Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 33

Jehofa o Bona se se Diragalelang Batho ba Gagwe

Jehofa o Bona se se Diragalelang Batho ba Gagwe

“Leitlho la ga Jehofa le lebile ba ba mmoifang.”​—PES. 33:18.

PINA 4 “Jehofa ke Modisa wa Me”

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Goreng Jesu a ne a kopa Jehofa gore a sireletse balatedi ba gagwe?

 MO BOSIGONG jwa pele ga Jesu a swa, o ne a kopa sengwe sa botlhokwa mo go Rraagwe yo o kwa legodimong. O ne a kopa Jehofa gore a sireletse balatedi ba gagwe. (Joh. 17:15, 20) Boammaaruri ke gore Jehofa ga a bolo go bona se se diragalelang batlhanka ba gagwe e bile o ntse a ba tlhokomela le go ba sireletsa. Mme gone, Jesu o ne a itse gore Satane o ne a tla tlhasela balatedi ba gagwe setlhogo. Gape Jesu o ne a itse gore ba ne ba tla tlhoka gore Jehofa a ba thuse go fenya diteko tse Diabolo a neng a tla ba leka ka tsone.

2. Go ya ka Pesalema 33:18-20 goreng re sa tshwanela go boifa fa re na le mathata?

2 Lefatshe leno la ga Satane le bakela batlhanka ba Modimo mathata a mantsi gompieno. Re tlhagelwa ke mathata a a ka re kgobang marapo a bo a dira gore go nne thata gore re tswelele re ikanyega mo go Jehofa. Le fa go ntse jalo, setlhogo seno se tla re bontsha gore ga re a tshwanela go boifa. Jehofa o bona mathata a a re tlhagelang e bile o batla go re thusa. A re boneng dikai tsa batho ba babedi ba go buiwang ka bone mo Baebeleng tse di bontshang gore Jehofa o “lebile ba ba mmoifang.”—Bala Pesalema 33:18-20.

FA RE IKUTLWA RE LE NOSI

3. Ke eng se se ka dirang gore re ikutlwe re le nosi?

3 Le fa re na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi, ka dinako dingwe re ka ikutlwa re le nosi. Ka sekai, basha ba ka akanya gore ga go na ope yo o ka ba thusang fa ba tlhalosa se ba se dumelang kwa sekolong kgotsa fa ba fudugela kwa phuthegong e nngwe. Bangwe ba rona re ka tswa re utlwile botlhoko kgotsa re kgobegile marapo re akanya gore ga go na ope yo o ka re thusang go itshokela maikutlo ano. Re ka nna ra tshaba go bolelela ba bangwe kafa re ikutlwang ka gone ka gonne re akanya gore ba ka se re tlhaloganye. E bile ka dinako dingwe re ka nna ra akanya gore ga go na ope yo o re kgathalelang. Fa go na le sengwe se se dirang gore o ikutlwe o le nosi, o ka nna wa tlalelwa kgotsa wa tlhobaela. Jehofa ga a batle gore o ikutlwe jalo. Goreng re rialo?

4. Goreng moporofeti Elija a ne a re: “Go setse nna fela ke le nosi”?

4 Akanya ka sekao sa monna yo o ikanyegang e bong Elija. Jesebele o ne a ikanne gore o tlile go mmolaya, ka jalo o ne a fetsa malatsi a feta 40 a ntse a sia. (1 Dikg. 19:1-9) Fa a ne a le nosi mo legageng, o ne a bolelela Jehofa a re: “Go setse nna fela [moporofeti] ke le nosi.” (1 Dikg. 19:10) Go ne go na le baporofeti ba bangwe mo nageng eo. Obadia o ne a fitlhile baporofeti ba bangwe ba ba 100 gore Jesebele a se ka a ba bolaya. (1 Dikg. 18:7, 13) Jaanong goreng Elija a ne a ikutlwa a le nosi? A o ne a sa itse gore go na le baporofeti ba Obadia a ba fitlhileng? A gongwe o ne a ikutlwa a le nosi ka gonne go ne go se na ope yo o simolotseng go direla Jehofa, le fa gone a ne a sa tswa go ba bontsha gore ke ene Modimo wa boammaaruri kwa Thabeng ya Karemele? A o ne a akanya gore ga go na ope yo o itseng gore botshelo jwa gagwe bo mo kotsing, le gore ga go na ope yo o mo kgathalelang? Pego eno ga e re bolelele ka botlalo gore Elija o ne a ikutlwa jang. Se re se itseng ke gore Jehofa o ne a tlhaloganya lebaka la go bo Elija a ne a ikutlwa jalo e bile o ne a itse gore a ka mo thusa jang.

