Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Go Tlhoma Mogopolo mo Moyeng go Raya Botshelo le Kagiso”

“Go Tlhoma Mogopolo mo Moyeng go Raya Botshelo le Kagiso”

“Ba ba tumalanong le moya [ba tlhoma megopolo ya bone] mo dilong tsa moya.”—BAR. 8:5.

PINA: 57, 52

1, 2. Ke eng fa Baroma kgaolo 8 e le botlhokwa mo Bakereseteng ba ba tloditsweng?

GONGWE o ile wa bala Baroma 8:15-17 ka nako ya segopotso sa loso la ga Jesu. Ditemana tseno di tlhalosa gore moya o o boitshepo ke one o supelang Bakeresete gore ba tloditswe. Temana ya ntlha ya kgaolo eo e bua ka “ba ba leng seoposengwe le Keresete Jesu.” A batlodiwa ke bone fela ba ka solegelwang molemo ke Baroma kgaolo 8? Kgotsa a Bakeresete ba ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng le bone ba ka solegelwa molemo ke yone?

2 Ke boammaaruri gore kgaolo eno e ne e kwaletswe batlodiwa. Ba amogela “moya” jaaka ba ba ‘letetseng go tsholwa jaaka bana, e leng kgololo mo mebeleng ya bone.’ (Bar. 8:23) Ba na le tsholofelo ya go nna barwa ba Modimo kwa legodimong. Seno se a kgonega ka gonne ba ne ba kolobediwa e bile Modimo o ne a ba rekolola, a itshwarela maleo a bone mme a ba bolela ba siame e le barwa ba gagwe ba semoya.—Bar. 3:23-26; 4:25; 8:30.

3. Ke eng fa re ka re Baroma kgaolo 8 e ka solegela molemo Bakeresete ba ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng?

3 Le fa go ntse jalo, Baroma kgaolo 8 e ka thusa le batho ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng, ka gonne ka tsela nngwe Modimo o ba leba e le basiami. Re bona boammaaruri jwa seo mo go se Paulo a se kwadileng pelenyana mo lekwalong leo. Mo go kgaolo 4 o ne a bua ka Aborahame. Monna yoo yo o neng a na le tumelo, o ne a tshela pele Jehofa a naya Baiseraele Molao le pele Jesu a re swela. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a itse gore Aborahame o na le tumelo e bile o ne a mo tsaya a siame. (Bala Baroma 4:20-22.) Ka tsela e e tshwanang, Jehofa a ka leba Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng e le basiami. Ka jalo, ba ka solegelwa molemo ke kgakololo e e mo go Baroma kgaolo 8 e e kwaletsweng basiami.

4. Baroma 8:21 e tshwanetse go re tlhotlheletsa go akanya ka potso efe?

4 Baroma 8:21 e re tlhomamisetsa gore go tla nna le lefatshe le lesha. Temana eno e re solofetsa gore “popo ka boyone le yone e tla gololwa mo go nneng motlhanka wa go bola mme e nne le kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.” Potso ke gore, a re tla nna gone mo lefatsheng le lesha? A o tlhomamisegile gore o tla bo o le gone? Baroma kgaolo 8 e na le kgakololo e e ka go thusang gore o nne gone.

“GO TLHOMA MOGOPOLO MO NAMENG”

5. Mo go Baroma 8:4-13, Paulo o ne a bua ka kgang efe e e botlhokwa?

5 Bala Baroma 8:4-13. Baroma kgaolo 8 e farologanya batho ba ba tsamayang “tumalanong le nama” le ba ba tsamayang “tumalanong le moya.” Bangwe ba ka akanya gore Paulo o ne a bua ka pharologanyo fa gare ga batho ba ba mo boammaaruring le ba ba seng mo go jone kgotsa pharologanyo fa gare ga Bakeresete le ba e seng Bakeresete. Le fa go ntse jalo, tota Paulo o ne a kwalela “ba ba mo Roma ba e leng baratwa ba Modimo, ba ba biditsweng gore ba nne baitshepi.” (Bar. 1:7) Ka jalo, Paulo o ne a farologanya Bakeresete ba ba neng ba tsamaya tumalanong le nama le Bakeresete ba ba neng ba tsamaya tumalanong le moya. Ba ne ba farologana jang?

6, 7. (a) Lefoko “nama” le dirisiwa ka ditsela dife mo Baebeleng? (b) Paulo o ne a dirisa lefoko “nama” ka tsela efe mo go Baroma 8:4-13?

