Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 51

O Itse Jehofa go le Kana Kang?

O Itse Jehofa go le Kana Kang?

“Ba ba itseng leina la gago ba tla go ikanya, gonne ruri ga o na go tlogela ba ba go batlang, wena Jehofa.”—PES. 9:10.

PINA 56 Tlhopha go Tshelela Boammaaruri

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1-2. Se se diragaletseng Angelito se re ruta eng?

A BATSADI ba gago ke Basupi ba ga Jehofa? Fa go le jalo, se lebale gore o ka se nne tsala ya ga Jehofa fela ka gonne batsadi ba gago e le ditsala tsa gagwe. Le fa batsadi ba gago ba ka tswa ba direla Jehofa kgotsa ba sa mo direle, fa o batla go nna tsala ya ga Jehofa, o tshwanetse go tsaya matsapa.

2 Akanya ka se se diragaletseng mokaulengwe Angelito. O goletse mo lelapeng la Basupi. Le fa go ntse jalo, fa a sa ntse a le mosha, o ne a sa atamalana le Jehofa. A re: “Ke ne ke direla Jehofa fela ka gonne batho ba kwa gae ba ne ba mo direla.” Ka jalo, o ile a simolola go bala Baebele le go akanya ka se a se balang. Gape o ile a simolola go rapela ka metlha. A re: “Ke ne ka lemoga gore fa ke batla go nna tsala ya ga Jehofa, ke tshwanetse go tsaya matsapa gore ke mo itse.” Se se diragaletseng Angelito se dira gore re ipotse dipotso tseno: Go itse dilo dingwe ka Jehofa go farologane jang le go mo itse sentle? Re ka dirang gore re itse Jehofa sentle?

3. Go itse dilo dingwe ka Jehofa go farologane jang le go mo itse sentle?

3 Re ka tswa re akanya gore re itse Modimo ka gonne re itse leina la gagwe le dilo dingwe tse a di dirileng. Mme seo ga se reye gore re mo itse sentle. Fa re batla go itse Jehofa sentle, re tshwanetse go ithuta ka ene le ka dinonofo tsa gagwe. Fa re dira jalo, re tla kgona go mo tlhaloganya botoka. Fa re mo tlhaloganya botoka, re tla kgona go itse gore o ikutlwa jang ka dilo tse re di akanyang le tse re di dirang. Fa re setse re itse gore Jehofa o batla gore re dire eng, re tshwanetse go mo ikobela.

4. Go ithuta ka batho bangwe ba go buiwang ka bone mo Baebeleng go tla re thusa jang?

4 Batho bangwe ba ka nna ba re kgoba fa re simolola go ithuta Baebele, mme ba ka nna ba dira jalo le go feta fa re simolola go ya dipokanong. Mme gone, fa re tshepa Jehofa, o tla re thusa. Fa re tshepa Modimo, re tla nna ditsala tsa gagwe go ya go ile. A mme re ka kgona go itse Jehofa sentle? Ee, re ka kgona. Batho bangwe ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba ba jaaka Moshe le Kgosi Dafide ba ne ba itse Jehofa sentle, ka jalo, le rona re ka kgona. Fa re ntse re ithuta ka bone, re tla araba dipotso tseno: Go tlile jang gore ba itse Jehofa, mme re ka ithuta eng mo go bone?

MOSHE O NE A “BONA ENE YO O SA BONALENG”

5. Moshe o ile a dira eng?

5 Moshe o ile a tlhopha go direla Jehofa. Fa Moshe a na le dingwaga di ka nna 40, o ile a tlhopha go direla Jehofa, go na le go bidiwa “morwa morwadia Faro.” (Baheb. 11:24) Go nna kwa ntlong ya segosi e ne e le maemo, le fa go ntse jalo, Moshe o ile a tlhopha go nna lekgoba le batho ba ga Jehofa. O ne a itse gore seno se ne se tlile go galefisa Faro. Faro e ne e le mmusi yo o maatla, e bile Baegepeto ba ne ba mo tsaya e le modimo. Eleruri, Moshe o ne a na le tumelo e e nonofileng. O ne a tshepa Jehofa mme seno se ile sa dira gore e nne tsala ya ga Jehofa botshelo jwa gagwe jotlhe.—Dia. 3:5.

