Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 34

PINA 107 Sekao sa Modimo sa Lorato

Bagolwane, Bontshang Gore lo Kutlwelobotlhoko le Gore lo Lorato

Bagolwane, Bontshang Gore lo Kutlwelobotlhoko le Gore lo Lorato

“Modimo o leka go dira gore o ikwatlhaye ka ntlha ya bopelonomi jwa gagwe.”​—BAR. 2:4.

SE GO BUIWANG KA SONE

Re tlile go bona gore bagolwane ba leka jang go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba dirileng boleo jo bo masisi.

1. Batho bangwe ba ka dira eng fa ba sena go dira boleo jo bo masisi?

 MO SETLHOGONG se se fetileng, re bone gore moaposetoloi Paulo o ile a bolelela Bakeresete ba kwa Korintha gore ba dire eng fa monna mongwe a ne a dirile boleo jo bo masisi. Fa a ne a sa ikwatlhaye, o ne a tshwanetse go tlosiwa mo phuthegong. Le fa go ntse jalo, temana ya setlhogo e bontsha gore Jehofa a ka thusa batho ba ba dirileng boleo jo bo masisi gore ba ikwatlhaye. Ka jalo, bangwe ba ka ikwatlhaya. (Bar. 2:4) A ka dirisa bagolwane go ba thusa. Re raya jang?

2-3. Re tshwanetse go dira eng fa re itse gore mokaulengwe kgotsa kgaitsadi o dirile boleo jo bo masisi, mme ka ntlha ya eng?

2 Fa bagolwane ba sa itse gore mongwe o dirile boleo jo bo masisi, ba ka se kgone go mo thusa. Ka jalo, re tshwanetse go dira eng fa re itse gore mokaulengwe kgotsa kgaitsadi o dirile boleo jo bo masisi? Re tshwanetse go mo kgothaletsa gore a kope bagolwane gore ba mo thuse.​—Isa. 1:18; Dit. 20:28; 1 Pet. 5:2.

3 Mme gone, go tweng fa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yo o dirileng boleo jo bo masisi a sa batle go bua le bagolwane? Re tshwanetse go bolelela bagolwane ka kgang eo gore ba kgone go mo thusa. Fa re dira jalo re tla bo re bontsha gore re a mo rata ka gonne re a itse gore bagolwane ba tla mo thusa. Fa motho yoo a tswelela a dira dilo tse di sa siamang, o tla senya botsala jwa gagwe le Jehofa. Gape batho ba ba seng mo phuthegong ba ka bua dilo tse di sa siamang ka Jehofa le ka batho ba gagwe. Ka jalo, le fa go ka tswa go le thata, re tshwanetse go bolelela bagolwane se a se dirileng ka gonne re rata Jehofa le motho yo o dirileng boleo jo bo masisi.​—Pes. 27:14.

BAGOLWANE BA THUSA JANG BA BA DIRILENG BOLEO JO BO MASISI?

4. Bagolwane ba tla leka go dira eng fa ba ya go kopana le motho yo o dirileng boleo jo bo masisi?

4 Fa mongwe a dira boleo jo bo masisi mo phuthegong, bagolwane ba tlhoma komiti a ya bagolwane ba le bararo gore ba ye go kopana le motho yoo. Bagolwane bano ba tshwanetse go ikokobetsa le go nna boingotlo. Ba a itse gore le fa ba leka go thusa motho yo o dirileng boleo gore a ikwatlhaye, ba ka se mo pateletse gore a fetoge. (Dute. 30:19) Ba a lemoga gore ga se mongwe le mongwe yo o ka ikwatlhayang jaaka Kgosi Dafide. (2 Sam. 12:13) Batho ba bangwe ba ka tlhopha go sa reetse kgakololo e Jehofa a ba nayang yone. (Gen. 4:6-8) Le fa go ntse jalo, bagolwane ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go thusa motho gore a ikwatlhaye. Ke melaometheo efe e e tla ba thusang fa ba ya go kopana le motho yo o dirileng boleo jo bo masisi?

