Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

A Bakeresete ba ba nyalaneng ba ka tsaya mofuta wa thibelapelegi o o bidiwang IUD (intrauterine device) e le sengwe se se dumalanang le Dikwalo?

Banyalani ba Bakeresete ba tshwanetse go batlisisa gore mokgwa ono wa thibelapelegi o akaretsa eng le gore ke melaometheo efe ya Baebele e ba ka e dirisang. Morago ga moo, ba tshwanetse go dira tshwetso e e tla ba letlang gore ba tswelele ba na le segakolodi se se siameng.

Jehofa o ne a laela Adame le Efa, mme moragonyana Noa le ba lelapa la gagwe jaana: “Atang lo ntsifale lo tlatse lefatshe.” (Gen. 1:28; 9:1) Baebele ga e re Bakeresete ba tshwanetse go ikobela taelo eno. Ka jalo, banyalani ke bone ba itirelang tshwetso ya gore a ba tla dirisa mofuta mongwe wa thibelapelegi gore ba se ka ba nna le bana. Banyalani ba tshwanetse go akanyetsa dintlha dife?

Bakeresete ba tshwanetse go dirisa melaometheo e e mo Baebeleng fa ba tlhopha mofuta wa thibelapelegi o ba tla o dirisang. Ka jalo, Bakeresete ga ba tseye go senya mpa e le tsela ya go thibela gore ba se ka ba nna le bana. Go senya mpa ga go dumalane le se Baebele e se buang mabapi le go tlotla botshelo. Ka jalo, Bakeresete ba ka se ka ba senya mpa ka gonne seo e tla bo e le go bolaya motho. (Ekes. 20:13; 21:22, 23; Pes. 139:16; Jer. 1:5) Mme gotweng ka go dirisa IUD?

Makasine wa Tora ya Tebelo wa May 15, 1979, tsebe 30-31, (ka seesemane) o ile wa tlotla ka mofuta ono wa thibelapelegi. Ka nako eo, di-IUD tse di neng di tlwaelegile e ne e le tsa polasetiki mme di ne di tsenngwa mo popelong go dira gore mosadi a se ka a ima. Setlhogo seno se ne sa tlhalosa gore go ne go sa itsiwe sentle gore di dira seo jang. Dingaka di le dintsi di ne di tlhalosa gore IUD e dira gore peo ya monna e se ka ya kopana le mae a mosadi, mme seno se dira gore mosadi a se ka a ima.

Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe, peo ya monna, e ne e kopana le mae a mosadi. Mae ano a a kopaneng le peo a ne a gola mo moseleng wa mae (go ithwala mme ngwana a bo a sa nne mo popelong) kgotsa a tsena mo popelong. Fa mae ao a tsene mo popelong, IUD e dira gore a se ka a gola mo teng ga popelo mme seo se dira gore mae ao a swe. Seno se tshwana le go senya mpa. Setlhogo seo se ne sa re: “Mokeresete yo o ipotsang gore a go siame go dirisa IUD jaaka mofuta wa thibelapelegi, o tshwanetse go akanyetsa tshedimosetso eno a dirisa melaometheo ya Baebele e e malebana le go tlotla botshelo.”—Pes. 36:9.

A go ile ga nna le kgatelopele mo go tsa kalafi le tsa saense fa e sale setlhogo seo se gatisiwa ka 1979?

Gone jaanong go na le mefuta e mengwe e mebedi ya di-IUD. Ka 1988, IUD ya kopore e ne ya simolola go dirisiwa thata kwa nageng ya United States. Mo godimo ga moo, ka 2001, batho ba le bantsi ba ne ba simolola go dirisa IUD e e ntshang di-hormone. Mefuta eno ya di-IUD yone e bereka jang?

IUD ya kopore: Jaaka re setse re tlhalositse, go bonala IUD e dira gore go nne thata gore peo ya monna e kopane le lee la mosadi. Mo godimo ga moo, go bonala IUD ya kopore e bolaya peo e e tswang mo monneng. * E bile go bonala IUD eno e dira gore go nne le diphetogo dingwe mo popelong.

IUD ya hormone: Di-IUD tseno di na le di-hormone tse di tshwanang le tse di mo dipilising tsa thibelapelegi. Di tsenya di-hormone tseno mo popelong. Go bonala di-IUD tseno di dira gore mmele wa mosadi o se ka wa nna le mae. Fa mmele wa mosadi o sena mae, seno se raya gore a ka se ka a ima. Mo godimo ga moo, go bonala di-IUD tseno di dira gore go nne le diphetogo dingwe mo popelong. * E oketsa seedi se se mo molomong wa popelo, mme seno se dira gore peo e se ka ya kgona go tsena mo popelong. Mo godimo ga moo, e dira le dilo tse dingwe tse di dirwang ke IUD ya polasitiki.

Jaaka re setse re bone, di-IUD tseno ka bobedi di dira gore mmele wa mosadi o se ka wa nna le mae. Mme gotweng fa e le gore mae a nna gone a bo a kopana le peo ya monna? Mae ano a ka nna a tsena mo popelong, mme a ka se kgone go gola. Seno se dira gore mae ao a swe. Mme gone, go bonala seno se direga sewelo, fela jaaka fa mosadi a nwa dipilisi tsa thibelapelegi.

Ga go ope yo o ka reng di-IUD tsa kopore le tsa hormone ka metlha di dira gore mae a mosadi a se ka a kopana le peo ya monna. Le fa go ntse jalo, bosupi jwa saense bo bontsha gore ka ntlha ya dilo tse re sa tswang go di tlhalosa, ga se gantsi mosadi a ima fa a dirisa di-IUD tseno.

Banyalani ba Bakeresete ba ba akanyetsang go dirisa IUD go thibela pelegi, ba tshwanetse go buisana le ngaka ka mefuta ya di-IUD tse di leng teng mo lefelong le ba nnang mo go lone le gore di ka ama botsogo jwa mosadi jang. Ga ba a tshwanela go letla motho ope, tota le ngaka ya bone go ba direla tshwetso ya gore ba dirise mofuta ofe wa thibelapelegi. (Bar. 14:12; Bagal. 6:4, 5) Ba tshwanetse go itirela tshwetso eo ka bobone. Ba tshwanetse go dira tshwetso e e tla itumedisang Modimo le e e tla dirang gore ba tswelele ba na le segakolodi se se siameng.—Bapisa 1 Timotheo 1:18, 19; 2 Timotheo 1:3.

^ ser. 4 Buka nngwe ya lefapha la tsa kalafi kwa Engelane e tlhalosa jaana: “Di-IUD tse di nang le kopore e ntsi di ka ikanngwa fela thata. Go na le kgonagalo e nnye ya gore mosadi a le mongwe mo go ba le 100 ba ba dirisang IUD ya kopore a ka ima mo ngwageng o le mongwe. Di-IUD tse di nang le kopore e nnye tsone ga di mosola thata jaaka tse di nang le kopore e ntsi.”

^ ser. 5 E re ka di-IUD tseno di dira gore go nne le diphetogo dingwe mo popelong, ka dinako dingwe di dirisiwa ke basadi ba ba nyetsweng le ba ba sa nyalwang gore ba se ka ba nna le kelelo e ntsi ya madi.