6. Re ka ithuta eng mo go Moshe?

6 Re ithuta eng mo go Moshe? Le rona re tshwanetse go dira tshwetso ya gore a re tla direla Jehofa re na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona. Re ka nna ra tshwanelwa ke go itima dilo dingwe gore re kgone go dira jalo. Gape re a itse gore batho bangwe ba ka nna ba re bogisa. Mme gone fa re tshepa Jehofa, re a itse gore o tla re thusa.

7-8. Moshe o ile a ithuta eng ka Jehofa?

7 Moshe o ne a tswelela a ithuta ka Jehofa e bile a mo ikobela. Ka sekai, fa Jehofa a ne a mo laela gore a ntshe Baiseraele kwa Egepeto, o ne a inyatsa. O ne a bolelela Jehofa gore a ka se kgone. Jehofa o ile a mmontsha kutlwelobotlhoko ka gonne o ile a mo thusa. (Ekes. 4:10-16) Ka jalo, Moshe o ile a kgona go bolelela Faro molaetsa wa ga Jehofa wa katlholo. Gape o ile a bona gore Jehofa o maatla fa a ne a golola Baiseraele kwa Egepeto le fa a ne a bolaya Faro le masole a gagwe kwa Lewatleng le Lehibidu.—Ekes. 14:26-31; Pes. 136:15.

8 Fa Moshe a sena go ntsha Baiseraele kwa Egepeto, ba ne ba nna fela ba ngongorega. Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a ka a ba felela pelo, ka jalo, Moshe o ile a lemoga gore Jehofa o pelotelele. (Pes. 78:40-43) Nako nngwe Jehofa o ne a galefetse Baiseraele e bile a batla go ba nyeletsa mme Moshe o ne a mo kopa gore a se ka a dira jalo. Jehofa o ile a mo reetsa, ka jalo, Moshe o ile a lemoga gore Jehofa o boikokobetso.Ekes. 32:9-14.

9. Go ya ka Bahebera 11:27, Moshe o ne a atamalane le Jehofa go le kana kang?

9 Fa Moshe a sena go fuduga kwa Egepeto, o ile a atamalana thata le Jehofa mo e neng e kete o kgona go mmona. (Bala Bahebera 11:27.) Tota e bile, Baebele ya re “Jehofa [o ile] a bua le Moshe ba lebane difatlhego, fela jaaka motho a ka bua le mongwe ka ene.”—Ekes. 33:11.

10. Re tshwanetse go dira eng fa re batla go itse Jehofa sentle?

10 Re ithuta eng? Fa re batla go itse Jehofa sentle, re tshwanetse go ithuta ka ene, mme gape re tshwanetse go mo ikobela. Jehofa o batla gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Tim. 2:3, 4) Re ikobela Jehofa fa re ruta ba bangwe ka ene.

11. Go ruta ba bangwe ka Jehofa go re thusa jang gore re mo itse sentle?

11 Fa re ruta batho ka Jehofa, seno se re thusa gore re mo itse sentle. Ka sekai, fa re le mo bodireding, re kgona go lemoga gore Jehofa o kutlwelobotlhoko fa a re thusa gore re bone batho ba ba batlang go nna ditsala tsa gagwe. (Joh. 6:44; Dit. 13:48) Gape re lemoga gore Lefoko la Modimo le na le maatla ka gonne le thusa batho ba re ithutang le bone gore ba tlogele mekgwa e e sa siamang e bile le ba thusa go fetoga. (Bakol. 3:9, 10) Mo godimo ga moo, re lemoga gore Jehofa o pelotelele ka gonne ga a tlhoboge batho e bile o nna a re romela gore re ye go ba rerela.—Bar. 10:13-15.

