Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGANG YA BOTSHELO

Ke Tlogetse Dilo Kwa Morago Gore ke Nne Molatedi wa ga Keresete

Ke Tlogetse Dilo Kwa Morago Gore ke Nne Molatedi wa ga Keresete

Rre o ne a nthaya a re: “Fa o ka ya go rera, o se ka wa tlhola o boa. Fa o ka boa, ke tla go roba maoto.” Ke ne ka swetsa ka gore ke tswe kwa gae. Leno e ne e le lekgetlho la ntlha ke tlogela dilo dingwe kwa morago gore ke nne molatedi wa ga Keresete. Ke ne ke na le dingwaga di le 16 fela.

GO TLILE jang gore seno se direge? Mma ke tlhalose. Ke tshotswe ka July 29, 1929, mme ke goletse kwa motseng o o kwa porofenseng ya Bulacan e e kwa Philippines. Re ne re se na madi a mantsi, ka jalo, botshelo jwa rona bo ne bo le motlhofo. Fa ke sa le mosha, go ne ga runya ntwa. Masole a kwa Japane a ne a tlhasela Philippines. Le fa go ntse jalo, motse wa rona o ne o katogetse kgakala le metse e mengwe, ka jalo, ga o a ka wa tlhaselwa. Re ne re se na radio, thelebishene le makwalodikgang, ka jalo, re ne re utlwa dipego tsa ntwa eo mo bathong.

Ke ne ke le ngwana wa bobedi mo lelapeng la bana ba le robedi. Fa ke le dingwaga di le robedi, batsadi ba ga mmê ba ne ba ntsaya gore ke ye go nna le bone. Le fa gone re ne re le Bakatoliki, rremogolo o ne a iketleeleditse go tlotla ka madumedi a mangwe le go amogela dibuka tsa bodumedi tse a neng a di newa ke ditsala tsa gagwe. O ne a mpontsha dibukana tsa puo ya Se-Tagalog tse di neng di senola dithuto tsa bodumedi jwa maaka, gape o ne a mpontsha le Baebele. Ke ne ke rata go bala Baebele, segolobogolo dibuka tsa Diefangele. Seno se ne se dira gore ke batle go etsa sekao sa ga Jesu.—Joh. 10:27.

KE ITHUTA GO NNA MOLATEDI WA GA KERESETE

Masole a kwa Japane a ne a tsamaya ka 1945. Ka nako eo, batsadi ba me ba ne ba nkopa gore ke boele gae. Mme rremogolo o ne a nkgothaletsa gore ke tsamaye. Ka jalo, ke ne ka tsamaya.

Moragonyana, ka December 1945, Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba tswa kwa toropong ya Angat ba ne ba tla go rera kwa motseng wa rona. Mosupi mongwe o ne a tla kwa gae a bo a tlhalosa gore Baebele ya reng ka ‘metlha ya bofelo.’ (2 Tim. 3:1-5) O ne a re laletsa gore re tle kwa thutong ya Baebele e e neng e tshwarelwa kwa motseng o o gaufi. Batsadi ba me ga ba a ka ba ya mme nna ke ne ka ya. Go ne go na le batho ba ka nna 20 mme ba bangwe ba ne ba botsa dipotso tse di amanang le Baebele.

Ke ne ke sa tlhaloganye dilo tse ba neng ba bua ka tsone, ka jalo, ke ne ka swetsa ka gore ke tsamaye. Le fa go ntse jalo, ka yone nako eo, ba ne ba simolola go opela pina ya Bogosi. Pina eo e ne e le monate tota, ka jalo, ga ke a ka ka tsamaya. Morago ga pina eo le thapelo, re ne ra lalediwa rotlhe go ya dipokanong kwa Angat ka Sontaga.

Bangwe ba rona re ne ra tsamaya dikilometara di ka nna 8 go ya kwa dipokanong kwa legaeng la boorra Cruz. Ke ne ka kgatlhiwa ke go bona gore le fa go ne go buiwa ka ditlhogo tse di thata tsa Baebele, bana ba ne ba kgona go akgela. Morago ga makgetlho a le mmalwa ke ya dipokanong, Mokaulengwe Damian Santos, yo e leng mmulatsela yo o godileng, o ne a nkopa gore ke ye go lala kwa legaeng la gagwe. Re ne ra fetsa nako e ntsi re tlotla ka Baebele.