5. Ke kgakololo efe e bagolwane ba tshwanetseng go nna ba e gopotse fa ba ya go kopana le motho yo o dirileng boleo jo bo masisi? (2 Timotheo 2:24-26) (Bona le setshwantsho.)

5 Bagolwane ba tsaya motho yo o dirileng boleo jo bo masisi a le botlhokwa thata mo go Jehofa. (Luke 15:4, 6) Ka jalo, fa ba ya go kopana le ene ga ba mo tlhabe ka mafoko, mme ba dirisana le ene sentle. Ga ba tseye gore ba ya go kopana le ene fela gore ba mmotse dipotso le go utlwa gore go diragetse eng. Go na le moo, ba bontsha dinonofo tse go buiwang ka tsone mo go 2 Timotheo 2:24-26. (E bale.) Bagolwane ba nna bonolo e bile ba nna pelonomi mo mothong yo o dirileng boleo jo bo masisi ka gonne ba batla go mo thusa gore a fetole tsela e a akanyang ka yone.

Fela jaaka badisa ba bogologolo, bagolwane ba leka ka natla go thusa motho yo o dirileng boleo jo bo masisi (Bona serapa 5)


6. Bagolwane ba tshwanetse go dira eng pele ba ya go kopana le motho yo o dirileng boleo jo bo masisi? (Baroma 2:4)

6 Bagolwane ba ipha nako ya go bona kaelo ya ga Jehofa. Ba nna ba akantse ka se Paulo a ileng a se bua. O ile a re: “Modimo o leka go dira gore o ikwatlhaye ka ntlha ya bopelonomi jwa gagwe.” (Bala Baroma 2:4.) Ba tshwanetse go gopola gore ke badisa le gore ba tlhoka go ikobela kaelo ya ga Jesu, e bile ba tshwanetse go etsa tsela e a tlhokomelang phuthego ka yone. (Isa. 11:3, 4; Math. 18:18-20) Pele bagolwane ba kopana le motho yo o dirileng boleo jo bo masisi, ba kopa Jehofa gore a mo thuse gore a ikwatlhaye. Ba dira dipatlisiso mo Baebeleng le mo dikgatisong tsa rona e bile ba kopa Jehofa gore a ba thuse go tlhaloganya motho yoo le boemo jo a leng mo go jone. Ba sekaseka se ba tlhokang go se itse ka motho yoo, gore ke eng se se ka tswang se dirile gore a akanye ka tsela e a ileng a akanyang ka yone le gore a dire boleo jo bo masisi.​—Diane 20:5.

7-8. Bagolwane ba ka nna pelotelele jang jaaka Jehofa fa ba ya go kopana le motho yo o dirileng boleo jo bo masisi?

7 Bagolwane ba etsa Jehofa ka go nna pelotelele. Ba nna ba akantse ka tsela e Jehofa a ileng a leka go thusa batho bangwe ka yone mo nakong e e fetileng. Ka sekai, Jehofa o ile a nna pelotelele le Kaine. O ile a mmolelela gore go ne go tla direga eng fa a sa fetoge le gore o ne a tla mo segofatsa fa a ne a ka mo ikobela. (Gen. 4:6, 7) Jehofa o ile a romela moporofeti Nathane kwa go Dafide gore a mo kgalemele. Nathane o ile a dirisa setshwantsho se se ileng sa thusa Dafide gore a ikwatlhaye. (2 Sam. 12:1-7) Fa Baiseraele ba ne ba sa ikobele Jehofa, “gangwe le gape” Jehofa o ne ‘a nna a romela’ baporofeti ba gagwe kwa go bone. (Jer. 7:24, 25) O ne a sa letele gore ba ikwatlhaye pele a ba thusa. Go na le moo, o ne a ba rotloetsa gore ba ikwatlhaye.

