Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 52

Batsadi, Thusang Bana ba Lona go Rata Jehofa

Batsadi, Thusang Bana ba Lona go Rata Jehofa

“Bana ke boswa jo bo tswang kwa go Jehofa.”—PES. 127:3.

PINA 134 Bana ke Boswa jo bo Tswang Kwa Modimong

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Jehofa o neile batsadi maikarabelo afe?

JEHOFA o bopile Adame le Efa ba na le keletso ya go nna le bana. Baebele ya re: “Bana ke boswa jo bo tswang kwa go Jehofa.” (Pes. 127:3) Seno se kayang? A re re tsala ya gago e go naya madi a mantsi a bo a go kopa gore o mo a tshwarele. O ne o tla ikutlwa jang? Ga go pelaelo gore o ne o tla lemoga gore o a go tshepa. Ka jalo, o ne o tla dira sotlhe se o ka se kgonang gore madi ao a se ka a latlhega kgotsa a utswiwa. Jehofa o neile batsadi maikarabelo a go tlhokomela sengwe se se botlhokwa thata go feta madi. O ba neile maikarabelo a go tlhokomela bana ba bone.

2. Re tla tlotla ka dipotso dife?

2 Fa batho ba nyalane, ke mang yo o tshwanetseng go ba direla tshwetso ya gore a ba tla nna le bana le gore ba nne le bone leng? Batsadi ba ka thusa jang bana ba bone gore ba itumelele botshelo? Mma re tlotle ka melaometheo mengwe e e mo Baebeleng e e ka thusang banyalani go dira ditshwetso tse di siameng.

TLOTLA TSHWETSO YA BANYALANI

3. (a) Ke mang yo o tshwanetseng go tsaya tshwetso ya gore a banyalani ba tla nna le bana? (b) Ba masika le ditsala ba tshwanetse go nna ba gopotse molaomotheo ofe?

3 Mo ditsong tse dingwe, fa batho ba sena go nyalana go lebeletswe gore ba nne le bana ka bonako. Ba malapa le ditsala ba ka nna ba nnela go ba botsa gore ba tlile go nna le bana leng. Jethro wa kwa Asia a re: “Batho bangwe ba ba nang le bana mo phuthegong ba leka go pateletsa banyalani gore ba nne le bana.” Jeffrey yo le ene a nnang kwa Asia a re: “Bangwe ba na le go botsa banyalani ba ba se nang bana gore ba tlile go tlhokomelwa ke mang fa ba setse ba tsofetse.” Mme gone, banyalani ke bone ba tshwanetseng go itirela tshwetso ya gore a ba tla nna le bana. Ke kgang ya bone ba le babedi fela. (Bagal. 6:5) Gone re a itse gore ba malapa le ditsala ba batla gore banyalani ba itumele. Mme gone, ga ba a tshwanela go lebala gore banyalani ke bone ba tshwanetseng go itirela tshwetso mo kgannyeng eno.—1 Tim. 5:13.

4-5. Batho ba ba batlang go nyalana ba tshwanetse go tlotla ka dipotso dife, mme ba tshwanetse go tlotla ka tsone leng? Tlhalosa.

4 Fa banyalani ba batla go nna le bana, ba tshwanetse go tlotla ka dipotso tseno tse pedi: Sa ntlha, ba tlile go nna le bone leng? Sa bobedi, ba tlile go nna le bana ba le bakae? Ba tshwanetse go tlotla ka dipotso tseno leng? Mme ke eng fa go le botlhokwa gore ba tlotle ka tsone?

5 Go le gantsi go botlhokwa gore batho ba tlotle ka kgang eno pele ba nyalana. Ka ntlha yang? Ka gonne go botlhokwa gore ba dumalane ka kgang eno pele ba nyalana. Gape ba tshwanetse go ipotsa gore a ba ka kgona go godisa bana. Banyalani bangwe ba ile ba bona go le botoka gore ba nne le bana morago ga ngwaga kgotsa dingwaga di le pedi ba nyalane. Goreng? Gore ba kgone go itsane botoka pele ba nna le bana. Ba a itse gore fa ba setse ba na le bana, ba tlile go dirisa nako e ntsi ba ba tlhokomela.—Baef. 5:33.

6. Nako e re tshelang mo go yone e dirile gore banyalani bangwe ba dire tshwetso efe?

6 Banyalani bangwe ba etsa sekao sa bomorwa Noa le basadi ba bone. Ga ba a ka ba nna le bana fela fa ba sena go nyalana. (Gen. 6:18; 9:18, 19; 10:1; 2 Pet. 2:5) Re tshela mo ‘dinakong tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone’ mme Jesu o ile a re nako e re tshelang mo go yone e tshwana le “malatsi a ga Noa.” (Math. 24:37; 2 Tim. 3:1) Ka jalo, banyalani bangwe ba dirile tshwetso ya gore ba se ka ba nna le bana fela fa ba sena go nyalana gore ba kgone go nna le nako e ntsi mo bodireding.

