Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Basha, Jehofa o Batla Gore lo Itumele

Basha, Jehofa o Batla Gore lo Itumele

‘O kgotsofatsa nako ya fa o sa ntse o tshela ka se se molemo.’—PES. 103:5.

PINA: 135, 39

1, 2. Ke eng fa re tshwanetse go ikaega ka Jehofa fa re ipeela mekgele? (Bona ditshwantsho tse di simololang setlhogo.)

FA E le gore o mosha, ga go pelaelo gore batho ba le bantsi ba go naya kgakololo ya gore o dire eng ka botshelo jwa gago. Gongwe barutabana le batho ba bangwe ba go kgothaletsa gore o ye yunibesithing gore o kgone go bona tiro ya maemo a a kwa godimo. Le fa go ntse jalo, Jehofa ene o batla gore o dire se se farologaneng le seo. Gone Jehofa o batla gore o dire ka natla kwa sekolong gore o kgone go bona tiro ya boitshediso fa o fetsa sekolo. (Bakol. 3:23) Mme gone, o batla gore fa o dira ditshwetso o kaelwe ke melaometheo e e siameng. Mo godimo ga moo, o batla gore o akanye ka boikaelelo jwa gagwe e bile o tshele ka tsela e e tla mo itumedisang mo metlheng eno ya bofelo.—Math. 24:14.

2 O se ka wa lebala gore Jehofa o itse sengwe le sengwe. O a itse gore go tlile go direga eng ka lefatshe leno e bile o a itse gore le tlile go fela leng. (Isa. 46:10; Math. 24:3, 36) Mo godimo ga moo, o a re itse, o itse dilo tse di tla dirang gore re itumele e bile o itse dilo tse di ka re utlwisang botlhoko. Ka jalo, le fa kgakololo ya batho e ka utlwala e le molemo go le kana kang, fa fela e sa dumalane le Lefoko la Modimo, ga e ka ke ya re thusa.—Dia. 19:21.

“GA GO NA BOTLHALE . . . BOPE KGATLHANONG LE JEHOFA”

3, 4. Fa Adame le Efa ba ne ba reetsa kgakololo ya ga Satane, seno se ne sa ama jang bone le bana ba bone?

3 Satane ke ene wa ntlha go naya batho kgakololo e e sa siamang. O ne a raya Efa a re ene le monna wa gagwe ba tla itumela fa e le bone ba itirelang ditshwetso. (Gen. 3:1-6) Boammaaruri ke gore Satane o ne a le pelotshetlha. O ne a batla gore Adame le Efa le bana ba ba neng ba tla nna le bone ba obamele ene go na le go obamela Jehofa. Mme gone, Satane o ne a sa ba direla sepe se se molemo. Jehofa ke ene a neng a ba neile sengwe le sengwe se ba neng ba na le sone go akaretsa lenyalo la bone, legae le lentle le mebele e e itekanetseng. Mo godimo ga moo, ba ne ba ka kgona go tshelela ruri.

4 Se se utlwisang botlhoko ke gore Adame le Efa ga ba a ka ba reetsa Modimo, ba ile ba mo tlogela. Mme seo se ile sa felela ka ditlamorago tse di botlhoko. Fela jaaka malomo a kgaoga mo setlhareng, le bone ba ne ba simolola go tsofala le go swa mme seo se ile sa ama le bana ba bone. (Bar. 5:12) Le gompieno batho ba le bantsi ba tlhopha go sa reetse Modimo. Ba batla go tshela ka tsela e ba ratang ka yone. (Baef. 2:1-3) Mme ditiro tsa bone di bontsha gore “ga go na botlhale . . . bope kgatlhanong le Jehofa.”—Dia. 21:30.

5. Modimo o ne a na le tsholofelo efe ka batho mme a tsholofelo eo e ne e utlwala?

5 Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a itse gore go ne go tla nna le batho bangwe, go akaretsa le basha, ba ba neng ba tla batla go mo itse le go mo direla. (Pes. 103:17, 18; 110:3) O tsaya batho bao ba le botlhokwa. A o mongwe wa bone? Fa go le jalo, ga go pelaelo gore o itumelela ‘dilo tse di molemo’ tse di tswang kwa Modimong tse di dirang gore o itumele. (Bala Pesalema 103:5; Dia. 10:22) Jaaka re tla bona, ‘dilo tse di molemo’ di akaretsa dijo tsa semoya, ditsala tsa boammaaruri, mekgele e e siameng le kgololesego ya mmatota.

