Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Basha—“Nnang lo Direle Poloko ya Lona”

Basha—“Nnang lo Direle Poloko ya Lona”

“Ka tsela e lo nnileng lwa utlwa ka metlha ka yone, . . . nnang lo direle poloko ya lona ka poifo le go roroma.”—BAFIL. 2:12.

PINA: 41, 89

1. Ke eng fa go kolobediwa go le botlhokwa? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

NGWAGA le ngwaga, baithuti ba Baebele ba le bantsi ba a kolobediwa. Bontsi jwa bone ke basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome kgotsa tse di kwa tlase. Bangwe ba bone ba ka tswa ba goletse mo phuthegong. A o mongwe wa bone? Fa go le jalo, re a go akgola. Bakeresete ba tshwanetse go kolobediwa e bile go dira jalo go botlhokwa gore motho a bolokwe.—Math. 28:19, 20; 1 Pet. 3:21.

2. Ke eng fa basha ba sa tshwanela go tshaba go ineela mo go Jehofa?

2 Le fa gone go kolobediwa go ka dira gore o bone masego a mantsi, gape go tlhoka gore o dire dilo dingwe tsa botlhokwa. Gopola gore fa o ne o kolobediwa o ne wa araba potso eno: “Ka ntlha ya setlhabelo sa ga Jesu Keresete, a o ikwatlhaetse maleo a gago le go ineela mo go Jehofa go dira thato ya gagwe?” Fa o ne o kolobediwa o ne o bontsha gore o ineetse mo go Jehofa. O ne wa solofetsa Jehofa gore o tla mo rata le gore thato ya gagwe e tla nna selo sa botlhokwa mo botshelong jwa gago. Ano ke maikano a botlhokwa tota. A o tshwanetse go ikwatlhaela go bo o a dirile? Nnyaa, le e seng. Go nna motlhanka wa ga Jehofa ke sengwe se se molemo tota. Akanya ka seno. Motho yo o sa direleng Jehofa o laolwa ke Satane. Diabolo ga a batle gore o bolokwe. Tota e bile, a ka itumela fa o ka latlhegelwa ke tshono ya go bona botshelo jo bo sa khutleng ka gonne o ile wa se ka wa ema nokeng bolaodi jwa ga Jehofa.

3. Go ineela mo go Jehofa go na le melemo efe?

3 Akanya ka melemo ya go nna Mokeresete yo o ineetseng le yo o kolobeditsweng. E re ka o ineetse mo go Jehofa, o ka kgona go bua jaana o tlhatswegile pelo: “Jehofa o kafa letlhakoreng la me; ga nkitla ke boifa. Motho wa mo lefatsheng a ka ntirang?” (Pes. 118:6) Ga go na tshiamelo epe e e fetang go nna mo letlhakoreng la Modimo le go amogelwa ke ene.

BOIKARABELO JO O NANG LE JONE

4, 5. (a) Ke eng fa re ka re go ineela mo go Jehofa ke boikarabelo jwa motho ka namana? (b) Bakeresete ba lebana le diteko dife?

4 Kamano ya gago le Jehofa ga e tshwane le boswa jo o bo amogelang go tswa mo batsading ba gago. Le fa gone o sa ntse o nna le batsadi ba gago, kamano ya gago le Jehofa ke boikarabelo jwa gago. Ke eng fa o tshwanetse go gopola seno? Ka gonne ga o itse gore o tla lebana le diteko dife mo isagweng. Ka sekai, fa e le gore o kolobeditswe o sa ntse o le monnye, o tla nna le maikutlo le dikgwetlho tse disha fa o tsena mo dingwageng tsa bolesome. Mosetsana mongwe wa dingwaga di le 18, o ne a re: “Ngwana a ka se ka a ikwatlhaela go nna Mosupi wa ga Jehofa ka gonne a sa je kuku ya malatsi a botsalo kwa sekolong. Mme gone, morago ga dingwaga di le mmalwa fa a simolola go nna le keletso ya go tlhakanela dikobo, o tshwanetse go tlhatswega pelo gore ka metlha go ikobela melao ya ga Jehofa go molemo.”

5 Gone ga se basha fela ba ba lebanang le diteko. Tota le batho ba ba kolobediwang ba godile ba lebana le diteko. E ka nna diteko tse di amanang le lenyalo, mathata a botsogo kgotsa tiro ya boitshediso. Eleruri, rotlhe fela, go sa kgathalesege gore re na le dingwaga tse kae, re tla lebana le diteko tse di tlhokang gore re ikanyege mo go Jehofa.—Jak. 1:12-14.

