SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 49
Go na Le Nako ya go Bereka Le ya Go Ikhutsa
“Tlang . . . mo lefelong le le se nang batho mme lo ikhutse go sekae.”—MAR. 6:31.
PINA 143 A re Nneng re Dira, re Disitse e Bile re Letile
SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *
1. Batho ba le bantsi ba ikutlwa jang ka go bereka?
BATHO ba mo lefelong le o nnang mo go lone ba ikutlwa jang ka go bereka? Mo dinageng di le dintsi, batho ba nna fela ba le kwa mmerekong. Seno se dira gore ba se ka ba nna le nako ya go ikhutsa, ya go iketla le ba malapa a bone kgotsa ya go ithuta ka Modimo. (Mor. 2:23) Bothata jo bongwe ke gore batho ba bangwe bone ga ba batle go bereka gotlhelele.—Dia. 26:13, 14.
2-3. Jehofa le Jesu ba re tlhometse sekao sefe?
2 Re utlwilwe gore batho bangwe ba nna fela ba le kwa mmerekong mme ba bangwe bone, ga ba batle go bereka. Jehofa le Jesu bone ba ikutlwa jang ka go bereka? Ga go pelaelo gore Jehofa o rata go bereka. Jesu o ne a re: “Rre o ntse a dira go fitlha jaanong, le nna ke ntse ke a dira.” (Joh. 5:17) Akanya ka matsapa a Jehofa a ileng a a tsaya fa a ne a bopa baengele, dinaledi le dipolanete. Gape Jehofa o bopile dilo di le dintsi tse dintle mo lefatsheng. Ke gone ka moo mopesalema a ileng a re: “A bo ditiro tsa gago di le dintsi jang ne, Jehofa! O di dirile tsotlhe ka botlhale. Lefatshe le tletse ditiro tsa gago.”—Pes. 104:24.
3 Jesu o ile a etsa sekao sa ga Rraagwe. O ile a thusa rraagwe “fa a ne a baakanya magodimo.” Baebele ya re e ne e le “modiri yo o setswerere.” (Dia. 8:27-31) Moragonyana fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a dira ka natla mo tirong e Jehofa a neng a mo e neile. Tiro eo e ne e le botlhokwa thata mo go ene mo a neng a e tshwantsha le dijo. Gape tiro eo e ne e bontsha gore o ne a romilwe ke Modimo.—Joh. 4:34; 5:36; 14:10.
4. Re ithuta eng mo go Jehofa le Jesu?
4 Re bone gore Jehofa le Jesu ba dira ka natla e bile re Ekes. 31:17) Seno se raya gore Jehofa o ne a emisa go bopa a bo a itumelela dilo tse a neng a setse a di bopile. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng o ne a dira ka natla. Le fa go ntse jalo, o ne a ipha nako ya go ikhutsa le go ja le ditsala tsa gagwe.—Math. 14:13; Luke 7:34.
tshwanetse go etsa sekao sa bone. A mme seo se raya gore ga re a tshwanela go ikhutsa? Nnyaa. Jehofa ga a ke a lapa, ka jalo, ga a tlhoke go ikhutsa. Baebele ya re fa Jehofa a sena go bopa magodimo le lefatshe, o ne “a ikhutsa a ba a itapolosa.” (5. Bakeresete ba le bantsi ba lebane le bothata bofe?
5 Baebele e re kgothaletsa gore re dire ka natla. Ga re a tshwanela go nna ditshwakga. (Dia. 15:19) Gongwe o a bereka gore o kgone go tlhokomela ba lelapa la gago. Mo godimo ga moo, balatedi botlhe ba ga Jesu ba tshwanetse go rera dikgang tse di molemo. Mme gone, o tshwanetse go ikhutsa. A tiro ya gago ya boitshediso e dira gore o se ka wa nna le nako ya go ya bodireding le ya go ikhutsa? Ke eng se se ka re thusang gore re nne tekatekano?