JEHOFA O KGOTSOFATSA KELETSO YA GAGO YA GO ITHUTA KA ENE

6. Ke eng fa o tshwanetse go tshwenyega ka dilo tse o di tlhokang semoyeng mme Jehofa o re tlamela jang ka tsone?

6 Go farologana le diphologolo, o na le keletso ya go batla go ithuta ka Jehofa mme Jehofa a ka e kgotsofatsa. (Math. 4:4) Fa o mo reetsa, o nna le temogo, botlhale e bile o a itumela. Jesu o ne a re: “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.” (Math. 5:3) Modimo o kgotsofatsa keletso ya rona ya go batla go ithuta ka ene a dirisa Lefoko la gagwe le motlele wa dijo tsa semoya o re o newang ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Math. 24:45) Mme dijo tseo di dintsi, di farologane e bile di a re thusa.—Isa. 65:13, 14.

7. Go ja dijo tsa semoya tse Modimo a go nayang tsone go tla go thusa jang?

7 Dijo tsa semoya tse Modimo a go nayang tsone di tla go naya botlhale le go tokafatsa bokgoni jwa gago jwa go akanya mme seo se go sireletsa mo dilong di le dintsi. (Bala Diane 2:10-14.) Ka sekai, seno se tla go thusa go lemoga dithuto tsa maaka tse di jaaka tumelo ya gore ga go na Modimo. Gape di tla go sireletsa kgatlhanong le maaka a gore madi le go nna le dikhumo go ka dira gore o itumele. Mo godimo ga moo, di tla go thusa gore o se ka wa nna le mokgwa kgotsa dikeletso tse di sa siamang. Ka jalo o tshwanetse go nna o batla botlhale jwa Modimo le go tokafatsa tsela e o akanyang ka yone mme seo se tla dira gore o di tseye di le botlhokwa. Fa o dira jalo, o tla bona gore Jehofa o a go rata le gore o go batlela dilo tse di molemo.—Pes. 34:8; Isa. 48:17, 18.

8. Goreng o tshwanetse go atamalana le Modimo gone jaanong mme seno se tla go thusa jang mo nakong e e tlang?

8 Mo bogautshwaneng, lefatshe leno la ga Satane le tlile go fedisiwa mme Jehofa ke ene fela a ka re sireletsang. Tota e bile nako e e tla e re tla mo ikanyang gore a re tlamele ka dijo. (Hab. 3:2, 12-19) Eno ke nako ya gore o atamalane le Jehofa le go mo ikanya le go feta. (2 Pet. 2:9) Fa o dira jalo, le wena o tla ikutlwa fela jaaka mopesalema Dafide fa a ne a re: “Ke beile Jehofa fa pele ga me ka metlha. Ka gonne o kafa seatleng sa me sa moja, ga ke na go reketlisiwa.”—Pes. 16:8.

JEHOFA O GO NAYA DITSALA TSA BOAMMAARURI

9. (a) Go ya ka Johane 6:44, Jehofa o dira eng? (b) Ke eng se se kgatlhang ka go kopana le Basupi ba bangwe?

9 Jehofa o gogela batho ba ba siameng gore ba nne karolo ya lelapa la gagwe le gore ba tle mo kobamelong ya boammaaruri. (Bala Johane 6:44.) Fa o kopana la ntlha le motho yo e seng Mosupi, o itseng ka ene? O ka tswa o itse leina la gagwe le tsela e a lebegang ka yone fela. Mme ga go a nna jalo fa o kopana la ntlha le motho yo o itseng boammaaruri e bile a rata Jehofa. Le fa gone le godile ka tsela e e sa tshwaneng, lo sa tswe mo nageng e le nngwe, morafe kgotsa lotso, o itse go le gontsi ka motho yoo mme le ene o itse go le gontsi ka wena.

Jehofa o batla gore re nne le ditsala tsa boammaaruri le go ipeela mekgele ya go mo direla (Bona serapa 9-12)

10, 11. Batho ba ga Jehofa ba tshwana ka eng mme seno se re thusa jang?

10 Ka sekai, lo a itse gore lo bua puo e e tshwanang, e leng ‘puo e e itshekileng’ ya boammaaruri. (Sefa. 3:9) Ka ntlha ya seo, lo itse se lo se dumelang ka Modimo, tsela e lo tshwanetseng go itshwara ka yone le tsholofelo e lo nang le yone ka isagwe. Tseo ke dilo tsa botlhokwa tse o tshwanetseng go di itse ka motho ka gonne di tla dira gore o mo tshepe e bile di tla dira gore lo nne ditsala go ya go ile.

