Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 50

“O Tla Nna le Nna mo Paradaiseng”

“O Tla Nna le Nna mo Paradaiseng”

“Ammaaruri ke a go bolelela gompieno, o tla nna le nna mo Paradaiseng.”—LUKE 23:43.

PINA 145 Tsholofetso ya Modimo ya Paradaise

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE a

1. Pele Jesu a swa, o ne a raya senokwane se se neng se kokotetswe go bapa le ene a reng? (Luke 23:39-43)

 JESU le dinokwane tse pedi tse di neng di kokotetswe go bapa le ene, ba ne ba swa ka iketlo. (Luke 23:32, 33) Dinokwane tseo tse pedi di ne di sotla Jesu, ka jalo go bonala sentle gore e ne e se barutwa ba gagwe. (Math. 27:44; Mar. 15:32) Le fa go ntse jalo, mongwe wa bone o ne a ikwatlhaya. O ne a re: “Jesu, o nkgopole fa o tsena mo Bogosing jwa gago.” Jesu o ne a mo raya a re: “Ammaaruri ke a go bolelela gompieno, o tla nna le nna mo Paradaiseng.” (Bala Luke 23:39-43.) Ga go na sepe se se bontshang gore senokwane seno se ne sa amogela molaetsa o Jesu a neng a rera ka one wa “Bogosi jwa magodimo.” E bile Jesu ga a ise a ko a re monna yoo o tla amogela Bogosi joo. (Math. 4:17) Jesu o ne a bua ka Paradaise ya mo lefatsheng ya nako e e tlang. Goreng re rialo?

Ke eng se re ka se buang ka senokwane se Jesu a neng a bua le sone le ka se se neng se se itse? (Bona serapa 2-3)

2. Re itse jang gore senokwane se se neng se ikwatlhaya e ne e le Mojuda?

2 Senokwane se se neng se ikwatlhaya, e ka tswa e ne e le Mojuda. Senokwane seo se ne sa raya senokwane se sengwe sa re: “E re ka jaanong katlholo ya gago e tshwana le ya gagwe, a ga o boife Modimo?” (Luke 23:40) Bajuda ba ne ba obamela Modimo a le nosi fela, le fa go ntse jalo, batho ba ditšhaba tse dingwe ba ne ba obamela medimo e mentsi. (Ekes. 20:2, 3; 1 Bakor. 8:5, 6) Fa e le gore dinokwane tseo e ne e le batho ba ditšhaba di sele, senokwane seo se ka bo se ile sa botsa jaana: “A ga o boife medimo?” Tota e bile, Jesu o ne a sa romiwa kwa bathong ba ditšhaba, go na le moo o ne a romilwe kwa “dinkung tse di latlhegileng tsa setšhaba sa Iseraele.” (Math. 15:24) Modimo o ne a boleletse Baiseraele gore o tlile go tsosa baswi. Senokwane seo se se neng se ikwatlhaya, se ka tswa se ne se itse ka tsholofetso eo, e bile se se neng se se bua se ka tswa se bontsha gore se ne se akanya gore Jehofa o ne a tla tsosa Jesu gore a buse mo Bogosing Jwa Modimo. Se ka tswa se ne se na le tsholofelo ya gore Modimo o tla se tsosa.

3. Senokwane se se neng se ikwatlhaya se tshwanetse sa bo se ne se akanya ka eng fa Jesu a ne a bua ka Paradaise? Tlhalosa. (Genesise 2:15)

3 E re ka senokwane se se neng se ikwatlhaya e ne e le Mojuda, se tshwanetse sa bo se ne se itse ka Adame le Efa le ka Paradaise e Jehofa a neng a ba diretse yone. Ka jalo, senokwane seo se tshwanetse sa bo se ne se dumela gore Paradaise e Jesu a neng a bua ka yone, e ne e le tshingwana e ntle e e neng e le mo lefatsheng.—Bala Genesise 2:15.