12. Go ya ka Ekesodo 33:13, Moshe o ile a kopa eng mme ka ntlha yang?

12 Moshe o ne a tsaya botsala jwa gagwe le Jehofa bo le botlhokwa. Jehofa o ile a thusa Moshe go dira dikgakgamatso di le dintsi, ka jalo, Moshe o ne a itse Jehofa sentle. Le fa go ntse jalo, Moshe o ile a kopa Jehofa gore a mo thuse go mo itse botoka. (Bala Ekesodo 33:13.) Moshe o ne a na le dingwaga di feta 80, mme o ne a itse gore go sa ntse go na le dilo di le dintsi tse a neng a tlhoka go di ithuta ka Jehofa.

13. Re ka bontsha jang gore botsala jwa rona le Jehofa bo botlhokwa mo go rona?

13 Re ithuta eng? Le fa re ka tswa re na le nako e e telele re direla Jehofa, le ka motlha ga re a tshwanela go lebala gore botsala jwa rona le ene bo botlhokwa tota. Re bontsha gore botsala jwa rona le Jehofa bo botlhokwa mo go rona fa re bua le ene ka metlha.

14. Go rapela go re thusa jang gore re itse Jehofa botoka?

14 Fa o batla go nna tsala le mongwe, o tshwanetse go bua le ene ka metlha. Ka jalo, bua le Jehofa ka metlha, o mmolelele se se mo pelong ya gago. (Baef. 6:18) Krista yo o nnang kwa Turkey a re: “Go bona Jehofa a araba dithapelo tsa me go dirile gore ke mo tseye jaaka Rre le Tsala ya me.”

JEHOFA O NE A MO RATA

15. Jehofa o ile a reng ka Dafide?

15 Kgosi Dafide o ne a tsholetswe mo setšhabeng se se ineetseng mo go Jehofa. Mme gone, o ne a sa direle Jehofa fela ka gonne batho ba kwa gaabo ba mo direla. O ile a tsaya matsapa go nna tsala ya ga Jehofa mme Jehofa o ne a mo rata fela thata. O ile a re Dafide ke “monna yo o amogelwang ke pelo ya [gagwe].” (Dit. 13:22) Go tlile jang gore Dafide e nne tsala ya ga Jehofa?

16. Dafide o ile a ithuta eng ka Jehofa fa a lebile popo?

16 Dafide o ile a ithuta ka Jehofa mo dilong tse a di bopileng. Fa Dafide a le mosha, o ne a fetsa nako e ntsi a le kwa nageng a disitse dinku tsa ga rraagwe. Gongwe ke yone nako e a ileng a simolola go akanya ka dilo tse Jehofa a di bopileng. Ka sekai, fa go le bosigo, o ne a kgona go bona dinaledi tse dintsintsi tse Jehofa a di bopileng tse di neng tsa mo thusa go itse Jehofa botoka. O ne a re: “Magodimo a bolela kgalalelo ya Modimo; mme phuthologo e bolela tiro ya diatla tsa gagwe.” (Pes. 19:1, 2) Fa a akanya ka tsela e e gakgamatsang e batho ba bopilweng ka yone, o ile a lemoga gore Jehofa o botlhale. (Pes. 139:14) Fa a akanya ka dilo tsotlhe tse Jehofa a di bopileng, o ile a lemoga gore Jehofa o maatla tota.—Pes. 139:6.

17. Go akanya ka dilo tse Jehofa a di bopileng go tla go thusa jang?

17 Re ithuta eng? Re tshwanetse go kgatlhegela dilo tse Jehofa a di bopileng. Iphe nako ya go akanya ka dilo tse dintle tse Jehofa a di bopileng mme o ipotse gore di go ruta eng ka ene. (Bar. 1:20) Fa o dira jalo, o tla ithuta sengwe se sesha ka Jehofa letsatsi le letsatsi e bile o tla mo rata le go feta.

18. Go ya ka Pesalema 18, Dafide o ne a itse eng?

18 Dafide o ne a lemoga gore Jehofa ke ene a mo thusang. Ka sekai, o ne a itse gore Jehofa ke ene a ileng a mo thusa go bolaya tau le bera tse di neng di batla go tlhasela dinku tsa ga rraagwe. Gape o ne a itse gore Jehofa ke ene a mo thusitseng go bolaya Goliathe. (1 Sam. 17:37) Mo godimo ga moo, o ne a itse gore Jehofa ke ene a mo faloditseng fa Kgosi Saulo a ne a batla go mmolaya. (Pes. 18 le mafoko a a fa godimo ga kgaolo) Dafide o ne a se boikgogomoso, ka jalo, o ne a itse gore Jehofa ke ene a neng a mo thusa mo maemong ano otlhe.—Pes. 138:6.

