Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 32

PINA 44 Thapelo ya Motho yo o Tlhokang Kgothatso

Jehofa o Batla Gore Batho Botlhe ba Ikwatlhaye

Jehofa o Batla Gore Batho Botlhe ba Ikwatlhaye

“Jehofa . . . ga a eletse gore motho ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba ikwatlhaye.”​—2 PET. 3:9.

SE GO BUIWANG KA SONE

Re tlile go bona gore motho o tshwanetse go dira eng gore a ikwatlhaye, gore ke eng fa rotlhe re tshwanetse go ikwatlhaya le gore Jehofa o thusa batho jang gore ba ikwatlhaele maleo a bone.

1. Motho yo o ikwatlhayang o dira eng?

 GO BOTLHOKWA thata gore re ikwatlhaye fa re dirile sengwe se se sa siamang. Baebele e a re motho yo o ikwatlhayang o fetola tsela e a akanyang ka yone ka phoso e a e dirileng, o tlogela go e dira e bile o dira sotlhe se a ka se kgonang gore a se ka a e boeletsa.​—Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko A a Mo Baebeleng, “Go Ikwatlhaya.”

2. Goreng mongwe le mongwe wa rona a tshwanetse go ithuta ka go ikwatlhaya? (Nehemia 8:9-11)

2 Rotlhe re tshwanetse go ithuta ka go ikwatlhaya. Goreng re rialo? Ka gonne re leofa letsatsi le letsatsi. Mo godimo ga moo, e re ka re le ditlhogolwana tsa ga Adame le Efa, re na le boleo e bile re a swa. (Bar. 3:23; 5:12) Ka jalo, rotlhe re baleofi e bile re tshwanetse go ikwatlhaya. Tota le batho ba ba neng ba na le tumelo e e nonofileng jaaka moaposetoloi Paulo, ba ne ba dira ka natla go lwantsha dikeletso tse di sa siamang. (Bar. 7:21-24) A seno se raya gore re tshwanetse go nna fela re hutsafetse ka ntlha ya diphoso tse re di dirang? Nnyaa, Jehofa ke Modimo yo o kutlwelobotlhoko e bile o batla gore re itumele. Akanya ka se se ileng sa diragalela Bajuda ka motlha wa ga Nehemia. (Bala Nehemia 8:9-11.) Jehofa o ne a sa batle gore ba nne fela ba hutsafetse ka ntlha ya maleo a ba a dirileng mo nakong e e fetileng. Go na le moo, o ne a batla gore ba tswelele ba mo direla ba itumetse. Jehofa o a itse gore fa re ikwatlhaya, re tla itumela. Ka jalo, o re ruta ka go ikwatlhaya. Re ka tlhatswega pelo gore fa re ikwatlhaya, Rre wa rona yo o kutlwelobotlhoko o tla re itshwarela.

3. Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?

3 Mo setlhogong seno, re tlile go ithuta ka go ikwatlhaya. Re tlile go tlotla ka dilo tse tharo. Sa ntlha, re tlile go bona se Jehofa a ileng a se ruta Baiseraele ka go ikwatlhaya. Sa bobedi, re tlile go bona gore Jehofa o thusa batho jang gore ba ikwatlhaye. Sa boraro, re tlile go bona se Jesu a ileng a se ruta balatedi ba gagwe ka go ikwatlhaya.

SE JEHOFA A ILENG A SE RUTA BAISERAELE KA GO IKWATLHAYA

4. Ke eng se Jehofa a ileng a se ruta Baiseraele ka go ikwatlhaya?

4 Fa Jehofa a ne a naya Baiseraele melao, ba ne ba mo solofetsa gore ba tla ikobela melao eo. Jehofa o ne a tla ba sireletsa e bile o ne a tla ba segofatsa fa ba ne ba ka dira jalo. O ne a ba raya a re: “Jaanong taelo eno e ke go e laelang gompieno ga e thata mo go wena e bile ga e kwa o ka se kang wa kgona go e fitlhelela.” (Dute. 30:11, 16) Mme fa ba ne ba ka se ikobele melao eo kgotsa ba obamela medimo e mengwe, o ne a ka se ka a tlhola a ba sireletsa e bile ba ne ba tla diragalelwa ke dilo tse di utlwisang botlhoko. Seo se ne se sa reye gore Jehofa o ne a tla ba latlha. Ba ne ba sa ntse ba ka kgona go “boela kwa go Jehofa, Modimo [wa bone].” (Dute. 30:1-3, 17-20) Fa ba ne ba ka ikwatlhaya, Jehofa o ne a tla atamalana le bone e bile o ne a tla ba segofatsa gape.

