Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 34

O Botlhokwa mo Phuthegong ya ga Jehofa!

O Botlhokwa mo Phuthegong ya ga Jehofa!

“Fela jaaka mmele o le mongwe mme o na le ditokololo di le dintsi, le ditokololo tsotlhe tsa m mele oo, le mororo di le dintsi, mme e le mmele o le mongwe, le Keresete o ntse jalo.”—1 BAKOR. 12:12.

PINA 101 Go Dirisana Mmogo ka Kutlwano

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Ke tshiamelo efe e re nang le yone?

RURI ke tshiamelo go nna mo phuthegong ya ga Jehofa! Go na le kagiso le boitumelo mo phuthegong ka gonne re direla Jehofa mmogo. Ke tiro efe e o nang le yone mo phuthegong?

2. Ke setshwantsho sefe se moaposetoloi Paulo a ileng a se dirisa fa a ne a kwalela Bakeresete?

2 Re ka ithuta gore ke seabe sefe se re nang le sone mo phuthegong fa re sekaseka sekai se moaposetoloi Paulo a ileng a se dirisa makgetlo a le mmalwa fa a kwalela Bakeresete bangwe. Fa a ba kwalela, o ne a tshwantsha phuthego le mmele wa motho. Gape o ne a tshwantsha mongwe le mongwe mo phuthegong le dikarolo tsa mmele.—Bar. 12:4-8; 1 Bakor. 12:12-27; Baef. 4:16.

3. Ke dilo dife tse tharo tse re tla tlotlang ka tsone mo setlhogong seno?

3 Rotlhe re ka kgona go nonotsha ba bangwe mo phuthegong go sa kgathalesege gore re tswa mo lotsong lofe kgotsa mo morafeng ofe, re humile kgotsa re humanegile, re itse batho ba le bantsi kgotsa re sa ba itse e bile re rutegile kgotsa re sa rutega. Mo setlhogong seno re tla tlotla ka dilo di le tharo tse re ka di ithutang mo setshwantshong sa ga Paulo. Sa ntlha, re tla ithuta gore rotlhe re botlhokwa mo phuthegong ya ga Jehofa. Sa bobedi, re tla ithuta gore re ka dira eng fa go le thata go tlhaloganya gore re botlhokwa mo phuthegong ya ga Jehofa. Sa boraro, re tla ithuta gore goreng re tshwanetse go nna re dira tiro e Jehofa a re neileng yone mo phuthegong ya gagwe.

ROTLHE RE NA LE SE RE SE DIRANG MO PHUTHEGONG YA GA JEHOFA

4. Baroma 12:4 le 5 e re ruta eng?

4 Selo sa ntlha se re se ithutang mo setshwantshong sa ga Paulo, ke gore mongwe le mongwe wa rona o botlhokwa mo phuthegong ya ga Jehofa. Paulo o simolola setshwantsho sa gagwe ka gore: “Fela jaaka re na le ditokololo di le dintsi mo mmeleng o le mongwe, mme e se ditokololo tsotlhe tse di dirang tiro e le nngwe fela, jalo rona, le mororo re le bantsi, re mmele o le mongwe o o seoposengwe le Keresete, mme re ditokololo tse nngwe le nngwe ya tsone e leng ya e nngwe.” (Bar. 12:4, 5) Tota Paulo o ne a raya jang? O ne a raya gore mongwe le mongwe wa rona o na le tiro e a e dirang mo phuthegong ya ga Jehofa le gore rotlhe re botlhokwa.

Re dira dilo tse di farologaneng mo phuthegong mme rotlhe re botlhokwa (Bona serapa 5-12) *

5. Ke “dimpho” dife tse Jehofa a di fileng phuthego ya gagwe?

5 Gongwe fa o utlwa go buiwa ka batho ba ba nang le tiro ya botlhokwa mo phuthegong, ka bonako fela o akanya ka bagolwane. (1 Bathes. 5:12; Baheb. 13:17) Gone ke boammaaruri gore Jehofa o dirisitse Keresete go naya phuthego “dimpho tse e leng banna.” (Baef. 4:8) Banna bano ba akaretsa maloko a Setlhopha se se Laolang, bathusi ba Setlhopha se se Laolang, baemedi ba lekala, balebedi ba potologo, ba ba rutang kwa dikolong tsa Baebele, bagolwane mo diphuthegong le batlhanka ba bodiredi. Bakaulengwe bano botlhe ba tlhomilwe ke Jehofa ka moya wa gagwe o o boitshepo gore ba tlhokomele dinku tsa gagwe le go nonotsha phuthego.—1 Pet. 5:2, 3.

