Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o badile dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo ka kelotlhoko? Fa go ntse jalo, bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang:

Fa batsadi ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe ba thusa bana ba bone gore ba nonofe mo tumelong, ke eng fa ba tshwanetse go akanyetsa kgang ya puo?

Bana ba bone ba ithuta puo ya mo lefelong le ba nnang mo go lone kwa sekolong kgotsa fa ba bua le batho ba mo lefelong leo. Go molemo fa ngwana a itse dipuo tse pedi kgotsa go feta. Batsadi ba tshwanetse go bona gore ke kwa kae kwa bana ba bone ba tla kgonang go ithuta boammaaruri le go gatela pele, e ka ne e le kwa phuthegong ya puo ya mo lefelong leo kgotsa e e dirisang puo ya bone. Batsadi ba Bakeresete ba a itse gore tumelo ya bana ba bone e botlhokwa go feta dilo tse bone ba di ratang.—w17.05, ts. 9-11.

Fa Jesu a ne a botsa Petere go re: “A o nthata go feta tseno?” o ne a bua ka dilo dife? (Joh. 21:15)

Go bonala Jesu a ne a bua ka ditlhapi kgotsa ka kgwebo ya go tshwara ditlhapi. Fa Jesu a sena go tlhokafala, Petere o ne a boela kwa tirong ya gagwe ya pele ya go tshwara ditlhapi. Bakeresete ba tshwanetse go bona gore tiro ya boitshediso e botlhokwa go le kae mo go bone.—w17.05, ts. 22-23.

Ke eng fa Aborahame a ne a kopa mosadi wa gagwe gore a bolelele batho gore ke kgaitsadie? (Gen. 12:10-13)

Aborahame le Sara e ne e le bana ba monna a le mongwe mme ba na le bommê ba ba farologaneng. Fa Sara a ka bo a ile a re Aborahame ke monna wa gagwe, Aborahame o ne a ka bolawa mme a se ka a nna le losika lo Modimo a neng a mo solofeditse lone.—wp17.3, ts. 14-15.

Elias Hutter o ne a dirisa tsela efe go thusa batho ba ba neng ba batla go ithuta Sehebera?

O ne a batla go thusa baithuti go farologanya mafoko a ntlhantlha a Sehebera a a mo Baebeleng le ditlhogo le megatlana e e mo mafokong ao. Ka jalo, o ne a gatisa mafoko a ntlhantlha ka mokwalo o o tseneletseng, mme ditlhogo le megatlana ka mokwalo o o tlwaelegileng. Go dirilwe se se tshwanang mo Baebeleng ya New World Translation of the Holy Scriptures—With References.—wp17.4, ts. 11-12.

Ke eng se Mokeresete a tshwanetseng go se akanyetsa fa a batla go nna le tlhobolo e a e dirisetsang go itshireletsa mo bathong ba bangwe?

Ntlha nngwe ke go re: Modimo o tsaya botshelo bo le boitshepo. Jesu ga a ka a kgothaletsa balatedi ba gagwe gore ba nne le ditšhaka tse ba itshireletsang ka tsone. (Luke 22:36, 38) Re tshwanetse go thula ditšhaka tsa rona re di dire magale a megoma. Botshelo bo botlhokwa go feta dithoto. Re tlotla digakolodi tsa ba bangwe mme gape re batla go tlhoma sekao se se molemo. (2 Bakor. 4:2)—w17.07, ts. 31-32.

Ke eng fa pego ya botshelo jwa ga Jesu e e mo go Mathaio e farologane le e e mo go Luke?

Mathaio o bua thata ka Josefa, jaaka gore o ile a tsiboga jang fa a utlwa gore Marea o imile le gore o ne a dira eng fa a newa taelo ya gore ba tshabele kwa Egepeto le go boela kwa legaeng la bone. Luke ene o bua thata ka Marea, ka sekai, o bua ka nako ya fa a ne a etetse Elisabetha le se a ileng a se dira fa Jesu a ne a setse kwa tempeleng.—w17.08, ts. 32.

Baebele e ile ya falola dilo dife?

Bokao jwa mafoko le dipolelwana tse di mo Baebeleng bo ile jwa fetoga fa nako e ntse e ya. Diphetogo mo pusong le tsone di ile tsa ama puo e e dirisiwang ke batho ba le bantsi. Bangwe ba ile ba ganetsa gore Baebele e ranolelwe mo dipuong tse batho ba di tlhaloganyang sentle.—w17.09, ts. 19-21.

A o na le moengele yo o go tlhokomelang?

Nnyaa. Jesu o ne a re baengele ba barutwa ba gagwe ba bona sefatlhego sa Modimo. (Math. 18:10) Fano o ne a tlhalosa gore baengele ba kgatlhegela barutwa ba gagwe, e seng gore baengele ba tlhokometse mongwe le mongwe wa bone ka tsela nngwe ya kgakgamatso.—wp17.5, ts. 5.

Lorato lwa botlhokwa thata ke lofe?

Lorato lo lo theilweng mo melaometheong e leng a·gaʹpe ke lone lorato lwa botlhokwa thata. Lo ka akaretsa go amega ka ba bangwe. Mme gone, lo bontsha dinonofo tse di molemo jaaka go direla ba bangwe dilo tse di molemo.—w17.10, ts. 7.