6. (a) Ke eng fa boineelo jwa gago mo go Jehofa bo sa ikaega ka maemo mangwe a a rileng? (b) O ithuta eng mo go Bafilipi 4:11-13?

6 Gore o kgone go nna o ikanyega, gopola gore boineelo jwa gago mo go Jehofa ga bo a ikaega ka maemo mangwe a a rileng. Seno se raya gore o solofeditse Molaodimogolo wa lobopo lotlhe gore o tla tswelela o mo direla le fa batsadi ba gago kgotsa ditsala tsa gago di ka tlogela go dira jalo. (Pes. 27:10) Mo maemong ape fela, Jehofa o tla go naya nonofo gore o kgone go tshelela boineelo jwa gago.—Bala Bafilipi 4:11-13.

7. Go direla poloko ya gago “ka poifo le go roroma” go kaya eng?

7 Jehofa o batla gore o nne tsala ya gagwe. Mme gone, o tlhoka go tsaya matsapa gore o tswelele o le tsala ya gagwe le gore o bone poloko. Tota e bile, Bafilipi 2:12 ya re: “Nnang lo direle poloko ya lona ka poifo le go roroma.” Mafoko ano a raya gore o tshwanetse go akanya ka se o tla se dirang gore o tswelele o le tsala ya ga Jehofa le gore o tswelele o ikanyega mo go ene le fa o lebana le diteko. Ga o a tshwanela go itshepa thata. Tota le batlhanka bangwe ba Modimo ba ba neng ba mo direla ka boikanyegi ba ile ba tlogela go mo direla. Ka jalo, ke eng se o ka se dirang gore o bolokwe?

GO ITHUTA BAEBELE GO BOTLHOKWA

8. Go ithuta Baebele go akaretsa eng, mme ke eng fa go le botlhokwa?

8 Gore re nne ditsala tsa ga Jehofa, re tlhoka go bua le ene le go mo reetsa. Tsela ya konokono ya go reetsa Jehofa ke go ithuta Baebele. Seno se akaretsa go bala le go tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng. Mme gone, nna o gopotse gore go ithuta Baebele ga go tshwane le go bala dibuka tsa kwa sekolong. Fa o ithuta Baebele, ga o a tshwanela go dira e kete o tshwarelela dintlha dingwe ka tlhogo gore o falole tlhatlhobo ya sekolo. Go ithuta Baebele go tshwana le go tsaya loeto le mo go lone o ithutang dikarolo tse di farologaneng tsa botho jwa ga Jehofa. Seno se tla dira gore o atamalane le Modimo, mme le ene o tla atamalana le wena.—Jak. 4:8.

A o itlwaeditse go bua le Jehofa le go mo reetsa? (Bona serapa 8-11)

9. Ke didirisiwa dife tse o di dirisang go ithuta Baebele?

9 Phuthego ya ga Jehofa e na le didirisiwa di le dintsi tse di ka go thusang go itumelela go ithuta o le nosi. Ka sekai, “Diporojeke Tsa Thuto ya Baebele” tse di mo karolong ya “Basha” mo jw.org, di ka go thusa go ithuta dilo tsa botlhokwa mo ditiragalong tsa Baebele. Mo godimo ga moo, dintlha tsa go ithuta tsa “Totatota Baebele e Ruta Eng?” tse di gone mo jw.org, di ka go thusa gore o tlhatswege pelo ka dilo tse o di dumelang. Gape di ka go thusa go itse gore o ka tlhalosetsa batho ba bangwe jang dilo tse o di dumelang. O ka bona dikakantsho tse dingwe tsa go ithuta mo setlhogong se se reng, “Basha ba Botsa Jaana . . . Nka Dira Jang Gore go Bala Baebele go Itumedise?” se se mo makasineng wa Tsogang! wa April 2009. Go ithuta le go tlhatlhanya go tla go thusa gore o bolokwe.—Bala Pesalema 119:105.

GO RAPELA GO BOTLHOKWA

10. Ke eng fa go le botlhokwa gore Mokeresete yo o kolobeditsweng a rapele?

10 Fa re ithuta Baebele, re reetsa Jehofa mme fa re mo rapela, re bua le ene. Go rapela ga se seomodiro fela e bile ga se pheko e o ka e dirisang fa o batla gore sengwe se o se dirang se atlege. Go na le moo, fa o rapela, tota o a bo o bua le Jehofa. Jehofa o batla gore o bue le ene. (Bala Bafilipi 4:6.) Baebele ya re fa o tlhobaela, o ‘latlhele mokgweleo wa gago mo go Jehofa.’ (Pes. 55:22) A go dira jalo go a thusa? Go na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ba ka go bolelelang gore eleruri go rapela go a thusa. Le wena go ka go thusa!

