Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o badile dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo ka kelotlhoko? Fa go ntse jalo, bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang:

Go na le mabaka afe a Dikwalo a a bontshang gore Modimo o re utlwela botlhoko?

Fa Baiseraele ba bogologolo e ne e le makgoba kwa Egepeto, Modimo o ne a itse mathata a bone e bile a utlwa kutlobotlhoko ya bone. (Ekes. 3:7; Isa. 63:9) Re dirilwe mo setshwanong sa Modimo, ka jalo, le rona re kgona go bontsha kutlwelobotlhoko. O re utlwela botlhoko le fa re akanya gore ga re tshwanelwe ke lorato lwa gagwe.—wp18.3, ts. 8-9.

Dithuto tsa ga Jesu di ne tsa thusa batho jang gore ba fenye tlhaolele?

Ka motlha wa ga Jesu, Bajuda ba le bantsi ba ne ba na le tlhaolele. Keresete o ne a bontsha botlhokwa jwa boikokobetso e bile o ne a kgala tlhaolele. O ile a kgothaletsa balatedi ba gagwe gore e nne bakaulengwe.—w18.06, ts. 9-10.

Lebaka la go bo Modimo a sa letla Moshe go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng le re ruta eng?

Moshe o ne a atamalane le Jehofa. (Dut. 34:10) Fa batho ba sena go fetsa dingwaga di ka nna 40 kwa nageng, ba ne ba ngongorega gape ka metsi. Modimo o ile a bolelela Moshe gore a bue le lefika. Go na le moo, Moshe o ne a le itaya. Jehofa a ka tswa a ile a galefa ka gonne Moshe ga a latela ditaelo tsa gagwe kgotsa ka gonne Moshe ga a mo naya kgalalelo. (Dipa. 20:6-12) Seno se re ruta botlhokwa jwa go ikobela Jehofa le go mo galaletsa.—w18.07, ts. 13-14.

Re ka dira phoso jang fa re atlhola batho go ya ka se re se bonang?

Go na le dilo tse tharo tse di ka amang se re se akanyang ka batho ba bangwe: lotso, madi le dingwaga. Re tshwanetse go leba batho jaaka Modimo a ba leba. (Dit. 10:34, 35)—w18.08, ts. 8-12.

Bakeresete ba ba godileng ba ka thusa ba bangwe jang?

Modimo o sa ntse a rata Mokeresete yo o godileng yo o latlhegetsweng ke kabelo ya gagwe ya pele e bile Mokeresete yoo a ka thusa ba bangwe ka ditsela tse dintsi. A ka kgothatsa balekane ba e seng Basupi ba Bakeresetemmogo le ene, a ka thusa ba ba tsidifetseng, a tshwara dithuto tsa Baebele le go oketsa bodiredi jwa gagwe.—w18.09, ts. 8-11.

Bakeresete ba na le eng mo Lebokosong la go Ruta?

Go na le dikarata tsa go ikgolaganya le rona le ditaletso. Gape go na le dipampitshana tse robedi le dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Lebokoso leno gape le na le diboroutšhara di le mmalwa, dibuka tse pedi tsa go ithuta le dibidio tse nne tse di rutang go akaretsa le bidio ya Ke Eng fa o Tshwanetse go Ithuta Baebele?w18.10, ts. 16.

Mokeresete a ka “reka boammaaruri” jang jaaka go tlhalosiwa mo go Diane 23:23?

Ga re duele sepe gore re itse boammaaruri. Mme gone, re tlhoka go ipha nako le go tsaya matsapa gore re bo bone.—w18.11, ts. 4.

Re ithuta eng mo tseleng e Hosea a ileng a dirisana le mosadi wa gagwe Gomere ka yone?

Gomere o ne a nna a dira boaka, mme gone, Hosea o ile a mo itshwarela e bile ga a ka a mo tlhala. Fa molekane wa Mokeresete a dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, molekane yo o diretsweng phoso a ka nna a mo itshwarela. Fa a ka tlhakanelodikobo le molekane yo o leofileng, o tla bo a sa tlhole a na le mabaka a Dikwalo a go tlhala.—w18.12, ts. 13.