8 Bagolwane ba etsa Jehofa fa ba leka go thusa motho yo o dirileng boleo jo bo masisi. Jaaka go tlhalosiwa mo go 2 Timotheo 4:2, ba nna “pelotelele” fa ba dirisana le ene. Ka jalo, mogolwane o tshwanetse go ritibala le go nna pelotelele gore a kgone go thusa motho yo o dirileng boleo gore a batle go dira se se siameng. Fa mogolwane a ka galefa kgotsa a fela pelo, motho yoo a ka nna a se ka a reetsa kgakololo e a mo nayang yone kgotsa a se ka a ikwatlhaya.

9-10. Bagolwane ba ka thusa jang motho yo o dirileng boleo jo bo masisi go lemoga gore ke eng se se koafaditseng botsala jwa gagwe le Jehofa a bo a feleletsa a dirile boleo?

9 Bagolwane ba leka go sekaseka gore ke eng se se dirileng gore a dire boleo jo bo masisi. Ka sekai, ke eng se se koafaditseng botsala jwa gagwe le Jehofa? A o ile a tlogela go bala Baebele ka metlha kgotsa go ya bodireding? A o ile a tlogela go rapela Jehofa ka metlha? A o ile a itetla go laolwa ke dikeletso tse di sa siamang? O fetsa nako le bomang? O itlosa bodutu ka eng? Ditshwetso tse a di dirileng di ama jang tsela e a akanyang ka yone? A o a tlhaloganya gore Jehofa o ikutlwa jang ka se a se dirileng?

10 Bagolwane ba ka botsa motho yo o dirileng boleo jo bo masisi dipotso tse di ka mo thusang gore a akanye ka dilo tse di koafaditseng botsala jwa gagwe le Jehofa a bo a feleletsa a dirile boleo. Ba tshwanetse go nna pelonomi fa ba dira jalo, mme ga ba a tshwanela go mmotsa ka dilo tse ba sa tlhokeng go di itse. (Diane 20:5) Fela jaaka Nathane, ba ka dirisa ditshwantsho tse di ka thusang motho yoo gore a akanye ka se a se dirileng le gore a lemoge gore o dirile boleo. Gongwe fa bagolwane ba mo etela lekgetlo la ntlha, a ka simolola go swabela ditshwetso tse a di dirileng le tsela e a akanyang ka yone. Tota e bile, a ka nna a ikwatlhaya.

11. Jesu o ne a dirisana jang le baleofi?

11 Bagolwane ba leka ka natla go etsa Jesu. Jesu o ile a thusa Paulo ka go mmotsa jaana: “Saulo, Saulo, o mpogisetsa eng?” Potso eno e ile ya thusa Paulo go lemoga gore se a neng a se dira se ne se sa siama. (Dit. 9:3-6) Fa Jesu a ne a bua ka “mosadi yo go tweng Jesebele” o ne a re: “Ke ne ka mo naya nako ya gore a ikwatlhaye.”​—Tshen. 2:20, 21.

12-13. Bagolwane ba ka thusa jang motho yo o tsayang nako go ikwatlhaya? (Bona le setshwantsho.)

12 Bagolwane ba ka etsa Jesu ka go sa nne bonako go akanya gore motho yo o dirileng boleo jo bo masisi ga a batle go fetola tsela e a akanyang ka yone le go tlogela dilo tse di sa siamang tse a di dirang. Batho ba bangwe ba ka ikwatlhaya fa bagolwane ba sena go kopana le bone lekgetlo la ntlha. Mme ba bangwe bone ba tlhoka nako e e oketsegileng gore ba ikwatlhaye. Ka jalo, bagolwane ba tshwanetse go dira dithulaganyo tsa go kopana gape le motho yo o dirileng boleo jo bo masisi mme a tsaya nako go ikwatlhaya. Gongwe fa bagolwane ba sena go mo etela lekgetlo la ntlha, a ka sala a akanya ka se ba ileng ba se bua. A ka ikokobetsa a bo a kopa Jehofa gore a mo itshwarele. (Pes. 32:5; 38:18) Fa bagolwane ba mo etela gape, ba ka fitlhela a sa tlhole a akanya ka tsela e a neng a akanya ka yone fa ba ne ba mo etetse lekgetlo la ntlha.