5. Jehofa o ile a bontsha jang gore ga a a tlhoboga batho ba gagwe? (2 Dikgosi 17:13, 14)

5 Ka maswabi, batho ba ga Jehofa ba ne ba nna ba mo tlhanogela. Ba ne ba obamela medingwana, e bile ba ne ba dira dilo tse di ferosang sebete. Seo se ile sa dira gore ba diragalelwe ke dilo tse di utlwisang botlhoko. Mme gone, Jehofa ga a a ka a ba tlhoboga. O ile a nna a romela baporofeti ba gagwe kwa go bone gore ba ba rotloetse gore ba ikwatlhaye le gore ba boele kwa go ene.​—Bala 2 Dikgosi 17:13, 14.

6. Jehofa o ile a dirisa baporofeti ba gagwe jang go ruta Baiseraele gore go botlhokwa gore ba ikwatlhaye? (Bona le setshwantsho.)

6 Fa Baiseraele ba ne ba sa ikobele Jehofa, gantsi o ne a ba romelela baporofeti ba gagwe gore ba ba tlhagise ka se se tla ba diragalelang fa ba sa tlogele tsela e e sa siamang e ba itshwarang ka yone le gore ba ba kgalemele. Ka sekai, o ile a bolelela Jeremia gore a ba reye a re: “Boa wena Iseraele wa motlhanogi . . . Ga nkitla ke lo galefela, ka gonne ke a ikanyega . . . Ga nkitla ke nna ke kgopisegile ka bosakhutleng. Lemogang molato wa lona, ka gonne lo tlhanogetse Jehofa.” (Jer. 3:12, 13) Jehofa o ile a dirisa Joele go ba raya a re: “Boelang mo go nna ka dipelo tsa lona tsotlhe.” (Joele 2:12, 13) Gape o ile a bolelela Isaia gore a ba reye a re: “Lo iphepafatse; tlosang ditiro tsa lona tse di bosula fa pele ga me; tlogelang go dira bosula.” (Isa. 1:16-19) Mo godimo ga moo, Jehofa o ile a ba botsa jaana a dirisa Esekiele: “A ke itumedisiwa ke loso lwa motho yo o bosula? A ga ke eletse gore a tlogele ditsela tsa gagwe mme a tswelele a tshela? Ga ke itumelele go bona motho ope a swa . . . ka jalo, tlogelang dilo tse di bosula tse lo di dirang mme lo tshele.” (Esek. 18:23, 32) Jehofa o a itumela fa a bona batho ba ikwatlhaya ka gonne o batla gore ba tshelele ruri. Ka jalo, ga a letele motho gore a ikwatlhaye pele e bo e le gone a mo thusang. A re tlotleng ka dikai tse di bontshang seno.

Jehofa o ile a dirisa baporofeti ba gagwe ka makgetlo a le mantsi gore ba rotloetse batho ba gagwe gore ba ikwatlhaye (Bona serapa 6-7)


7. Ke eng se Jehofa a ileng a se ruta batho ba gagwe a dirisa sekai sa ga moporofeti Hosea le mosadi wa gagwe?

7 Jehofa o ile a ruta batho ba gagwe thuto ya botlhokwa a dirisa sekai sa ga Gomere, mosadi wa ga moporofeti Hosea. Fa Gomere a sena go dira boaka, o ne a tlogela Hosea a bo a ya go nna le monna yo mongwe. A o ne a tla ikwatlhaya? E re ka Jehofa a itse sengwe le sengwe se se mo pelong ya motho, o ne a raya Hosea a re: “Tsamaya gape, mme o rate mosadi yo o ratiwang ke monna yo mongwe e bile a dira boaka, fela jaaka Jehofa a rata batho ba Iseraele le fa ba retologela kwa medimong e mengwe.” (Hos. 3:1; Diane 16:2) Ela tlhoko gore ka nako eo, mosadi wa ga Hosea o ne a sa ntse a dira boleo jo bo masisi, mme Jehofa o ile a laela Hosea gore a mo itshwarele mme a ye go mo tsaya gore e nne mosadi wa gagwe gape. a Jehofa o ne a dirisa sekai seno go bontsha batho ba gagwe gore o ikutlwa jang ka bone. Tota le fa ba ne ba sa ntse ba dira dilo tse di sa siamang, o ne a ba rata. O ne a nna a ba romelela baporofeti ba gagwe gore ba ba thuse go ikwatlhaya le gore ba tlogele dilo tse di sa siamang. Sekai seno se bontsha gore Jehofa o itse sengwe le sengwe ka batho, e bile o tla thusa ope fela yo o sa ntseng a dira boleo jo bo masisi gore a ikwatlhaye. (Diane 17:3) O dira seo jang?

