Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 34

Tswelela o “Tsamaya mo Boammaaruring”

Tswelela o “Tsamaya mo Boammaaruring”

“[Tswelela o] tsamaya mo boammaaruring.”​—3 JOH. 4.

PINA 111 Mabaka a Rona a go Ipela

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Re solegelwa molemo jang ke go bolelela ba bangwe se se dirileng gore re itse ‘boammaaruri’?

 “GO TLILE jang gore o itse boammaaruri?” O ka tswa o kile wa bodiwa potso eo gantsi. Eo ke nngwe ya dipotso tse re di botsang mokaulengwe kgotsa kgaitsadi fa re batla go mo itse. Re itumelela go itse gore go tlile jang gore ba itse Jehofa le gore ba mo rate, e bile le rona re itumelela go ba bolelela gore go tlile jang gore re itse boammaaruri. (Bar. 1:11) Metlotlo eo e re thusa gore re nne re akanya ka se se dirileng gore re rate boammaaruri. E bile e dira gore re ikemisetse le go feta go nna re “tsamaya mo boammaaruring” kgotsa go tswelela re tshela ka tsela e e tla dirang gore Jehofa a re segofatse a bo a re amogele.—3 Joh. 4.

2. Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?

2 Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka mangwe a mabaka a a dirileng gore re rate boammaaruri. Go tswa foo, re tlile go sekaseka se re ka se dirang gore re tswelele re bontsha gore re rata mpho eno ya boammaaruri. Seo se tla re thusa gore re lebogele go bo Jehofa a re gogetse mo boammaaruring. (Joh. 6:44) Gape se tla re thusa gore re batle go ruta batho ba bangwe boammaaruri jo bo mo Baebeleng.

GORENG RE RATA ‘BOAMMAARURI’?

3. Lebaka la botlhokwa thata la go bo re rata boammaaruri ke lefe?

3 Re na le mabaka a le mantsi a go bo re rata boammaaruri. Lebaka la botlhokwa thata ke gore re rata Jehofa Modimo ka gonne boammaaruri bo tswa kwa go ene. Lefoko la gagwe e leng Baebele le re thusitse gore re itse gore ke ene Mmopi wa legodimo le lefatshe, le gore ke Rraarona yo o kwa legodimong yo o re kgathalelang. (1 Pet. 5:7) Re a itse gore ke Modimo yo o “kutlwelobotlhoko le yo o pelotlhomogi, yo o sa galefeng ka bonako le yo o nang le lorato lo logolo lo lo sa kgaotseng le boammaaruri.” (Ekes. 34:6) Jehofa o rata tshiamiso. (Isa. 61:8) O utlwa botlhoko tota fa a re bona re boga, e bile o beile nako e ka yone a tla tlosang dilo tsotlhe tse di re bogisang. (Jer. 29:11) Ruri re lebile pele go itumelela botshelo mo nakong eo! Leno ke lengwe la mabaka a a dirang gore re rate Jehofa fela thata.

Boammaaruri Jo bo Mo Baebeleng bo Tshwana le . . . Tshetledi

Fela jaaka tshetledi e thusa mokoro gore o nne o eme, tsholofelo e re nang le yone e e theilweng mo Baebele e re thusa gore re ritibale fa re na le mathata. Boammaaruri jo bo mo Baebeleng bo tla re thusa gore re kgone go bolelela batho ka tsholofelo e re nang le yone ka se se tla diregang mo nakong e e tlang (Bona serapa 4-7)

4-5. Goreng moaposetoloi Paulo a ne a tshwantsha tsholofelo ya rona le tshetledi?

4 Re na le lebaka lefe le lengwe la go bo re rata boammaaruri? Boammaaruri bo re solegela molemo. Ka sekai, bo re naya tsholofelo ka bokamoso. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala mafoko ano go re bontsha botlhokwa jwa tsholofelo eo: “Tsholofelo eno ke tshetledi ya matshelo a rona e e re thusang go nna re nonofile re sa belaele sepe.” (Baheb. 6:19) Fela jaaka tshetledi e thusa mokoro gore o nne o eme, tsholofelo e re nang le yone e e theilweng mo Baebeleng e re thusa gore re ritibale fa re na le mathata.

