Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 30

Itumelele go Nna Karolo ya Lelapa la ga Jehofa

Itumelele go Nna Karolo ya Lelapa la ga Jehofa

“O ne wa mo dira gore a nne kwa tlasenyana ga baengele, e bile o ne wa mo naya kgalalelo le bontlentle.”—PES. 8:5, ntlh.

PINA 123 Ikobele Thulaganyo ya Phuthego ya Modimo

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Re ka ipotsa dipotso dife fa re akanya ka dilo tsotlhe tse Jehofa a di bopileng?

FA RE akanya ka lobopo lo logolo lo Jehofa a lo bopileng, re ka ikutlwa jaaka mopesalema Dafide yo o neng a rapela jaana: “Fa ke leba magodimo a gago, ditiro tsa menwana ya gago, ngwedi le dinaledi tse o di dirileng, tota motho ke eng go bo o nna o mo gopotse, le morwa motho ke eng go bo o mo tlhokomela?” (Pes. 8:3, 4) Fela jaaka Dafide, re ka nna ra akanya gore re bannye thata fa re bapisiwa le lobopo re bo re ipotsa gore a tota Jehofa o re tsaya re le botlhokwa. Le fa go ntse jalo, re tlile go bona gore Jehofa o ne a amega ka Adame le Efa le gore o ne a ba dira karolo ya lelapa la gagwe.

2. Jehofa o ne a batla gore bana ba gagwe ba ntlha ba ba neng ba nna mo lefatsheng ba dire eng?

2 Adame le Efa e ne e le bana ba ga Jehofa ba ntlha ba ba neng ba nna mo lefatsheng mme Jehofa e ne e le Rraabone yo o lorato yo o nnang kwa legodimong. O ne a lebeletse gore banyalani bano ba dire maikarabelo a a neng a ba neile one. Modimo o ne a ba raya a re: “Atang lo nne bantsi lo tlatse lefatshe lo bo lo nne beng ba lone.” (Gen. 1:28) Ba ne ba tshwanetse go nna le bana mme ba tlhokomele legae la bone. Fa Adame le Efa ba ka bo ba ile ba reetsa Jehofa mme ba dira se a neng a ba kopile gore ba se dire, bone le bana ba bone ba ne ba tla tswelela e le karolo ya lelapa la Modimo ka bosakhutleng.

3. Goreng re ka re Adame le Efa ba ne ba le botlhokwa thata mo lelapeng la ga Jehofa?

3 Adame le Efa ba ne ba le botlhokwa thata mo lelapeng la ga Jehofa. Mo go Pesalema 8:5 le mo ntlheng e e kwa tlase, Dafide o ne a bua jaana ka motho yo Jehofa a mmopileng: “O ne wa mo dira gore a nne kwa tlasenyana ga baengele, e bile o ne wa mo naya kgalalelo le bontlentle.” Ke boammaaruri gore batho ga ba a newa maatla, botlhale le bokgoni jo bo lekanang le jwa baengele. (Pes. 103:20) Le fa go ntse jalo, batho ba “kwa tlasenyana” ga baengele bao ba ba maatla. Ruri seo se a kgatlha! Jehofa o neile batsadi ba rona ba ntlha botshelo jo bo itumedisang.

4. Go ne ga direga eng ka Adame le Efa ka gonne ba sa ikobela Jehofa, mme re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?

4 Ka maswabi, Adame le Efa ga ba a ka ba tswelela e le karolo ya lelapa la ga Jehofa ka gonne ga ba a ka ba mo ikobela. Seo se ne sa bakela ditlogolwana tsa bone mathata jaaka re tla bona moragonyana mo setlhogong seno. Mme maikaelelo a ga Jehofa ga a fetoga. O batla gore batho ba ba mo ikobelang e nne bana ba gagwe ka bosakhutleng. Sa ntlha, a re tlotle ka dilo tse di re bontshang gore Jehofa o re tsaya re le botlhokwa. Go tswa foo, re tla tlotla ka se re ka se dirang gone jaanong go bontsha gore re batla go nna karolo ya lelapa la Modimo. Kwa bofelong re tla tlotla ka masego a bana ba Modimo ba ba nnang mo lefatsheng ba tla a itumelelang ka bosakhutleng.

JEHOFA O BONTSHITSE JANG GORE O TSAYA BATHO BA LE BOTLHOKWA?