JEHOFA O THUSA BATHO JANG GORE BA IKWATLHAYE?

8. Jehofa o ile a leka go thusa Kaine jang gore a ikwatlhaye? (Genesise 4:3-7) (Bona le setshwantsho.)

8 Kaine e ne e le morwa wa ntlha wa ga Adame le Efa. Le ene o ne a na le boleo fela jaaka batsadi ba gagwe. Mo godimo ga moo, Baebele e a re: “Dilo tse a neng a di dira di ne di le bosula.” (1 Joh. 3:12) Gongwe leo ke lone lebaka la go bo Jehofa a sa amogela setlhabelo sa gagwe. Baebele e a re Jehofa “ga a ka a amogela Kaine le setlhabelo sa gagwe.” Go na le gore Kaine a tlogele go dira dilo tse di bosula, o ile a “galefa fela thata, mme o ne a se ka a itumela.” Jehofa o ile a dira eng? O ile a bua le ene. (Bala Genesise 4:3-7.) Ela tlhoko gore Jehofa o ile a bua le ene a le bonolo e bile o ile a mmolelela gore o tla mo segofatsa fa a ka dira se se siameng. Gape Jehofa o ile a tlhagisa Kaine gore fa a ne a ka tswelela a galefile, o ne a tla feleletsa a dirile sengwe se se sa siamang. Ka maswabi, Kaine ga a a ka a reetsa Jehofa e bile ga a a ka a mo letla gore a mo thuse go ikwatlhaya. A seo se ile sa dira gore Jehofa a dire tshwetso ya gore ga a kitla a tlhola a thusa ope go ikwatlhaya? Nnyaa!

Jehofa o ile a leka go thusa Kaine gore a ikwatlhaye, e bile o ile a mmolelela gore o ne a tla mo segofatsa fa a ne a ka dira jalo (Bona serapa 8)


9. Jehofa o ile a thusa Dafide jang gore a ikwatlhaye?

9 Jehofa o ne a rata Kgosi Dafide fela thata. Tota e bile, o ne a re Dafide ke “monna yo o amogelwang ke pelo ya me.” (Dit. 13:22) Mme gone, Dafide o ile a dira maleo a a masisi. Ka sekai o ile a dira boaka, a bo a bolaya. Go ya ka Molao wa ga Moshe, Dafide o ne a tshwanetse go bolawa. (Lefi. 20:10; Dipa. 35:31) Jehofa o ne a batla go thusa Dafide gore a ikwatlhaye. b Ka jalo, o ile a laela moporofeti Nathane gore a ye kwa go ene tota le fa Dafide a ne a ise a ikwatlhaye. Nathane o ile a dirisa setshwantsho go thusa Dafide gore a tlhaloganye gore o dirile maleo a a masisi. Dafide o ile a lemoga gore o utlwisitse Jehofa botlhoko fela thata e bile o ile a ikwatlhaya. (2 Sam. 12:1-14) Pesalema e a ileng a e kwala, e bontsha tsela e a neng a ikwatlhaya ka yone. (Pes. 51, mafoko a a mo godimo ga Pesalema) Pesalema eo e kgothatsa batho ba le bantsi ba ba dirileng boleo jo bo masisi e bile ba ikwatlhaya. Ruri re lebogela go bo Jehofa a ne a rata Dafide e bile a ile a mo thusa go ikwatlhaya!