NNA TEKATEKANO
6. Mareko 6:30-34 e bontsha jang gore Jesu o ne a le tekatekano?
6 Fa o bereka, o tshwanetse go nna tekatekano. Kgosi Solomone o ne a re: “Sengwe le sengwe se na le nako e se e tlhometsweng.” O ne a bua ka go jala, go aga, go lela, go tshega, go tlolaka kgotsa go bina, le ditiro tse dingwe. (Mor. 3:1-8) Seno se bontsha gore go botlhokwa gore re bereke, mme gape re tshwanetse go ikhutsa. Jesu o ne a itse gore go bereka le go ikhutsa go botlhokwa. Nako nngwe fa baaposetoloi ba tswa go rera, ba ne ba tshwaregile thata mo ba neng “ba se na nako ya go iketla le fa e le ya go ja dijo.” Jesu o ne a ba raya a re: “Tlang, lona ka bolona, re yeng kwa thoko mo lefelong le le se nang batho mme lo ikhutse go sekae.” (Bala Mareko 6:30-34.) Le fa Jesu le balatedi ba gagwe ba ne ba sa kgone go ikhutsa ka metlha, Jesu o ne a itse gore ba tshwanetse go ikhutsa.
7. Go ithuta ka molao wa Sabata go tla re thusa jang?
7 Thulaganyo ya Sabata e Modimo a neng a e diretse Baiseraele e re thusa go bona gore ka dinako dingwe, re tlhoka go ikhutsa kgotsa go dira sengwe fela se se tla re lapolosang. Gone ke boammaaruri gore ga re tlhoke go ikobela Molao wa ga Moshe. Le fa go ntse jalo, go ithuta ka molao wa Sabata go ka re tswela mosola. Go ithuta molao oo go tla re thusa go bona gore re ikutlwa jang ka go bereka le ka go ikhutsa.
SABATA E NE E LE NAKO YA GO IKHUTSA LE GO OBAMELA MODIMO
8. Go ya ka Ekesodo 31:12-15, letsatsi la Sabata e ne e le la eng?
8 Baebele ya re morago ga malatsi a le marataro, Modimo o ile a emisa tiro ya go bopa. (Gen. 2:2) Le fa go ntse jalo, Jehofa o rata go bereka e bile “o ntse a dira.” (Joh. 5:17) O ile a bereka malatsi a le marataro, ka la bosupa a bo a ikhutsa mme o ile a bolelela Baiseraele gore ba nne ba ikhutsa ka letsatsi la bosupa. Letsatsi la Sabata e ne e le sesupo sa gore Baiseraele ba ne ba na le kamano e e kgethegileng le Modimo. E ne e le letsatsi la “boikhutso jo bo feletseng . . . , selo se se boitshepo mo go Jehofa.” (Bala Ekesodo 31:12-15.) Ga go na ope yo o neng a letleletswe go bereka ka letsatsi la Sabata. Seo se ne se akaretsa bana, malata le diphologolo. (Ekes. 20:10) Mo letsatsing leo batho ba ne ba tshwanetse go obamela Jehofa le go ithuta ka ene.
9. Ka motlha wa ga Jesu, baeteledipele ba bodumedi ba ne ba akanya eng ka letsatsi la Sabata?
9 Jehofa o ne a batla gore letsatsi la Sabata le tswele batho mosola. Le fa go ntse jalo, ka nako ya ga Jesu, baeteledipele ba bodumedi ba le bantsi ba ne ba imetsa batho ka melao e mentsintsi. Ba ne ba re batho ga ba a tshwanela go kgetla dijo tsa ditlhaka kgotsa go fodisa motho yo o lwalang ka letsatsi la Sabata. (Mar. 2:23-27; 3:2-5) Mme gone, Jesu o ile a thusa batho go tlhaloganya gore Modimo o ne sa batle gore ba imediwe ka melao e mentsintsi.
