Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Moaposetoloi Paulo o ile a ‘phamolelwa kwa legodimong la boraro’ le “kwa paradaiseng” ka tsela efe?—2 Bak. 12:2-4.

Mo go Bakorintha wa bobedi 12:2, 3, Paulo o bua ka monna mongwe yo o ileng a ‘phamolelwa kwa legodimong la boraro.’ Ke mang monna yoo? Fa Paulo a kwalela phuthego ya kwa Korintha, o ne a tlhalosa gore Modimo o mo dirisa e le moaposetoloi. (2 Bak. 11:5, 23) Go tswa foo, o ne a umaka ‘diponatshegelo le ditshenolo tsa Morena.’ Fa Paulo a bua ka kgang eo, ga a ka a umaka Bakeresete bape ba bangwe. Ka jalo, o ne a raya gore ke ene monna yo o ileng a amogela diponatshegelo le ditshenolo.—2 Bak. 12:1, 5.

Ka jalo, Paulo ke ene yo o neng a ‘phamolelwa kwa legodimong la boraro’ le “kwa paradaiseng.” (2 Bak. 12:2-4) O ile a dirisa lefoko “ditshenolo,” se se ka tswang se raya gore o ne a bolelelwa sengwe se se amanang le isagwe.

‘Legodimo la boraro’ le Paulo a ileng a le bona ke eng?

Mo Baebeleng, “legodimo” le ka kaya magodimo a mmatota. (Gen. 11:4; 27:28; Math. 6:26) Le fa go ntse jalo, gape “legodimo” le dirisiwa mo maemong a mangwe. Ka dinako dingwe le ka kaya bolaodi jwa batho. (Dan. 4:20-22) Kgotsa le ka kaya bolaodi jwa Modimo, ka Puso ya Gagwe.—Tsh. 21:1.

Paulo o ile a bona ‘legodimo la boraro.’ O ne a raya jang? Gantsi Baebele e boeletsa sengwe gararo go se gatelela, go bontsha gore se botlhokwa le gore se na le maatla. (Isa. 6:3; Esek. 21:27; Tsh. 4:8) Go bonala gore fa Paulo a ne a bua ka ‘legodimo la boraro,’ o ne a tlhomolola bolaodi jo bo tlhomologileng, jwa maemo a a kwa godimo e leng Puso ya Bomesia e e busiwang ke Jesu Keresete le babusimmogo le ene ba le 144 000. (Bona buka ya Insight on the Scriptures, Bol. 1, ts. 1059, 1062, ka Seesemane.) Fela jaaka moaposetoloi Petere a ile a kwala, re letetse “magodimo a masha” go ya ka tsholofetso ya Modimo.—2 Pet. 3:13.

Gotweng ka ‘paradaise’ e Paulo a ileng a bua ka yone?

Lefoko ‘paradaise’ le ka kaya dilo di le mmalwa: (1) Fa o akanya ka legae la kwa tshimologong la batho, ‘paradaise’ e ka kaya lefatshe la mmatota la Paradaise le re le solofeditsweng. (2) Gape le ka kaya kagiso e Jehofa a tla e nayang batlhanka ba gagwe kwa lefatsheng le lesha. (3) Mo godimo ga moo, le ka kaya maemo a a itumedisang a a leng teng kwa legodimong, e leng ‘paradaise ya Modimo’ e go buiwang ka yone mo go Tshenolo 2:7.—Bona makasine wa Tora ya Tebelo wa July 15, 2015, ts. 5. ser. 8.

Go ka direga gore Paulo o ne a bua ka dilo tseno tsotlhe mo go 2 Bakorintha 12:4 fa a tlhalosa se se mo diragaletseng.

Tshobokanyo:

‘Legodimo la boraro’ le go buiwang ka lone mo go 2 Bakorintha 12:2 go bonala e le Puso ya Bomesia e e busiwang ke Jesu Keresete le ba ba 144 000, e leng “magodimo a masha.”—2 Pet. 3:13.

Ke ‘legodimo la boraro’ ka gonne Bogosi joo bo tlhomologile e bile ke puso ya maemo a a kwa godimo.

Go bonala ‘paradaise’ e Paulo a ileng a “phamolelwa” kwa go yone mo ponatshegelong e le (1) Paradaise ya mmatota e e tla nnang gone mo lefatsheng, (2) kagiso ya Modimo e e tla nnang gone ka nako eo, e e tla bong e feta e re setseng re na le yone gone jaanong, le (3) ‘paradaise ya Modimo’ kwa legodimong e e tla nnang gone ka nako e le nngwe le lefatshe le lesha le re le solofeditsweng.

Ka jalo, lefatshe le lesha le tla bo le kopantse magodimo a masha le lefatshe le lesha. E tla nna thulaganyo e ntšha, e e akaretsang Puso ya kwa legodimong gammogo le batho ba ba direlang Jehofa mo lefatsheng la paradaise.