10. Go itse gore Jehofa o pelotelele le rona le gore o a re itshwarela, go dira gore o ikutlwe jang?

10 Jehofa o tlhoile boleo, e bile ga a letlelele batho go dira dilo tse di sa siamang. (Pes. 5:4, 5) Le fa go ntse jalo, o a re rata e bile fa re leofa o batla go re thusa. O nna a leka go thusa batho ba ba dirileng maleo a a masisi gore ba ikwatlhaye le gore ba atamalane le ene. Ruri go a kgothatsa go itse gore Jehofa o batla go re itshwarela! Go akanya kafa Jehofa a leng pelotelele e bile a re itshwarelang ka gone, go dira gore re ikemisetse go tswelela re ikanyega mo go ene le gore re ikwatlhaye ka bonako fa re sena go leofa. Jaanong re tlile go tlotla ka se Jesu a ile a se ruta balatedi ba gagwe ka go ikwatlhaya.

SE JESU A ILENG A SE RUTA BALATEDI BA GAGWE KA GO IKWATLHAYA

11-12. Jesu o ile a dirisa setshwantsho sefe go bontsha gore Jehofa o ikemiseditse go re itshwarela? (Bona le setshwantsho.)

11 Ka ngwaga wa 29 C.E, Jesu o ne a nna Mesia. Jaaka re bone mo setlhogong se se fetileng, Jehofa o ile a dirisa Johane Mokolobetsi le Jesu go ruta batho botlhokwa jwa go ikwatlhaya.​—Math. 3:1, 2; 4:17.

12 Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ile a dirisa setshwantsho sa rre le morwawe go ruta batho gore Rraagwe o ikemiseditse go re itshwarela fa re dira boleo. Morwa yoo o ile a tswa kwa gagabo a bo a dira dilo tse di bosula. Mme fa nako e ntse e tsamaya, o ile a “itharabologelwa” a bo a boela gae. Rraagwe o ile a dira eng? Jesu o ile a re “fa [morwa yono] a sa ntse a le kgakala thata, rraagwe o ne a mmona mme a tlhomoga pelo, o ne a mo tabogela, a mo tlamparela a bo a mo suna.” Morwa yono o ne a sa lebelela gore rraagwe o tla mo itshwarela, ka jalo o ile a mo kopa gore a mo dire motlhanka wa gagwe. Mme rraagwe o ne a ikemiseditse go mo itshwarela. O ne a mmitsa “morwaake,” a bo a mo letla gore a tswelele e le karolo ya lelapa. Rre yono o ne a re: “O ne a latlhegile mme o bonwe.” (Luke 15:11-32) Ga go pelaelo gore fa Jesu a ne a le kwa legodimong, o ile a bona ka makgetlo a le mantsi kafa Jehofa a leng kutlwelobotlhoko e bile a leng bonako ka gone go itshwarela batho ba ba neng ba ikwatlhaya. Setshwantsho se a ileng a se dirisa, se a re kgothatsa e bile se bontsha gore Jehofa o kutlwelobotlhoko.

Rre yo Jesu a buang ka ene mo setshwantshong sa rre le morwawe, o ne a taboga a bo a tlamparela morwawe yo a neng a boela gae (Bona serapa 11-12)


13-14. Moaposetoloi Petere o ne a ithuta eng ka go ikwatlhaya, mme ke eng se a ileng a se ruta ba bangwe ka go ikwatlhaya? (Bona le setshwantsho.)

13 Moaposetoloi Petere o ithutile go le gontsi thata mo go Jesu ka go ikwatlhaya le go itshwarela. O ile a dira diphoso di le dintsi, mme Jesu o ne a ikemiseditse go mo itshwarela. Ka sekai, fa a sena go itatola Jesu ka makgetlo a le mararo, o ile a utlwa botlhoko fela thata. (Math. 26:34, 35, 69-75) Mme gone, fa Jesu a sena go tsosiwa, o ile a iponatsa kwa go ene baaposetoloi ba bangwe ba seyo. (Luke 24:33, 34; 1 Bakor. 15:3-5) Ga go pelaelo gore ka nako eo, Jesu o ne a itse gore Petere o ne a ikwatlhaya, ka jalo o ne a batla go mo tlhomamisetsa gore o mo itshwaretse.​—Mar. 16:7.