Tsela e Jehofa a thusitseng Elija ka yone e ka re gomotsa jang fa re ikutlwa re le nosi? (Bona serapa 5-6)

5. Jehofa o thusitse Elija jang gore a bone gore ga a nosi?

5 Jehofa o ile a thusa Elija ka ditsela di le mmalwa. O ne a mo kgothaletsa gore a bue. O ne a botsa Elija jaana ka makgetlo a le mabedi: “O dira eng fano, Elija?” (1 Dikg. 19:9, 13) Nako le nako fa Elija a ne a mmolelela gore o ikutlwa jang, Jehofa o ne a mo reetsa. Jehofa o ne a bontsha Elija gore o na le maatla le gore o na le ene. Gape o ne a mmolelela gore go na le Baiseraele ba bangwe ba bantsi ba ba mo obamelang. (1 Dikg. 19:11, 12, 18) Ga go pelaelo gore Elija o ne a ikutlwa a imologile fa a sena go bolelela Jehofa kafa a ikutlwang ka gone, le fa a sena go utlwa kafa Jehofa a neng a mo araba ka gone. Jehofa o ne a naya Elija dikabelo di le mmalwa tse di botlhokwa. O ne a mmolelela gore a tlotse Hasaele gore e nne kgosi ya Siria, a tlotse Jehu gore e nne kgosi ya Iseraele a bo a tlotse Elisha gore e nne moporofeti. (1 Dikg. 19:15, 16) Fa Jehofa a ne a naya Elija dikabelo tseno, o ne a mo thusa gore a tlhome mogopolo mo dilong tse di molemo. Gape o ne a mo naya tsala, e bong Elisha. Ke eng se o ka se dirang gore Jehofa a go thuse fa o ikutlwa o le nosi?

6. O ka rapelela eng fa o ikutlwa o le nosi? (Pesalema 62:8)

6 Jehofa o batla gore o mo rapele. O bona mathata a o nang le one e bile o go netefaletsa gore o tla go reetsa nako nngwe le nngwe fa o mo rapela. (1 Bathes. 5:17) O itumelela go reetsa dithapelo tsa baobamedi ba gagwe. (Diane 15:8) O ka rapelela eng fa o ikutlwa o le nosi? Bolelela Jehofa sengwe le sengwe se se mo pelong ya gago fela jaaka Elija a ne a dira. (Bala Pesalema 62:8.) Mmolelele gore o tshwenyegile ka eng le gore o ikutlwa jang. Kopa Jehofa gore a go thuse go itse se o ka se dirang fa o ikutlwa o le nosi kgotsa o utlwile botlhoko. Ka sekai, fa o ikutlwa o boifa go araba dipotso tse bana ba o tsenang sekolo le bone ba go botsang tsone, kopa Jehofa gore a go neye bopelokgale jwa gore o kgone go ba araba. Gape mo kope gore a go thuse go ba araba ka botlhale fa ba go botsa ka sengwe se o se dumelang. (Luke 21:14, 15) Fa o ikutlwa o gateletswe mo maikutlong, kopa Jehofa gore a go thuse go bua le Mokeresete yo o nang le tumelo e e nonofileng. Mo kope gore a thuse Mokeresete yoo go tlhaloganya tsela e o ikutlwang ka yone. Bolelela Jehofa se se mo pelong ya gago, o bo o leke go bona kafa a arabang dithapelo tsa gago ka gone, mme o amogele thuso e o e newang ke batho ba bangwe. Fa o dira jalo, o ka se ikutlwe o le nosi.