Ka nako eo, bontsi jwa rona re ne re gatela pele mo phuthegong fela fa re sena go ithuta dithuto tsa motheo tsa Baebele. Morago ga go ya dipokanong makgetlho a le mmalwa, bakaulengwe ba ne ba re botsa jaana: “A lo batla go kolobediwa?” Ke ne ka re: “Ee, ke a batla.” Ke ne ke itse gore ke batla go ‘Nna motlhanka wa Mong wa rona, e bong Keresete.’ (Bakol. 3:24) Re ne ra kolobediwa kwa molapong ka February 15, 1946.

Re ne re itse gore e re ka jaanong re kolobeditswe, re tshwanetse go rera ka metlha jaaka Jesu a ne a dira. Seno ga se a ka sa itumedisa rre, o ne a re: “O sa le monnye gore o ka rera. Le gone, go inwa mo molapong ga go go dire moruti.” Ke ne ka mo tlhalosetsa gore Modimo o batla gore re rere dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa gagwe. (Math. 24:14) Gape ke ne ka re: “Ke tshwanetse go diragatsa maikano a ke a diretseng Modimo.” Seno ke sone se se ileng sa dira gore rre a re o tla nthoba maoto. O ne a ikaeletse go nthibela gore ke se ka ka rera. Leno e ne e le lone lekgetlho la ntlha ke tlogela dilo dingwe kwa morago gore ke kgone go direla Jehofa.

Boorra Cruz ba ne ba nkopa gore ke ye go nna le bone kwa Angat. Ba ne ba na le ngwana wa mosetsana e bong, Nora mme ba ne ba re kgothaletsa gore re nne babulatsela. Roobabedi re ne ra simolola go nna babulatsela ka November 1, 1947. Nora o ne a ya go direla kwa toropong e nngwe mme nna ke ne ka tswelela ke rera kwa Angat.

TSHONO E NNGWE GAPE YA GO TLOGELA DILO KWA MORAGO

Mo ngwageng wa boraro ke le mmulatsela, mokaulengwe mongwe go tswa kwa ofising ya lekala e bong Earl Stewart, o ne a neela puo kwa lefelong la batho botlhe kwa Angat. Go ne go na le batho ba feta 500. O ne a bua Seesemane mme morago ga moo ke bo ke sobokanya puo eo ka Se-Tagalog. Ke tsene sekolo dingwaga di le supa fela mme gone, barutabana ba rona ba ne ba dirisa Seesemane. Sengwe gape se se nthusitseng go tlhaloganya Seesemane ke gore re ne re na le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng di le mmalwa fela ka Se-Tagalog. Ka jalo, ke ne ke bala dikgatiso di le dintsi ka Seesemane. Seno se ne sa nthusa gore ke kgone go toloka puo eo le tse dingwe tsa Seesemane.

Mokaulengwe Stewart o ne a tlhalosa gore go ne go tlhokega bakaulengwe ba babedi ba babulatsela gore ba ye go direla kwa Bethele. Go ne go tlhokega thuso ka gonne barongwa ba ne ba ya kwa kopanong ya 1950 ya Koketsego ya Puso ya Modimo kwa New York, U.S.A. Ke ne ka kopiwa go ya go direla koo. Ke ne ka tlogela dilo dingwe kwa morago gape, mme mo lekgetlhong leno ke ne ke ya go thusa kwa Bethele.

Ke ne ka simolola go direla kwa Bethele ka June 19, 1950. Bethele e ne e le ntlo e e kgolo ya bogologolo e e neng e dikologilwe ke ditlhare tse dikgolo. Bakaulengwe ba ba sa nyalang ba ka nna 12 ba ne ba direla koo. Mo mosong, ke ne ke dira kwa kitšhining. Morago ga moo, ka ura ya borobongwe ke ne ke aena diaparo. Ke ne ke dira se se tshwanang motshegare. Le fa barongwa ba sena go boa kwa kopanong, ke ne ka tswelela ke direla kwa Bethele. Ke ne ke phuthela dimakasine gore di isiwe kwa posong, ke bereka ka dimakasine tsa batho ba ba tsentseng dipeeletso, gape ke dira kwa lefelong la go amogela baeng. Ke ne ke dira sengwe le sengwe se ke kopiwang go se dira.