Jehofa o bontshitse jang gore o re tsaya re le botlhokwa? (Bona serapa 5-11) *

5. Re ka bontsha jang gore re tlotla Modimo ka gonne a re bopile mo setshwanong sa gagwe?

5 Jehofa o bontshitse gore o re tsaya re le botlhokwa ka go re bopa mo setshwanong sa gagwe. (Gen. 1:26, 27) E re ka re bopilwe mo setshwanong sa Modimo, re ka kgona go nna le dinonofo tse dintsi tse di molemo tse a nang le tsone, tse di jaaka lorato, bopelotlhomogi, boikanyegi le tshiamo. (Pes. 86:15; 145:17) Fa re lwela go nna le dinonofo tseo, re tlotla Jehofa e bile re bontsha gore re lebogela se a re neileng sone. (1 Pet. 1:14-16) Fa re itshwara ka tsela e e itumedisang Rraarona yo o kwa legodimong, re a itumela e bile re a kgotsofala. E re ka Jehofa a re bopile mo setshwanong sa gagwe, o re neile dinonofo tse di dirang gore re nne batho ba a batlang gore ba nne mo lelapeng la gagwe.

6. Jehofa o ne a bontsha jang gore o tsaya batho ba le botlhokwa fa a ne a ba baakanyetsa lefatshe?

6 Jehofa o re diretse legae le lentle thata. Dingwaga tse dintsi pele Jehofa a bopa motho, o ne a mmaakanyetsa lefatshe. (Jobe 38:4-6; Jer. 10:12) E re ka Jehofa a re akanyetsa e bile a le pelotshweu, o re neile dilo tse dintsi tse di molemo tse re ka di itumelelang. (Pes. 104:14, 15, 24) Jehofa o ne a ipha nako ya go akanya ka se a se bopileng a bo a “bona gore se a se dirileng se molemo.” (Gen. 1:10, 12, 31) O ne a bontsha gore o tsaya batho ba le botlhokwa ka go dira gore ba “laole” dilo tsotlhe tse dintle tse a di bopileng mo lefatsheng. (Pes. 8:6) Boikaelelo jwa Modimo ke gore batho ba ba se nang boleo ba itumelele go tlhokomela popo ya gagwe e ntle ka bosakhutleng. A o leboga Jehofa ka metlha ka tsholofetso eo e e itumedisang?

7. Joshua 24:15 e bontsha jang gore motho o na le bokgoni jwa go itlhophela?

7 Jehofa o re neile mpho ya go itlhophela. Re ka kgona go tlhopha gore re tla dira eng mo botshelong. (Bala Joshua 24:15.) Modimo wa rona yo o lorato o a itumela fa re tlhopha go mo direla. (Pes. 84:11; Diane 27:11) Re ka dirisa bokgoni jwa rona jwa go itlhophela go dira ditshwetso tse dintsi tse di molemo. A re sekaseke sekao se Jesu a re tlhometseng sone.

8. Jesu o ne a dirisa jang bokgoni jwa gagwe jwa go itlhophela?

8 Fa re etsa sekao sa ga Jesu, re tla tlhopha gore dilo tse batho ba bangwe ba di tlhokang di tle pele ga tse rona re di tlhokang. Nako nngwe fa Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba lapile ba ne ba ya kwa lefelong lengwe le le didimetseng ba batla go ikhutsa. Le fa go ntse jalo, ga ba a ka ba kgona go ikhutsa. Batho ba bantsi ba ne ba ya kwa go bone ka gonne ba ne ba batla gore Jesu a ba rute. Mme Jesu ga a ka a galefa. Go na le moo, o ne a ba tlhomogela pelo. Jesu o ne a dira eng? “O ne a simolola go ba ruta dilo di le dintsi.” (Mar. 6:30-34) Fa re etsa Jesu ka go dirisa nako ya rona le maatla a rona gore re thuse batho ba bangwe, re galaletsa Rraarona yo o kwa legodimong. (Math. 5:14-16) Gape re bontsha Jehofa gore re batla go nna karolo ya lelapa la gagwe.

