Lo ne Lwa Gololwa ka Ntlha ya Bopelonomi Jo bo Sa re Tshwanelang
“Boleo ga bo a tshwanela go nna mong wa lona, ka jaana . . . lo le tlase ga bopelonomi jo bo sa re tshwanelang.”—BAR. 6:14.
PINA: 2, 61
1, 2. Ke eng fa Baroma 5:12 e le botlhokwa mo Basuping ba ga Jehofa?
A RE re o batla go kwala ditemana tse Basupi ba ga Jehofa ba di itseng thata le tse gantsi ba di dirisang mo bodireding. A Baroma 5:12 e ne e tla nna temana ya ntlha e o e kwalang? Akanya ka makgetlo a mo go one o ileng wa bala mafoko ano: “Fela jaaka boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.”
2 Temana eno e tlhaga makgetlo a le mantsi mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng? Fa o ithuta le bana ba gago kgotsa batho ba bangwe kgaolo 3, 5, le 6 e e buang ka boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe, thekololo le boemo jwa baswi, ga go pelaelo gore o tlile go bala Baroma 5:12. A mme o a tle o akanye ka Baroma 5:12 fa o akanya ka kamano ya gago le Jehofa, ditiro tsa gago le dilo tse o batlang go di dira mo isagweng?
3. Ke boammaaruri bofe jo bo malebana le boleo jo re ka se kang ra bo tshabela?
3 Ke boammaaruri gore rotlhe re baleofi e bile re dira diphoso letsatsi le letsatsi. Le fa go ntse jalo, Modimo o a itse gore re lorole e bile o iketleeleditse go re utlwela botlhoko. (Pes. 103:13, 14) Jesu o ne a bua mafoko ano mo thapelong ya gagwe ya sekao: “Re itshwarele maleo a rona.” (Luke 11:2-4) Ka jalo, ga re a tshwanela go nna re akantse ka diphoso tse Modimo a re itshwaretseng tsone. Le fa go ntse jalo, re sa ntse re ka solegelwa molemo ke go akanya kafa a ileng a re itshwarela ka gone le kafa a ka re itshwarelang ka gone.
RE ITSHWARETSWE KA NTLHA YA BOPELONOMI JO BO SA RE TSHWANELANG
4, 5. (a) Ke eng se se re thusang go tlhaloganya Baroma 5:12? (b) “Bopelonomi jo bo sa re tshwanelang” jo go buiwang ka jone mo go Baroma 3:24 bo kaya eng?
4 Go na le dintlha tsa botlhokwa mo dikgaolong tse di dikologileng mafoko a moaposetoloi Paulo a neng a a bua mo go Baroma 5:12, segolobogolo mo go kgaolo 6. Dintlha tseno di tla re thusa go tlhaloganya kafa Jehofa a ka re itshwarelang ka gone. Kgaolo 3 ya re: “Botlhe ba leofile . . . , mme go ntse jaaka e kete ke mpho ya mahala go bo ba bolelwa e le ba ba siameng ka bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa gagwe ka go gololwa ka thekololo e e neng ya duelwa ke Keresete Jesu.” (Bar. 3:23, 24) Paulo o ne a kaya eng fa a bua ka “bopelonomi jo bo sa re tshwanelang”? Fa a ne a bua mafoko ao, o ne a dirisa lefoko la Segerika le go ya ka buka nngwe ya ditshupiso le kayang “sengwe se mongwe a go direlang sone ka go rata, a sa lebelela gore o mo duele ka sengwe.” Ga o a dira sepe gore o tshwanelwe ke go direlwa selo seo.
5 Mokanoki mongwe e bong John Parkhurst o ne a re: “Gantsi fa lefoko leno la Segerika le amanngwa le Modimo kgotsa Keresete, le kaya bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jo ba re bontshitseng jone ka go rekolola le go golola batho.” Ke ka moo go dirisiwang polelwana e e reng “bopelonomi jo bo sa re tshwanelang” mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha. Mme gone, Modimo o ile a re bontsha jang bopelonomi jono jo bo sa re tshwanelang? Mme seo se ama jang tsholofelo ya rona le kamano ya rona le ene? Mma re bone.