5 Fa Paulo a bua mafoko a temana eo, o ne a tlhalosa tsholofelo ya go tshela kwa legodimong e Bakeresete ba ba tloditsweng ba nang le yone. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba ba lebileng pele go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise le bone ba ka solegelwa molemo ke mafoko ao. (Joh. 3:16) Boammaaruri ke gore go ithuta ka tsholofelo ya go tshelela ruri go dirile gore re itse gore re tshelela eng.

6-7. Go ithuta boammaaruri ka bokamoso go thusitse Yvonne jang?

6 Akanya ka se se diragaletseng kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Yvonne. Ga a godisiwa ke batsadi ba Basupi, mme fa a le monnye o ne a tshaba loso. O ne a nna a gopola mafoko mangwe a a kileng a a bala a a reng: “Go itse mang gore ka moso o tla bo o sa ntse o tshela.” A re: “Mafoko ano a ne a ntlhokisa boroko e bile a dira gore ke tshwenyege ka bokamoso. Ke ne ke ipotsa gore goreng re tshela lobaka lo lokhutshwane re bo re swa. Ke ne ke sa batle go swa.”

7 Moragonyana fa Yvonne e le mosha, o ne a ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. A re: “Ke ne ka simolola go nna le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise.” Go ithuta boammaaruri go ne ga thusa kgaitsadi yono jang? A re: “Gone jaanong ke robala monate ke sa tshwenyege ka bokamoso kgotsa ka loso.” Ga go pelaelo gore Yvonne o rata boammaaruri jo bo mo Baebeleng e bile o itumelela go bolelela batho ba bangwe ka tsholofelo e a nang le yone ka bokamoso.—1 Tim. 4:16.

Boammaaruri Jo bo Mo Baebeleng bo Tshwana le . . . Letlotlo

Go direla Jehofa gone jaanong re na le tsholofelo ya go mo direla ka bosakhutleng mo Bogosing jwa gagwe go tshwana le letlotlo. Seno se gaisa sepe fela se re ka itimang sone kgotsa ra se tlogela gore re nne le lone (Bona serapa 8-11)

8-9. (a) Monna mongwe yo go buiwang ka ene mo setshwantshong sa ga Jesu, o ne a bontsha jang gore o tsaya letlotlo le a neng a le bone le le botlhokwa? (b) Wena o dirile eng go bontsha gore o tsaya boammaaruri bo le botlhokwa?

8 Boammaaruri jo bongwe jo re ithutang jone mo Baebeleng ke dikgang tse di molemo tse di ka ga Bogosi Jwa Modimo. Jesu o ne a tshwantsha boammaaruri joo jwa Bogosi le letlotlo le le fitlhilweng. Jesu o ne a bua jaana mo go Mathaio 13:44: “Bogosi jwa magodimo bo tshwana le letlotlo le le fitlhilweng mo tshimong, le monna mongwe a neng a le bona a bo a le fitlha gape; mme e re ka a itumetse, o a tsamaya a bo a rekisa sengwe le sengwe se a nang le sone a bo a reka tshimo eo.” Ela tlhoko gore monna yo go buiwang ka ene ga a ka a tsaya matsapa a go batla letlotlo leo. Le fa go ntse jalo, fa a sena go le bona o ne a dira sotlhe se a ka se kgonang gore e nne la gagwe. Tota e bile, o ne a rekisa sengwe le sengwe se a neng a na le sone. Goreng? Ka gonne o ne a itse gore letlotlo leo le ne le le botlhokwa go gaisa dilo tsotlhe tse a neng a di rekisa.

9 A le wena o leba boammaaruri jalo? Ee, boammaaruri bo botlhokwa thata mo go wena! Re a itse gore ga go sepe se lefatshe leno le ka re nayang sone se se jaaka go direla Jehofa re itumetse gone jaanong, e bile re na le tsholofelo ya go bona botshelo jo bo sa khutleng mo nakong e e tlang re busiwa ke Bogosi Jwa Modimo. Tshiamelo e re nang le yone ya go atamalana le Jehofa e gaisa sepe fela se re ka itimang sone kgotsa se re ka se tlogelang. Selo se re se itumelelang thata ke go “itumedisa Jehofa.”—Bakol. 1:10.

10-11. Ke eng se se dirileng gore Michael a fetole tsela e a neng a tshela ka yone?