6. Go ya ka 1 Bathesalonika 2:6-8, bakaulengwe ba ba tlhomilweng ka moya o o boitshepo ba leka go dira eng?

6 Bakaulengwe botlhe ba tlhomiwa ka moya o o boitshepo gore ba kgone go dira dikabelo tsa bone. Fela jaaka maoto le matsogo a le botlhokwa mo mmeleng, bakaulengwe bano ba ba tlhomilweng ka moya o o boitshepo, ba dira ka natla, mme seo se solegela phuthego molemo. Ga ba leke go dira gore batho ba bangwe ba ba tseele kwa godimo. Go na le moo, ba leka go nonotsha bakaulengwe le bokgaitsadi. (Bala 1 Bathesalonika 2:6-8.) Re leboga Jehofa go bo a re neile bakaulengwe bano ba ba ikentshang setlhabelo ka go baya dilo tse ba bangwe ba di tlhokang kwa pele ga tsa bone!

7. Ke masego afe a bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba mo tirelong ya nako e e tletseng ba nnang le one?

7 Gongwe mo phuthegong ya lona go na le barongwa, babulatsela ba ka metlha kgotsa babulatsela ba ba kgethegileng. Tota e bile, bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba tsenetse tirelo ya nako e e tletseng e bile ke sengwe se ba batlang go se dira botshelo jotlhe jwa bone. Mme seo se dirile gore ba kgone go thusa batho ba le bantsi go nna balatedi ba ga Jesu Keresete. Le fa bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba se na madi a mantsi kgotsa dilo tse dintsi, Jehofa ga a ise a ko a ba latlhe. (Mar. 10:29, 30) Re rata bakaulengwe le bokgaitsadi bano thata e bile re itumelela go bo re na le bone mo phuthegong!

8. Goreng baboledi botlhe ba le botlhokwa mo go Jehofa?

8 A bakaulengwe ba ba tlhomilweng le ba mo tirelong ya nako e e tletseng, ke bone fela ba ba leng botlhokwa mo phuthegong ya ga Jehofa? Nnyaa ga se bone fela! Mmoledi mongwe le mongwe o botlhokwa mo go Jehofa le mo phuthegong. (Bar. 10:15; 1 Bakor. 3:6-9) Seno ke ka gonne tiro ya botlhokwa e rotlhe re tshwanetseng go e dira mo phuthegong ya ga Jehofa, ke go dira batho barutwa ba ga Jesu. (Math. 28:19, 20; 1 Tim. 2:4) Baboledi botlhe mo phuthegong, ba ka tswa ba kolobeditswe kgotsa ba sa kolobediwa, ba tshwanetse go dira gore tiro eno e nne yone e e tlang pele mo botshelong jwa bone.—Math. 24:14.

9. Goreng re rata bokgaitsadi ba ba mo diphuthegong tsa rona?

9 Jehofa o tlotla bokgaitsadi botlhe ka go ba naya tiro ya botlhokwa mo phuthegong! O tsaya basadi bano ba ba nyetsweng, ba ba nang le bana, batlholagadi le ba ba sa nyalwang ba le botlhokwa ka gonne ba ikanyega mo go ene. Baebele e bua ka basadi ba ba neng ba tlhoma sekao se sentle ka gonne ba le botlhale, ba na le tumelo, ba dira ka natla, ba le pelokgale, ba rata go aba e bile ba dira ditiro tse dintsi tse di molemo. (Luke 8:2, 3; Dit. 16:14, 15; Bar. 16:3, 6; Bafil. 4:3; Baheb. 11:11, 31, 35) Re itumelela gore le gompieno mo phuthegong ya ga Jehofa, go na le bokgaitsadi ba ba nang le dinonofo tseno!

