Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 33

Tsogo ya Baswi e Bontsha Gore Modimo o Lorato, o Botlhale le Gore o Pelotelele

Tsogo ya Baswi e Bontsha Gore Modimo o Lorato, o Botlhale le Gore o Pelotelele

“Go tlile go nna le tsogo.”DIT. 24:15.

PINA 151 O Tla Bitsa

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Goreng Jehofa a ile a simolola go bopa?

NAKONNGWE Jehofa o ne a le nosi. Mme o ne a sa jewe ke bodutu. O ne a sa tlhoke go nna le mongwe gore a itumele. Mme gone, o ne a batla gore ba bangwe le bone ba tshele e bile ba itumele. Lorato lo ile lwa tlhotlheletsa Jehofa gore a simolole go bopa.—Pes. 36:9; 1 Joh. 4:19.

2. Jesu le Baengele ba ne ba ikutlwa jang fa Jehofa a bopa?

2 Sa ntlha Jehofa o ile a bopa Morwawe e bong Jesu. Morago ga moo, o ile a dira le Morwawe go bopa “dilo tsotlhe tse dingwe” go akaretsa le batho. (Bakol. 1:16) Jesu o ne a itumelela go bereka le Rraagwe. (Dia. 8:30) Baengele le bone ba ne ba itumetse. E ne e kete ba ntse kwa ditulong tse di kwa pele ba lebeletse Jehofa le Modiri wa gagwe yo o Setswerere e bong Jesu ba bopa legodimo le lefatshe. Baengele ba ne ba dira eng? Ba ne ba “simolola go goa ba baka” fa Jehofa a bopa lefatshe mme ba ne ba tswelela ba mmaka fa a ntse a bopa dilo tse dingwe tsotlhe go akaretsa le batho. (Jobe 38:7; Dia. 8:31) Dilo tseno tsotlhe tse Jehofa a di bopileng di bontsha gore o lorato le gore o botlhale.—Pes. 104:24; Bar. 1:20.

3. 1 Bakorintha 15:21 le 22 ya re setlhabelo sa ga Jesu se re thusa jang?

3 Jehofa o ne a batla batho gore ba tshelele ruri mo polaneteng e ntle e a e bopileng e leng lefatshe. Mme fa Adame le Efa ba sena go leofela Jehofa, ba ne ba sa tlhole ba kgona go tshelela ruri. Kwa bofelong bone le ditlogolwana tsa bone ba ne ba tlile go swa. (Bar. 5:12) Jehofa o ile a dira eng? Ka yone nako eo, o ile a bua gore o tlile go dira eng go golola batho mo boleong. (Gen. 3:15) Jehofa o ne a tlile go ntsha Morwawe e bong Jesu go nna setlhabelo sa thekololo, gore bana ba ga Adame le Efa ba gololwe mo boleong le mo losong. Go tswa foo, a bo a naya batho tshono ya go ba tlhopha gore ba mo direle gore ba bone botshelo jo bo sa khutleng.—Joh. 3:16; Bar. 6:23; bala 1 Bakorintha 15:21, 22.

4. Re tlile go araba dipotso dife mo setlhogong seno?

4 Kgang ya gore Modimo o tlile go tsosa baswi e dira gore re ipotse dipotso tse dintsi. Ka sekai, re ka ipotsa gore, Jehofa o tlile go tsosa batho jang? A re tlile go bona gore ke bone fa ba tsosiwa? Tsogo ya baswi e tla dira jang gore re itumele? Mme kgang ya gore baswi ba tlile go tsosiwa, e re ruta jang gore Jehofa o lorato, o botlhale le gore o pelotelele? A re tlotleng ka dipotso tseno.

JEHOFA O TLILE GO TSOSA BATHO JANG?

5. Goreng re sa lebelela gore batho botlhe ba tsosiwe ka nako e le nngwe?

5 Jehofa o tlile go dirisa Morwawe go tsosa baswi mme ga re a lebelela gore a ba tsose botlhe ka nako le nngwe. Goreng re rialo? Ka gonne fa batho botlhe ba ne ba ka tsosiwa ka nako e le nngwe seo se ne se ka baka tlhakatlhakano. Jehofa ga se Modimo wa tlhakatlhakano. O a itse gore dilo di tshwanetse go rulaganngwa sentle, gore batho ba tshele ka kagiso. (1 Bakor. 14:33) Fa Jehofa Modimo a ne a dira le Jesu go baakanyetsa batho lefatshe, o ne a bontsha gore o botlhale e bile o pelotelele. Ka Puso ya Dingwaga di le Sekete, Jesu le ene o tla bontsha dinonofo tseo, fa a tla bo a dira mmogo le ba ba falotseng Haramagedona, go baakanya lefatshe gore ba ba tsositsweng ba tle go tshela mo go lone.