SEKOLO SA GILEADE

Ka 1952, nna le bakaulengwe bangwe ba le barataro ba kwa Philippines, re ne ra lalediwa go ya tlelaseng ya bo20 ya Sekolo sa Gileade. Dilo di le dintsi tse re neng re di bona kwa United States di ne di le disha mo go rona e bile di sa tlwaelega. Ruri go ne go farologane thata le kwa motseng o ke tswang kwa go one.

Ke na le baithuti ba bangwe kwa Gileade

Ka sekai, re ne ra tshwanelwa ke go ithuta go dirisa didirisiwa tsa motlakase tse re neng re sa di itse. Maemo a bosa a ne a sa tshwane le a kwa re tswang teng. Moso mongwe fa ke tswela kwa ntle, sengwe le sengwe se ne se apesitswe ke kapoko. E ne e le lekgetlho la ntlha ke e bona. Go ne go le tsididi tota!

Le fa go ntse jalo, dilo tseno ga di a ka tsa ntshwenya thata ka gonne ke ne ke itumelela thapiso e re neng re e newa kwa Gileade. Bakaulengwe ba ne ba ruta ka tsela e e molemo tota. Ba ne ba re ruta go dira dipatlisiso le go ithuta. Thapiso eno ruri e nthusitse go nonotsha kamano ya me le Jehofa.

Fa ke sena go aloga, ke ne ka abelwa go nna mmulatsela yo o kgethegileng kwa Bronx kwa New York City. Ka jalo, ka July 1953, ke ne ka ya Kopanong ya Mokgatlho wa Lefatshe le Lesha e e neng e tshwaretswe kwa toropong eo. Morago ga kopano eo, ke ne ka boela kwa Philippines.

GO BOELA KWA METSENG

Bakaulengwe ba kwa ofising ya lekala ba ne ba nthaya ba re: “Jaanong o tla direla mo tirong ya potologo.” Tiro eo e ne e tla nnaya tshono ya go etsa Keresete, yo o neng a ya kwa metseng e e kgakala go ya go thusa dinku tsa ga Jehofa. (1 Pet. 2:21) Ke ne ka abelwa go ya go potologa kwa kgaolong e e kgolo ya kwa Luzon, e leng setlhaketlhake se se segolo sa Philippines. Kgaolo eo e ne e akaretsa diporofense tsa Bulacan, Nueva Ecija, Tarlac le Zambales. Gore ke kgone go ya kwa diphuthegong tse dingwe, ke ne ke tshwanetse go tsamaya mo dithabeng tse di tletseng maje tsa Sierra Madre. Go ne go se na dipalangwa tsa botlhe tse di yang kwa mafelong ao. Ka jalo, ke ne ke kopa bakgweetsi ba dilori gore ke nne fa godimo ga dipale tse ba neng ba di laisitse. Gantsi ba ne ba mpega, mme dipale tseo di ne di nkokonela.

Bontsi jwa diphuthego kwa mafelong ao di ne di le dinnye e bile e se kgale di tlhomilwe. Ka jalo, bakaulengwe ba ne ba itumela tota fa ke ba thusa go rulaganya dipokano le tirelo ya tshimo.

Moragonyana ke ne ka abelwa go ya go potologa kwa kgaolong yotlhe ya Bicol. Kgaolo eno e ne e na le ditlhopha di le mmalwa tse di kwa mafelong a Basupi ba iseng ba rere teng mme babulatsela ba ba kgethegileng ba ne ba abetswe go direla gone. Kwa legaeng lengwe, go ne go se na ntlwana ya boithomelo mme go ne go na le khuti e e nang le dipale tse pedi fa gare. Fa ke gata dipale tseo, di ne tsa wela mo khuting mme le nna ke ne ka wela mo go yone. Ke tshotse lobaka ke ntse ke tlhapa gore ke ipaakanyetse ditiro tsa letsatsi.

Fa ke ntse ke le kwa Bicol, ke ne ka simolola go akanya ka Nora yo re simolotseng go nna babulatsela ka nako e le nngwe. Jaanong e ne e le mmulatsela yo o kgethegileng kwa Dumaguete City, mme ke ne ka mo etela. Morago ga moo, re ne re romelelana makwalo mme ka 1956, re ne ra nyalana. Beke ya ntlha morago ga lenyalo la rona, re ne ra etela phuthego e e kwa Setlhaketlhakeng sa Rapu Rapu. Fa re le koo, re ne re tsamaya mo dithabeng e bile re tsamaya sekgala se seleele, mme gone re ne re itumelela go direla mmogo.