6. Batho ba ka solegelwa molemo go le kana kang ke bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo?
6 Adame e ne e le ene “motho a le mongwe” yo boleo le loso di neng tsa “tsena mo lefatsheng” ka ene. Ka jalo, “ka tlolo ya motho a le mongwe loso lo ne lwa busa jaaka kgosi.” Gape Paulo o ne a re “letlotlo la bopelonomi jo bo sa re tshwanelang [jwa Modimo]” le ne la nna gone “ka motho a le mongwe, e bong Jesu Keresete.” (Bar. 5:12, 15, 17) Ka jalo, bopelonomi joo jo bo sa re tshwanelang bo solegetse batho botlhe molemo. Batho “ba le bantsi ba tla dirwa ba ba siameng ka go utlwa ga motho a le mongwe [e bong Jesu].” Tota e bile, bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo bo ka dira gore batho ba bone “botshelo jo bo sa khutleng ka Jesu Keresete.”—Bar. 5:19, 21.
7. Ke eng fa mpho ya Modimo ya thekololo e bontsha bopelonomi jo bo sa re tshwanelang?
7 Jehofa o ne a sa tlhoke go tlisa Morwawe mo lefatsheng gore a re swele. Mo godimo ga moo, batho ba ba sa itekanelang ba ne ba sa dira sepe se se ka dirang gore ba tshwanelwe ke go amogela se Modimo le Jesu ba ba diretseng sone e leng go ba naya thekololo e e dirang gore ba itshwarelwe maleo. Ka jalo, go itshwarelwa maleo le go nna le tsholofelo ya go tshelela ruri, ke bopelonomi jo bo sa re tshwanelang. Re tshwanetse go anaanela mpho eno ya Modimo e e bontshang bopelonomi jo bo sa re tshwanelang mme re e letle gore e tlhotlheletse matshelo a rona.
GO ANAANELA BOPELONOMI JO BO SA RE TSHWANELANG JWA MODIMO
8. Re tshwanetse go tila go akanya jang?
8 E re ka re le ditlogolwana tsa ga Adame, go motlhofo gore re dire dilo tse di phoso kgotsa gore re leofe. Le fa go ntse jalo, go tla bo go le phoso go dira bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo seipato ka go bua jaana: ‘Le fa nka dira sengwe se se sa siamang, se Modimo a se lebang e le boleo, ga ke tlhoke go tshwenyega. Jehofa o tla intshwarela.’ Ka maswabi, Bakeresete bangwe ba ile ba akanya jalo tota le fa baaposetoloi bangwe ba ne ba sa ntse ba tshela. (Bala Jude 4.) Gongwe re ka nna ra se ka ra bua jalo mme gone, re ka nna le dikakanyo tse di ntseng jalo kgotsa batho ba bangwe ba ka re tlhotlheletsa go akanya jalo mme seo se bo se dira gore re dire dilo tse di sa siamang.
9, 10. Paulo le ba bangwe ba ne ba gololwa jang mo boleong le mo losong?
9 Paulo o ile a re kgothaletsa go tila go akanya jaana: ‘Modimo o a tlhaloganya gore ga ke a itekanela. Ke a itse gore o tla intshwarela.’ Ke eng fa a ne a rialo? Ka gonne o ne a re Bakeresete ‘ba sule malebana le boleo.’ (Bala Baroma 6:1, 2.) Ke jang go ka tweng ‘ba sule malebana le boleo’ mme gone ba ne ba sa ntse ba tshela?
10 Thekololo e Modimo a e ntshitseng, e ne ya thusa Paulo le batho ba bangwe ba motlha wa gagwe. Ke ka moo Jehofa a ileng a itshwarela maleo a bone, a ba tlotsa ka moya o o boitshepo, a bo a ba laletsa gore e nne barwa ba gagwe ba semoya. Go tswa foo, ba ne ba nna le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong. Fa ba ne ba ka ikanyega, ba ne ba tla tshela le Keresete kwa legodimong le go busa mmogo le ene. Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a ka re ‘ba sule malebana le boleo’ le fa tota ba ne ba sa ntse ba tshela e bile ba direla Modimo mo lefatsheng. O ne a dira sekai ka Jesu, yo o neng a swa a bo a tsosiwa e le sebopiwa sa semoya kwa legodimong. Jesu o ne a ka se tlhole a swa. Go ne go ntse jalo le ka Bakeresete ba ba tloditsweng, ba ba neng ba ka itsaya ‘ba sule eleruri ka ga boleo mme ba tshelela Modimo ka Keresete Jesu.’ (Bar. 6:9, 11) Botshelo jwa bone bo ne bo fetogile gotlhelele. Ba ne ba sa tlhole ba laolwa ke keletso ya go dira dilo tse di sa siamang. Ba ne ba sule malebana le tsela eo ya go tshela.
