Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Yo o Siameng o Tla Ipela mo go Jehofa”

“Yo o Siameng o Tla Ipela mo go Jehofa”

DIANA o na le dingwaga di feta 80. Monna wa gagwe o ne a na le bolwetse jwa Alzheimer mme o ile a fetsa dingwaga di le mmalwa a le kwa legaeng la baoki pele a tlhokafala. Gape o ile a tlhokafalelwa ke bomorwawe ba babedi e bile o na le kankere ya mabele. Mme gone, fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba phuthego ya gagwe ba mmona, o nna a itumetse.

John e ne e le molebedi yo o etang dingwaga di feta 43. O ne a rata kabelo eo fela thata! Le fa go ntse jalo, o ile a tlogela kabelo ya gagwe gore a tlhokomele mongwe wa losika yo o lwalang mme o direla e le mogolwane mo phuthegong ya bone. Fa batho ba ba neng ba itse John ba kopana le ene kwa dikopanong, ba ne ba bona a sa fetoga. O sa ntse a itumetse jaaka pele.

Ke eng fa Diana le John ba itumetse jalo? Goreng motho yo o lwalang kgotsa yo o nang le kgatelelo ya maikutlo a ka itumela? Mme ke eng fa motho yo o latlhegetsweng ke ditshiamelo dingwe a ka itumela? Baebele e re naya karabo. Ya re: “Yo o siameng o tla ipela mo go Jehofa.” (Pes. 64:10) Re ka tlhaloganya ntlha eno sentle fa re itse gore ke eng se se dirang gore motho a bone boitumelo jwa mmatota le gore ke eng se se ka mo amogang boitumelo joo.

BOITUMELO JWA NAKWANA

Go na le dilo dingwe tse ka metlha di dirang gore batho ba itumele. Akanya ka baratani ba ba tlogang ba nyalana. Gotweng ka motho yo o tlogang e nna motsadi kgotsa a amogela ditshiamelo dingwe mo phuthegong? Dilo tseno di dira gore motho a itumele, mme seo se a utlwala ka gonne Jehofa ke mosimolodi wa dilo tseo. O simolotse lenyalo, o dirile gore batho ba kgone go tshola e bile o naya batho dikabelo mo phuthegong ya Bokeresete.—Gen. 2:18, 22; Pes. 127:3; 1 Tim. 3:1.

Le fa go ntse jalo, dilo dingwe di ka dira gore re nne le boitumelo jwa nakwana. Ka maswabi, molekane wa lenyalo a ka dira boaka kgotsa a swa. (Esek. 24:18; Hos. 3:1) Bana bangwe ga ba ikobele batsadi ba bone le Modimo, gongwe e bile ba feleletsa ba tlositswe mo phuthegong. Bomorwa Samuele ba ne ba sa direle Jehofa ka tsela e a e amogelang, mme ditiro tsa ga Dafide di ne tsa tlisetsa ene le ba lelapa la gagwe mahutsana. (1 Sam. 8:1-3; 2 Sam. 12:11) Dilo tse di ntseng jalo di baka kutlobotlhoko e e seng kana ka sepe.

Ka tsela e e tshwanang, batho ba Modimo ba ka latlhegelwa ke ditshiamelo, gongwe e le ka ntlha ya botsogo, mathata a lelapa, kgotsa diphetogo mo phuthegong. Bontsi jwa batho ba ba ileng ba lebana le diphetogo tseo ba re ba ne ba itumelela dikabelo tsa bone tsa mo nakong e e fetileng.

Re kgona go lemoga sentle gore boitumelo jo bo nnang gone ka ntlha ya dilo tseo e ka nna jwa nakwana fela. Ka jalo, a go na le boitumelo jo bongwe, jo bo ka nnelang ruri le fa gone maemo a fetoga ka tsela e e sa siamang? Eleruri bo tshwanetse jwa bo bo le gone ka gonne Samuele, Dafide le ba bangwe ba ne ba itumetse le fa gone ba lebane le diteko.

BOITUMELO JO BO NNELANG RURI

Jesu o ne a itse gore boitumelo ke eng. Pele a tla mo lefatsheng, o ne a ‘itumetse fa pele ga ga Jehofa ka dinako tsotlhe.’ (Dia. 8:30) Le fa go ntse jalo, fa a le mo lefatsheng, o ile a lebana le mathata. Mme gone, Jesu o ne a itumelela go dira thato ya ga Rraagwe. (Joh. 4:34) Gotweng ka nako ya pele ga a bolawa? Baebele ya re: “Ka ntlha ya boipelo jo bo neng bo tlhomilwe fa pele ga gagwe o ne a itshokela kota ya tlhokofatso.” (Bah. 12:2) Ka jalo, go tla bo go le molemo gore re sekaseke dilo tse pedi tse Jesu a ileng a di bua ka boitumelo jwa mmatota.

Nako nngwe, barutwa ba le 70 ba ga Jesu ba ne ba boela kwa go ene fa ba tswa go rera. Ba ne ba itumetse ka gonne ba ne ba sa tswa go dira dikgakgamatso tse dikgolo, tota le e leng go leleka madimona. Go tswa foo, Jesu o ne a ba raya a re: “Lo se ka lwa ipelela seno, gore meya e dirwa gore e nne mo taolong ya lona, mme ipeleng ka gonne maina a lona a kwadilwe kwa magodimong.” (Luke 10:1-9, 17, 20) Selo sa botlhokwa go feta go nna le ditshiamelo, e ne le go bona kamogelo ya ga Jehofa. O ne a tla gopola barutwa bao ba ba ikanyegang, e leng sengwe se se neng se tla dira gore ba itumele.