GO DIRELA GAPE KWA BETHELE

Morago ga go fetsa dingwaga di ka nna nnê mo tirong ya potologo, re ne ra kopiwa go ya go direla kwa ofising ya lekala. Re ne ra simolola go direla teng ka January 1960. Mo dingwageng di le dintsi tse re di feditseng mo Bethele, ke ithutile dilo di le dintsi mo bakaulengweng ba ba nang le maikarabelo a magolo mme Nora ene o ile a itumelela go dira dikabelo tse di farologaneng.

Ke neela puo kwa kopanong mme ke tolokelwa ke mokaulengwe yo o buang Se-Cebuano

Ke nnile le tshiamelo ya go bona phuthego ya ga Jehofa e gola mo Philippines. Fa ke ne ke simolola go direla mo Bethele, go ne go na le baboledi ba ka nna 10 000 mo nageng yotlhe. Gone jaanong, go na le baboledi ba feta 200 000 mo Philippines e bile go na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ba direlang mo Bethele ba ba emang nokeng tiro ya go rera.

Fa tiro e ntse e oketsega, go ne ga bonala gore re tlhoka kago e nngwe e e kgolwane. Setlhopha se se Laolang se ne sa re laela gore re batle setsha se re ka agang mo go sone. Nna le molebedi wa lefapha la bogatisetso re ne ra tsena ntlo nngwe le nngwe re botsa batho ba ba neng ba nna gaufi le rona gore a ga go na ope yo o rekisang setsha. E re ka go ne go nna Ba-China ba le bantsi mo lefelong leo, go ne go se na ope yo o batlang go re rekisetsa setsha. Mongwe wa bone o ne a re raya a re: “Ba-China ga ba rekise. Re a reka.”

Ke toloka puo ya ga Mokaulengwe Albert Schroeder

Le fa go ntse jalo, letsatsi lengwe go ne ga direga sengwe se re neng re sa se solofela. Moagelani mongwe o ne a re botsa gore a ga re batle go reka setsha sa gagwe ka gonne o ne a fudugela kwa United States. Morago ga moo, yo mongwe le ene o ne a re rekisetsa setsha, e bile o ne a kgothaletsa ba bangwe gore le bone ba rekise ditsha tsa bone. Tota le monna yo o neng a re raya a re, “Ba-China ga ba rekise,” o ne a re rekisetsa setsha sa gagwe. Go ise go ye kae, re ne re na le setsha se se lekaneng go aga ofisi ya lekala e e kgolo. Ke tlhomamisegile gore seno ke se Jehofa a neng a se batla.

Ka 1950, ke ne ke le monnye mo bathong botlhe ba ba neng ba direla mo Bethele. Gone jaanong, nna le mosadi wa me re ba feta botlhe ka dingwaga. Ga ke ikwatlhaele go bo ke ile ka nna molatedi wa ga Keresete. Le fa batsadi ba me ba ile ba ntatlha, Jehofa ene o ile a nnaya lelapa le legolo la baobamedi ba gagwe. Ga ke belaele gore Jehofa o re naya dilo tsotlhe tse re di tlhokang go sa kgathalesege gore re na le kabelo efe mo phuthegong ya gagwe. Nna le Nora re lebogela dilo tsotlhe tse Jehofa a re neileng tsone e bile re kgothaletsa ba bangwe gore ba leke Jehofa.—Mal. 3:10.

Jesu o ne a kopa mokgethisi mongwe yo o bidiwang Mathaio Lefi jaana: “Nna molatedi wa me.” Mokgethisi yono o ne a dira eng? O ne a “tlogela sengwe le sengwe kwa morago a ema mme a . . . sala [Jesu] morago.” (Luke 5:27, 28) Le nna ke ne ka nna le tshono e e tshwanang e bile ke kgothaletsa ba bangwe gore le bone ba dire se se tshwanang gore ba itumelele masego a le mantsi.

Ke sa ntse ke itumelela go nna le seabe mo tirong e kgolo ya mo Philippines