11. Batho ba Modimo ba ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng ba ‘sule malebana le boleo’ ka tsela efe?
11 Mme gotweng ka rona? Pele ga re nna Bakeresete, re ne re tlhola re leofa, gongwe e bile re sa lemoge gore se re se dirang se phoso mo Modimong. Re ne re le “batlhanka ba boitshekologo le ba go tlhoka molao.” Tota re ka re re ne re le “batlhanka ba boleo.” (Bar. 6:19, 20) Mme re ne ra ithuta Baebele, ra fetola matshelo a rona, ra ineela mo Modimong e bile re ne ra kolobediwa. Fa e sa le ka nako eo, re ntse re batla go nna “kutlo go tswa pelong” malebana le dithuto tsa Modimo le melao ya gagwe. Le fa re ka tswa re sa bua mafoko ao, ‘re ne ra gololwa mo boleong’ mme ra “nna batlhanka ba tshiamo.” (Bar. 6:17, 18) Ka jalo, go ka nna gatwe re ne “ra swa malebana le boleo.”
12. Ke tshwetso efe e mongwe le mongwe wa rona a tshwanetseng go e dira?
12 Jaanong itshekatsheke ka mafoko ano a ga Paulo: “Lo se ka lwa letlelela boleo gore bo tswelele bo busa jaaka kgosi mo mebeleng ya lona e e nang le go swa mo lo tla utlwang dikeletso tsa yone.” (Bar. 6:12) Re ka “letlelela boleo gore bo tswelele bo busa” ka go dira sepe fela se mogopolo wa rona o batlang gore re se dire. E re ka re kgona go tlhopha gore a re tla “letlelela” boleo bo re busa kgotsa bo se ka jwa re busa, go tla bo go le molemo gore re ipotse go re, Ke eng se tota re se batlang? Ipotse jaana: ‘A ka dinako dingwe ke itetla gore ke akanye ka dilo tse di phoso ke bo ke feleletsa ke di dira? Kgotsa a ke sule malebana le boleo? A ke dira se se siameng ka go tlogela go akanya ka dilo tse di sa siamang?’ Tota sa botlhokwa ke gore re anaanela go le kana kang bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jo Modimo a re bontshitseng jone ka go itshwarela diphoso tsa rona.
NTWA E O KA KGONANG GO E FENYA
13. Ke eng se se re tlhomamisetsang gore re ka kgona go tlogela go dira dilo tse di sa siamang?
13 Batho ba ga Jehofa ba tlogetse ‘maungo a ba neng ba tle ba nne le one’ pele ba itse Modimo, ba mo rata e bile ba mo direla. Dilo tse ba neng ba di dira di ka tswa di akaretsa “dilo tse jaanong di [ba] tlhabisang ditlhong,” tse di neng di ka dira gore ba tshwanelwe ke go bolawa. (Bar. 6:21) Mme ba ne ba fetoga. Go ne go ntse jalo le ka batho ba le bantsi ba kwa Korintha ba Paulo a neng a ba kwalela. Bangwe ba bone e ne e le baobamedi ba medingwana, baakafadi, banna ba ba robalang le banna, magodu, matagwa jalo le jalo. Le fa go ntse jalo, ba ne ba ‘tlhapisiwa ba nna phepa’ le go ‘itshepisiwa.’ (1 Bakor. 6:9-11) Gape go ne go ntse jalo ka bangwe ba kwa phuthegong ya Roma. Paulo o ne a tlhotlheletsega go ba kwalela jaana: “Le gone lo se ka lwa tswelela lo isa ditokololo tsa lona boleong jaaka dibetsa tsa tshiamololo, mme ikiseng Modimong jaaka ba ba tshelang go tswa mo baswing, le ditokololo tsa lona mo Modimong jaaka dibetsa tsa tshiamo.” (Bar. 6:13) Paulo o ne a tlhomamisegile gore ba ka kgona go tswelela ba dira molemo mme ba kgona go solegelwa molemo ke bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo.
