Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o ka kgona go araba dipotso tseno tse di tswang mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa 2019?

Tsholofetso eno ya ga Jehofa e kayang: “Sebetsa le fa e ka nna sefe se se tla bopiwang kgatlhanong le wena ga se kitla se atlega”? (Isa. 54:17)

Re a itse gore Jehofa o tla re sireletsa mo “go [tsubutleng] ga ba ba patikang.” (Isa. 25:4, 5) Baba ba rona ga ba kitla ba re utlwisa botlhoko go ya go ile.—w19.01, ts. 6-7.

Tsela e Modimo a ileng a tshwara Baiseraele le Bakanana ka yone e bontsha jang gore o rata tshiamiso?

Modimo o ile a otlhaya batho ba ba neng ba dira boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo le ba ba neng ba sotla basadi le bana. O ile a segofatsa ba ba neng ba mo ikobela e bile ba tshwara batho ba bangwe sentle.—w19.02, ts. 22-23.

Re tshwanetse go dirang fa motho yo e seng Mosupi a rapela?

Re ka nna fela re didimetse, mme gone, ga re a tshwanela gore “amen” kgotsa go tshwarana ka matsogo le ba bangwe. Re ka nna ra ithapelela mo pelong.—w19.03, ts. 31.

Go sotla bana ka tlhakanelodikobo go masisi go le kana kang?

Fa motho a sotla ngwana ka tlhakanelodikobo, o utlwisa ngwana botlhoko, o senya leina le lentle la phuthego, o tlola molao e bile o leofela Modimo. Fa mongwe mo phuthegong a latofadiwa ka go sotla ngwana ka tlhakanelodikobo, bagolwane ba tshwanetse go isa kgang eo kwa mapodiseng fa e le gore molao wa puso o bua jalo.—w19.05, ts. 9-10.

O ka fetola jang se o leng sone ka fa teng?

O ka thusiwa ke: Go rapela. Go akanya ka dilo tse o di ithutileng o bo leka go bona gore o tlhoka go tokafatsa kae. Go tlhopha ditsala tse di siameng.—w19.06, ts. 11.

Re ka ipaakanyetsa jang go bogisiwa gone jaanong?

Re tshwanetse go atamalana thata le Jehofa. Itse gore Jehofa o a re rata le gore ga a kitla a re latlha. Bala Baebele mme o rapele ka metlha. O se ka wa lebala gore dilo tsotlhe tse Jehofa a re solofetsang tsone di tla direga. Tshwara ditemana le dipina tsa Bogosi ka tlhogo.—w19.07, ts. 2-4.

Re ka thusa jang ba masika a rona gore ba bolokwe?

Re tshwanetse go ba akanyetsa, go itshwara sentle e bile re tshwanetse go nna pelotelele. Gape re tshwanetse go bua sentle le bone.—w19.08, ts. 15-17.

Ke eng fa tiro e Jesu a re neileng yone e lapolosa? (Math. 11:28)

Re na le balebedi ba ba siameng, ditsala tse di siameng, e bile re dira tiro e e itumedisang.—w19.09, ts. 23.

Jehofa a ka re thusa jang go diragatsa thato ya gagwe? (Bafil. 2:13)

Fa re bala Baebele e bile re akanya ka dilo tse re di balang, Jehofa o tla re naya maatla a go dira thato ya gagwe. Moya wa gagwe o o boitshepo o ka tokafatsa bokgoni bongwe jo re setseng re na le jone.—w19.10, ts. 21.

O tshwanetse go dira eng pele o dira tshwetso ya botlhokwa?

Dira dipatlisiso. Rapelela botlhale. Ipotse gore ke eng fa o batla go dira tshwetso eo. Ipeele mekgele. O se ka wa batla go dira dilo tse o ka se di kgoneng.—w19.11, ts. 27-29.

Fa Satane a ne a raya Efa a re ga a kitla a swa, a o ne a raya gore moya wa gagwe ga o na go swa?

Ga go bonale jalo. Satane ga a ka a raya Efa a re nama ya gagwe e ne e tla swa mme moya wa gagwe o bo o tswelela o tshela golo gongwe. Bodumedi jwa maaka bo ile jwa fedisiwa ka nako ya Morwalela. Go lebega thuto ya gore moya ga o swe e ka tswa e simologile morago ga Morwalela fa Modimo a ne a tlhakatlhakanya puo ya batho kwa Babele.—w19.12, ts. 15.