A o batla ditsela tsa go oketsa bodiredi jwa gago le go dira mmogo le ba bangwe? (Bona serapa 7)

7. Re ithuta eng mo sekaong sa ga Mauricio?

7 Jehofa o re neile tiro ya botlhokwa e re tshwanetseng go e dira. Se belaele gore Jehofa o bona sotlhe se o se dirang mo phuthegong le mo bodireding e bile o tsaya seo se le botlhokwa. (Pes. 110:3) Go nna o tshwaregile mo tirong eno go ka go thusa jang fa o ikutlwa o le nosi? Akanya ka sekao sa mokaulengwe yo mosha yo o bidiwang Mauricio. * Nakwana fela morago ga gore mokaulengwe yono a kolobediwe, nngwe ya ditsala tsa gagwe e ne ya simolola go tlogela boammaaruri. Mauricio a re: “Fa ke mmona a katogela kgakala le Jehofa, seo se ne sa dira gore ke se ka ka tlhola ke itshepa. Ke ne ke ipotsa gore a ke tla kgona go diragatsa maikano a me a go direla Jehofa le gore a ke tla tswelela ke le mo lelapeng la gagwe. Ke ne ke ikutlwa ke le nosi e bile ke akanya gore ga go na ope yo o ka tlhaloganyang kafa ke ikutlwang ka gone.” Ke eng se se thusitseng Mauricio? A re: “Ke ne ka dira mo go oketsegileng mo bodireding. Seo se ne sa nthusa gore ke se ka ka nnela go akanya ka tsela e ke neng ke ikutlwa ka yone. Fa ke ne ke bereka le ba bangwe kwa bodireding, ke ne ke itumela e bile ka sa ikutlwe ke le nosi.” Tota le fa rona le badumedimmogo le rona re sa kgone go rerela batho ka ntlo le ntlo, re kgothadiwa ke go rera le bone ka founo kgotsa ka makwalo. Ke eng gape se se neng sa thusa Mauricio? O tswelela ka gore: “Ke ne ka dira ditiro tse dingwe mo phuthegong. Gape ke ne ka dira sotlhe se nka se kgonang go baakanyetsa le go neela dikabelo tse ke neng ke na le tsone. Seo se ne sa dira gore ke ikutlwe ke ratiwa ke Jehofa le ke batho ba bangwe.”

FA DITEKO TSE DI BOIMA DI RE KGOBA MARAPO

8. Re ka ikutlwa jang fa re tlhagelwa ke diteko tse di boima?

8 Re a itse gore re tlile go nna le diteko mo malatsing ano a bofelo. (2 Tim. 3:1) Le fa go ntse jalo, re ka nna ra gakgamala fa re tlelwa ke teko nngwe e e rileng kgotsa e tla re sa e lebelela. Ka tshoganyetso fela, re ka nna ra iphitlhela re na le mathata a tsa madi, ra bolelelwa gore re na le bolwetse bongwe jo bo masisi kgotsa ra tlhokafalelwa ke mongwe yo re mo ratang. Fa seo se direga, re ka nna ra ikutlwa re kgobegile marapo kgotsa re tlaletswe, segolobogolo fa go lebega e kete diteko di tla di tlhomagane kgotsa di tla di le dintsi ka nako e le nngwe. Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go lebala gore Jehofa o bona sengwe le sengwe se se re diragalelang e bile o tla re thusa gore re kgone go itshokela teko nngwe le nngwe ka bopelokgale.

9. Ke diteko dife tse di neng tsa tlhagela Jobe?

9 Akanya kafa Jehofa a thusitseng motlhanka wa gagwe yo o ikanyegang e bong Jobe ka gone. O ne a tlhagelwa ke diteko tse dintsi tse di boima mo nakong e khutshwane. Mo letsatsing le le lengwe fela, Jobe o ne a bolelelwa gore leruo lotlhe la gagwe le ne le utswitswe kgotsa le bolailwe, le gore batlhanka ba gagwe le bana ba gagwe botlhe ba ne ba bolailwe. (Jobe 1:13-19) Fa Jobe a sa ntse a le mo khutsafalong o ne a tshwarwa ke bolwetse jo bo botlhoko e bile bo ne bo mo senya letlalo. (Jobe 2:7) Boemo jwa ga Jobe bo ne bo le maswe thata jaana mo a neng a re: “Ke tlhoile botshelo jwa me; ga ke batle go tswelela ke tshela.”—Jobe 7:16.