6 Paulo o ne a bua ka eng fa a ne a dirisa lefoko “nama”? Baebele e dirisa lefoko leno ka ditsela tse dintsi. Ka dinako dingwe, le ka kaya mebele ya rona ya mmatota. (Bar. 2:28; 1 Bakor. 15:39, 50) Gape le ka kaya dikamano tsa ba losika. Jesu o ne “a tswa mo losikeng lwa ga Dafide kafa nameng,” mme Paulo o ne a leba Bajuda e le ‘losika kafa nameng.’—Bar. 1:3; 9:3.

7 Le fa go ntse jalo, se Paulo a se kwadileng mo go Baroma kgaolo 7 se re thusa go tlhaloganya gore lefoko “nama” le a buang ka lone mo go Baroma 8:4-13 le kaya eng. O ne a tshwantsha go “dira dilo tumalanong le nama” le “dikgotelo tse di nang le boleo” tse di neng di dira “mo ditokololong tsa [bone].” (Bar. 7:5) Seno se re thusa go tlhaloganya polelwana e e reng “ba ba tumalanong le nama” e Paulo a neng a e dirisa fa a ne a bua ka batho ba ‘ba tlhomang megopolo ya bone mo dilong tsa nama.’ O ne a bua ka batho ba ba laolwang ke dikeletso tsa bone kgotsa ba ba tlhomileng megopolo ya bone mo dilong tse di sa siamang tse ba ratang go di dira. Tota bano ke batho ba ba ineelelang dikeletso tsa bone tsa tlhakanelodikobo kgotsa tse dingwe.

8. Ke eng fa go ne go tlhokega gore Paulo a tlhagise Bakeresete ba ba tloditsweng ka kotsi ya go “tsamaya tumalanong le nama”?

8 O ka tswa o ipotsa gore ke eng fa Paulo a ne a tlhagisa Bakeresete ba ba tloditsweng ka kotsi ya go “dira dilo tumalanong le nama.” Bakeresete ba Modimo a ba lebang e le basiami ba ka wela mo kotsing e e tshwanang gompieno. Tota e bile, Mokeresete mongwe le mongwe a ka nna a simolola go dira dilo tse di bosula. Ka sekai, Paulo o ne a re bakaulengwe bangwe ba kwa Roma e ne e le makgoba a “dimpa tsa bone [kgotsa dikeletso tsa bone],” tse di ka tswang e ne e le dikeletso tsa tlhakanelodikobo, go ja bobe, go nwa bobe kgotsa tse dingwe. Bangwe ba bone ba ne ba ‘faposa ba ba sa lemogeng [kgotsa ba ba seng kelotlhoko].’ (Bar. 16:17, 18; Bafil. 3:18, 19; Jude 4, 8, 12) Kana e bile, go ne go na le mokaulengwe mongwe wa kwa Korintha yo o neng a “tsere mosadi wa ga rraagwe.” (1 Bakor. 5:1) Ka jalo go a utlwala gore ke eng fa Modimo a ile a dirisa Paulo go tlhagisa Bakeresete ka kotsi ya “go tlhoma mogopolo mo nameng.”—Bar. 8:5, 6.

9. Tlhagiso ya ga Paulo e e mo go Baroma 8:6 ga e reye gore go phoso go dira eng?

9 Tlhagiso eo e sa ntse e le botlhokwa le gompieno. Tota le morago ga gore Mokeresete a direle Modimo dingwaga di le dintsi, a ka nna a simolola go tlhoma mogopolo mo dilong tsa nama. A tlhagiso eno e raya gore go phoso go akanya ka dijo, tiro, boitlosobodutu le lenyalo? Nnyaa! Dilo tseno ke karolo ya botshelo jwa motlhanka mongwe le mongwe wa Modimo. Jesu o ne a itumelela dijo e bile o ne a fepa batho ba bangwe. O ne a itse gore go botlhokwa go itapolosa. Gape Paulo o ne a tlhalosa gore go botlhokwa gore banyalani ba bontshane lorato le go abelana ditshwanelo tsa lenyalo.

A dilo tse o di buang di bontsha gore o tlhomile mogopolo mo moyeng kgotsa mo nameng? (Bona serapa 10 le 11)

10. Polelwana e e reng “ba tlhoma megopolo ya bone,” e e mo go Baroma 8:5, 6 e kaya eng?

10 Ka jalo Paulo o ne a kaya eng fa a ne a bua ka go “go tlhoma mogopolo mo nameng”? Lefoko la Segerika le Paulo a le dirisitseng le kaya “go tlhoma mogopolo, go baakanya mogopolo wa gago gore o tle o kgone go akanya ka kelotlhoko, mme sa botlhokwa thata ke boikutlo jwa gago malebana le se o se dirang.” Ba ba dirang dilo tumalanong le nama ba letla gore botshelo jwa bone bo laolwe ke dikeletso tsa bone tse di sa siamang. Mokanoki mongwe wa Baebele o tlhalosa lefoko le le dirisitsweng mo go Baroma 8:5 jaana: “Ba tlhomile mogopolo mo dilong tsa nama, ba a di kgatlhegela, ba bua thata ka tsone, ba di tseela kwa godimo e bile ba a di dira.”

