Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Lebogelang Dilo Tsotlhe’

‘Lebogelang Dilo Tsotlhe’

A O motho yo o lebogelang dilo tse o nang le tsone? Rotlhe re tshwanetse go ipotsa potso eno. Baebele e ile ya bolelela pele gore mo metlheng ya bofelo, go tla nna le batho ba le bantsi “ba ba sa lebogeng.” (2 Tim. 3:2) O ka tswa o itse batho bangwe ba ba akanyang gore ba tshwanetse go newa kgotsa go direlwa sengwe le sengwe se ba se batlang. Gape ga nke ba lebogela sepe fela se ba se direlwang. Boammaaruri ke gore, ga go monate go nna le batho ba ba ntseng jalo.

Baebele ya re batho ba ga Jehofa ba tshwanetse go ‘itshupa ba na le tebogo.’ Re tshwanetse go ‘lebogela dilo tsotlhe.’ (Bakol. 3:15; 1 Bathes. 5:18) Go nna batho ba ba lebogang go tla re tswela mosola jang?

GO TLA DIRA GORE RE ITUMELE

Go lebogela dilo tse re nang le tsone go re thusa gore re itumele. Fa mongwe a go leboga ka gonne o mo file sengwe, o a itumela, mme motho yoo le ene o a itumela. Ke eng fa go leboga go dira gore batho ba itumele? Akanya ka sekai seno: Fa mongwe a go direla sengwe se sentle, seo se bontsha gore o botlhokwa e bile o a go rata mme fa o lemoga seo, o tla itumela. Ga go pelaelo gore Ruthe o ile a ikutlwa fela jalo fa Boase a ne a tsaya matsapa go mo thusa. Ruthe o tshwanetse a bo a ile a itumela tota fa a bona gore Boase o a mo kgathalela.—Ruthe 2:10-13.

Re tshwanetse go nna re leboga Jehofa ka dilo tsotlhe tse a re direlang tsone. Ga go pelaelo gore ka dinako dingwe, o na le go akanya ka dilo tse Jehofa a go neileng tsone le tse a tswelelang a go direla tsone. (Dute. 8:17, 18; Dit. 14:17) Mme gone, o tshwanetse go ipha nako ya go akanyetsa kwa teng ka dilo tse dintle tse Jehofa a go diretseng tsone le tse a di diretseng batho ba o ba ratang. Go dira jalo go tla go thusa gore o mo rate le go feta e bile go tla go thusa gore o se ka wa lebala gore o botlhokwa mo go ene le gore o a go rata.—1 Joh. 4:9.

Re tshwanetse go akanya ka dilo tse Jehofa a re direlang tsone, mme gape, re tshwanetse go mo leboga. (Pes. 100:4, 5) Babatlisisi ba re “fa re leboga ba bangwe, re tla itumela le go feta.”

DITSALA TSA RONA DI TLA RE RATA

Ditsala tsa rona di tla re rata fa re nna re ba lebogela dilo tse ba re direlang tsone. Rotlhe re batla go ratiwa. Fa mongwe a go direla sengwe se se ntle o bo o mo leboga, botsala jwa lona bo tla nonofa. (Bar. 16:3, 4) Gantsi batho ba ba ratang go leboga fa ba diretswe dilo tse dintle, ba rata go thusa ba bangwe. Gape ba a lemoga fa batho ba ba direla dilo tse dintle mme le bone ba dira se se tshwanang. Eleruri go thusa ba bangwe go dira gore re itumele. Go ntse fela jaaka Jesu a buile. O ne a re: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”—Dit. 20:35.

Robert Emmons, yo o berekang kwa Yunibesithing ya California a re: “Ga re a tshwanela go lebala gore re a tlhokana mo botshelong mme go itse seno go tla re thusa gore re leboge ba bangwe fa ba re thusa. Ka dinako tse dingwe re a ba thusa, mme ka dinako tse dingwe ba a re thusa.” Boammaaruri ke gore, motho ke motho ka batho ba bangwe. Ka sekai, batho ba ka nna ba re thusa ka dilo tse re di tlhokang. Ba ka nna ba re fa dijo kgotsa ba re thusa fa re lwala. (1 Bakor. 12:21) A o itlwaeditse go leboga batho fa ba go diretse sengwe se se ntle?

GO TLA DIRA GORE RE ITUMELELE BOTSHELO

Gape go lebogela dilo tse re nang le tsone go tla re thusa go tlhoma mogopolo mo dilong tse di re tsamaelang sentle mo botshelong. Seno se tla go thusa gore o se ka wa nnela go akanya ka mathata a gago mme seo se tla go thusa gore o itumelele botshelo. Mo godimo ga moo, o tla kgona go dira se moaposetoloi Paulo a ileng a re re se dire. O ne a re: “Ka metlha ipeleng mo Moreneng.”—Bafil. 4:4.

Go lebogela dilo tse re nang le tsone go tla dira gore re akanye sentle. Gape go tla re thusa gore re se ka ra fufegela ba bangwe, re se ka ra nna fela re utlwile botlhoko le gore re se ka ra galefela ba bangwe. Go le gantsi, ba batho ba ba lebogelang dilo tse ba nang le tsone ga ba rate dikhumo. Go na le moo, ba kgotsofalela se ba nang le sone.—Bafil. 4:12.

AKANYA KA DILO TSOTLHE TSE JEHOFA A GO DIRELANG TSONE

Bakeresete ba a itse gore Satane o batla ba kgobega marapo fa ba lebana le mathata. O a itumela fa re ngongorega ka sengwe le sengwe. Fa re nna fela re ngongorega, go tla nna thata gore batho ba re reetse fa re ba rerela dikgang tse di molemo. Go leboga go tla re thusa gore re nne le dinonofo tse moya wa Modimo o di tlhagisang. Ka sekai, re nna re itumetse ka ntlha ya dilo tse Jehofa a re direlang tsone e bile re nna le tumelo ya gore Jehofa o tla dira dilo tsotlhe tse a re solofetsang tsone.—Bagal. 5:22, 23.

Ga go pelaelo gore o dumalana le se re tlotlileng ka sone mo setlhogong seno. Gone ke boammaaruri gore ga go bonolo gore o nne o lebogela se o nang le sone. Le fa go ntse jalo, o ka kgona. Ke eng se se ka go thusang? O ka thusiwa ke go ipha nako letsatsi le letsatsi go akanya ka dilo tse o ka di lebogelang. Fa o dira jalo, go tla nna motlhofo gore o lebogele dilo tse o nang le tsone mme seo se tla go dira gore o itumele. Akanya ka dilo tse Jehofa le tse batho ba bangwe ba go direlang tsone. Letsatsi le letsatsi o ka nna wa kwala dilo di le pedi kgotsa di le tharo tse o di lebogelang.

Babatlisisi ba re “fa re itlwaetsa go leboga, seo se ama tsela e boboko jwa rona bo dirang ka yone mme seno se dira gore re itumelele botshelo.” Akanya ka dilo tsotlhe tse di ntle tse o nang le tsone mme o di lebogele. Baebele ya re: “Ntshetsang Jehofa ditebogo, gonne o molemo.” Gape ya re: “Lebogang ka ga dilo tsotlhe.”—1 Ditir. 16:34; 1 Bathes. 5:18.