgakololo e e tswang mo Baebeleng kgotsa e e tswang mo dikgatisong. Fa re dira jalo, re a bo re bontsha gore re itse gore re felela kae. Re a bo re bontsha gore re boikokobetso le gore re dumela gore ka metlha, dikgakololo tsa ga Jehofa di botoka go na le tsa rona.—Tshen. 15:3, 4.

16 Go na le mabaka a mangwe gape a go bo re tshwanetse go nna boikokobetso. A jaanong re bone gore go nna boikokobetso go dira jang gore re itumele le gore re kgone go dirisana sentle le ba bangwe?

GORENG GO LE BOTLHOKWA GORE RE NNE BOIKOKOBETSO?

17. Goreng batho ba ba boikokobetso ba itumela?

17 Fa re le boikokobetso, re tla kgona go itumela. Goren g re rialo? Fa re itse gore go na le dilo dingwe tse re sa kgoneng go di dira, re tla kgona go leboga fa ba bangwe ba re thusa. Ka sekai, Akanya ka nako ya fa Jesu a ne a fodisa balepero ba le lesome. Go ne ga tla molepero a le mongwe fela a tla go leboga Jesu. O ne a itse gore o ne a se kitla a fola fa Jesu a sa mo thuse. Ka jalo, o ne a lebogela thuso eo, a bo a galaletsa Modimo.—Luke 17:11-19.

18. Go nna boikokobetso go re thusa jang go dirisana le ba bangwe? (Baroma 12:10)

18 Go motlhofo gore batho ba ba boikokobetso ba nne le ditsala. Goreng? Ba a itse gore go na le dilo dingwe tse ba bangwe kgonang go di dira, tse bone ba sa kgoneng go di dira, ka jalo ba a ba tshepa. Batho ba ba boikokobetso ba itumela fa ba bangwe ba atlega mo dikabelong tse ba di neilweng, ba a ba akgola e bile ba a ba tlotla.—Bala Baroma 12:10.

19. Goreng re sa tshwanela go nna boikgogomoso?

19 Batho ba ba boikgogomoso ba batla gore ka metlha e nne bone fela ba ba akgolwang. Ga ba batle go akgola ba bangwe. Ba rata go gaisana le ba bangwe le go ipapisa le bone. Go na le gore ba ba rute go dira dilo dingwe, ba batla go itirela sengwe le sengwe ka gonne ba akanya gore batho ba bangwe ga ba ka ke ba kgona go dira dilo tseo sentle. Gantsi motho yo o boikgogomoso o itsaya a le botlhokwa go gaisa ba bangwe e bile o a fufega fa ba dira dilo botoka go mo gaisa. (Bagal. 5:26) Ga go motlhofo gore batho ba ba ntseng jalo ba nne le ditsala. Fa re lemoga gore re na le bothata jono, re tshwanetse go kopa Jehofa gore a re thuse gore re se ka ra itsege re le batho ba ba boikgogomoso.—Bar. 12:2.

20. Goreng re tshwanetse go nna boikokobetso?

20 Re leboga go bo Jehofa a re tlhometse sekao se se molemo! Re lemoga gore o boikokobetso fa a dirisana le batho e bile re batla go mo etsa. Gape re batla go etsa batho ba go buiwang ka bone mo Baebeleng, ba ba ileng ba direla Jehofa ba le boikokobetso. A ka metlha re lekeng go tlotlomatsa Jehofa. (Tshen. 4:11) Fa re dira jalo, re tla nna ditsala tsa ga gagwe go ya go ile ka gonne o rata batho ba ba boikokobetso.

PINA 123 Ikobele Thulaganyo ya Phuthego ya Modimo

^ ser. 5 Motho yo o boikokobetso o utlwela ba bangwe botlhoko. E re ka Jehofa a utlwela batho ba bangwe botlhoko, go raya gore o boikokobetso. Mo setlhogong seno, re tla ithuta gore re ka nna jang boikokobetso jaaka Jehofa. Gape re tla ithuta gore Kgosi Saulo, moporofeti Daniele le Jesu ba bo ntshitse jang gore ba boikokobetso.

^ ser. 58 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Mogolwane o ruta mokaulengwe yo mosha go dira maikarabelo mangwe mo phuthegong. Moragonyana mogolwane yoo, ga a salesale mokulengwe yo mosha morago a ntse a mmolelela gore a dire tiro ya gagwe jang.

^ ser. 62 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Kgaitsadi o botsa mogolwane gore a go siame gore a ye lenyalong le le tla tshwarelwang kwa kerekeng. Mogolwane ga a mmolelele gore o akanya eng, mme o mmontsha melaometheo mengwe ya Baebele.