13 Fa bagolwane ba le kutlwelobotlhoko e bile ba le pelonomi, ba ka kgona go thusa motho yo o dirileng boleo jo bo masisi. Ba tshwanetse go kopa Jehofa gore a segofatse maiteko a bone, mme ba solofele gore motho yoo o tla itharabologelwa a bo a ikwatlhaya.​—2 Tim. 2:25, 26.

Bagolwane ba ka kopana gape le motho yo o dirileng boleo jo bo masisi gore ba mo thuse go ikwatlhaya (Bona serapa 12)


14. Ke mang yo o thusang motho go ikwatlhaya, mme goreng re rialo?

14 Fa motho a ikwatlhaya, re a itumela. (Luke 15:7, 10) Le fa gone bagolwane ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go thusa motho yoo, tota Jehofa ke ene a mo thusang. Gopola se Paulo a ileng a se bua ka batho ba ba dirileng boleo jo bo masisi. O ne a re: “Gongwe Modimo a ka ba letla gore ba ikwatlhaye.” (2 Tim. 2:25) Ka jalo, Jehofa ke ene a thusang Mokeresete gore a fetole tsela e a akanyang ka yone le e a itshwarang ka yone. Paulo o tlhalosa dilo tse dintle tse di diregang fa motho a sena go ikwatlhaya. Motho yoo o kgona go nna le kitso e e oketsegileng ya boammaaruri, o a itharabologelwa e bile o kgona go tswa mo diraing tsa ga Satane.​—2 Tim. 2:26.

15. Ke eng gape se bagolwane ba ka se dirang go thusa motho yo o ikwatlhayang?

15 Fa motho a ikwatlhaya, bagolwane ba tla tswelela ba mo etela gore ba mo thuse gore a nonotshe tumelo ya gagwe, a lwantshe dilo tse Satane a ka di dirisang go mo raela le gore a dire se se siameng. (Baheb. 12:12, 13) Ke boammaaruri gore, bagolwane ga ba bolelele batho ba bangwe se motho yoo a se dirileng. Mme gone, ke eng se phuthego e ka tlhokang go se bolelelwa?

‘KGALEMELA FA PELE GA BATHO BOTLHE’

16. Fa Paulo a ne a re “batho botlhe” o ne a bua ka bomang? (1 Timotheo 5:20)

16 Bala 1 Timotheo 5:20. Paulo o ile a kwalela Timotheo yo e neng e le mogolwane gore a kgalemele batho ba ba dirileng boleo fa pele ga “batho botlhe.” A Paulo o ne a raya gore motho yo o dirileng boleo o tshwanetse go kgalemelwa fa pele ga phuthego yotlhe? Nnyaa, ga go a nna jalo. Go na le moo, o ne a bua ka batho ba ba neng ba ka tswa ba itse ka boleo jo motho yoo a bo dirileng. Gongwe ba ka tswa ba ile ba bona se motho yoo a se dirileng kgotsa ene a ba boleletse gore o dirile eng. Bagolwane ba tla bolelela bone fela gore motho yoo o ile a thusiwa.

17. Fa batho ba le bantsi mo phuthegong ba itse ka boleo jo mongwe a bo dirileng kgotsa ba tlile go itse ka jone mo nakong e e tlang, ke kitsiso efe e e tla dirwang, mme ka ntlha ya eng?

17 Ka dinako tse dingwe batho ba le bantsi mo phuthegong ba ka tswa ba setse ba itse gore mongwe o dirile boleo jo bo masisi, kgotsa gongwe ba tlile go itse fa nako e ntse e tsamaya. Mo maemong ao, “batho botlhe” ba akaretsa phuthego yotlhe. Ka jalo, bagolwane ba tla itsise phuthego gore mokaulengwe yoo kgotsa kgaitsadi yoo o kgalemetswe. Ka ntlha ya eng? Paulo a re: “Gore o tlhagise ba bangwe” gore ba se ka ba dira boleo jo bo masisi.