11. Ke eng fa o tshwanetse go leboga Jehofa ka metlha?

11 Mme gone, ga re a tshwanela go rapela fela fa re batla gore Jehofa a re thuse ka sengwe. Baebele ya re: “Itshupeng lo na le tebogo.” (Bakol. 3:15) Ka dinako dingwe, re ka tshwenyega thata ka mathata a rona mo re ka feleletsang re sa bone masego a mantsi a re nang le one. Ke eng fa letsatsi le letsatsi o sa akanye ka dilo tse tharo tse o ka lebogang Jehofa ka tsone? Go tswa foo, rapela Jehofa mme o mo leboge ka ntlha ya dilo tseo. Mosetsana mongwe wa dingwaga di le 18 e bong Abigail, yo o ileng a kolobediwa a na le dingwaga di le 12, a re: “Tota re tlhoka go leboga Jehofa go feta motho ope yo mongwe. Re tshwanetse go mo leboga ka metlha ka ntlha ya dilo tse di molemo tse a re direlang tsone. Nkile ka utlwa mongwe a re: Fa kamoso re ka latlhegelwa ke dilo tsotlhe tse re sa bolelelang Jehofa gompieno gore re a di lebogela, re ne re ka sala ka eng?”

MOSOLA WA GO AKANYA KA DILO TSE DI GO DIRAGALETSENG

12, 13. Ke eng fa go le botlhokwa gore o akanye kafa Jehofa a go thusitseng ka gone?

12 Kgosi Dafide o ne a bua mafoko ano morago ga gore Modimo a mo thuse go fenya diteko di le dintsi: “Lekang mme lo bone gore Jehofa o molemo; go itumela monna yo o nonofileng yo o tshabelang mo go ene.” (Pes. 34:8) Temana eno e bontsha botlhokwa jwa go akanya ka dilo tse di go diragaletseng. Fa o bala Baebele le dikgatiso tsa rona le fa o ya kwa dipokanong, o utlwa maitemogelo a a kgothatsang a kafa Modimo a ileng a thusa batlhanka ba gagwe ka gone gore ba tswelele ba ikanyega. Mme fa kamano ya gago le Modimo e ntse e nonofa, go botlhokwa gore o bone kafa a go thusang ka gone. O iponetse jang gore Jehofa o molemo?

13 Jehofa o ile a re bontsha gore o molemo ka tsela nngwe e e kgethegileng. O ile a dira jalo ka go re naya tshono ya gore re atamalane le ene le Morwawe. Jesu o ne a re: “Ga go na motho ope yo o ka tlang mo go nna fa Rara, yo o nthomileng, a sa mo goge.” (Joh. 6:44) A o dumela gore mafoko ao a bua ka wena? Fa o le mosha, o ka nna wa ipolelela jaana: ‘Jehofa o ile a goga batsadi ba me, nna ke ile ka ba sala morago fela.’ Mme gone, fa o ne o ineela mo go Jehofa le go kolobediwa, o ne wa bontsha gore o simolotse go nna le kamano e e kgethegileng le ene. Gone jaanong, Jehofa o go itse ka namana. Baebele e re tlhomamisetsa jaana: “Fa mongwe a rata Modimo, yono o itsiwe ke ene.” (1 Bakor. 8:3) Leka gore ka metlha o anaanele seabe sa gago mo phuthegong ya ga Jehofa.

14, 15. Bodiredi bo ka go thusa jang gore o nonotshe tumelo ya gago?

14 Gape o ka bona gore Jehofa o molemo fa a go thusa gore o bolelele ba bangwe se o se dumelang. O ka dira seo fa o le mo bodireding le fa o le kwa sekolong. Basha bangwe ba bona go le thata go rerela bana ba ba tsenang sekolo le bone. Gone go a utlwala. Ga o itse gore ba tla reng. Go ka nna thata le go feta fa o bua le setlhopha se segolo go na le fa o bua le moithuti a le mongwe. Ka jalo, ke eng se se ka go thusang?