10. Goreng bagodi ba ba mo phuthegong ba le botlhokwa mo go rona?

10 Mo phuthegong ya ga Jehofa, go na le bagodi ba le bantsi. Diphuthego di le dintsi di na le bagodi ba ba nang le nako e e telele ba direla Jehofa e bile ba ikanyega. Ba bangwe ba ithutile boammaaruri ba setse ba tsofetse. Fa bagodi bano ba ntse ba tsofala, ba nna le mathata a botsogo. Mathata ao a ka dira gore ba palelwe ke go dira dilo di le dintsi mo phuthegong le mo tirong ya go rera. Mme gone, bagodi bano ba dira sotlhe se ba ka se kgonang mo bodireding e bile ba kgothatsa ba bangwe le go ba katisa. Maitemogelo a bone a re thusa fela thata. Jehofa o ba tsaya ba le botlhokwa mme le rona re a ba rata.—Dia. 16:31.

11-12. Basha ba mo phuthegong ya lona ba go kgothaditse jang?

11 Akanya ka basha ba re nang le bone mo phuthegong. Ba lebana le dikgwetlho tse dintsi ka gonne ba tshela mo lefatsheng le le laolwang ke Satane e bile ba tshela le batho ba dikakanyo tsa bone le ditiro tsa bone di laolwang ke Satane. (1 Joh. 5:19) Mme re a itumela fa re bona basha bano ba arabela kwa dipokanong, ba ya bodireding e bile re utlwa gore ba emela tumelo ya bone. Lona basha, lo botlhokwa mo phuthegong ya ga Jehofa!—Pes. 8:2.

12 Mme gone, go thata gore bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba dumele gore ba botlhokwa mo phuthegong ya ga Jehofa. Ke eng se se ka thusang mongwe le mongwe wa rona gore a ikutlwe a le botlhokwa mo phuthegong? Re tla bona karabo ya potso eno mo dirapeng tse di latelang.

O BOTLHOKWA MO PHUTHEGONG

13-14. Ke eng se se ka dirang gore batho bangwe ba ikutlwe ba se botlhokwa mo phuthegong?

13 A re tlotle ka selo sa bobedi se re ka ithutang sone mo setshwantshong sa ga Paulo. Se re ithutang sone mo setshwantshong seno, se ka dira gore re akanye ka bothata jo batho ba le bantsi ba nang le jone gompieno. Go thata gore bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba dumele gore ba botlhokwa mo phuthegong ya ga Jehofa. Paulo o ile a re: “Fa lonao lo ka re: ‘Ka gonne ke se seatla, ga ke karolo ya mmele,’ seo ga se dire gore e se nne karolo ya mmele. Mme fa tsebe e ka re: ‘Ka gonne ke se leitlho, ga ke karolo ya mmele,’ seo ga se dire gore e se nne karolo ya mmele.” (1 Bakor. 12:15, 16) Paulo o ne a batla gore Bakeresete botlhe ba ithute eng?

14 Fa o ipapisa le ba bangwe mo phuthegong, seo se ka dira gore o ikutlwe o se botlhokwa. Bangwe mo phuthegong, ba ka tswa ba na le bokgoni jwa go ruta, ba itse go rulaganya dilo sentle kgotsa ba kgona go gomotsa le go kgothatsa ba bangwe. Gongwe o ka tswa o akanya gore ba na le bokgoni jo bo botoka go go gaisa. Fa e le gore o akanya jalo, seo se bontsha gore o boikokobetso. (Bafil. 2:3) Mme gone, ikele tlhoko. Fa o nna o ipapisa le batho ba ba nang le bokgoni jo bo gaisang jwa gago, o ka nna wa kgobega marapo. O ka nna wa feleletsa o akanya gore ga o botlhokwa mo phuthegong. Ke eng se se ka go thusang gore o tlogele go ikutlwa jalo?

15. 1 Bakorintha 12:4-11 ya re re tshwanetse go lemoga eng ka bokgoni jo re nang le jone?