9. Batsadi ba tshwanetse go nna ba gopotse eng?

9 Jehofa o neile batho bokgoni jwa go nna le bana le boikarabelo jwa go ba ruta go mo rata le go mo direla. Fa e le gore o motsadi, a o lebogela mpho eno e e molemo? Le fa Jehofa a segofaditse baengele thata, ga a ba naya tshiamelo ya go nna le bana. Go ka nna molemo gore batsadi ba nne ba gopotse kgang eno mme ba anaanele tshiamelo e ba e neilweng. Batsadi ba neilwe maikarabelo a a botlhokwa a go godisa bana ba bone “ka go ba otlhaya le go ba kaela ka tsela e Jehofa a batlang ka yone.” (Baef. 6:4; Dute. 6:5-7; Pes. 127:3) Phuthego ya Modimo e thusa batsadi ka go ba naya dithulusu tse dintsi tse di theilweng mo Baebeleng tse di jaaka dikgatiso, dibidio, mmino le ditlhogo tse di mo website ya rona. Go bonala sentle gore Rraarona yo o kwa legodimong le Morwawe ba rata bana. (Luke 18:15-17) Fa batsadi ba ikaega ka Jehofa e bile ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go tlhokomela bana ba bone, Jehofa o a itumela. Batsadi ba ba dirang jalo, ba naya bana ba bone tshono ya gore e nne karolo ya lelapa la ga Jehofa ka bosakhutleng.

10-11. Jehofa o dirile gore re nne le tshono efe ka ntlha ya thekololo?

10 Jehofa o ntshitse botshelo jwa Morwawe yo a mo ratang thata gore re kgone go nna karolo ya lelapa la Gagwe gape. Jaaka re bone mo go serapa 4, fa Adame le Efa ba ne ba leofa, bone le bana ba bone ba ne ba latlhegelwa ke tshiamelo ya go nna karolo ya lelapa la ga Jehofa. (Bar. 5:12) Adame le Efa ba ile ba se ka ba ikobela Modimo ka boomo, ka jalo ga ba a ka ba tlhola ba nna karolo ya lelapa la gagwe. Mme go ne go tla direga eng ka bana ba bone? E re ka Jehofa a rata batho, o ne a dira thulaganyo ya gore bana ba bone ba ba neng ba tla mo ikobela e nne karolo ya lelapa la gagwe. O ne a dira seo ka setlhabelo sa Morwawe yo o tshotsweng a le esi e bong Jesu Keresete. (Joh. 3:16; Bar. 5:19) Setlhabelo sa ga Jesu se dirile gore batho ba le 144 000 ba ba ikanyegang e nne bana ba Modimo.—Bar. 8:15-17; Tshen. 14:1.

11 Mo godimo ga moo, batho ba bangwe ba ba ikanyegang ba le dimilione ba dira thato ya Modimo. Ba na le tsholofelo ya go nna karolo ya lelapa la Modimo ka bosakhutleng morago ga teko ya bofelo kwa bokhutlong jwa dingwaga di le sekete. (Pes. 25:14; Bar. 8:20, 21) Tsholofelo eo e dira gore le e leng gone jaanong ba bitse Mmopi wa bone e bong Jehofa ba re “Rraarona.” (Math. 6:9) Ba ba tlileng go tsosiwa le bone ba tla nna le tshono ya go ithuta gore ke eng se Jehofa a batlang gore ba se dire. Ba ba tlhophang go mo ikobela le bone ba tla nna le tshiamelo ya go nna karolo ya lelapa la gagwe.

12. Re tlile go araba potso efe?

12 Jaaka re bone, Jehofa o dirile dilo tse dintsi tse di bontshang gore o tsaya batho ba le botlhokwa. O setse a dirile gore batho bangwe ba ba tloditsweng e nne bana ba gagwe e bile o neile “boidiidi jo bogolo” tsholofelo ya go nna bana ba gagwe ka bosakhutleng mo lefatsheng le lesha. (Tshen. 7:9) Re ka dira eng gone jaanong go bontsha Jehofa gore re batla go nna karolo ya lelapa la gagwe ka bosakhutleng?

BONTSHA JEHOFA GORE O BATLA GO NNA KAROLO YA LELAPA LA GAGWE

13. Re ka dira eng gore re nne karolo ya lelapa la Modimo? (Mareko 12:30)

13 Bontsha gore o rata Jehofa ka go mo direla ka pelo yotlhe. (Bala Mareko 12:30.) Modimo o re neile dimpho tse dintsi mme gongwe mpho e kgolo mo go tsone ke bokgoni jwa go mo obamela. Re bontsha Jehofa gore re a mo rata fa re “ikobela ditaelo tsa gagwe.” (1 Joh. 5:3) Jesu o ne a bua se Rraagwe a neng a batla gore a se bue fa a ne a re laela gore re dire barutwa re bo re ba kolobetse. (Math. 28:19) Gape o re laetse gore re ratane. (Joh. 13:35) Jehofa o tla dira gore batho ba ba ikobelang ditaelo tsa gagwe e nne lelapa la batho ba ba mo obamelang mo lefatsheng lotlhe.—Pes. 15:1, 2.