11. O ka akanya ka dilo dife fa o ipotsa go re, ‘Ke eng se ke se ratang thata?’

11 Bakeresete ba kwa Roma ba ne ba tlhoka go itshekatsheka go bona gore ke eng se se neng se tla pele mo matshelong a bone. A gongwe ba ne ba tlhomile megopolo ya bone thata mo “dilong tsa nama”? Le rona re tshwanetse go ipotsa potso eo. Ke eng se se leng botlhokwa thata mo go rona, mme se re se buang se bontsha gore re rata eng thata? Re dira eng letsatsi le letsatsi? Bangwe ba ka nna ba lemoga gore ba tlhomile mogopolo mo go lekeng mefuta e e farologaneng ya beine, go kgabisa matlo a bone, go reka diaparo tsa sesheng, go beeletsa madi, go rulaganya maeto le dilo tse di tshwanang le tseo. Go dira dilo tseno ga go phoso ka gonne ke karolo ya botshelo. Ka sekai, nako nngwe Jesu o ne a dira beine, mme Paulo o ne a bolelela Timotheo gore a nwe “beine e nnye.” (1 Tim. 5:23; Joh. 2:3-11) Le fa go ntse jalo, a Jesu le Paulo ba ne ba ‘ba bua thata ka beine e bile ba e tseela kwa godimo’? A e ne e le selo se ba se ratang thata, se ba neng ba ‘bua thata’ ka sone? Nnyaa. Gotweng ka rona? Ke eng se re se ratang thata?

12, 13. Ke eng fa go le botlhokwa go ela tlhoko dilo tse re tlhomang mogopolo mo go tsone?

12 Go botlhokwa gore o itshekatsheke. Ka ntlha yang? Paulo o ne a kwala jaana: “Go tlhoma mogopolo mo nameng go raya loso.” (Bar. 8:6) Eno ke kgang e e masisi. Go “tlhoma mogopolo mo nameng” go ka dira gore re latlhegelwe ke kamano ya rona le Jehofa gone jaanong, mme gape re latlhegelwe ke botshelo jo bo sa khutleng mo isagweng. Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a sa reye gore fa mongwe a simolola go “tlhoma mogopolo mo nameng,” ga go ka tsela epe a ka kgonang go tila loso. Tota motho yoo a ka kgona go fetoga. Akanya ka monna mongwe wa kwa Korintha yo o neng a tlhomile mogopolo mo dilong tsa “nama” ka go dira boitsholo jo bo sa siamang mme a tshwanelwa ke go tlosiwa mo phuthegong. Le fa go ntse jalo, o ne a kgona go fetoga. O ne a tlogela go tsamaya tumalanong le nama mme a simolola go dira dilo sentle gape.—2 Bakor. 2:6-8.

13 Fa monna yoo a kgonne go fetoga, seo se raya gore le Bakeresete ba ka kgona go fetoga, segolobogolo ba ba sa dirang dilo tse di bosula thata jaaka monna yoo wa kwa Korintha. Eleruri tlhagiso eno ya ga Paulo e e kaga se se ka diragalelang motho yo o ‘tlhomang mogopolo mo nameng,’ e tshwanetse go tlhotlheletsa Bakeresete go fetoga!

“GO TLHOMA MOGOPOLO MO MOYENG”

14, 15. (a) Go na le “go tlhoma mogopolo mo nameng,” ke eng se re ka se dirang? (b) “Go tlhoma mogopolo mo moyeng” ga go reye eng?

14 Fa Paulo a sena go re tlhagisa ka “go tlhoma mogopolo mo nameng,” o ne a re tlhomamisetsa jaana: “Go tlhoma mogopolo mo moyeng go raya botshelo le kagiso.” Eleruri eo ke tuelo e e itumedisang! Ke eng se re tlhokang go se dira gore re e bone?

15 “Go tlhoma mogopolo mo moyeng” ga go reye gore re tshwanetse go ipona tshiamo bobe, re bua fela ka Baebele, Jehofa le tsholofelo ya rona ya mo isagweng. A re gopoleng gore Paulo le ba bangwe ba ba neng ba tshela ka lekgolo la ntlha la dingwaga, ba ba neng ba na le kamano e e molemo le Modimo, ba ne ba tshela ka tsela e e tlwaelegileng. Ba ne ba ja e bile ba nwa. Bontsi jwa bone ba ne ba tsena mo lenyalong mme ba ne ba itumelela botshelo jwa lelapa e bile ba na le ditiro tsa boitshediso.—Mar. 6:3; 1 Bathes. 2:9.

