TORA YA TEBELO—MAKASINE O O ITHUTIWANG December 2016

Makasine ono o na le ditlhogo tsa thuto tsa January 30 go ya go February 26, 2017.

PEGO YA BOTSHELO

Go Nna “Dilo Tsotlhe mo Bathong ba Mefuta Yotlhe”

Dikabelo di le dintsi tse Denton Hopkinson a neng a nna le tsone di ne tsa mo thusa go lemoga gore Jehofa o rata batho ba mefuta yotlhe.

Lo ne Lwa Gololwa ka Ntlha ya Bopelonomi Jo bo Sa re Tshwanelang

O ka solegelwa molemo ke go akanya kafa Jehofa a go golotseng ka gone mo boleong.

“Go Tlhoma Mogopolo mo Moyeng go Raya Botshelo le Kagiso”

Baroma kgaolo 8 e na le kgakololo e e ka go thusang gore o bone tuelo e Jehofa a e solofetsang batho botlhe.

A o a Gakologelwa?

A o badile dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo ka kelotlhoko? Bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang tse di theilweng mo Baebeleng.

Latlhela Tlhobaelo Yotlhe ya Gago mo go Jehofa

Ka dinako dingwe, batlhanka ba Modimo le bone ba a tlhobaela. Go na le ditsela di le nnè tse di ka go thusang gore o solegelwe molemo ke “kagiso ya Modimo.”

Jehofa o Duela ba ba Mmatlang ka Tlhoafalo

Fa re na le tsholofelo ya gore Modimo o tla re duela, seo se ka re solegela molemo jang? Modimo o ne a segofatsa batlhanka ba gagwe jang mo nakong e e fetileng, mme o dira jalo jang gompieno?

Go Nna Bonolo—Sesupo sa Gore Motho o Botlhale

Ga go motlhofo go nna o ritibetse fa o sa tshwarwe sentle, le fa go ntse jalo, Baebele e kgothaletsa Bakeresete gore ba nne bonolo. Ke eng se se ka go thusang gore o nne le nonofo eno?

Kaedi ya Ditlhogo Tsa Tora ya Tebelo ya 2016

Lenaane la ditlhogo tse di gatisitsweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo o o ithutiwang le wa batho botlhe.