14 Petere o ne a tlhaloganya gore go ikwatlhaya le go itshwarelwa go ntse jang. Ka jalo, o ile a ruta batho ba bangwe se a se ithutileng. Nako nngwe morago ga moletlo wa Pentekosete, Petere o ne a bolelela Bajuda ba le bantsi gore ba bolaile Mesia. Mme gone, o ne a ba rotloetsa jaana: “Ka jalo, ikwatlhayeng lo bo lo sokologe gore maleo a lona a phimolwe, gore dipaka tse di lapolosang di tle di tswa kwa go Jehofa.” (Dit. 3:14, 15, 17, 19) Petere o ne a tlhalosa gore go ikwatlhaya go thusa motho gore a sokologe. Seno se raya gore o fetola tsela e a akanyang ka yone, o tlogela go dira dilo tse di sa siamang e bile o simolola go dira dilo tse di itumedisang Modimo. Gape o ile a tlhalosa gore Jehofa o ne a tla itshwarela Bajuda bao maleo a bone. Go ne go tla nna jaaka e kete maleo a bone a phimotswe. Dingwaga di le dintsi moragonyana, Petere o ne a raya Bakeresetemmogo le ene a re: “Jehofa . . . o pelotelele le lona ka gonne ga a eletse gore motho ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba ikwatlhaye.” (2 Pet. 3:9) Ruri go a kgothatsa go itse gore fa re ikwatlhaya, tota le fa re dirile maleo a a masisi, Jehofa o tla re itshwarela!

Jesu o ile a itshwarela Petere ka gonne a ne a ikwatlhaya (Bona serapa 13-14)


15-16. (a) Ke eng se Paulo a ileng a se ithuta ka go itshwarela? (1 Timotheo 1:12-15) (b) Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?

15 Paulo o ile a dira dilo di le dintsi tse di sa siamang. O ile a bogisa balatedi ba ga Jesu setlhogo. Bakeresete ba le bantsi ba ka tswa ba ne ba akanya gore ga a ka ke a fetoga, mme Jesu o ne a itse gore Paulo o ne a tla fetoga a bo a ikwatlhaya. Ene le Rraagwe ba ne ba itse gore Paulo o na le dinonofo tse di siameng. Jesu o ile a re: “Monna yono ke sejana se ke se tlhophileng.” (Dit. 9:15) Tota e bile, Jesu o ile a dirisa kgakgamatso go thusa Paulo gore a ikwatlhaye. (Dit. 7:58–8:3; 9:1-9, 17-20) Paulo o ile a ikwatlhaya a bo a nna Mokeresete. Ka jalo, Jesu o ile a mo naya tiro ya gore e nne moaposetoloi. Gantsi Paulo o ne a tlhalosa kafa a lebogang ka gone go bo Jehofa le Jesu ba nnile pelonomi mo go ene le go bo ba mo utlwetse botlhoko. (Bala 1 Timotheo 1:12-15.) O ile a raya bakaulengwe le bokgaitsadi a re: “Modimo o leka go dira gore o ikwatlhaye ka ntlha ya bopelonomi jwa gagwe.”​—Bar. 2:4.

16 Nako nngwe Paulo o ile a utlwa gore phuthego ya kwa Korintha e ne e letlelela monna mongwe yo o neng a dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo gore a tswelele a le mo phuthegong. Paulo o ile a ba raya a re ba dire eng? Se a ileng a se bua, se tla re bontsha gore Jehofa o lorato fa a kgalemela batlhanka ba gagwe le gore o ba utlwela botlhoko fa ba ikwatlhaya. Gape re tla bona gore re ka mo etsa jang. Mo setlhogong se se latelang, re tla tlotla ka se se ileng sa direga kwa phuthegong ya kwa Korintha.

PINA 33 Latlhela Mokgweleo wa Gago mo go Jehofa

a Mme dilo ga di a nna jalo gompieno. Jehofa ga a a lebelela gore molekane yo o se nang molato a tswelele a nna le molekane wa gagwe yo o dirileng boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Tota e bile, o ile a kaela Morwawe gore a tlhalose gore monna kgotsa mosadi a ka tlhala molekane wa gagwe yo o dirileng boitsholo jo bo sa siamang fa e le gore o batla go dira jalo.​—Math. 5:32; 19:9.

b Bala setlhogo se se reng “Boitshwarelo Jwa ga Jehofa bo go Solegela Molemo Jang?” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa November 15, 2012, ts. 21-23, ser. 3-10