Fa banyalani ba dira tshwetso ya gore a ba tla nna le bana le gore ba tla nna le bana ba le bakae, ba tshwanetse go “bala ditshenyegelo” (Bona serapa 7) *

7. Melaometheo e e mo go Luke 14:28 le 29 le Diane 21:5 e ka thusa banyalani jang?

7 Fa banyalani ba dira tshwetso ya gore a ba tla nna le bana le gore fa ba nna le bone ba tla nna le ba le bakae, ba tshwanetse go “bala ditshenyegelo.” (Bala Luke 14:28, 29.) Batho ba ba nang le bana ba re go godisa bana go tlhoka nako le madi a mantsi. Ka jalo, fa banyalani ba batla go nna le bana ba tshwanetse go ipotsa dipotso tseno: ‘A re tlile go bereka re le babedi gore re kgone go tlhokomela lelapa la rona? A re a dumalana gore lelapa la rona le tlhoka dilo dife? Fa e le gore re tlile go bereka re le babedi, ke mang yo o tlileng go tlhokomela bana ba rona? Re batla gore tsela e bana ba rona ba akanyang le e ba dirang dilo ka yone e tlhotlhelediwe ke mang?’ Fa banyalani ba dira jalo, ba tla bo ba dirisa kgakololo e e mo go Diane 21:5.E bale.

Monna o tshwanetse go thusa mosadi wa gagwe (Bona serapa 8)

8. Banyalani ba tshwanetse go lebelela gore ba ka nna ba kopana le dikgwetlho dife, mme monna o tshwanetse go dira eng?

8 Banyalani ba tshwanetse go fetsa nako le ngwana mongwe le mongwe wa bone. Ka jalo, fa banyalani ba nna le ngwana, yo mongwe a sa ntse a le monnye, go ka nna thata gore ba iphe nako le mongwe le mongwe wa bone. Banyalani bangwe ba ba ileng ba dira jalo ba re ga go motlhofo. Mmê a ka nna fela a lapile mo a sa kgoneng go ithuta, go rapela le go ya bodireding ka metlha. Gape go ka nna thata gore a kgone go tlhoma mogopolo kwa dipokanong. Mme gone, monna wa gagwe o tshwanetse go mo thusa go tlhokomela bana kwa dipokanong le kwa lapeng. Ka sekai, a ka mo thusa ka ditiro dingwe tsa kwa lapeng. Gape o tshwanetse go baakanyetsa sentle gore Kobamelo ya Lelapa e tswele ba lelapa la gagwe mosola. Mo godimo ga moo, o tshwanetse go ya bodireding le ba lelapa la gagwe ka metlha.

RUTA BANA BA GAGO GO RATA JEHOFA

9-10. Batsadi ba ka thusa jang bana ba bone go rata Jehofa?

9 Batsadi ba ka thusa jang bana ba bone gore ba rate Jehofa? Ba ka ba sireletsa jang mo mekgweng e e sa siamang ya lefatshe? Mma re tlotle ka dilo dingwe tse ba ka di dirang.

10 Kopa Jehofa gore a go thuse. Akanya ka se batsadi ba ga Samesone ba ileng ba se dira. Fa mosadi wa ga Manoa a ne a mmolelela gore ba tlile go nna le ngwana, Manoa o ile a kopa Jehofa gore a ba thuse go godisa ngwana yoo.

11. Go ya ka Baatlhodi 13:8, Manoa o ile a dirang, mme batsadi bangwe ba ile ba mo etsa jang?

11 Nihad le Alma ba kwa Bosnia and Herzegovina ba ile ba ithuta mo sekaong sa ga Manoa. Ba re: “Le rona re ile ra kopa Jehofa gore a re thuse go nna batsadi ba ba molemo. Jehofa o ne a dirisa Baebele, dikgatiso, dipokano le dikopano go araba dithapelo tsa rona.”—Bala Baatlhodi 13:8.