10 Bontsi jwa rona re tlogetse dilo dingwe gore Jehofa a kgone go re amogela. Bangwe ba tlogetse ditiro tse di duelang madi a mantsi. Ba bangwe ga ba sa tlhole ba tsaya go nna le dikhumo go le botlhokwa. Ba bangwe bone ba ne ba fetola tsela e ba neng ba tshela ka yone fa ba sena go ithuta ka Jehofa. Seo ke sone se Michael a neng a se dira. Ga a godisiwa ke batsadi ba Basupi. Fa e ne e le lekawana o ne a ithuta karati. A re: “Ke ne ke fetsa nako e ntsi ke ikatisa, e bile ke tsaya gore ga go na ope yo o ka mphenyang.” Mme fa Michael a simolola go ithuta Baebele, o ne a lemoga tsela e Jehofa a ikutlwang ka yone ka thubakanyo. (Pes. 11:5) Michael o bua jaana ka banyalani ba ba neng ba ithuta Baebele le ene: “Ga ba ise ba ko ba mpolelele gore ke tlogele karati, go na le moo ba ne ba tswelela ba nthuta boammaaruri jo bo mo Baebeleng.”

11 Fa Michael a ntse a ithuta ka Jehofa o ne a mo rata le go feta. Selo se se neng se mo kgatlha thata ke kafa Jehofa a tlhomogelang baobamedi ba gagwe pelo ka gone. Fa nako e ntse e tsamaya, Michael o ne a lemoga gore o tshwanetse go dira diphetogo mo botshelong. A re: “Ke ne ke itse gore go ne go tla nna thata tota go tlogela karati. Le fa go ntse jalo, ke ne ke itse gore seo se ne se tla itumedisa Jehofa. E bile ke ne ke tlhatswegile pelo gore go mo direla go ne go le botlhokwa go feta sepe fela se ke neng nka se tlogela.” Michael o ne a itse gore boammaaruri jo a neng a ithuta jone bo ne bo le botlhokwa thata, ka jalo o ne a ikemisetsa go dira diphetogo mo botshelong jwa gagwe.—Jak. 1:25.

Boammaaruri Jo bo Mo Baebeleng bo Tshwana le . . . Lobone

Lobone lo re thusa go bona kwa re yang gone fa go le lefifi. Ka tsela e e tshwanang, Lefoko la Modimo le re thusa go bona tsela mo lefatsheng leno le le bosula la ga Satane (Bona serapa 12-13)

12-13. Boammaaruri jo bo mo Baebeleng bo ne jwa thusa Mayli jang?

12 Baebele e bontsha kafa boammaaruri bo leng botlhokwa ka gone ka go bo tshwantsha le lobone lo lo re nayang lesedi fa go le lefifi. (Pes. 119:105; Baef. 5:8) Mayli wa kwa Azerbaijan o itumelela kafa Lefoko la Modimo le mo thusitseng ka gone. Batsadi ba gagwe ba ne ba tsena dikereke tse di sa tshwaneng. Rraagwe e ne e le Momoseleme mme mmaagwe e ne e le Mojuda. Mayli a re: “Ke ne ke sa belaele gore Modimo o teng. Le fa go ntse jalo, ke ne ke na le dipotso di le dintsi. Ke ne ke ipotsa gore ‘Goreng Modimo a bopile batho le gore goreng batho ba ne ba tshwanetse go boga botshelo jwa bone jotlhe mme morago ga foo ba bo ba boga kwa diheleng gape?’ E re ka batho ba ne ba re sengwe le sengwe se se diregang ke thato ya Modimo, ke ne ke ipotsa gore, ‘A Modimo o laola tsela e batho ba dirang dilo ka yone, go tswa foo a bo a itumelela go ba bona ba boga?’”

13 Mayli o ne a tswelela a batla dikarabo tsa dipotso tse a neng a na le tsone. Fa nako e ntse e tsamaya, o ne a simolola go ithuta Baebele a bo a nna Mosupi wa ga Jehofa. A re: “Dikarabo tse di kgotsofatsang tse di tswang mo Baebeleng di ne tsa dira gore ke itumele. Tsela e e utlwalang e Lefoko la Modimo le tlhalosang dilo ka yone e ne ya dira gore ke ritibale.” Fela jaaka Mayli, rotlhe re baka Jehofa ‘yo o neng a re bitsa gore re tswe mo lefifing mme a re isa mo leseding la gagwe le le gakgamatsang.’—1 Pet. 2:9.

14. Re ka dira eng gore re rate boammaaruri le go feta? (Bona le lebokoso le le reng “ Dilo Tse Dingwe Tse Boammaaruri bo Tshwantshiwang le Tsone.”)