19. Re ka ithuta eng mo go Dafide?

19 Re ithuta eng? Fa re sena go kopa Jehofa gore a re thuse, re tshwanetse go ntsha matlho dinameng gore re kgone go lemoga fa a re thusa. Fa re le boingotlo, re tla lemoga gore go na le dilo dingwe tse re sa kgoneng go di dira le gore Jehofa ke ene a re thusang. Fa re lemoga gore Jehofa o a re thusa, re tla mo rata le go feta. Mokaulengwe Isaac wa kwa Fiji yo o nang le dingwaga di le dintsi a direla Jehofa o ile a iponela seo. A re: “Fa ke akanya ka dilo tsotlhe tse di diregileng mo botshelong jwa me fa e sale ke simolola go ithuta Baebele, ke lemoga gore Jehofa o nkeme nokeng. Ke mo rata fela thata.”

20. Re ka ithuta eng mo botsaleng jwa ga Dafide le Jehofa?

20 Dafide o ne a etsa Jehofa. Jehofa o re bopile re na le bokgoni jwa go mo etsa. (Gen. 1:26) Fa re ntse re ithuta ka dinonofo tsa ga gagwe, go tla nna motlhofo gore re mo etse. Dafide o ne a itse Jehofa sentle. Ka jalo, o ne a mo etsa fa a dirisana le ba bangwe. Ka sekai, Dafide o ile a dira boaka le Bathesheba a bo a bolaya monna wa gagwe. (2 Sam. 11:1-4, 15) Mme gone, Jehofa o ile a mo itshwarela ka gonne Dafide le ene o ne a itshwarela ba bangwe. Dafide o ne a atamalane le Jehofa, ka jalo, Baiseraele ba ne ba rata Dafide fela thata mme Jehofa le ene o ne a mo rata.—1 Dikg. 15:11; 2 Dikg. 14:1-3.

21. Go ya ka Baefeso 4:24 le 5:1, go nna “baetsi ba Modimo” go re thusa jang?

21 Re ithuta eng? Re tshwanetse go nna “baetsi ba Modimo.” Go etsa Jehofa go re solegela molemo e bile go re thusa gore re mo itse. Fa re mo etsa, re bontsha gore re bana ba gagwe.—Bala Baefeso 4:24; 5:1.

ITHUTE KA JEHOFA

22-23. Go tla direga eng fa re dirisa se re se ithutang?

22 Jaaka re setse re bone, dilo tse Jehofa a di bopileng le Lefoko la gagwe, di re thusa go mo itse botoka. Baebele e bua ka batho ba le bantsi ba re ka ithutang mo go bone ba ba jaaka Moshe le Dafide. Jehofa o re neile dilo tse di ka re thusang go mo itse, ka jalo, re tshwanetse go tsaya matsapa.

23 Re tla nna re ithuta ka Jehofa go ya go ile. (Mor. 3:11) Selo sa botlhokwa ga se gore re mo itse go le kana kang, mme ke gore re dira eng ka se re se itseng. Fa re dirisa se re se ithutang e bile re leka go etsa Jehofa, o tla atamalana le rona. (Jak. 4:8) Baebele ya re ga a kitla a latlha batho ba ba lekang go mo itse sentle.

PINA 80 “Lekang Mme lo Bone Gore Jehofa o Molemo”

^ ser. 5 Batho ba le bantsi ba dumela gore Modimo o teng. Mme gone, ga ba mo itse go le kalo. Mo setlhogong seno re tla araba dipotso tseno: Go itse Jehofa go kayang? Mme re ka ithutang mo go Moshe le Kgosi Dafide se se ka re thusang go nna ditsala tsa ga Jehofa?