14. Re ka bontsha batho ba bangwe jang gore re a ba rata? (Mathaio 9:36-38; Baroma 12:10)

14 Bontsha batho ba bangwe gore o a ba rata. Lorato ke nonofo e e botlhokwa thata ya ga Jehofa. (1 Joh. 4:8) Jehofa o re bontshitse gore o a re rata, tota le e leng pele re mo itse. (1 Joh. 4:9, 10) Fa re bontsha batho ba bangwe gore re a ba rata re a bo re mo etsa. (Baef. 5:1) Tsela e nngwe e re bontshang batho ba bangwe ka yone gore re a ba rata ke ka go ba thusa go itse ka ga Jehofa go sa ntse go na le nako. (Bala Mathaio 9:36-38.) Fa re dira jalo, re ba naya tshono ya gore ba nne karolo ya lelapa la ga Jehofa. Fa motho a sena go kolobediwa, re tshwanetse go tswelela re mo rata le go mo tlotla. (1 Joh. 4:20, 21) Re ka dira seno jang? Tsela e nngwe ke ka go bontsha gore re a mo tshepa. Ka sekai, fa a dirile sengwe ga re ka ke ra akanya gore o se dirile ka ntlha ya mabaka a a sa siamang. Go na le moo, re tla tlotla mokaulengwe wa rona go feta ka tsela e re itlotlang ka yone.—Bala Baroma 12:10; Bafil. 2:3.

15. Ke bomang ba re tshwanetseng go nna pelonomi mo go bone le go ba utlwela botlhoko?

15 Nna pelonomi mo bathong botlhe o bo o ba utlwele botlhoko. Fa e le gore re batla go nna karolo ya lelapa la ga Jehofa ka bosakhutleng, re tshwanetse go dirisa Lefoko la Modimo mo matshelong a rona. Ka sekai, Jesu o ne a re ruta gore re tshwanetse go nna pelonomi mo bathong botlhe le go ba utlwela botlhoko, tota le baba ba rona. (Luke 6:32-36) Ka dinako dingwe re ka fitlhela go le thata go dira jalo. Fa e le gore go ntse jalo, re tshwanetse go ithuta go akanya le go dira dilo jaaka Jesu. Fa re dira sotlhe se re ka se kgonang go ikobela Jehofa le go etsa Jesu, re bontsha Rraarona yo o kwa legodimong gore re batla go nna karolo ya lelapa la gagwe ka bosakhutleng.

16. Re ka dira jang gore leina la lelapa la ga Jehofa le se ka la senngwa?

16 Dira gore leina la lelapa la ga Jehofa le se ka la senngwa. Gantsi mo lelapeng, mosimanyana o a tle a etse mogolowe. Ka jalo, fa morwa yo mogolo a dirisa melaometheo ya Baebele mo botshelong jwa gagwe, o tla tlhomela monnawe sekao se se molemo. Mme fa a dira dilo tse di sa siamang, monnawe a ka latela sekao sa gagwe se se sa siamang. Go direga se se tshwanang le mo lelapeng la ga Jehofa. Fa Mokeresete yo o neng a ikanyega a simolola go nna motlhanogi kgotsa a tlhopha go dira boitsholo jo bo sa siamang kgotsa go tshela ka tsela e e sa dumalaneng le melaometheo ya Baebele, batho ba bangwe ba ka nna ba mo etsa. Batho ba ba dirang jalo ba senya leina la lelapa la ga Jehofa. (1 Bathes. 4:3-8) Ga re a tshwanela go latela dikao tse di sa siamang kgotsa ra letla sepe fela se re kgaoganya le Rraarona yo o lorato yo o kwa legodimong.