14, 15. Ke eng se re tshwanetseng go ipotsa sone malebana le go “nna kutlo go tswa pelong”?
14 Ka tsela e e tshwanang, gompieno bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba ka tswa ba ne ba tshwana le bakaulengwe ba kwa Korintha. Mme le bone ba ile ba fetoga. Ba ile ba tlogela dilo tse di bosula tse ba neng ba di dira mme ba ne ba ‘itshepisiwa.’ Go ka tswa go ntse jalo le ka wena, mme gone jaanong, kamano ya gago le Modimo e nonofile go le kana kang? E re ka jaanong Modimo a re bontsha bopelonomi jo bo sa re tshwanelang ka go re itshwarela, a o ikemiseditse go se tlhole o ‘isa ditokololo tsa gago boleong’? Go na le moo, a o tla ‘ikisa kwa Modimong jaaka yo o tshelang go tswa mo baswing’?
15 Gore re kgone go dira jalo, ga re a tshwanela go dira maleo a a masisi a a neng a dirwa ke batho ba kwa Korintha. Seno se botlhokwa fa e le gore re bolela gore re amogetse bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo le gore ‘boleo ga se mong wa rona.’ Mme gone, a re ikemiseditse go “nna kutlo go tswa pelong” ka go tila go dira maleo a bangwe ba tsayang gore ke diphoso tse di sa reng sepe?—Bar. 6:14, 17.
16. Re itse jang gore go nna Mokeresete go akaretsa se se fetang go tila go dira maleo a a masisi?
16 Akanya ka moaposetoloi Paulo. Re ka tlhomamisega gore o ne a sa dire dilo tse di sa siamang tse di tlhalosiwang mo go 1 Bakorintha 6:9-11. Le fa go ntse jalo, o ne a tlhalosa gore o ne a na le molato wa boleo. O ne a kwala jaana: “Nna ke wa senama, ke rekisitswe mo boleong. Gonne se ke se dirang ga ke se itse. Gonne se ke se eletsang, ga ke tlwaele go se dira; mme se ke se tlhoileng ke sone se ke se dirang.” (Bar. 7:14, 15) Seno se bontsha gore go na le dilo dingwe tse Paulo a neng a tsaya gore ke boleo, mme o ne a leka ka natla gore a se ka a di dira. (Bala Baroma 7:21-23.) E kete le rona re ka dira se se tshwanang fa re ntse re leka go “nna kutlo go tswa pelong.”
17. Goreng o batla go ikanyega?
17 Ka sekai, akanya ka kgang ya go ikanyega. Go botlhokwa gore Bakeresete ba ikanyege. (Bala Diane 14:5; Baefeso 4:25.) Satane ke “ramaaka.” Ananiase le mosadi wa gagwe ba ne ba swa ka gonne ba ne ba buile maaka. Ga re batle go tshwana le bone, ka jalo, ga re bue maaka. (Joh. 8:44; Dit. 5:1-11) Le fa go ntse jalo, a leo ke lone fela lebaka la go bo re tshwanetse go ikanyega? Boammaaruri ke gore, re tshwanetse go ikanyega ka gonne re lebogela bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo.
18, 19. Ke eng fa go ikanyega go akaretsa se se fetang go tila go bua maaka a matala?
18 Go bua maaka ke go bua sengwe se se seng boammaaruri. Le fa go ntse jalo, Jehofa o batla gore batho ba gagwe ba dire se se fetang go tila go bua maaka a matala. O ne a kgothaletsa Baiseraele go dira jaana: “Lo itshupe lo le boitshepo, ka gonne nna Jehofa Modimo wa lona ke boitshepo.” Go tswa foo, o ne a ba bolelela gore ba ka nna boitshepo jang. Modimo o ne a re: “Lo se ka lwa utswa, gape lo se ka lwa tsietsa, le gone ope a se ka a direla mongwe ka ene ka go aka.” (Lefi. 19:2, 11) Ka maswabi, motho yo o sa batleng go bua maaka a matala, o sa ntse a ka batla go tsietsa ba bangwe, a dirisana le bone ka tsela e e bontshang gore ga a ikanyege ka botlalo.