12. Josefa le Marea ba ile ba tlhomela bana ba bone sekao sefe?

12 Ba tlhomele sekao. O se ka wa lebala gore bana ba gago ga ba ithute fela mo go se o se buang. Sa botlhokwa le go feta, ba ithuta mo go se o se dirang. Ga go pelaelo gore Josefa le Marea ba ile ba tlhomela bana ba bone sekao se se molemo. Ka sekai, Josefa o ne a bereka ka thata gore a kgone go tlhokomela lelapa la gagwe. Gape o ne a ba thusa gore ba rate Jehofa e bile ba mo direle. (Dute. 4:9, 10) Josefa o ne a sa patelesege go tsamaya le lelapa la gagwe kwa Jerusalema “ngwaga le ngwaga” go ya go keteka Tlolaganyo, mme gone, o ne a tsamaya le bone. (Luke 2:41, 42) Gongwe borre bangwe ba ne ba akanya gore go tsamaya le lelapa lotlhe ga go motlhofo, go tsaya nako e ntsi e bile go tlhoka madi a mantsi. Mme Josefa ene o ne a rata Jehofa e bile o ne a batla gore bana ba gagwe le bone ba mo rate. Mo godimo ga moo, Marea le ene o ne a itse Dikwalo sentle. Ga go pelaelo gore se a neng a se bua le se a neng a se dira se ile sa thusa bana ba gagwe gore ba rate Modimo.

13. Banyalani bangwe ba ile ba etsa jang sekao sa ga Josefa le Marea?

13 Nihad le Alma ba re buileng ka bone pelenyana ba ne ba batla go etsa sekao sa ga Josefa le Marea. Seo se ba thusitse jang gore ba rute ngwana wa bone go rata Jehofa? Ba re: “Re ne re tshela ka melao ya ga Jehofa e bile re ne re leka go ruta ngwana wa rona gore go tshela ka melao ya ga Jehofa go re tswela mosola.” Nihad a re: “O tshwanetse go tlhomela ngwana wa gago sekao.”

14. Ke eng fa batsadi ba tshwanetse go itse ditsala tsa bana ba bone?

14 Thusa bana ba gago go tlhopha ditsala tse di siameng. Batsadi ba tshwanetse go itse gore ditsala tsa bana ba bone ke bomang le gore ba dira eng fa ba na le bone. Seno se raya gore batsadi ba tshwanetse go itse gore bana ba bone ba bua le bomang mo founong le mo Internet. Ditsala tsa bone di ka ba tlhotlheletsa.—1 Bakor. 15:33.

15. Batsadi ba ka ithuta eng mo go Jessie?

15 Batsadi ba tshwanetse go dirang fa e le gore ga ba itse go dirisa dikhomputara kgotsa difouno? Rre mongwe wa kwa Philippines yo o bidiwang Jessie a re: “Re ne re sa itse go le kalo ka thekenoloji. Mme gone, re ile ra ba ruta gore ba tshwanetse go dirisa didirisiwa tsa ileketeroniki sentle.” Jessie ga a ka a re bana ba gagwe ga ba a tshwanela go dirisa didirisiwa tsa ileketeroniki fela ka gonne ene a sa itse go di dirisa. A re: “Ke ne ke tlhola ke ba raya ke re ba di dirisetse go ithuta puo e nngwe, go baakanyetsa dipokano le go bala Baebele letsatsi le letsatsi.” Batsadi, a lo setse lo tlotlile le bana ba lona ka tshedimosetso e e tlhagelelang mo karolong ya “Basha” mo jw.org® e e buang ka go romela melaetsa le dinepe mo Internet? A o kile wa ba bontsha bidio ya A o Lekgoba la Didirisiwa Tsa Ileketeroniki? le ya Dirisa Social-Network ka Botlhale? * Tshedimosetso eo e ka go thusa gore o kgone go ruta bana ba gago go dirisa didirisiwa tsa ileketeroniki sentle.—Dia. 13:20.

16. Batsadi bangwe ba ile ba dirang, mme go ile ga felela jang?

16 Batsadi ba le bantsi ba leka ka natla gore bana ba bone ba fetse nako e ntsi le batho ba ba tlhomang sekao se se ntle sa go direla Jehofa. Ka sekai, banyalani bangwe ba kwa Côte d’Ivoire e bong N’Déni le Bomine ba tlhola ba amogela molebedi wa potologo kwa lelapeng la bone. N’Déni a re: “Seno se ile sa thusa morwa wa rona fela thata. O ne a nna mmulatsela mme gone jaanong ke molebedi wa potologo wa nakwana.” A le wena o ka dira se N’Déni le Bomine ba ileng ba se dira?

17-18. Batsadi ba tshwanetse go simolola go ruta bana ba bone leng?

17 Lore lo ojwa lo sa le metsi. Batsadi ba tshwanetse go ruta bana ba bone ba sa ntse ba le bannye. (Dia. 22:6) Akanya ka Timotheo. Fa a setse a godile, o ne a tlhola a tsamaya le Moaposetoloi Paulo. Mmaagwe e bong Yunise le nkokoagwe e bong Loise ba ne ba simolola go mo ruta “go tswa boseeng.”—2 Tim. 1:5; 3:15.