11 Ga re feteletse dilo fa re re baobamedi ba ga Jehofa ba na le ditsala tsa mmatota mo lefatsheng lotlhe. Ke fela gore ga o ise o kopane le bontsi jwa bone. Ntle le batho ba ga Jehofa, ke bomang ba ba itumelelang seno?

JEHOFA O GO THUSA GO IPEELA MEKGELE E E SIAMENG

12. Ke mekgele efe e o ka ipeelang yone?

12 Bala Moreri 11:9–12:1. A o ipeetse mekgele mengwe e o batlang go e fitlhelela? Gongwe o batla go bala Baebele letsatsi le letsatsi. Kgotsa o batla go tokafatsa tsela e o buang le e o rutang ka yone. O ikutlwa jang fa o lemoga gore o fitlheletse mekgele eo kgotsa mongwe o a go akgola ka gonne a bona o e fitlheletse? Boammaaruri ke gore o a itumela. O tshwanetse go ikutlwa jalo ka gonne o dira gore thato ya Modimo e tle pele mo botshelong jwa gago ka go etsa sekao sa ga Jesu.—Pes. 40:8; Dia. 27:11.

13. Go direla Modimo go farologana jang le go batla go ipeela mekgele ya go huma?

13 Fa o tlhoma mogopolo mo mekgeleng ya gago ya go batla go direla Jehofa, o dira tiro e e kgotsofatsang ka gonne go dira jalo ga se go kgaratlhela phefo. Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Nitamang, lo sa tshikhinyege, ka metlha lo na le mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena, ka lo itse gore tiro ya lona e lo e dirang ka natla ga se ya lefela mo Moreneng.(1 Bakor. 15:58) Mme gone, fa o ipeela mekgele ya go batla go nna le tiro e e duelang madi a mantsi, o ka atlega mme ga o na go itumela e bile e tla bo ele go kgaratlhela phefo. (Luke 9:25) Se se diragaletseng Kgosi Solomone ke bosupi jwa seo.—Bar. 15:4.

14. Se se diragaletseng Solomone se re ruta eng?

14 Solomone o ne a humile e bile a le maatla, ka jalo o ile a lekeletsa go ijesa monate le go bona ‘molemo’ o o neng o tla nna teng. (Mor. 2:1-10) O ile a aga matlo a le mantsi, a dira ditshingwana le diparaka le go dira sengwe le sengwe fela se a neng a eletsa go se dira. O ile a ikutlwa jang fa a fetsa go dira dilo tseno? A di ile tsa mo kgotsofatsa? O ile a re: “Ke ne ka retologela mo ditirong tsotlhe tsa me tse diatla tsa me di neng di di dirile . . . , Mme bona! sengwe le sengwe e ne e le lefela . . . go ne go se na sepe se se solegelang molemo.” (Mor. 2:11) Eno ke thuto e e molemo eleruri. A o tla e reetsa?

15. Ke eng fa tumelo e le botlhokwa mme e ka re thusa jang jaaka go tlhalositswe mo go Pesalema 32:8?

15 Jehofa ga a batle gore o thanye lomapo lo le tsebeng. Boammaaruri ke gore o tlhoka go nna le tumelo go reetsa Modimo le go dira gore thato ya gagwe e tle pele mo botshelong jwa gago. Go nna le tumelo eo go botlhokwa mme ga go kitla go go swabisa. Jehofa ga a kitla a lebala ‘lorato lo o le bontshitseng leina la gagwe.’ (Baheb. 6:10) Ka jalo dira ka natla go nonotsha kamano ya gago le Jehofa mme o bone gore o go batlela dilo tse di molemo. —Bala Pesalema 32:8.

MODIMO O GO NAYA KGOLOLESEGO YA MMATOTA

16. Goreng re tshwanetse go tsaya kgololesego e le botlhokwa le go e dirisa ka botlhale?

16 Paulo o ne a re: “Koo moya wa ga Jehofa o leng gone, go na le kgololesego.” (2 Bakor. 3:17) Jehofa o rata kgololesego mme o batla gore le wena o e rate. Mme gone, o batla gore o e dirise ka tsela e e siameng ka gonne seno se tla go sireletsa. Gongwe o itse basha bangwe ba ba lebelelang ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo kgotsa ba ba e dirang, ba ba itlosang bodutu ka metshameko e e kotsi le ba ba dirisang diokobatsi le bojalwa ka tsela e e feteletseng. Ba ka lebega ba itumetse mme boitumelo joo ke jwa nakwana fela. Mme kwa bofelong di ba utlwisa botlhoko. Ka sekai ba tshwarwa ke malwetse, dilo tseno di a ba tshwakgola kgotsa ba feleletsa ba tlhokafetse. (Bagal. 6:7, 8) Ba ka tswa ba akanya gore ba na le “kgololesego” mme boammaaruri ke gore ga ba na yone.—Tito 3:3.