Batho ba ba falotseng Haramagedona ba tla ruta batho ba ba tsositsweng ka Bogosi Jwa Modimo le ka se Modimo a batlang ba se dira (Bona serapa 6) *

6. Ditiro 24:15, ya re ke bomang ba bangwe ba ba tlileng go tsosiwa?

6 Selo sa botlhokwa se batho ba ba tla bong ba falotse Haramagedona ba tlileng go se dira, ke go ruta batho ka Bogosi Jwa Modimo le melao ya gagwe. Goreng ba tshwanetse go dira jalo? Ka gonne go na le batho ba le bantsi ba ba tlileng go tsosiwa, mme bangwe ba bone, Baebele e ba bitsa “ba ba sa siamang.” (Bala Ditiro 24:15.) Go na le diphetogo tse batho bao ba tshwanetseng go di dira gore ba solegelwe molemo ke setlhabelo sa ga Jesu le gore ba tshelele ruri. E tla bo e le namane e tona ya tiro go ruta batho ba le bantsi gore ba itse Jehofa. A mongwe le mongwe wa bone o tla bo a na le motho yo a mo rutang Baebele? A go tla bo go na le dipokano gore batho bao ba ye go rutiwa gore ba kgone go ruta ba bangwe ba ba tlileng go tsosiwa morago ga bone? Ga re itse, re tla bona kwa pele! Mme se re se itseng ke gore morago ga Puso ya ga Keresete ya Dingwaga di le Sekete, “lefatshe le tla tlala kitso ya ga Jehofa.” (Isa. 11:9) Re tla bo re tshwere phage ka mangana, mme gone, go tla bo go le monate!

7. Ke eng se se tla thusang batho ba Modimo gore ba kgone go utlwela ba ba tsositsweng botlhoko fa ba ba ruta?

7 Ka nako ya Puso ya ga Keresete ya Dingwaga di le Sekete, batho botlhe ba ga Jehofa ba tla tswelela ba dira diphetogo gore ba mo itumedise. Seo se tla ba thusa gore ba kgone go utlwela batho ba ba tla tsosiwang botlhoko, le gore ba kgone go ba thusa go fetola tsela e ba akanyang le e ba dirang dilo ka yone gore ba itumedise Jehofa. (1 Pet. 3:8) Ba ba tla bong ba tsositswe ba tla bona gore batho ba Modimo ba boikokobetso le gore ba sa ntse ba dira diphetogo gore ba itumedise Jehofa, mme seo se tla dira gore le bone ba batle go obamela Jehofa.—Bafil. 2:12.

A RE TLILE GO BONA GORE KE BONE FA BA TSOSIWA?

8. Goreng re re re tla kgona go itse ba ba tla tsosiwang?

8 Go na le mabaka a le mantsi a a dirang gore re dumele gore fa batho ba tsosiwa, re tla kgona go ba itse. Ka sekai, tsela e Jehofa a ile a tsosa batho ka yone mo nakong e e fetileng, e ka re thusa go tlhaloganya seno. Re solofela gore fa Jehofa a tsosa batho, o tla dira gore ba lebege, ba bue le go akanya ka tsela e ba neng ba akanya ka yone pele ba tlhokafala. Gopola gore Jesu o ne a tshwantsha loso le boroko, gape o ne a tshwantsha go tsosiwa mo baswing le go tsosiwa mo borokong. (Math. 9:18, 24; Joh. 11:11-13) Fa motho a tswa mo borokong, o bua le go lebega ka tsela e re mo itseng ka yone, e bile o sa ntse a gopola dilo tse di diragetseng pele a robala. Akanya ka Lasaro. O ne a na le malatsi a le manê a tlhokafetse, ka jalo, mmele wa gagwe o ne o simolola go bola. Mme fa a sena go tsosiwa, bokgaitsadie ba ne ba lemoga gore ke ene mme le ene o ne a ba gopola.—Joh. 11:38-44; 12:1, 2.