4. Se Jesu a neng a se bolelela senokwane se se neng se ikwatlhaya se tshwanetse go re rotloetsa gore re dire eng?

4 Se Jesu a neng a se bolelela senokwane se se neng se ikwatlhaya, se tshwanetse go re rotloetsa gore re akanye gore botshelo bo tla bo bo le jang kwa Paradaiseng. Tota e bile, re ka ithuta sengwe ka Paradaise mo pusong ya ga Kgosi Solomone e e neng e na le kagiso. E bile re ka solofela gore Jesu, yo o botlhokwa go feta Solomone, o tla dira mmogo le ba a tla busang le bone gore lefatshe e nne Paradaise e ntle. (Math. 12:42) Ka jalo, ba “dinku tse dingwe” ba tshwanetse go kgatlhegela go itse gore ba tshwanetse go dira eng gore ba tshele ka bosakhutleng mo Paradaiseng.—Joh. 10:16.

BOTSHELO BO TLILE GO NNA JANG KWA PARADAISENG?

5. O akanya gore botshelo bo tla bo bo le jang kwa Paradaiseng?

5 Go tla eng mo mogopolong fa o akanya ka go tshela kwa Paradaiseng? Gongwe o akanya ka phaka e ntle e e jaaka tshingwana ya Edene. (Gen. 2:7-9) O ka tswa o gopola boporofeti jwa ga Mika jwa gore mongwe le mongwe wa batho ba Modimo o tla nna “ka fa tlase ga setlhare sa gagwe sa morara.” (Mik. 4:3, 4) Gape o ka tswa o gopola ditemana tse di buang gore go tla bo go na le dijo tse dintsi. (Pes. 72:16; Isa. 65:21, 22) Ka jalo, o ka tswa o ipona o le mo tshingwaneng e ntle o dutse fa tafoleng e e tletseng dijo tse di rokotsang mathe. O ka tswa o akanya ka monko o o monate wa dijalo le malômô. E bile gongwe o ka tswa o akanya ka ba lelapa le ditsala le ba ba tsositsweng lo tshega e bile lo itumelela go fetsa nako mmogo. Dilo tseno tsotlhe ga se toro. Ga re belaele gore di tlile go direga mo lefatsheng. E bile kwa Paradaiseng go tla bo go na le tiro e re tla bong re e itumelela.

Re tla bo re na le tiro ya botlhokwa thata ya go ruta batho ba ba tsositsweng (Bona serapa 6)

6. Re tla bo re dira eng kwa Paradaiseng? (Bona setshwantsho.)

6 Jehofa o re bopile re na le bokgoni jwa go itumelela tiro. (Mor. 2:24) Tiro e tla bo e le ntsi tota ka nako ya Puso ya ga Jesu ya Dingwaga Tse di Sekete. Batho ba ba tla bong ba falotse pitlagano e kgolo mmogo le batho ba bantsi ba ba tla bong ba tsositswe, ba tla tlhoka diaparo, dijo le matlo a ba tla nnang mo go one. Seo se raya gore go tla bo go na le tiro e ntsi e re tla tshwanelwang ke go e dira gore re kgone go nna le dilo tseo. Fela jaaka Adame le Efa ba ne ba laetswe gore ba leme tshingwana e ba neng ba nna mo go yone, le rona re tla nna le tiro e e itumedisang ya go dira lefatshe Paradaise. Gape akanya gore go tla bo go itumedisa jang go ruta batho ba le bantsi ba ba tla bong ba tsositswe, ba ba sa itseng go le gontsi ka Jehofa le boikaelelo jwa gagwe, le go thusa batho ba ba ikanyegang ba ba neng ba tshela pele Jesu a tla mo lefatsheng, go itse gore go ne ga direga eng fa ba sena go swa.