17, 18. (a) Go reetsa Modimo go re golola jang? (b) Kgololesego e Adame le Efa ba neng ba na le yone e farologana jang le e batho ba nang le yone gompieno?

17 Go farologana le seo, o itse batho ba le kae ba ba ileng ba lwala ka gonne ba reetsa melao ya ga Jehofa? Go reetsa molao wa ga Jehofa go dira gore re nne le botsogo jo bo siameng le go re naya kgololesego ya mmatota. (Pes. 19:7-11) Gape se se itumedisang ke gore fa o dirisa kgololesego ya gago ka botlhale ka go reetsa melao le melaometheo ya ga Jehofa, o a bo o bontsha Modimo le batsadi ba gago gore ba ka go ikanya ka go go naya kgololesego e e oketsegileng. Tota e bile, boikaelelo jwa Modimo ke gore a neye batlhanka ba gagwe kgololesego. Baebele e bitsa kgololesego eo e re ke “kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.”—Bar. 8:21.

18 Adame le Efa ba ne ba na le kgololesego eo. Kwa tshimong ya Edene, Modimo o ne a ba neile melao e le kae? O le mongwe fela. Ba ne ba sa tshwanela go ja leungo la setlhare se le sengwe. (Gen. 2:9, 17) A o ka re molao oo o ne o le thata kgotsa o ba gatelela? Le eseng! O bapise le melao e mentsi e batho ba patelediwang go e itse le go e ikobela gompieno.

19. Jehofa o re ruta jang go nna batho ba ba nang le kgololesego?

19 Jehofa o dirisana le batlhanka ba gagwe sentle. Ga a re beela melao e le mentsintsi, go na le moo, o batla gore sengwe le sengwe se re se dirang, se kaelwe ke molao wa lorato. O batla gore re tshele ka melaometheo ya Baebele le go tlhoa se se bosula. (Bar. 12:9) Thero ya kwa Thabeng e bontsha seo ka gonne Jesu o ne a tlhalosa dilo tse di ka dirang gore re tlole molao wa Modimo. (Math. 5:27, 28) E re ka Jesu e tla bo e le Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo, o tlile go re ruta gore re ka nna jang le boikutlo jo bo tshwanang le jwa gagwe ka dilo tse di siameng le tse di sa siamang. (Baheb. 1:9) Gape o tla dira gore re itekanele mo mmeleng le mo mogopolong. Akanya fela gore go tla bo go ntse jang fa o sa tlhole o na le boleo kgotsa o boga ditlamorago tsa jone. Kwa bofelong o tla itumelela “kgololesego e e galalelang” e Jehofa a go e solofetsang.

20. (a) Jehofa o dirisa jang kgololesego ya gagwe? (b) Go etsa sekao sa Modimo go ka go thusa jang?

20 Kgololesego ya rona e tla nna e ntse e lekanyeditswe. Sengwe le sengwe se re se dirang se tla bo se tlhotlhelediwa ke go rata Modimo le batho ba bangwe. Tota e bile, Jehofa o re kopa gore re mo etse. Modimo o na le kgololesego e e feletseng, le fa go ntse jalo, o tlhopha go kaelwa ke lorato mo dilong tsotlhe fa a dirisana le batho. (1 Joh. 4:7, 8) Ka jalo, gore re nne le kgololesego e e feletseng, re tshwanetse go etsa lorato lwa Modimo.

21. (a) Dafide o ne a ikutlwa jang ka Jehofa? (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?

21 A o itumelela go nna le ‘dilo tse di molemo’ tse Jehofa a go nayang tsone, tse di jaaka motlele wa dijo tsa semoya, ditsala tsa boammaaruri, mekgele e e siameng le go nna le kgololesego e e feletseng? (Pes. 103:5) Fa go le jalo, e kete le wena o ka bua mafoko a a mo go Pesalema 16:11 a a reng: “O tla dira gore ke itse tselana ya botshelo. Go ipela ka kgotsofalo go mo sefatlhegong sa gago; go na le monate kafa seatleng sa gago sa moja ka bosaengkae.” Setlhogo se se latelang se tla tlotla ka dilo dingwe tse re ka di ithutang mo go Pesalema 16. Se tla re thusa go bona gore re ka nna jang le botshelo jo bo itumedisang.