14 Tseno ke dikai di le mmalwa fela tse di bontshang kafa boammaaruri bo leng botlhokwa ka gone. Mme gone, go na le tse dingwe tse dintsi tse o ka akanyang ka tsone. Ke eng fa o sa ipeele mokgele wa gore fa o ithuta o le nosi, o batle mabaka a mangwe a go bo re tshwanetse go rata boammaaruri? Fa re rata boammaaruri, re tla batla ditsela tse dingwe tsa go bontsha gore re a bo rata.

KAFA RE KA BONTSHANG KA GONE GORE RE RATA BOAMMAARURI

15. Re ka bontsha jang gore re rata boammaaruri?

15 Re ka bontsha gore re rata boammaaruri ka go ithuta Baebele le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng ka metlha. Tota e bile, go sa kgathalesege gore re na le lobaka lo loleele re le mo boammaaruring, go sa ntse go na le dilo di le dintsi tse re ka ithutang tsone. Kgatiso ya ntlha ya makasine wa Tora ya Tebelo e ne ya re: “Boammaaruri bo tshwana le lelomo le lennye le le dikologilweng ke mofero e bile o tloga o le hupetsa. Fa o batla go le bona, o tshwanetse go le batla ka tlhoafalo. . . . Fa o batla go nna le lone, o tshwanetse go dira ka natla. Ga re a tshwanela go kgotsofalela go nna le lelomo le le lengwe fela la boammaaruri. . . . Re tshwanetse go tswelela re batla a mangwe.” Go ithuta ga go motlhofo, mme fa re ithuta re solegelwa molemo.

16. Ke mokgwa ofe wa go bala Baebele o o go solegelang molemo? (Diane 2:4-6)

16 Ga se mongwe le mongwe yo o ratang go bala le go ithuta. Le fa go ntse jalo, Jehofa o re kgothaletsa gore re ‘nne re senka’ le gore re ‘nne re batla’ boammaaruri gore re bo tlhaloganye botoka. (Bala Diane 2:4-6.) Fa re tsaya matsapa, re tla solegelwa molemo. Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Corey a re fa a dira mmalo wa gagwe wa Baebele o bala temana e le nngwe fela. O tlhalosa jaana: “Fa ke bala temana eo, ke leba dintlha tse di kwa tlase le ditshupiso, e bile ke dira dipatlisiso tse di oketsegileng. . . . Fa ke dira jalo, ke ithuta dilo di le dintsi.” Fa re ipha nako ya go ithuta Baebele re dirisa mokgwa ono kgotsa o mongwe, re bontsha gore re tsaya boammaaruri bo le botlhokwa.—Pes. 1:1-3.

17. Go tshela go dumalana le boammaaruri go kaya eng? (Jakobe 1:25)

17 Go ithuta boammaaruri ga go a lekana. Gore boammaaruri bo re solegele molemo ka botlalo, re tshwanetse go tshela go dumalana le jone, mo go rayang gore re dirise se re ithutang sone. Fa re dira jalo, re tla itumela. (Bala Jakobe 1:25.) O ka dira eng gore o kgone go dirisa se o se ithutang? Mokaulengwe mongwe a re re tshwanetse go itshekatsheka go bona gore a re dirisa se re se ithutang kgotsa go na le fa re tlhokang go tokafatsa gone. Moaposetoloi Paulo o ne a re: “A re tsweleleng re tsamaya ka mokgwa ono go ya ka tsela e re gatetseng pele ka yone.”—Bafil. 3:16.

18. Go “tsamaya mo boammaaruring” go re solegela molemo jang?

18 Akanya kafa re solegelwang molemo ka gone ke go “tsamaya mo boammaaruring.” Re a itumela e bile re dira gore Jehofa le badumedimmogo le rona le bone ba itumele. (Diane 27:11; 3 Joh. 4) Ano ke mabaka a a molemo a go bo re rata boammaaruri e bile re tshela ka tsela e e dumalanang le jone.

PINA 144 Leba Kwa Mokgeleng!

^ Gantsi fa re bua ka ‘boammaaruri’ re bua ka se re se dumelang le tsela e re tshelang ka yone. Re ka solegelwa molemo ke go sekaseka mabaka a a dirileng gore re rate boammaaruri, re sa tswa go bo ithuta kgotsa re na le lobaka re bo itse. Seo se tla re thusa gore re dire sotlhe se re ka se kgonang gore Jehofa a nne a re amogela.