7. Ke eng se re ka se tshepang, mme ka ntlha ya eng?

7 Re ka tshepa gore fa re le kwa Paradaiseng, re tla bo re tshela ka kagiso re na le sengwe le sengwe se re se tlhokang e bile re rulagane sentle. Goreng re rialo? Ka gonne Jehofa o setse a re bontshitse gore botshelo bo tla bo bo le jang fa re busiwa ke Morwawe. Re kgona go bona seo mo pegong ya puso ya ga Kgosi Solomone.

PUSO YA GA KGOSI SOLOMONE E RE BONTSHA GORE BOTSHELO BO TLA BO BO LE JANG KWA PARADAISENG

8. Mafoko a a mo go Pesalema 37:10, 11 le 29 a ne a diragadiwa jang fa Kgosi Dafide a sena go a kwala? (Bona setlhogo se se reng, “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” se se mo makasineng ono.)

8 Kgosi Dafide o ne a laelwa gore a kwale gore botshelo bo tla bo bo le jang fa kgosi e e botlhale le e e ikanyegang e tla bo e busa mo nakong e e tlang. (Bala Pesalema 37:10, 11, 29.) Gantsi re balela batho Pesalema 37:11 fa re tlotla le bone ka Paradaise e e tla nnang teng mo nakong e e tlang. Go a utlwala gore re dire jalo ka gonne Jesu o ne a nopola mafoko a temana eo mo Therong ya Gagwe ya Kwa Thabeng go bontsha gore a ne a tla direga mo nakong e e tlang. (Math. 5:5) Le fa go ntse jalo, mafoko a ga Dafide gape a bontsha gore botshelo bo ne bo tla nna jang ka motlha wa ga Kgosi Solomone. Fa Solomone a ne a busa Iseraele, batho ba Modimo ba ne ba itumelela go tshela ka kagiso e bile ba ne ba na le dilo tse ba neng ba di tlhoka mo lefatsheng “le le elelang mashi le tswina ya dinotshe.” Modimo o ne a ba reile a re: “Fa lo tswelela lo tsamaya mo melaong ya me . . . , Ke tla tlisa kagiso mo lefatsheng la lona, mme lo tla rapama go se na ope yo o lo boifisang.” (Lefi. 20:24; 26:3, 6) Ditsholofetso tseo di ne tsa direga fa Solomone a ne a busa Iseraele. (1 Ditir. 22:9; 29:26-28) E bile Jehofa o ne a ba solofeditse gore batho ba ba bosula ba ne ba tla “bo ba seyo.” (Pes. 37:10) Ka jalo, mafoko a a mo go Pesalema 37:10, 11 le 29 a ne a diragadiwa mo nakong e e fetileng e bile a tla diragadiwa mo nakong e e tlang.

9. Ke eng se kgosigadi ya Sheba e neng ya se bua ka puso ya ga Kgosi Solomone?

9 Kgosigadi ya Sheba e ne ya utlwela gore Baiseraele ba ne ba tshela ka kagiso e bile ba na le sengwe le sengwe se ba se tlhokang fa ba busiwa ke Kgosi Solomone. Ka jalo, o ne a tsaya loeto lo loleele a ya kwa Jerusalema gore a ye go iponela seo ka matlho. (1 Dikg. 10:1) Fa a sena go sekaseka bogosi jwa ga Solomone, o ne a re: “Ga ke a bolelelwa le fa e le halofo. . . . Go itumela banna ba gago, e bile go itumela batlhanka ba gago ba ba emang fa pele ga gago ka metlha, ba reetsa botlhale jwa gago.” (1 Dikg. 10:6-8) Le fa go ntse jalo, se se neng se direga mo pusong ya ga Solomone, se bontsha se Jehofa a tla se direlang batho fa Morwawe e bong Jesu a busa.