10. Re ithuta eng ka Jesu mo go Mathaio 12:9-12?
10 Jesu le balatedi ba gagwe ba Bajuda ba ne ba ikhutsa ka letsatsi la Sabata ka gonne ba ne ba ikobela Molao wa ga Moshe. * Mme gone, Jesu o ile a bua le go dira dilo di le dintsi tse di neng di bontsha gore go ne go se phoso go thusa batho ba bangwe ka letsatsi la Sabata. O ne a re: “Go kafa molaong go dira selo se se molemo ka sabata.” (Bala Mathaio 12:9-12.) O ne a sa akanye gore fa motho a thusa yo mongwe ka letsatsi la Sabata o ne a tlola molao. Se Jesu a neng a se dira se ne se bontsha ntlha nngwe e e botlhokwa ka letsatsi la Sabata. Batho ba ne ba sa bereke ka letsatsi leo ka jalo, ba ne ba tshwanetse go ithuta ka Modimo le go mo obamela. Jesu o ne a goletse mo lelapeng le le neng le dira jalo. Re itse seno ka gonne Baebele ya re fa a ne a le kwa Nasaretha, “go ya ka mokgwa wa gagwe mo letsatsing la sabata, a tsena mo sinagogeng, a ema ka dinao gore a bale.”—Luke 4:15-19.
O IKUTLWA JANG KA GO BEREKA?
11. Ke mang yo o rutileng Jesu go bereka?
11 Josefa o ne a itse gore Jehofa o batla gore re bereke ka jalo, o ile a ruta Jesu tiro ya go betla. (Math. 13:55, 56) Ga go pelaelo gore Jesu o ne a tlhola a bona Josefa a dira ka natla letsatsi le letsatsi go tlamela ba lelapa la gagwe. Moragonyana Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Modiri o tshwanelwa ke dituelo tsa gagwe.” (Luke 10:7) Seno se bontsha gore Jesu o ne a tlwaetse go bereka.
12. Ke ditemana dife tse di bontshang gore re tshwanetse go bereka?
12 Moaposetoloi Paulo le ene o ne a bereka. Tiro ya gagwe ya botlhokwa e ne e le go rera, mme gone o ne a tla a bereka gore a kgone go ithekela dilo tse a di tlhokang. Bakeresete ba kwa Thesalonika ba ne ba itse gore o ne a “dira ka natla” e bile a “fufulelwa bosigo le motshegare” gore a se ka a rwesa ope mokgweleo. (2 Bathes. 3:8; Dit. 20:34, 35) Fa Paulo a ne a bua ka tiro e a neng a e dira bosigo le motshegare, a ka tswa a ne a bua ka tiro ya go dira ditente. Fa a ne a le kwa Korintha o ne a nna le Akhwila le Perisila e bile a bereka le bone ka gonne “tiro ya bone ya diatla e ne e le ya go dira megope.” Fa Baebele e re Paulo o ne a bereka “bosigo le motshegare,” seno ga se reye gore o ne a sa nke a ikhutsa. Ka sekai, ka letsatsi la Sabata o ne a tlhola a ya go rerela Bajuda ba le bone ba neng ba sa bereke mo letsatsing leo.—Dit. 13:14-16, 42-44; 16:13; 18:1-4.
13. Re ka ithuta eng mo go Paulo?
13 Moaposetoloi Paulo o re tlhometse sekao se sentle. Le fa Paulo a ne a bereka, ka metlha o ne a nna le seabe “mo tirong e e boitshepo ya dikgang tse di molemo tsa Modimo.” (Bar. 15:16; 2 Bakor. 11:23) O ne a tlhola a kgothaletsa ba bangwe gore ba nne le seabe mo tirong ya go rera. Akhwila le Perisila e ne e le “badirimmogo le [ene] mo go Keresete Jesu.” (Bar. 12:11; 16:3) Paulo o ne a kgothaletsa Bakorintha gore ba nne le “mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena.” (1 Bakor. 15:58; 2 Bakor. 9:8) Jehofa o ile a tlhotlheletsa Moaposetoloi Paulo gore a kwale jaana: “Fa motho ope a sa batle go dira, lo se ka lwa mo letla go ja.”—2 Bathes. 3:10.
14. Mafoko a ga Jesu a a mo go Johane 14:12 a kayang?
14 Tiro ya botlhokwa thata e re e dirang mo metlheng eno ya bofelo ke go rera le go dira batho barutwa. Tota e bile, Jesu o ne a re balatedi ba gagwe ba tla dira ditiro tse dikgolo go mo feta. (Bala Johane 14:12.) O ne a sa reye gore re tla kgona go dira dikgakgamatso jaaka ene. Go na le moo, o ne a raya gore re tla rera mo mafelong a mantsi, re tla rerela batho ba le bantsi e bile re tla rera nako e e telele go mo feta.