18 Banyalani ba bangwe ba kwa Côte d’Ivoire e bong Jean-Claude le Peace ba ile ba kgona go thusa bana botlhe ba bone ba le barataro gore ba rate Jehofa e bile ba mo direle. Ke eng se se ba thusitseng? Ba ile ba etsa sekao sa ga Yunise le Loise. Ba re: “Re ne ra simolola go ruta bana ba rona Lefoko la Modimo e sa ntse e le masea.”—Dute. 6:6, 7.

19. Go jalela kwa teng Lefoko la Modimo mo baneng ba gago go kayang?

19 Go ‘jalela kwa teng’ Lefoko la Modimo go kayang? Go ‘jalela kwa teng’ go kaya go ruta o nna o boaboeletsa. Gore batsadi ba kgone go dira seno, ba tshwanetse go ipha nako le bana ba bone. Ka dinako tse dingwe, batsadi ba ka nna ba lapisiwa ke go nna ba boaboeletsa selo se le sengwe. Le fa go ntse jalo, ba tshwanetse go lemoga gore go dira jalo go tla thusa bana ba bone gore ba kgone go tlhaloganya Lefoko la Modimo le go dirisa se ba se ithutang.

Batsadi ba tlhoka go itse gore ba tshwanetse go ruta ngwana mongwe le mongwe jang (Bona serapa 20) *

20. Batsadi ba ka dirisa jang Pesalema 127:4 fa ba godisa bana?

20 Itse bana ba gago. Pesalema 127 ya re bana ba tshwana le metswi. (Bala Pesalema 127:4.) Metswi e dirwa ka dilo tse di farologaneng e bile ga e lekane. Ka tsela e e tshwanang, bana le bone ga ba tshwane. Ka jalo, batsadi ba tlhoka go itse gore ba tshwanetse go ruta ngwana mongwe le mongwe jang. Batsadi bangwe ba ba nnang kwa Israel ba ba ileng ba thusa bana ba bone gore ba direle Jehofa ba re ba thusitswe ke gore ba ne ba tshwarela ngwana mongwe le mongwe thuto ya gagwe a le nosi. Tlhogo ya lelapa ke yone e tla dirang tshwetso ya gore a go a tlhokega gore ngwana mongwe le mongwe a tshwarelwe thuto ya gagwe a le nosi.

JEHOFA O TLA GO THUSA

21. Jehofa a ka thusa batsadi jang?

21 Ke boammaaruri gore go godisa bana ga se kgetsi e e potlana mme gone, batsadi ga ba a tshwanela go lebala gore bana ke mpho e e tswang kwa go Jehofa. Ka jalo, o tla ba thusa go godisa bana ba bone. O utlwa dithapelo tsa bone e bile o ba araba a dirisa Baebele le dikgatiso tsa rona. Gape a ka dirisa Bakeresete ba ba nang le maitemogelo a go godisa bana go ba thusa.

22. Batsadi ba tshwanetse go dira eng?

22 Batho bangwe ba re go godisa ngwana go tsaya dingwaga di le 20. Mme boammaaruri ke gore tiro ya batsadi ga nke e fela. Ka jalo, batsadi ba tshwanetse go rata bana ba bone, ba tshwanetse go ipha nako le bone e bile ba tshwanetse go ba ruta melao ya ga Jehofa. Bana ga ba tshwane. Mme gone, bana ba le bantsi ba ba godisitsweng ke batsadi ba ba ratang Jehofa ba ikutlwa jaaka kgaitsadi mongwe wa kwa Asia yo o bidiwang Joanna Mae. A re: “Fa ke akanya ka tsela e batsadi ba me ba nkgodisitseng ka yone, ke leboga tota go bo ba ile ba nthuta melao ya ga Jehofa le go bo ba ne ba nkgalemela fa ke sa dire sentle. Ba nthusitse fela thata.” (Dia. 23:24, 25) Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi le bone ba ikutlwa fela jalo.

PINA 59 Bakang Jah le Nna

^ ser. 5 A banyalani ba tshwanetse go nna le bana? Fa ba tlhopha go nna le bone, ba tshwanetse go nna le bana ba le bakae? Ba ka thusa jang bana ba bone gore ba rate Jehofa le gore ba mo direle? Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka melaometheo ya Baebele e e ka re thusang go araba dipotso tseno. Gape re tla tlotla ka batho bangwe ba ba ileng ba kgona go godisa bana ba bone sentle.

^ ser. 15 Bona buka ya Dipotso Tse Basha ba di BotsangDikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo 1, kgao. 36, le Bolumo 2, kgao. 11.

^ ser. 60 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Banyalani ba tlotla ka kgang ya gore a ba tla nna le bana e bile ba akanya ka dilo tse di itumedisang le dikgwetlho tse ba ka lebanang le tsone fa ba ka nna le bana.

^ ser. 64 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Banyalani ba ithuta le bana ba bone. Rre o ithuta le wa mosimane mme mmê o ithuta le wa mosetsana ka gonne ga ba lekane.