Jehofa o bolelela Jobe gore o tlhokomela dilo tsotlhe tse a di bopileng gore Jobe a bone gore o a mo rata le gore o tla mo tlhokomela (Bona serapa 10)

10. Jehofa o thusitse jang Jobe gore a kgone go itshokela diteko? (Bona setshwantsho se se mo khabareng.)

10 Jehofa o ne a bona se se neng se diragalela Jobe. E re ka a ne a mo rata, o ne a mo naya se a neng a se tlhoka gore a kgone go itshokela diteko tsa gagwe. Jehofa o ne a gopotsa Jobe gore botlhale jwa Gagwe bo bogolo le gore o kgathalela dibopiwa tsa Gagwe. O ne a mmolelela ka diphologolo tse dintsi tse di jesang kgakge. (Jobe 38:1, 2; 39:9, 13, 19, 27; 40:15; 41:1, 2) Gape o ne a dirisa lekawana le le ikanyegang e bong Elihu gore a kgothatse Jobe a bo a mo gomotse. Elihu o ne a mmolelela gore Jehofa o duela baobamedi ba gagwe fa ba itshoka. Jehofa o ne a dira gore Elihu a neye Jobe kgakololo ka lorato. Elihu o ne a thusa Jobe gore a tlogele go nnela go akanya ka se se neng se mo diragalela, e bile o ne a mo gopotsa gore re bannye thata fa re bapisiwa le Jehofa Mmopi wa legodimo le lefatshe. (Jobe 37:14) Gape Jehofa o ne a laela Jobe gore a dire sengwe. O ne a re a rapelele ditsala tsa gagwe tse tharo tse di neng di leofile. (Jobe 42:8-10) Jehofa o re ema nôkeng jang gompieno fa re tlhagelwa ke diteko tse di boima?

11. Baebele e re thusa jang fa re tlhagelwa ke diteko?

11 Jehofa ga a bue le rona ka tlhamalalo jaaka a ne a bua le Jobe, mme o dirisa Lefoko la Gagwe e leng Baebele go bua le rona. (Bar. 15:4) O re gomotsa ka go re naya tsholofelo ka bokamoso. Akanya ka dintlha di le mmalwa tse di tswang mo Baebeleng tse di ka re gomotsang fa re tlhagelwa ke diteko. Jehofa o dirisa Lefoko la Gagwe go re netefaletsa gore ga go na sepe se se ka dirang gore “a se ka a tlhola a re rata,” tota le fa re ka tlhagelwa ke diteko tse di boima. (Bar. 8:38, 39) Gape o re netefaletsa gore “o gaufi le botlhe ba ba mmitsang” ka go mo rapela. (Pes. 145:18) Jehofa o re bolelela gore fa re ikaega ka ene, re ka kgona go itshokela diteko dipe fela tse di ka re tlhagelang e bile re ka itumela le fa re boga. (1 Bakor. 10:13; Jak. 1:2, 12) Gape Lefoko la Modimo le re bolelela gore diteko tse re nnang le tsone ke tsa nakwana fa di bapisiwa le masego a a nnelang ruri a Modimo a solofetsang go re naya one. (2 Bakor. 4:16-18) Jehofa o re solofetsa gore o tla senya Satane Diabolo le batho ba ba bosula jaaka ene ka gonne ke bone ba ba re bakelang mathata. (Pes. 37:10) A go na le ditemana tsa Baebele tse di gomotsang tse o di tshwereng ka tlhogo, tse di tla go thusang gore o kgone go itshokela diteko mo nakong e e tlang?

12. Jehofa o batla gore re dire eng gore Lefoko la gagwe le kgone go re solegela molemo?

12 Jehofa o batla gore re ipeele nako ya go ithuta Baebele ka metlha le go akanyetsa kwa teng ka se re se balang. Fa re dirisa se re ithutang sone, tumelo ya rona e tla nonofa e bile re tla atamalana le Rraarona yo o kwa legodimong. Fa re dira jalo re tla kgona go itshokela diteko. Mme gape, Jehofa o naya ba ba ikaegang ka Lefoko la gagwe moya wa gagwe o o boitshepo. Moya oo o re naya “maatla a a sa tlwaelegang” gore re kgone go itshokela teko nngwe le nngwe.—2 Bakor. 4:7-10.

13. Tshedimosetso e e mo Baebeleng e re e newang ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” e re thusa jang gore re kgone go itshokela diteko?