15 Sa ntlha, akanya ka lebaka la go bo o dumela se o se ithutileng mo Baebeleng. A dintlha tsa go ithuta tse di mo jw.org di teng ka puo ya gago? Fa o sa itse, iphe nako ya go di batla. Di diretswe go go thusa go akanya ka se o se dumelang, lebaka la go bo o se dumela le gore o ka se tlhalosetsa batho ba bangwe jang. Fa tumelo ya gago e nonofile e bile o ipaakantse sentle, o tla tlhotlheletsega go bolelela batho ka Jehofa.—Jer. 20:8, 9.

16. Ke eng se se ka go thusang gore o se ka wa tshaba go bua ka se o se dumelang?

16 Mme gone, le fa o ipaakantse sentle, o ka nna wa okaoka go bua ka dilo tse o di dumelang. Kgaitsadi mongwe wa dingwaga di le 18, yo o ileng a kolobediwa a na le dingwaga di le 13, a re: “Ke itse sentle se ke se dumelang, mme gone, ka dinako dingwe a mphelela a le tlhaeng.” O ile a fenya jang bothata jono? A re: “Ke leka go bua fela ke phuthologile. Bana ba ke tsenang sekolo le bone ba bua ba phuthologile ka dilo tse ba di dirang. Le nna ke tshwanetse go dira se se tshwanang. Ka jalo, ke bua sengwe fela ka bokhutshwane jaaka go re, ‘ke ne ke ruta mongwe Baebele maloba mme . . . ’ Go tswa foo, ke tswelela ka kgang e ke neng ke mmolelela ka yone. Le fa gone ke sa bue ka Baebele ka tlhamalalo, baithuti ba bangwe ba kgatlhegela go itse gore ke dira eng fa ke ruta batho Baebele. Ka dinako dingwe, ba mpotsa dipotso ka se ke se dumelang. Fa ke nna ke dira jaana, go nna motlhofo gore ke tlwaele go bua ka se ke se dumelang. Mme seno se dira gore ke itumele fela thata!”

17. Ke eng gape se se ka go thusang gore o bolelele batho ba bangwe se o se dumelang?

17 Fa o tlotla batho ba bangwe e bile o ba kgatlhegela, go tla nna motlhofo gore ba go reetse. Olivia yo o nang le dingwaga di le 17 mme a kolobeditswe a sa ntse a le monnye a re: “Ga ke bolo go tshaba go bua ka Baebele fa ke tlotla le batho, ka gonne ke tsaya gore ba tla re ke a tsenwa.” O ne a fetola tsela e a akanyang ka yone. Go na le gore Olivia a akanye thata ka letshogo la gagwe, o ne a ipolelela jaana: “Basha ba le bantsi ga ba itse Basupi ba ga Jehofa. Ga go na Basupi bape ba bangwe ba ba ba itseng. Ka jalo, tsela e re itshwarang ka yone e tla ama tsela e ba tsibogang ka yone. Gotweng fa e le gore re ditlhong kgotsa re ikobonya go bua ka dilo tse re di dumelang? Ba ka nna ba tsaya gore se re se dumelang se re tlhabisa ditlhong. Ba ka nna ba bo ba re sotla ka gonne re sa itshepe. Le fa go ntse jalo, fa re bua re phuthologile ka se re se dumelang e bile re itlwaetsa go bua ka dilo tse re di dumelang, go tla nna motlhofo gore ba re tlotle.”

NNA O DIRELA POLOKO YA GAGO

18. Go direla poloko ya gago go tlhoka gore o dire eng?

18 Fela jaaka re bone, go direla poloko ya gago ke boikarabelo jwa botlhokwa tota. O tlhoka go bala Lefoko la Modimo, go tlhatlhanya ka lone, go rapela Jehofa le go akanya ka ditsela tse a go segofaditseng ka tsone. Fa o leka ka natla go dira dilo tseno, o tla tlhatswega pelo le go feta gore go nna le kamano e e molemo le Jehofa ke tshiamelo. Seno se tla go tlhotlheletsa gore o bue le ba bangwe ka dilo tse o di dumelang.—Bala Pesalema 73:28.

19. Ke eng fa o tshwanetse go tsaya matsapa go direla poloko ya gago?

19 Jesu o ne a re: “Fa mongwe a batla go ntshala morago, a a iitatole mme a tseye kota ya gagwe ya tlhokofatso mme a ntshale morago a sa kgaotse.” (Math. 16:24) Fa motho a batla go nna molatedi wa ga Jesu, o tshwanetse go ineela mo go Jehofa le go kolobediwa. Go dira jalo go ka bulela motho tshono ya go bona masego a mantsi le gore a bone botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha la Modimo. Eleruri, o na le mabaka a mantsi a go direla poloko ya gago!