15. Re tshwanetse go ipotsa dipotso dife mme ka ntlha yang?
15 Fa e le gore o a bereka, ipotse dipotso tseno: ‘Kwa ke berekang teng, a batho ba nkitse ke le senatla? Fa ke neilwe tiro, a ke e dira ka bojotlhe e bile ke e fetsa ka nako?’ Fa e le gore go ntse jalo, mothapi wa gago o tla go tshepa. Fa o dira ka natla, batho ba o berekang le bone ba ka nna ba kgatlhegela molaetsa wa Bogosi fa o ba rerela. Gape o tshwanetse go ipotsa jaana: ‘A ke dira ka natla mo tirong ya go rera? A ke a baakanyetsa fa ke ya tshimong? Fa ke kopane le
motho yo o kgatlhegang, a ke boela kwa go ene ka nako e re dumalaneng ka yone? A ke nna le seabe mo dikarolong tse di farologaneng tsa bodiredi?’ Fa go ntse jalo o tla itumelela bodiredi.O IKUTLWA JANG KA GO IKHUTSA?
16. Jesu le balatedi ba gagwe ba ne ba ikutlwa jang ka go ikhutsa, mme batho ba le bantsi gompieno bone ba ikutlwa jang?
16 Jesu o ne a itse gore ka dinako dingwe, ene le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba tlhoka go ikhutsa. Le fa go ntse jalo batho ba le bantsi ka nako eo ba ne ba tshwana le monna yo Jesu a ileng a bua ka ene mo setshwantshong sa gagwe. Monna yoo o ne a ipolelela gore o tla “nna ka phuthologo,” o tla “ja,” o tla “nwa” e bile o tla ‘ijesa monate.’ (Luke 12:19; 2 Tim. 3:4) O ne a akanya gore dilo tsa botlhokwa thata mo botshelong ke go ikhutsa le go ijesa monate. Batho ba le bantsi ba ikutlwa jalo gompieno. Jesu le baaposetoloi ba gagwe bone ba ne ba sa akanye jalo.
17. Re dirisa nako ya rona jang fa re sa ya mmerekong?
17 Re leka go etsa Jesu. Fa re sa ya mmerekong, re dirisa nako eo go ikhutsa, mme gape re e dirisetsa go ya bodireding le go ya dipokanong. Tota e bile, re dira ka natla gore re nne gone kwa dipokanong le kwa bodireding ka gonne go dira dilo tseo go botlhokwa thata mo go rona. (Baheb. 10:24, 25) Tota le fa re le kwa malatsing a boikhutso, re leka ka natla gore re ye dipokanong. Mo godimo ga moo, re dirisa tshono nngwe le nngwe go tlotla le batho ka molaetsa wa Bogosi.—2 Tim. 4:2.
18. Jesu o batla gore re dire eng?
18 Re lebogela go bo Kgosi ya rona e bong Jesu Keresete a sa lebelela gore re dire dilo tse re sa kgoneng go di dira. (Baheb. 4:15) O batla gore re ikhutse. Mme gone, gape o batla gore re bereke gore re kgone go itlhokomela. Mo godimo ga moo, o batla gore re nne le seabe mo tirong e e lapolosang ya go dira batho barutwa. Mo setlhogong se se latelang, re tla ithuta gore Jesu o re golola jang mo bokgobeng jwa boleo.
PINA 38 O Tla go Nonotsha
^ ser. 5 Baebele e re ruta gore re tshwanetse go ikutlwa jang ka go bereka le go ikhutsa. Setlhogo seno se tla dirisa molao wa Sabata o o neng o neilwe Baiseraele go re thusa go bona gore re tshwanetse go ikutlwa jang ka go bereka le go ikhutsa.
^ ser. 10 Barutwa ba ga Jesu ba ile ba bontsha gore ba ikobela molao wa Sabata ka gonne ka letsatsi la Sabata ba ne ba tlogela go baakanya dilo tse ba neng ba tla di dirisa go tshasa mmele wa ga Jesu.—Luke 23:55, 56.