13 Jehofa o thusa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” go rulaganya ditlhogo tse dintsi, dibidio le mmino tse di ka re thusang gore re nne le tumelo e e nonofileng le gore re nne re atamalane le ene. (Math. 24:45) Re tshwanetse go dirisa dilo tseno tse Jehofa a re nayang tsone. Kgaitsadi mongwe wa kwa United States o ne a tlhalosa gore o itumelela tshedimosetso yotlhe e Jehofa a re nayang yone gore re kgone go atamalana le ene. A re: “Ke na le dingwaga di le 40 ke direla Jehofa, mme mo dingwageng tseo tsotlhe tsela e ke ikanyang Jehofa ka yone e ne ya lekiwa gagwe le gape.” O ne a tlhagelwa ke diteko tse di boima, rraagwemogolo o ne a bolawa ke motho yo o neng a kgweetsa a tagilwe, batsadi ba gagwe ba ne ba bolawa ke bolwetse jo bo kotsi, mme ene o ne a tshwarwa ke kankere gabedi. Ke eng se se mo thusitseng gore a itshoke? A re: “Ka metlha Jehofa o ne a ntlhokomela. Tshedimosetso e a neng a nnaya yone a dirisa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale, e ne ya nthusa gore ke kgone go itshoka. E dira gore ke kgona go bua fela jaaka Jobe ke re: ‘Ke tla tswelela ke ikanyega mo Modimong go fitlha ke swa!’”—Jobe 27:5.

Re ka thusa ba bangwe jang mo phuthegong? (Bona serapa 14)

14. Jehofa o dirisa bakaulengwe le bokgaitsadi jang go re thusa fa re na le diteko? (1 Bathesalonika 4:9)

14 Jehofa o rutile batho ba gagwe gore ba ratane le gore ba gomotsane ka dinako tsa mathata. (2 Bakor. 1:3, 4; bala 1 Bathesalonika 4:9.) Fela jaaka Elihu, bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ikemiseditse go re thusa gore re nne re ikanyega fa re lebana le mathata. (Dit. 14:22) Ka sekai, akanya kafa bakaulengwe le bokgaitsadi ba phuthego ya gaabo kgaitsadi Diane ba ileng ba mo kgothatsa ba bo ba mo thusa ka gone gore a tswelele a atamalane le Jehofa fa monna wa gagwe a ne a lwala thata. A re: “Go ne go le thata. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a re thusa ka dinako tseo tse di thata. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba re thusa ka ditsela tse dintsi. Ba ne ba re etela, ba re founela ba bo ba re haka, mme seo se ne sa re thusa gore re kgone go itshoka. E re ka ke sa itse go kgweetsa, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba nthusa gore ke kgone go ya dipokanong le go ya tshimong.” Ruri go a itumedisa go nna karolo ya lelapa le le lorato jaana la bakaulengwe le bokgaitsadi!

RE ITUMELELA GO BO JEHOFA A RE THUSA KA LORATO

15. Goreng re ka tlhatswega pelo gore re ka kgona go itshokela diteko?

15 Rotlhe re tlile go lekiwa ka tsela nngwe. Mme jaaka re ithutile, ga re kitla re tlhoka go itshokela mathata ao re le nosi. Fela jaaka rre yo o lorato, ka metlha Jehofa o a re tlhokomela. O gaufi le rona e bile o ikemiseditse go re thusa le go re ema nôkeng. (Isa. 43:2) Re tlhatswegile pelo gore re ka kgona go itshokela diteko ka gonne Jehofa o tla re naya sengwe le sengwe se re se tlhokang gore re kgone go itshoka. O re neile mpho ya go bua le ene ka thapelo, Lefoko la gagwe e leng Baebele, tshedimosetso e re e newang ke motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba lorato ba ba tla re thusang fa re na le mathata.

16. Re ka dira eng gore Jehofa a tswelele a re tlhokomela?

16 Ruri re itumelela go bo re na le Rre yo o re tlhokomelang yo o kwa legodimong! “Dipelo tsa rona di a mo itumelela.” (Pes. 33:21) Re ka bontsha Jehofa gore re lebogela sengwe le sengwe se a re direlang sone ka go dirisa dilo tse a re thusang ka tsone. Gape re tla dira sotlhe se re ka se kgonang go ikobela Jehofa le go dira se a reng se siame gore a tswelele a re sireleditse.—1 Pet. 3:12.

PINA 30 Rre, Modimo Wa me Le Tsala ya Me

^ Re tlhoka gore Jehofa a re thuse go fenya mathata a re nnang le one gompieno. Setlhogo seno se tlile go re gopotsa gore Jehofa o bona se se diragalelang batho ba gagwe. O bona mathata a mongwe le mongwe wa rona a nang le one e bile o re naya se re se tlhokang gore re kgone go a fenya.

^ Maina mangwe a fetotswe.