Mo lekgetlong le lengwe, Jesu o ne a bua le boidiidi jo bogolo. Mosadi mongwe wa Mojuda o ne a tlhalosa gore mmaagwe Jesu o tshwanetse a bo a le motlotlo tota ka ene. Mme gone, Jesu o ne a mo raya a re: “Nnyaa, go na le moo, go itumela ba ba utlwang lefoko la Modimo e bile ba le boloka!” (Luke 11:27, 28) Go nna motsadi go a itumedisa; le fa go ntse jalo, go nna le kamano le Jehofa ka gonne o mo ikobela go ka dira gore o itumele le go feta.

Eleruri go amogelwa ke Jehofa ke gone go ka dirang gore motho a bone boitumelo jwa mmatota. Le fa gone diteko di se monate, ga di fetole boammaaruri jwa seo. Tota e bile, go di itshokela ka boikanyegi ke sengwe se se ka dirang gore pelo e ipele. (Bar. 5:3-5) Mo godimo ga moo, Jehofa o naya batho ba ba mo ikanyang moya wa gagwe, mme boipelo ke karolo ya leungo la moya. (Bagal. 5:22) Seo se re thusa go tlhaloganya lebaka la go bo Pesalema 64:10 e bua jaana: “Yo o siameng o tla ipela mo go Jehofa.”

Ke eng se se thusitseng John go tswelela a itumetse?

Leo ke lone lebaka la go bo Diana le John, ba go builweng ka bone pelenyana ba itumetse le fa gone ba lebane le mathata. Diana a re: “Ke dirile Jehofa botshabelo jwa me, fela jaaka ngwana a dira ka motsadi wa gagwe.” Ke eng se se mo thusitseng go bona gore Jehofa o a mo amogela? A re: “O nthusitse gore ke kgone go tswelela ke rera ka metlha ke itumetse.” John o ile a tswelela a tlhagafetse mo bodireding fa a sena go latlhegelwa ke kabelo ya gagwe. Fa a tlhalosa se se mo thusitseng, a re: “Go tloga ka 1998 fa ke ne ke abelwa go ruta kwa Sekolong sa Thapiso sa Bodiredi, ke ile ka ithuta thata go feta le fa e le leng pele.” O ne a akgela jaana ka ene le mosadi wa gagwe: “Tsela e re ikutlwang ka yone ka go direla Jehofa go sa kgathalesege maemo a re leng mo go one e dirile gore phetogo eno e nne motlhofo. Ga re ikwatlhaele sepe.”

Batho ba bangwe ba le bantsi ba lemogile gore mafoko a a mo go Pesalema 64:10 a boammaaruri. Ka sekai, akanya ka banyalani ba ba nang le dingwaga di feta 30 ba direla kwa Bethele ya kwa United States. Go tswa foo, ba ne ba newa kabelo ya go nna babulatsela ba ba kgethegileng. Ba ne ba bua jaana: “Ke ga tlholego fela go utlwa botlhoko fa o tlogela sengwe se o se ratang, le fa go ntse jalo, ga o ka ke wa utlwa botlhoko go ya go ile.” Ka bonako fela, ba ne ba simolola go nna le seabe ka metlha mo bodireding le phuthego ya bone. Gape ba ne ba re: “Re ne ra rapela ka dilo dingwe. Go bona kafa Jehofa a arabileng dithapelo tsa rona ka gone go ne ga re kgothatsa le go dira gore re itumele. Fa re sena go goroga, ba bangwe mo phuthegong ba ne ba nna babulatsela mme gone jaanong re segofaditswe ka diithuti tse pedi tsa Baebele tse di gatetseng pele.”

‘GO ITUMELA GO YA GO ILE’

Gone ga go motlhofo go nna o itumetse e bile mathata a tla nna a le gone. Le fa go ntse jalo, Jehofa o re neile mafoko a a kgothatsang a a mo go Pesalema 64:10. Le fa gone ka dinako dingwe re kgobega marapo, re ka tshepa gore batho ba ba bontshang gore ‘ba siame’ ka go tswelela ba ikanyega le fa maemo a bone a fetoga, ba “tla ipela mo go Jehofa.” Mo godimo ga moo, re lebile pele go bona go diragadiwa ga tsholofetso ya ga Jehofa ya “magodimo a masha le lefatshe le lesha.” Ka nako eo, boleo bo tla bo bo sa tlhole bo le gone. Batho botlhe ba Modimo ba tla ‘ipela go ya go ile’ ka ntlha ya dilo tse a tla bong a re naya tsone.—Isa. 65:17, 18.

Akanya ka seno: o tsoga moso mongwe le mongwe o itekanetse e bile o le matlhagatlhaga. Go sa kgathalasege kutlobotlhoko e o neng o na le yone mo nakong e e fetileng, ga o sa tlhole o gopola sepe. Re a itse gore “dilo tsa pele ga di kitla di gakologelwa, le fa e le go tsoga mo pelong.” Tsogo ya baswi e tla kopanya gape batho ba ba ratanang. Batho ba le bantsi ba tla ikutlwa jaaka batsadi ba mosetsana wa dingwaga tse 12 yo Jesu a neng a mo tsosa. Baebele ya re: “Ba se ka ba kgona go itshwara ka ntlha ya go tlhapelwa ke boitumelo.” (Mar. 5:42) Kgabagare mongwe le mongwe mo lefatsheng o tla nna “yo o siameng” ka botlalo mme batho botlhe ba tla “ipela mo go Jehofa” go ya go ile.