Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o a Gakologelwa?

A o a Gakologelwa?

A o badile dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo ka kelotlhoko? Fa go ntse jalo, bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang:

Ke boleo bofe jo Jesu a neng a bua ka jone mo go Mathaio 18:15-17?

O ne a bua ka dikgang tse di ka rarabololwang ke beng ba tsone. Mme fa kgang e sa rarabololwe, seo se ka dira gore motho yo o dirileng phoso a kgaolwe. Ka sekai, boleo joo e ka nna go senya motho leina kgotsa go dira boferefere.—w16.05, ts. 7.

O ka dira eng gore o solegelwe molemo ke go bala Baebele?

O ka dira dilo tseno: Bala ka mogopolo o o bulegileng mme o bone kafa o ka dirisang se o se ithutileng ka gone. Ipotse jaana, ‘Nka dirisa tshedimosetso eno jang go thusa ba bangwe?’ Dirisa dikgatiso go dira dipatlisiso ka tshedimosetso e o ntseng o e bala.—w16.05, ts. 28-30.

A go phoso gore Mokeresete a hutsafale fa a tlhokafaletswe le fa gone a dumela mo tsogong ya baswi?

Le fa Mokeresete a dumela mo tsogong ya baswi, o utlwa botlhoko thata fa a tlhokafaletswe. Fa Sara a sena go tlhokafala, Aborahame o ne a hutsafala. (Gen. 23:2) Go hutsafala go tla okobala ka iketlo.—wp16.3, ts. 4.

Mo go Esekiele kgaolo 9, monna yo o tshotseng kurwana ya enke ya mokwaledi o emela mang, mme banna ba le barataro ba ba tshotseng dibetsa tsa go thubaganya, ba emela bomang?

Ba emela masole a legodimo a a neng a na le seabe mo go senngweng ga Jerusalema e bile a tlile go nna le seabe mo go senngweng ga lefatshe la ga Satane ka ntwa ya Haramagedona. Monna yo o tshotseng kurwana ya enke o emela Jesu Keresete ka gonne ke ene yo o tla tshwayang batho ba ba tla bolokiwang.—w16.06, ts. 31-32.

Baebele e ile ya falola mathata afe?

E ne ya falola (1) bothata jwa go onala ga dilo tse di neng di dirisediwa go kwalela mo go tsone, tse di jaaka dipapirase le matlalo a diphologolo; (2) go fedisiwa ke baeteledipele ba dipolotiki le ba bodumedi ba ba neng ba le kgatlhanong le yone; gape e ne ya falola (3) maiteko a a neng a dirwa a go fetola molaetsa wa yone.—wp16.4, ts. 4-7.

Mokeresete a ka tlhofofatsa botshelo jwa gagwe ka ditsela dife?

Akanya ka dilo tse tota o di tlhokang mme o tlogele go dirisa madi mo dilong tse di seng botlhokwa. Itirele lenaane la kafa o tla dirisang madi ka gone. Latlha dilo tse o sa di diriseng mme o duele dikoloto. Fokotsa nako e o e dirisang kwa tirong mme o rulaganye kafa o ka oketsang bodiredi jwa gago ka gone.—w16.07, ts. 10.

Baebele ya re ke eng se se botoka thata go gaisa gouta kgotsa selefera?

Jobe 28:12, 15 ya re botlhale jwa Modimo bo botoka go gaisa gouta kgotsa selefera. Fa o ntse o bo batla, leka ka natla go nna boikokobetso le go nonotsha tumelo ya gago.—w16.08, ts. 18-19.

A go siame gore mokaulengwe a nne le ditedu?

Mo dinageng tse dingwe, go siame go nna le ditedu tse di beotsweng sentle mme motho yo o nang le tsone a ka tshwanelega go rera molaetsa wa Bogosi. Le fa go ntse jalo, bakaulengwe bangwe ba ka swetsa ka go re ba se ka ba nna le tsone. (1 Bakor. 8:9) Mo ditsong dingwe le kwa mafelong a mangwe, ga go a tshwanela gore Basupi ba ga Jehofa ba nne le ditedu.—w16.09, ts. 21.

Goreng re ka dumela pego ya Baebele e e ka ga Dafide le Goliathe?

Goliathe o ne a feta motho yo moleele go gaisa batho botlhe mo lefatsheng gone jaanong ka disentimetara di le 15. Dafide e ne e le motho wa mmatota ka gonne Jesu o ile a bua jalo e bile mokwalo wa bogologolo o umaka ntlo ya ga Dafide. Dipego tse di buang ka mafelo di bontsha gore dipego tse di mo Baebeleng di boammaaruri.—wp16.5, ts. 13.

Go nna le kitso, go tlhaloganya dilo sentle le go nna botlhale go farologana jang?

Motho yo o nang le kitso o na le tshedimosetso kgotsa dintlha. Motho yo o tlhaloganyang dilo sentle o kgona go bona kafa ntlha nngwe e amanang ka gone le e nngwe. Mme motho yo o botlhale o kgona go dirisa kitso le tlhaloganyo ka tsela e e molemo.—w16.10, ts. 18.