18. Bagolwane ba tshwanetse go dira eng fa ngwana yo o kolobeditsweng yo o ka fa tlase ga dingwaga di le 18 a dira boleo jo bo masisi? (Bona le setshwantsho.)

18 Bagolwane ba ka dira eng fa ngwana yo o kolobeditsweng yo o ka fa tlase ga dingwaga di le 18 a dira boleo jo bo masisi? Ba tla tlhopha bagolwane ba babedi gore ba ye go kopana le ngwana yoo le batsadi ba gagwe ba e leng Basupi. b Ba tla botsa batsadi gore ke eng se ba setseng ba se dirile go thusa ngwana wa bone gore a dire diphetogo tse di tlhokegang le gore a ikwatlhaye. Fa ngwana yoo a reetsa kgakololo ya batsadi a bo a dira diphetogo kgotsa a fetola tsela e a akanyang ka yone le e a itshwarang ka yone, bagolwane bao ba tla letla batsadi gore e nne bone ba tswelelang ba thusa ngwana wa bone. Tota e bile, bagolwane ba a itse gore Jehofa o neile batsadi maikarabelo a go kgalemela bana ba bone ka lorato. (Dute. 6:6, 7; Diane 6:20; 22:6; Baef. 6:2-4) Le fa go ntse jalo, bagolwane ba tla nna ba botsa batsadi gore ngwana yoo o ntse a ya jang. Mme gone, bagolwane ba tshwanetse go dira eng fa e le gore ngwana yoo o tswelela a dira dilo tse di sa siamang e bile a sa batle go fetoga? Mo maemong ao, bagolwane ba le bararo ba tla kopana le ene le batsadi ba gagwe.

Fa ngwana yo o kolobeditsweng a dirile boleo jo bo masisi, bagolwane ba babedi ba tla ya go kopana le ene le batsadi ba gagwe ba e leng Basupi (Bona serapa 18)


“JEHOFA O PELOTLHOMOGI THATA E BILE O KUTLWELOBOTLHOKO”

19. Bagolwane ba leka jang go etsa Jehofa fa ba ya go kopana le motho yo o dirileng boleo jo bo masisi?

19 Jehofa o lebeletse gore bagolwane ba sireletse phuthego mo bathong ba ba sa batleng go ikobela ditaelo tsa gagwe. (1 Bakor. 5:7) Gape ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go thusa motho yo o dirileng boleo jo bo masisi gore a ikwatlhaye. Fa ba ntse ba thusa motho yoo, ba nna ba solofetse gore o tla fetoga. Goreng? Ka gonne ba batla go etsa Jehofa, Modimo yo o ‘pelotlhomogi thata e bile a le kutlwelobotlhoko.’ (Jak. 5:11) Ela tlhoko tsela e e lorato e moaposetoloi Johane a neng a dirisana le bakaulengwe le bokgaitsadi ka yone. O ile a re: “Bana ba me ba bannye, ke lo kwalela dilo tseno gore lo se ka lwa leofa. Mme gone, fa mongwe a leofa, re na le mothusi kwa go Rara, e bong Jesu Keresete, yo o dirang se se siameng fa pele ga Modimo.”​—1 Joh. 2:1.

20. Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?

20 Ka maswabi, ka dinako dingwe Mokeresete a ka nna a se ka a ikwatlhaya. Fa go le jalo, o tshwanetse go tlosiwa mo phuthegong. Mme gone, ke dilo dife tse bagolwane ba tshwanetseng go di dira fa seno se direga? Re tla araba potso eno mo setlhogong sa bofelo.

PINA 103 Badisa​—Dimpho Tse di Molemo

a Mo nakong e e fetileng, komiti eno e ne e bidiwa komiti ya boatlhodi. Mme e re ka tiro ya bagolwane e se go atlhola fela, ga re kitla re tlhola re dirisa leina leo. Go na le moo, re tla e bitsa komiti ya bagolwane.

b Fa go buiwa ka batsadi fano gape go akarediwa le batho ba molao o ba neileng tetla ya go tlhokomela ngwana kgotsa ba bangwe ba ba nang le maikarabelo a go mo godisa.