Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Fa Satane a ne a raya Efa a re ga a na go swa fa a ka ja mo setlhareng sa kitso ya molemo le bosula, a o ne a raya gore moya wa gagwe ga o na go swa?

Ga go bonale jalo. Satane ga a ka a raya Efa a re fa a ka ja leungo le Modimo a rileng a se ka a le ja, nama ya gagwe e ne e tla swa mme moya wa gagwe o bo o tswelela o tshela golo gongwe. Go na le moo, o ne a mo raya a re fa a ka ja leungo leo, ‘o ne a se kitla a swa gotlhelele.’ O ne a raya gore Efa o ne a tla tshelela ruri, a tshela monate mo lefatsheng e bile a sa busiwe ke Modimo.—Gen. 2:17; 3:3-5.

Fa e le gore thuto ya maaka ya gore moya ga o swe ga e a simolola kwa Edene, e simologile kae? Ga re itse. Mme gone, re a itse gore bodumedi jwa maaka bo ile jwa fedisiwa ka nako ya Morwalela wa ga Noa. E re ka Noa le ba lelapa la gagwe e le bone fela ba ba falotseng, go ne go se na ope yo o neng a dumela dithuto tsa maaka ka nako eo.

Ka jalo, go lebega thuto ya gore moya ga o swe e ka tswa e simologile morago ga Morwalela. Fa Modimo a ne a tlhakatlhakanya puo ya batho kwa Babele, batho ba bo ba gasamela mo “godimo ga lefatshe lotlhe,” ga go pelaelo gore thuto eno e ile ya anama ka yone nako eo. (Gen. 11:8, 9) Le fa re sa itse gore thuto eno e simologile kae, re a itse gore Satane Diabolo, yo Baebele e mmitsang “ramaaka,”ke ene a tlhotlheleditseng thuto eno e bile o a itumela fa a ntse a e bona e anama.—Joh. 8:44.