Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

A mafoko a ga moaposetoloi Paulo a a mo go 1 Bakorintha 15:29 a kaya gore Bakeresete bangwe ba ne ba kolobediwa mo boemong jwa batho ba ba suleng?

Nnyaa, ga go na bosupi bope mo Baebeleng kgotsa mo dibukeng tsa hisitori jo bo bontshang gore Bakeresete ba ne ba kolobediwa mo boemong jwa batho ba ba suleng.

Tsela e temana eno e ranotsweng ka yone mo Dibaebeleng tse dintsi, e dira gore batho ba akanye gore Bakeresete ba bogologolo ba ne ba kolobediwa mo boemong jwa batho ba ba suleng. Ka sekai, Baebele nngwe ya re: “[Fa go sena tsogo ya baswi] ba ba kolobelediwang baswi ba tlaa dirang?”—Baebele e e Boitshepo.

Mme gone, akanya ka se baithuti bangwe ba Baebele ba ileng ba se bua. Moithuti mongwe wa Baebele e bong Dr. Gregory Lockwood o ile a re ga go na bosupi bope mo Baebeleng kgotsa mo hisitoring jo bo bontshang gore go na le motho yo o kileng a kolobediwa mo boemong jwa motho yo o suleng. Moithuti mongwe wa Baebele yo o bidiwang Porofesa Gordon D. Fee le ene o ile a dumalana le ntlha eo. O ile a re ga go na sekai mo Baebeleng kgotsa mo hisitoring, sa motho yo o kileng a kolobediwa mo boemong jwa baswi. O ile a tlhalosa gore ga go na bosupi bope mo Tesetamenteng e Ntšha jo bo bontshang gore Bakeresete ba mo nakong e e fetileng ba kile ba dira jalo. Kgotsa bosupi jwa gore go na le batho bangwe ba ba ileng ba dira jalo mo dikerekeng tse di ileng tsa nna gone morago ga gore baaposetoloi ba tlhokafale.

Baebele e tlhalosa gore Jesu o ile a laela balatedi ba gagwe gore ba ‘dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, . . . ba ba kolobetse . . . , ba ba rute go boloka dilo tsotlhe’ tse a di ba laetseng. (Math. 28:19, 20) Pele ga motho a ka kolobediwa o ne a tshwanetse go ithuta ka Jehofa le Jesu, go dumela mo go bone le go ba ikobela. Motho yo o suleng o ne a se kitla a kgona go dira dilo tseno mme le motho yo o tshelang o ne a se kitla a kgona go di mo direla kgotsa go di dira mo boemong jwa gagwe.—Mor. 9:5, 10; Joh. 4:1; 1 Bakor. 1:14-16.

Jaanong, mafoko a ga Paulo a a mo go 1 Bakorintha 15:29 a kaya eng?

Bakorintha bangwe ba ne ba re ga go na tsogo ya baswi. (1 Bakor. 15:12) Paulo o ile a ba bontsha gore se ba neng ba se dumela se ne se le phoso. O ile a ba bontsha seo jang? O ile a ba bolelela gore ‘letsatsi le letsatsi o ne a lebana le loso.’ Gone Paulo o ne a sa ntse a tshela fa a ne a bua mafoko ao. O ile a tlhalosa gore letsatsi le letsatsi o ne a le mo kotsing ya go swa mme gone, o ne a tlhomamisegile gore fa a sena go swa, o ne a tlile go tsosediwa go ya go tshela kwa legodimong fela jaaka Jesu.—1 Bakor. 15:30-32, 42-44.

Bakeresete ba kwa Korintha ba ne ba tshwanetse go tlhaloganya gore le fa ba ka tswa ba ne ba tloditswe, ba ne ba tlile go kopana le diteko le go swa pele ba ka tsosediwa go ya go tshela kwa legodimong. Ka jalo, fa ba ne ba kolobediwa “mo go Keresete Jesu” ba ne ba “kolobediwa [le] mo losong lwa gagwe.” (Bar. 6:3) Seno se ne se raya gore fela jaaka Jesu, le bone ba ne ba tlile go kopana le diteko le go swa pele ga ba ka tsosediwa go ya go tshela kwa legodimong.

Morago ga dingwaga di feta di le pedi Jesu a sena go kolobediwa, o ile a raya baaposetoloi ba gagwe a re: “Le kolobetso e ke kolobediwang ka yone lo tla kolobediwa ka yone.” (Mar. 10:38, 39) Jesu o ne a sa bue ka kolobetso ya mo metsing. O ne a raya gore, e re ka a ne a ikanyega mo mo Modimong, seo se ne se tla dira gore a bolawe. Paulo o ile a re batlodiwa ba ne ba tla “boga mmogo le ene gore gape [ba] galalediwe mmogo le ene.” (Bar. 8:16, 17; 2 Bakor. 4:17) Ka jalo, batlodiwa le bone ba ne ba tla tshwanelwa ke gore ba swe, pele ba tsosediwa go ya go tshela kwa legodimong.

Ka jalo, mafoko a ga Paulo a a mo go 1 Bakorintha 15:29 a ka ranolwa jaana: “Go seng jalo, ba tla dirang ba ba kolobediwang ka boikaelelo jwa gore ba nne ba ba suleng? Fa e le gore baswi ga ba na go tsosiwa ka gope, ke ka ntlha yang fa gape ba kolobediwa ka boikaelelo jwa gore ba nne jalo?”