17. Re tshwanetse go tila go akanya ka tsela efe, mme ka ntlha yang?

17 Ikanye Jehofa e seng dilo tse di bonalang. Jehofa o solofetsa gore o tla re naya dijo, diaparo le bonno fa re batla Bogosi pele le fa re tshela go dumalana le melao ya gagwe e e siameng. (Pes. 55:22; Math. 6:33) Fa re dumela tsholofetso eo, ga re kitla re akanya gore dilo tse di bonalang tsa lefatshe leno di tla re sireletsa le gore di tla dira gore re itumele. Re a itse gore go dira thato ya ga Jehofa ke gone fela go ka dirang gore re nne le kagiso ya mmatota. (Bafil. 4:6, 7) Tota le fa re na le madi a go reka dilo tse dintsi, re tshwanetse go ipotsa gore a tota re tla nna le nako kgotsa maatla a go di dirisa le gore a re tla kgona go di tlhokomela. Kgotsa a re tla di rata thata? Re tshwanetse go gopola gore Modimo o re neile tiro e re tshwanetseng go e dira mo lelapeng la gagwe. Seo se raya gore ga re a tshwanela go itetla go iteega tsebe. Ga re batle go tshwana le lekawana le le neng le rata dilo tse le nang le tsone thata jaana mo e leng gore le ne la dira tshwetso ya gore le se ka la latela Jesu. Ka jalo, le ne la latlhegelwa ke tshono ya go direla Jehofa le go nna mongwe wa bana ba gagwe.—Mar. 10:17-22.

SE BANA BA GA JEHOFA BA TLA SE ITUMELELANG KA BOSAKHUTLENG

18. Batho ba ba ikobelang Jehofa ba tlile go nna le tshiamelo efe le masego afe ka bosakhutleng?

18 Batho ba ba ikobelang Jehofa ba tla itumelela tshiamelo e e di gaisang tsotlhe ya go mo rata le go mo obamela ka bosakhutleng! Selo se sengwe se batho ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ba tla se itumelelang, ke go tlhokomela lefatshe le Jehofa a ba diretseng lone gore e nne legae la bone. Go ise go ye kae, Bogosi Jwa Modimo bo tlile go dira gore sengwe le sengwe se se mo lefatsheng se nne sentle gape. Jesu o tlile go rarabolola mathata otlhe a Adame le Efa ba a bakileng fa ba ne ba dira tshwetso ya go tlogela lelapa la Modimo. Jehofa o tla tsosa dimilionemilione tsa batho a bo a ba naya tshono ya go tshela ka bosakhutleng ba na le botsogo jo bontle e bile ba tshela mo lefatsheng le le tla bong le dirilwe paradaise. (Luke 23:42, 43) Fa batho ba ba direlang Jehofa ba sa tlhole ba na le boleo, ba tla nna le “kgalalelo le bontlentle” jo Dafide a neng a bua ka jone.—Pes. 8:5.

19. Re tshwanetse go nna re gopotse eng?

19 Fa e le gore o mongwe wa ba “boidiidi jo bogolo” o na le tsholofelo e e itumedisang. Modimo o a go rata e bile o batla gore o nne karolo ya lelapa la gagwe. Ka jalo, dira sotlhe se o ka se kgonang gore o mo itumedise. Nna o akantse ka ditsholofetso tse Jehofa a re solofetsang tsone letsatsi le letsatsi. Tsaya tshiamelo ya go direla Rraarona yo o kwa legodimong e le botlhokwa thata mme o itumelele tsholofelo ya go mmaka ka bosakhutleng.

PINA 107 Sekao sa Modimo sa Lorato

^ ser. 5 Gore dilo di tsamaye sentle mo lelapeng, mongwe le mongwe o tshwanetse go itse gore go lebeletswe gore a dire eng e bile o tshwanetse go dirisana sentle le ba bangwe mo lelapeng. Rre o etelela lelapa pele ka lorato, mmê o mo ema nôkeng mme bana ba ikobela batsadi ba bone. Go direga se se tshwanang mo lelapeng la ga Jehofa. Go na le lebaka la go bo Modimo a re bopile mme fa re dirisana le ene re tlile go nna karolo ya lelapa la gagwe ka bosakhutleng.

^ ser. 55 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: E re ka banyalani bano ba bopilwe mo setshwanong sa Modimo, ba a ratana e bile ba a akanyetsana. Mo godimo ga moo ba rata bana ba bone e bile ba a ba akanyetsa. Banyalani bano ba rata Jehofa. Mpho ya go nna le bana e ba naya tshono ya gore ba thuse bana ba bone go rata Jehofa le go mo direla. Batsadi bano ba dirisa bidio go tlhalosetsa bana ba bone gore ke eng fa Jehofa a ntshitse botshelo jwa ga Jesu go re rekolola. Gape ba ba ruta gore kwa Paradaiseng re tlile go tlhokomela lefatshe le diphologolo ka bosakhutleng.