15 Akanya ka ntlha eno: Jehofa o ne a naya Bakeresete bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga moya o o boitshepo mme ba ne ba kgona go dira dilo dingwe, tse Bakeresete bangwe ba neng ba sa kgone go di dira. (Bala 1 Bakorintha 12:4-11.) Le fa Jehofa a ne a ba neile bokgoni jo bo farologaneng, o ne a ba tsaya botlhe ba le botlhokwa. Gompieno ga re a newa bokgoni jo Bakeresete bao ba neng ba na le jone. Mme gone, rotlhe mo phuthegong re na le bokgoni jo bo sa tshwaneng. Le fa go ntse jalo, seo ga se reye gore ga re botlhokwa mo go Jehofa.

16. Ke kgakololo efe ya ga moaposetoloi Paulo e re tshwanetseng go e dirisa?

16 Go na le gore re ipapise le Bakeresete ba bangwe, re tshwanetse go dirisa kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo e e reng: “A mongwe le mongwe a bontshe se tiro ya gagwe e leng sone, mme ke gone a tla nnang le lebaka la go itumela ka ga gagwe ka esi, mme e seng a ipapisa le motho yo mongwe.”—Bagal. 6:4.

17. Kgakololo ya ga Paulo e ka re thusa jang?

17 Fa re ka dirisa kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo, re bo re simolola go itshekatsheka sentle, re tla lemoga gore re na le bokgoni jo ba sa tshwaneng le jwa ba bangwe. Ka sekai, mogolwane mongwe a ka tswa a sa kgone go neela dipuo tse di monate jaaka bagolwane ba bangwe mme gone a atlega mo tirong ya go dira batho barutwa. Gongwe a ka tswa a sa kgone go rulaganya dilo sentle jaaka bagolwane ba bangwe, mme a ka tswa a itsege e le mogolwane yo baboledi ba ikutlwa ba gololesegile go mo atamela fa ba batla dikgakololo. Kgotsa a ka tswa a itsege e le motho yo o ratang go amogela baeng. (Baheb. 13:2, 16) Fa re lemoga gore re na le bokgoni bongwe, re tla itumela e bile re tla batla go thusa mo phuthegong ka dilo dingwe. Mme seo se tla dira gore re se ka ra fufegela ba bangwe

18. Re ka tokafatsa jang tsela e re rutang ka yone?

18 Le fa re na le maikarabelo a a farologaneng mo phuthegong, rotlhe re tlhoka go tokafatsa tirelo e re e direlang Jehofa le bokgoni jwa rona. Jehofa o re thusa go tokafatsa bokgoni jwa rona, ka go re katisa a dirisa phuthego ya gagwe. Ka sekai, mo dipokanong tsa mo gare ga beke, re newa dikaelo tsa gore re ka tokafatsa jang tsela e re rutang ka yone mo bodireding. A o dirisa thapiso eo?

19. Ke eng se o ka se dirang gore o kgone go ya kwa Sekolong sa Baboledi ba Bogosi?

19 Gape Jehofa o thapisa batho ba gagwe a dirisa Sekolo sa Baboledi ba Bogosi. Batho ba ba kgonang go ya kwa sekolong seno ke bakaulengwe le bokgaitsadi ba mo tirelong ya nako e e tletseng ba nang le dingwaga tse di mo magareng ga 23 le 65. Gongwe o akanya gore ga o kitla o kgona go ya kwa sekolong seno. Mme gone, go na le gore o akanye ka mabaka a a dirang gore o palelwe ke go ya kwa sekolong seno, akanya ka mabaka a go bo o batla go ya kwa sekolong seno. Go tswa foo, o bo o ipeela mekgele e e ka go thusang gore o kgone go ya kwa sekolong seno. Fa o dira ka natla Jehofa o tla go thusa e bile o tla kgona go fitlhelela mekgele e o neng o akanya gore go thata go e fitlhelela.

DIRISA BOKGONI JWA GAGO GO NONOTSHA PHUTHEGO

20. Re ithuta eng mo Baroma 12:6-8?

20 Selo sa boraro se re ka ithutang seno mo setshwantshong sa ga Paulo se mo go Baroma 12:6-8. (E bale.) Mo lekwalong leno, Paulo o bontsha gape gore batho botlhe mo phuthegong ba na le bokgoni jo bo sa tshwaneng. Mme gape o bontsha gore go botlhokwa gore re dirise bokgoni jwa rona go nonotsha ba bangwe mo phuthegong

21-22. Re ithuta eng mo go Robert le Felice?

