Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o badile ditlhogo tsa ngwaga ono tsa Tora ya Tebelo ka kelotlhoko? Leka go bona gore a o ka kgona go araba dipotso tseno:

Re tla solegelwa molemo jang fa re ipha nako ya go bua le Jehofa, go mo reetsa le go akanya ka ene?

Re tla dira ditshwetso tse di siameng, re tla kgona go ruta ba bangwe sentle e bile tumelo ya rona e tla nonofa.—w22.01, ts. 30-31.

Ke eng se se tla re thusang go tshepa Jehofa le ba a ba tlhophileng gore ba etelele pele?

Eno ke nako ya gore re ithute go tshepa tsela e Jehofa a dirang dilo ka yone ka go sa belaele kaelo e re e newang le ka go ema nôkeng ditshwetso tse bagolwane ba di dirang. Ka nako ya pitlagano e kgolo, re tla bo re ipaakanyeditse go ikobela ditaelo tse re di newang tse go ka lebegang go le thata go di tlhaloganya kgotsa go di ikobela.—w22.02, ts. 4-6.

Moengele o ne a kaya eng fa a ne a bolelela Sekarea ka “mogala o o tlhamalatsang lobota mo seatleng sa [Molaodi] Serubabele”? (Seka. 4:8-10)

Ponatshegelo eo e ne e bontsha batho ba Modimo gore tota le fa tempele e ne e lebega e sa tshwane le ya pele, e ne e tlile go wediwa le gore e ne e le se Jehofa a neng a se batla.—w22.03, ts. 16-17.

Re ka tlhoma jang “sekao . . . mo tseleng e [re] buang ka yone”? (1 Tim. 4:12)

Re bua ka bopelonomi le ka tlotlo fa re le kwa bodireding, re opela go tswa pelong e bile re akgela ka metlha kwa dipokanong, re bua boammaaruri, re kgothatsa ba bangwe e bile ga re bue mafoko a a kgobang.—w22.04, ts. 6-9.

Goreng dilo tse di umakiwang mo dibataneng (dipuso) tse nnê tse go buiwang ka tsone mo go Daniele kgaolo 7 di le mo sebataneng se le sengwe mo go Tshenolo 13:1, 2?

Sebatana se go buiwang ka sone mo go Tshenolo 13 ga se emele puso e le nngwe fela, jaaka Roma. Go na le moo, se emela dipuso tsotlhe tsa dipolotiki tse di busitseng batho go tla go fitlha jaanong.—w22.05, ts. 9.

Re ka bontsha jang gore re tlhatswegile pelo gore Jehofa o diragatsa tshiamiso?

Fa mongwe a re utlwisa botlhoko, a re kgopisa kgotsa a dirile boleo jo bo masisi jo bo re amang, ga re galefe e bile ga re tshware sekgopi, go na le moo re tlogelela dilo mo diatleng tsa ga Jehofa. O tla phimola kutlobotlhoko yotlhe e e bakilweng ke boleo.—w22.06, ts. 10-11.

Mokaulengwe o tshwanetse go nna a gopotse eng fa a kopiwa go rapela kwa dipokanong?

Thapelo ga e a tshwanela go dirisediwa go kgalemela phuthego kgotsa go dira dikitsiso. Ga go tlhokege gore a dirise “mafoko a le mantsi,” segolobogolo fa dipokano di simologa. (Math. 6:7)—w22.07, ts. 24-25.

Batho “ba ba dirileng dilo tse di bosula ba tla tsosediwa gore ba atlholwe” ka tsela efe? (Joh. 5:29)

Ga ba kitla ba atlholwa go ya ka dilo tse ba di dirileng pele ga ba swa. Ba tla sekasekiwa ka kelotlhoko go lebilwe gore ba itshwara jang fa ba sena go tsosiwa.—w22.09, ts. 18.

J. F. Rutherford o ne a rotloetsa batho ba ba neng ba tlile kopanong ka September 1922 gore ba dire eng?

Kwa kopanong ya Cedar Point, Ohio, U.S.A., o ne a re: “Kgosi e a busa! Lona lo baemedi ba yone ba ba e itsiseng. Ka gone, itsiseng, itsiseng, itsiseng, Kgosi le Bogosi jwa yone!”—w22.10, ts. 3-5.

Isaia kgaolo 30 e tlhalosa dilo dife tse tharo tse Modimo a re thusang ka tsone go itshoka?

Kgaolo eno e bontsha gore (1) o reetsa ka tlhoafalo fa re rapela e bile o araba dithapelo tsa rona, (2) o a re kaela, e bile (3) o tla re naya se re se tlhokang gone jaanong le mo nakong e e tlang.—w22.11, ts. 9.

Goreng re ka re mafoko a a mo go Pesalema 37:10, 11 le 29 a ne a diragadiwa mo nakong e e fetileng e bile a tla diragadiwa mo nakong e e tlang?

Mafoko a ga Dafide a tlhalosa sentle masego a Baiseraele ba neng ba a itumelela fa Solomone a ne a busa. Jesu o ne a bua ka paradaise e go buiwang ka yone mo go temana 11. (Math. 5:5; Luke 23:43)—w22.12, ts. 8-10, 14.