9. Goreng re ka re ba ba tla tsosiwang ga ba kitla ba itekanela ka gangwe fela?

9 Jehofa o tshepisa gore ga go na ope yo o tla reng: “Ke a bobola.” (Isa. 33:24; Bar. 6:7) Ka jalo, ba ba tla tsosiwang, ba tla tsosiwa ka mebele e mesha, ba sa lwale. Mme gone, ga ba kitla ba itekanela ka gangwe fela. Go seng jalo, ba malapa le ditsala tsa bone, ba ne ba se kitla ba ba itse. Go lebega batho botlhe ba tla itekanela kgato ka kgato, ka nako ya Puso ya ga Keresete ya Dingwaga di le Sekete. Morago ga dingwaga di le sekete, Jesu o tla busetsa Bogosi kwa go Rraagwe. Jesu o tla bo a diragaditse dilo tsotlhe tse Jehofa a batlang gore di dirwe, go akaretsa le go tsosa baswi.—1 Bakor. 15:24-28; Tshen. 20:1-3.

TSOGO YA BASWI E TLA DIRA JANG GORE RE ITUMELE?

10. Tsogo ya baswi e tla dira gore o ikutlwe jang?

10 Akanya fela gore o tla bo o itumetse jang fa o kopana le batho ba ba o ba ratang ba ba tlhokafetseng. A seo se tla dira gore o tshege kgotsa o itumele? A o tla bo o itumetse thata jaana mo o tla batlang go opelela Jehofa? Se re se itseng ke gore re tla rata Jehofa le Morwawe le go feta ka gonne ba dirile gore tsogo e nne gone.

11. Go ya ka se Jesu a ileng a se bua mo go Johane 5:28 le 29, go tla direga eng ka batho ba ba ikobelang Modimo?

11 Akanya fela gore batho ba ba tla tsosiwang ba tla bo ba itumetse jang fa ba apola botho jwa bogologolo mme ba tshela ka melao ya Modimo. Batho botlhe ba ba tla dirang diphetogo, ke bone ba tla tshelelang ruri kwa Paradaiseng. Mme Jehofa ga a kitla a letlelela batho ba ba sa batleng go fetoga, go tshela kwa Paradaiseng le gore ba senye kagiso e e tla bong e le gone.—Isa. 65:20; bala Johane 5:28, 29.

12. Jehofa o tlile go segofatsa jang batho mo lefatsheng?

12 Fa Bogosi Jwa Modimo bo busa, re tla bona gore mafoko a a mo go Diane 10:22 a boammaaruri fa a re: “Tshegofatso ya ga Jehofa—ke yone e e humisang, mme ga a e oketse ka botlhoko.” Jehofa o tla dirisa moya wa gagwe o o boitshepo, go thusa batho ba gagwe gore ba nne le botho jo bo tshwanang le jwa ga Keresete le gore ba itekanele. (Joh. 13:15-17; Baef. 4:23, 24) Letsatsi le letsatsi mebele ya bone e tla nna e tokafala go fitlha ba itekanela. Ruri botshelo bo tlile go nna monate! (Jobe 33:25) Mme gone, go tlhatlhanya ka tsogo, go tla go thusa jang gone jaanong?

TSOGO E RE RUTA GORE JEHOFA O LORATO

13. Pesalema 139:1-4, e re bontsha jang gore Jehofa o re itse sentle, mme tsogo ya baswi e tla netefatsa seo jang?

13 Fela jaaka re tlotlile mo dirapeng tse di fetileng, Jehofa o tlile go dira gore batho ba ba suleng ba tsoge ba gopola dilo tse ba neng ba di dira pele ba tlhokafala e bile ba na le botho jo ba neng ba na le jone. Seno se raya gore Jehofa o a go rata, o lemoga dilo tse o di akanya e bile ga a kitla a lebala tsela e o ikutlwang ka yone, se o se buang le se o se dirang. Ka jalo, fa Jehofa a tsosa batho ba ba suleng, go tla nna motlhofo gore a busetse megopolo ya bone, mekgwa ya bone, le botho jwa bone. Kgosi Dafide o ne a itse gore Jehofa o itse mongwe le mongwe wa rona sentle. (Bala Pesalema 139:1-4.) E re ka jaanong o tlhaloganya gore Jehofa o go itse sentle, seo se dira gore o ikutlwe jang?