16. Le fa Paulo a ne a tshela botshelo jo bo tlwaelegileng, o ne a tlhomile mogopolo thata mo go eng?

16 Le fa go ntse jalo, batlhanka bao ba Modimo ga ba a ka ba letla gore dilo tseo e nne tsone di tlang pele mo matshelong a bone. Buka ya Ditiro e tlhalosa gore Paulo o ne a dira ditente, le fa go ntse jalo, tiro eo e ne e se yone e tlang pele mo botshelong jwa gagwe, go na le moo o ne a tlhomile mogopolo mo tirong ya go rera le go ruta. (Bala Ditiro 18:2-4; 20:20, 21, 34, 35.) Eno e ne e le tiro e a neng a kgothaletsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Roma gore ba e dire. Selo sa botlhokwa mo go Paulo e ne e le go dira ditiro tse di amanang le kobamelo ya Modimo. Bakeresete ba kwa Roma ba ne ba tshwanetse go mo etsa, mme le rona re tshwanetse go mo etsa.—Bar. 15:15, 16.

17. Re tla solegelwa molemo jang fa re “tlhoma mogopolo mo moyeng”?

17 Fa re ka tswelela re tlhomile mogopolo mo moyeng go tla nna le diphelelo dife? Baroma 8:6 ya re: “Go tlhoma mogopolo mo moyeng go raya botshelo le kagiso.” Seno se raya gore re tshwanetse go letla moya o o boitshepo gore o tlhotlheletse megopolo ya rona le gore re dire dilo ka tsela e e dumalanang le se Modimo a se batlang. Re ka tlhomamisega gore fa re letla moya o o boitshepo gore o laole matshelo a rona, re tla tshela botshelo jo bo itumedisang le jo bo kgotsofatsang gone jaanong. Mme kwa bofelong re tla bona botshelo jo bo sa khutleng, e ka tswa e le kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng.

18. “Go tlhoma mogopolo mo moyeng” go dira gore re nne le kagiso ka tsela efe?

18 A re nneng re gopotse gore “go tlhoma mogopolo mo moyeng go raya . . . kagiso.” Batho ba le bantsi ga ba na kagiso ya mogopolo. Le fa ba e batla thata, rona re setse re na le yone. Seno se re thusa gore re tshele le ba malapa a rona le Bakeresetemmogo le rona ka kutlwano. Re a itse gore ga re a itekanela, e bile bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona le bone ga ba itekanela. Ka ntlha ya seno, ka dinako dingwe go tla nna le mathata, mme fa seo se direga, re a itse gore go botlhokwa go latela kgakololo eno ya ga Jesu: “Agisanya le morwarraago.” (Math. 5:24) Go motlhofo go dira seno ka gonne re a itse gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona le bone ba direla “Modimo yo o nayang kagiso.”—Bar. 15:33; 16:20.

19. Ke kagiso efe e e ka se lekanngweng le sepe e re ka nnang le yone fa re “tlhoma mogopolo mo moyeng”?

19 Gape re na le kagiso e e ka se lekanngweng le sepe. Fa re “tlhoma mogopolo mo moyeng,” go nna le kagiso fa gare ga rona le Modimo. Isaia o ne a kwala mafoko ano a a neng a diragadiwa mo motlheng wa gagwe le a a diragadiwang mo motlheng wa rona ka tsela e e kgolwane: “[Wena Jehofa] o tla dibela mokgwa o o tshegeditsweng sentle ka kagiso e e tswelelang pele, ka gonne motho o dirwa gore a go ikanye.”—Isa. 26:3; bala Baroma 5:1.

20. Ke eng fa o anaanela kgakololo e e mo go Baroma kgaolo 8?

20 Ka jalo, le fa re ka tswa re tloditswe kgotsa re na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng, re tshwanetse go lebogela kgakololo e e tlhotlheleditsweng e e mo go Baroma kgaolo 8. Ruri re anaanela tlhagiso ya gore re se ka ra letla dilo tsa “nama” e nna tsone di tlang pele mo matshelong a rona! Go na le moo, re a itse gore go tla bo go le botlhale go tshela go dumalana le mafoko ano a a tlhotlheleditsweng: “Go tlhoma mogopolo mo moyeng go raya botshelo le kagiso.” Go dira jalo go tla re solegela molemo go ya go ile, ka gonne Paulo o ne a kwala jaana: “Dituelo tse boleo bo di duelang ke loso, mme mpho e Modimo a e nayang ke botshelo jo bo sa khutleng ka Keresete Jesu Morena wa rona.”—Bar. 6:23.