Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Baebele ya re go tlhokega basupi ba ka nna babedi gore kgang e tlhomamisiwe. (Dipa. 35:30; Dute. 17:6; 19:15; Math. 18:16; 1 Tim. 5:19) Mme go ya ka Molao, fa monna a ne a ka betelela mosetsana yo o beeleditsweng kwa “nageng,” mosetsana yoo a bo a goa, o ne a tla bo a se molato mme monna yoo ene o tla bo a dirile boaka. E re ka go se na ope yo o mmoneng fa a beletela mosetsana, ke eng fa monna yoo a le molato mme mosetsana ene a se molato?

Kgangkgolo mo go Duteronome 22:25-27 ga se monna yono ka gonne go tlhamaletse gore ene o molato. Kgangkgolo e ne e le go bontsha gore mosetsana yono ga a molato. Akanya ka ditemana tse di dikologileng kgang eno.

Temana 23 le 24 di bua ka monna yo o tlhakanetseng dikobo le mosetsana yo o beeleditsweng “mo motseng.” Mo kgannyeng eno monna yono o dirile boaka ka gonne mosetsana yono yo o beeleditsweng o ne a tsewa a nyetswe. A mosetsana ene o ne a le molato? “O ne a se ka a goa mo motseng.” Fa a ka bo a dirile jalo, ba bangwe ba ka bo ba utlwile ba bo ba mo thusa. Ka jalo boobabedi ba ne ba le molato.—Dute. 22:23, 24.

Gape Molao o ne o re: “Le fa go ntse jalo, fa e le gore monna mongwe o ne a fitlhela mosetsana mo nageng yo o beeleditsweng, monna yoo a ba a mo tshwara a lala le ene, monna yo o letseng le ene a swe a le nosi, mme o se ka wa dira mosetsana sepe. Mosetsana ga a na boleo jo bo tshwanelang loso, ka gonne fela jaaka fa motho a tsogologela mongwe ka ene a ba a mmolaya, a bolaya moya, go ntse jalo ka kgang eno. Gonne o ne a mo fitlhela mo nageng. Mosetsana yo o beeleditsweng o ne a goa, mme go ne go se na ope yo o ka mo namolang.”—Dute. 22:25-27.

Mo maemong ano, baatlhodi ba ne ba dumela gore mosetsana o ne a se molato. Ka ntlha yang? Ba ne ba tsaya gore mosetsana yoo “o ne a goa, mme go ne go se na ope yo o ka mo namolang.” Ka jalo, o ne a sa dira boaka. Monna ene o ne a le molato ka gonne o ne a tshwara mosetsana a bo a “lala le ene.”

Ka jalo, le fa gone kgangkgolo ya molao ono e ne e le go bontsha gore mosetsana ga a molato, gape o ne o bontsha gore monna ene o molato ka gonne o beteletse motho e bile o dirile boaka. Ga go pelaelo gore baatlhodi ba ne ba tla ‘batlisisa kgang eo thata’ ba bo ba dira tshwetso e e dumalanang le melaometheo ya ga Jehofa.—Dute. 13:14; 17:4; Ekes. 20:14.