Baroma 6:19 e e reng: “Isang ditokololo tsa lona jaaka batlhanka ba tshiamo ka tebelelo ya boitshepo.”
19 Ka sekai, monna mongwe o bolelela mothapi wa gagwe kgotsa badirimmogo le ene gore kamoso ga a kitla a tla tirong kgotsa o tlhoka go tsamaya pele ga nako ka gonne o tlhoka go ya ngakeng. Totatota, se a tlileng go se dira ke go ya kwa khemisiting kgotsa go ya kwa ngakeng ka bonako go ya go duela madi mangwe. Lebaka la go bo a sa batle go ya tirong ke gore a tle a kgone go ipaakanyetsa loeto kgotsa ke gore o batla go iphokisa phefo le ba lelapa la gagwe. A ka tswa a ne a sa bue maaka fa a ne a re o ya ngakeng, mme gone, a o ka re o ne a bontsha gore o a ikanyega kgotsa a o ne a tsietsa? Gongwe o itse bangwe ba le bone ba tsietsang batho ba bangwe ka boomo. Gongwe ba dira jalo ka gonne ba sa batle go otlhaiwa kgotsa ba batla go itsholegela molemo ka dilo tsa ba bangwe. Le fa gone ba sa bue maaka a matala, gotweng ka taelo eno ya Modimo: “Lo se ka lwa tsietsa”? Gape akanya ka20, 21. Bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo bo tshwanetse go re tlhotlheletsa go dira eng?
20 Ntlha ke gore fa re anaanela bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo, ga re kitla re tila fela go dira maleo a bangwe ba kwa Korintha ba neng ba a dira, a a jaaka boaka, botagwa le maleo a mangwe a a masisi. Go anaanela bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo go tla re tlhotlheletsa gore re se ka ra tila fela go dira boitsholo jo bo sa siamang, mme re tile le boitlosobodutu jo bo sa siamang. Go isa ditokololo tsa rona jaaka batlhanka ba tshiamo go tla re tlhotlheletsa gore re se ka ra tila fela go tagwa, mme re tile le go nwa thata. Go ka nna ga se ka ga nna motlhofo go dira jalo, mme gone, eno ke ntwa e re ka kgonang go e fenya.
21 Re tshwanetse go ikemisetsa go tila go dira maleo a a masisi le dilo tse di sa siamang tse re akanyang gore ga di masisi go le kalo. Gone ke boammaaruri gore re ka se kgone go dira jalo ka botlalo, le fa go ntse jalo, re tshwanetse go leka ka natla go dira jalo, fela jaaka Paulo. O ne a bolelela bakaulengwe ba gagwe jaana: “Lo se ka lwa letlelela boleo gore bo tswelele bo busa jaaka kgosi mo mebeleng ya lona e e nang le go swa mo lo tla utlwang dikeletso tsa yone.” (Bar. 6:12; 7:18-20) Fa re ntse re lwantsha mefuta yotlhe ya dilo tse di sa siamang, re a bo re bontsha gore re anaanela bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jo Modimo a re bontshitseng jone ka Keresete.
22. Batho ba ba anaanelang bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo ba letetswe ke eng?
22 Modimo o re itshwaretse maleo a rona ka ntlha ya bopelonomi jwa gagwe jo bo sa re tshwanelang e bile o tla tswelela a re itshwarela. A re bontsheng gore re anaanela seo ka go leka ka natla go tila go dira maleo a bangwe ba tsayang gore ga a re sepe. Paulo o ne a tlhalosa tuelo e re tla e amogelang jaana: “Jaanong, ka gonne lo ne lwa gololwa mo boleong mme lo ne lwa nna batlhanka ba Modimo, lo bona maungo a lona malebana le boitshepo, mme bokhutlo ke botshelo jo bo sa khutleng.”—Bar. 6:22.