14. Re tshwanetse go ikutlwa jang, fa re akanya ka tsela e Jehofa a re itseng ka yone?

14 Fa re akanya ka tsela e Jehofa a re itseng ka yone, ga re a tshwanela go tshwenyega. Goreng? Ka gonne Jehofa o a re kgathalela. O tsaya mongwe le mongwe wa rona a le botlhokwa. O itse dilo tse di dirang gore re nne se re leng sone. Ga go reye gore fa Jehofa a re leba, o a ba a batla go bona diphoso, tota o a bo a batla go re thusa. Seno se a gomotsa ka gonne se dira gore re se ka ra ikutlwa e kete re nosi.—2 Ditir. 16:9.

TSOGO E RE RUTA GORE JEHOFA O BOTLHALE

15. Kgang ya gore Jehofa o tlile go tsosa baswi e re bontsha jang gore o botlhale?

15 Fa batho ba tshaba loso, batho ba ka ba tshosetsa ka gore ba tlile go ba bolaya fa ba sa dire dilo dingwe. Batho ba ba laolwang ke Satane ba tshosetsa ba bangwe ka gore ba tlile go ba bolaya fa ba sa tlhanogele ditsala tsa bone kgotsa ba sa dire dilo dingwe tse di sa siamang. Mme rona ga re kitla re tshoga fa ba re dira jalo. Re a itse gore fa ba ka re bolaya, Jehofa o tla re tsosa. (Tshen. 2:10) Re tlhatswegile pelo gore ga go na se ba ka se dirang, se se ka dirang gore re tlogele go direla Jehofa. (Bar. 8:35-39) Jehofa o bontshitse gore o botlhale ka go re solofetsa gore fa re swa o tla re tsosa! Tsholofetso eno e dira gore re se ka ra tshoga fa batho ba re tshosetsa ka gore ba tlile go re bolaya, gape e re thusa gore re nne pelokgale le go tswelela re ikanyega mo go Jehofa.

A ditshwetso tse re di dirang di bontsha gore re tshepa gore Jehofa o tla re tlamela ka dilo tse re di tlhokang? (Bona serapa 16) *

16. O tshwanetse go ipotsa dipotso dife, mme dikarabo tsa tsone di ka go thusang jang go bona gore a o tshepa Jehofa?

16 Fa batho ba ba sa rateng Jehofa ba go tshosetsa ka gore ba tlile go go bolaya, a o tla tshepa gore Jehofa o tla go tsosa? O ka itse jang gore o tlile go kgona go tshepa Jehofa? Ipotse gore, ‘A ditshwetso tse ke di dirang letsatsi le letsatsi di bontsha gore ke tshepa Jehofa?’ (Luke 16:10) Gape ipotse gore, ‘A tsela e ke dirisang nako le madi a me ka yone e bontsha gore ke tshepa gore Jehofa o tla ntlamela fa ke baya Bogosi kwa pele?’ (Math. 6:31-33) Fa e le gore o araba dipotso tseno ka ee, go bontsha gore o tshepa Jehofa le gore o ipaakanyeditse diteko tse o tla lebanang le tsone.—Dia. 3:5, 6.

TSOGO E RE RUTA GORE JEHOFA O PELOTELELE

17. (a) Tsogo ya baswi e bontsha jang gore Jehofa o pelotelele? (b) Re ka bontsha jang gore re lebogela go bo Jehofa a le pelotelele?

17 Jehofa o setse a beile letsatsi le ura e a tla senyang lefatshe leno ka yone. (Math. 24:36) Ga a kitla a fela pelo a bo a le senya pele ga nako e a e tlhomileng. O batla go tsosa baswi mme gone o pelotelele. (Jobe 14:14, 15) O letetse nako e e siameng gore a ba tsose. (Joh. 5:28) Re na le mabaka a a utlwalang a go leboga Jehofa go bo a le pelotelele. E re ka Jehofa a le pelotelele seno se re thusitse, e bile se thusitse le batho ba bangwe gore ba nne le nako e e lekaneng ya go ikwatlhaya. (2 Pet. 3:9) Jehofa o batla gore batho ba le bantsi ba nne le tshono ya go tshelela ruri. Ka jalo re tshwanetse go bontsha gore re lebogela go bo a le pelotelele. Re ka dira seo jang? Ka go batla ba ba nang le “tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng,” re bo re ba thusa go rata Jehofa le go mo direla. (Dit. 13:48) Mme le bone ba tla solegelwa molemo ke go bo Jehofa a le pelotelele.