21 Akanya ka se se diragaletseng mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Robert. * Fa a ntse a direla kwa nageng e nngwe, o ne a kopiwa gore a boele kwa nageng ya gabone mme a ye go direla kwa Bethele. Le fa bakaulengwe ba ne ba mmolelela gore ga a dira sepe se se phoso, o ile a re: “Ke feditse kgwedi di le dintsi ke utlwile botlhoko ka gonne ke akanya gore ga ke a ka ka dira kabelo ya me sentle. Ka dinako dingwe, ke ne ke akanya go tlogela go direla kwa Bethele.” Ke eng se se mo thusitseng gore a kgone go itumela gape? Mogolwane mongwe o ne a mmolelela gore fa Jehofa a ne a mo naya kabelo mo nakong e e fetileng, o ne a mmaakanyetsa gore a kgone go dira kabelo e a e neilweng gone jaanong. Robert o ne a lemoga gore o tlhoka go tlogela go akanya ka dilo tse di fetileng, mme a tlhome mogopolo mo dilong tse a kgonang go di dira gone jaanong.

22 Mokaulengwe Felice Episcopo le ene o kile a lebana le maemo a a tshwanang. Ene le mosadi wa gagwe ba alogile kwa Gileade ka 1956 ba bo ba ya go dira tiro ya go potologa kwa Bolovia. Ka 1964 ba ne ba nna le ngwana. Felice a re: “Go ne go le thata gore re tlogele kabelo ya rona e re neng re e rata thata. Ke ne ka fetsa ngwaga otlhe ke kgobegile marapo. Jehofa o ne a thusa go fetola tsela e ke neng ke akanya ka yone le go amogela gore ke motsadi.” A le wena o kile wa diragalelwa ke se se diragaletseng Robert le Felice? A o kgobiwa marapo ke gore kabelo e o e dirang gone jaanong, ga se e o neng o e dira mo nakong e e fetileng? Fa e le gore o mo seemong seo, go ka nna botoka gore o fetole tsela e o akanyang ka yone, mme o tlhome mogopolo mo go se o ka kgonang go se direla Jehofa le bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago. Fa o nna o tshwaregile e bile o dirisa bokgoni jwa gago go thusa ba bangwe mo phuthegong, o tla nna o itumetse.

23. Ke eng se re tshwanetseng go akanyang ka sone, mme re tla tlotla ka eng mo setlhong se se latelang?

23 Rotlhe re botlhokwa mo go Jehofa. O batla gore re tswelele re le mo phuthegong ya gagwe. Fa re nna re akanya ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona le ka se re ka se dirang go ba thusa, ga re kitla re akanya gore ga re botlhokwa mo phuthegong! Mme gone, re tshwanetse go ikutlwa jang ka ba bangwe mo phuthegong? Re ka ba bontsha jang gore re a ba rata le gore re a ba tlotla? Re tla araba dipotso tseno mo setlhogong se se latelang.

PINA 24 Tlang mo Thabeng ya ga Jehofa

^ ser. 5 Rotlhe re batla go ratiwa ke Jehofa. Mme ka dinako tse dingwe re ka ipotsa gore ke eng se re ka se dirang gore a re tseye re le botlhokwa. Setlhogo seno se tla re bontsha gore rotlhe re botlhokwa mo go Jehofa, le gore mongwe le mongwe wa rona o na le se a ka se dirang mo phuthegong.

^ ser. 21 Maina mangwe a fetotswe.

^ ser. 62 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Ditshwantsho tseno tse tharo, di bontsha se se diregang pele ga dipokano, fa di tsene le morago ga tsone. Setshwantsho 1: Mogolwane o dumedisa moeng, mokaulengwe yo mosha o baakanya dimaeke mme kgaitsadi o tlotla le kgaitsadi yo o godileng. Setshwantsho 2: Ka nako ya thuto ya Tora ya Tebelo, bagolo le bana ba a arabela. Setshwantsho 3: Banyalani ba kolomaka Holo ya Bogosi. Mmê o thusa ngwana go tsenya moneelo mo lebokosong. Mokaulengwe yo mosha o bereka mo dibukeng, yo mongwe ene o kgothatsa kgaitsadi yo o godileng.