18. Goreng re tshwanetse go nna pelotelele fa re dirisana le ba bangwe?

18 Jehofa o tlile go leta dingwaga di le sekete pele ga re nna batho ba itekanetseng. Go fitlha ka nako eo, Jehofa o iketleeleditse go re itshwarela fa re dira diphoso. Ka jalo, fela jaaka Jehofa le rona re tshwanetse go tlhoma mogopolo mo dinonofong tse di ntle tse ba bangwe ba nang le tsone, le go nna pelotelele le bone. Akanya ka sekai sa kgaitsadi mongwe yo monna wa gagwe a neng a na le bolwetse jwa go tlhobaela. Monna wa gagwe o ne a tlogela go ya dipokanong. Kgaitsadi yoo a re: “Seno se ne se nkutlwisa botlhoko. Botshelo jwa rona bone jwa fetoga ka ponyo ya leitlho mme re bo re palelwa ke go dira dilo tse re neng re rulagantse gore re tla di dira.” Le fa go ntse jalo, kgaitsadi yono o ile a nna pelotelele le monna wa gagwe. O ile a ikaega ka Jehofa e bile ga a ka a itlhoboga. O ile a etsa Jehofa mme a tlhoma mogopolo mo dinonofong tse dintle tse monna wa gagwe a nang le tsone. A re: “Monna wa me o na le dinonofo tse dintle e bile o dira ka natla go fenya bothata jwa gagwe.” Go botlhokwa gore re nne pelotelele le ba malapa a rona le bangwe mo phuthegong ba ba lekang go fenya dikgwetlho tse ba kopanang le tsone!

19. Re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng?

19 Jesu le baengele ba ne ba itumetse fa lefatshe le bopiwa. Mme akanya fela gore ba tla bo ba itumetse jang fa ba bona lefatshe le tletse ka batho ba ba itekanetseng, ba ba ratang Jehofa e bile ba batla go mo direla. Gape akanya gore batho ba ba nang le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong ba tla bo ba itumetse jang fa ba bona batho ba solegelwa molemo ke tiro ya bone. (Tshen. 4:4, 9-11; 5:9, 10) Akanya o tshela o sa tlhole o lela dikeledi tsa kutlobotlhoko ka gonne go sena, bolwetse, kutlobotlhoko le loso. (Tshen. 21:4) Go fitlha ka nako eo, ikemisetse go etsa Rraarona yo o lorato, yo o botlhale e bile a le pelotelele. Fa o dira jalo, o tla nna o itumetse le fa o lebana le diteko. (Jak. 1:2-4) Ruri re leboga Jehofa go bo a re solofeditse gore “go tlile go nna le tsogo”!—Dit. 24:15.

PINA 141 Kgakgamatso ya Botshelo

^ ser. 5 Jehofa o lorato, o botlhale e bile o pelotelele. Re kgona go bona gore o na le dinonofo tseno mo tseleng e a ileng a bopa dilo ka yone, le gore o batla go tsosa batho ba ba suleng. Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka dipotso tse re ka nnang le tsone ka tsogo ya baswi. Gape re tla tlotla ka gore tsogo ya baswi e re ruta jang gore Jehofa o lorato, o botlhale, o pelotelele le gore seo se re ama jang.

^ ser. 59 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Monna yo o neng a tlhokafetse dingwaga di le dintsi tse di fetileng, o tsositswe ka nako ya Puso ya ga Keresete ya Dingwaga di le Sekete. Monna yo o falotseng Haramagedona o mo ruta gore o tshwanetse go dira eng gore a solegelwe molemo ke setlhabelo sa ga Jesu.

^ ser. 61 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Mokaulengwe o bolelela mothapi wa gagwe gore go na le malatsi mangwe a a ka se kgoneng go bereka diura tse di oketsegileng ka one. O mo tlhalosetsa gore mo malatsing ao, o tla bo a ya dipokanong le go obamela Jehofa le ba lelapa la gagwe. Mme gone, o mmolelela gore ka dinako dingwe fa a mo tlhoka o tla nna gone go dira tiro e e oketsegileng.