10. Jesu o gaisa Solomone ka ditsela dife?

10 Jesu o gaisa Solomone ka sengwe le sengwe. Solomone o ne a na le boleo, e bile o ile a dira diphoso tse di neng tsa bakela batho ba Modimo mathata. Mme Jesu ene ke kgosi e e se nang boleo e bile ga a dire diphoso. (Luke 1:32; Baheb. 4:14, 15) Jesu o ne a tswelela a ikaega ka Modimo le fa Satane a ne a mo tlisetsa diteko tse di boima. Keresete o ne a bontsha gore ga a kitla a dira boleo, kgotsa sepe fela se se neng se ka utlwisa batho ba ba ikanyegang ba a neng a tlile go ba busa botlhoko. Re itumelela go nna le Kgosi e e ntseng jalo.

11. Ke bomang ba ba tlileng go thusa Jesu go busa?

11 Jesu o tlile go dira mmogo le ba ba 144 000, go tlhokomela batho le go diragatsa boikaelelo jwa ga Jehofa ka lefatshe. (Tshen. 14:1-3) Ba ile ba itshokela mathata le diteko tse dintsi fa ba ne ba le mo lefatsheng, ka jalo ba tlhaloganya mathata a batho ba nang le one. Ba ba tla bong ba busa le Jesu ba tlile go dira eng?

BATLODIWA BA TLILE GO DIRA TIRO EFE?

12. Jehofa o tlile go naya ba ba 144 000 tiro efe?

12 Tiro e Jesu le ba ba tla busang le ene ba tlileng go e dira, e ntsi thata go feta e Solomone a neng a e dira. Kgosi eo e e neng e le Moiseraele, e ne e tshwanetse go tlhokomela batho ba le bantsi ba ba neng ba nna mo nageng e le nngwe. Le fa go ntse jalo, ba ba tla busang mo Bogosing Jwa Modimo, ba tla bo ba tlhokomela batho ba bantsi thata ba ba tla bong ba nna mo lefatsheng lotlhe. Jehofa o neile ba ba 144 000 tshiamelo e e seng kana ka sepe!

13. Ba ba tlileng go busa le Jesu, ba na le maikarabelo afe a a kgethegileng?

13 Fela jaaka Jesu, ba ba 144 000 e tla nna dikgosi le baperesiti. (Tshen. 5:10) Fa Baiseraele ba ne ba sa ntse ba kaelwa ke Molao wa ga Moshe, baperesiti ba ne ba thusa batho gore ba nne le botsogo jo bo siameng le gore ba tswelele ba atamalane le Jehofa. Molao e ne e le “moriti wa dilo tse dintle tse di tla tlang,” ka jalo go a utlwala gore re re ba ba tlileng go busa le Jesu, ba tlile go thusa batho ba Modimo gore ba nne le botsogo jo bo siameng le gore ba tswelele ba atamalane le Jehofa. (Baheb. 10:1) Ga re itse gore dikgosi le baperesiti bano ba tla bo ba buisana jang le batho ba ba mo lefatsheng ba ba tla bong ba busiwa ke Bogosi Jwa Modimo. Le fa Jehofa a ka tswa a dirile dithulaganyo dife, ga re belaele gore kwa Paradaiseng batho ba ba tla bong ba tshela mo lefatsheng ba tla newa kaelo e ba e tlhokang.—Tshen. 21:3, 4.

BA “DINKU TSE DINGWE” BA TSHWANETSE GO DIRA ENG GORE BA TSHELE KWA PARADAISENG?

14. Ba “dinku tse dingwe” le bomorwarraagwe Keresete ba dirisana jang?

14 Jesu o ne a re ba ba tlileng go busa le ene ke “letsomanyane.” (Luke 12:32) Gape o ne a bua ka setlhopha sa bobedi se a neng a re ke “dinku tse dingwe.” Ditlhopha tseno tse pedi ke letsomane le le lengwe le le utlwanang. (Joh. 10:16) Di bereka mmogo gompieno e bile di tla bereka mmogo go dira gore lefatshe e nne Paradaise. Boammaaruri ke gore ka nako eo, ba “letsomanyane” ba tla bo ba le kwa legodimong, mme ba “dinku tse dingwe” ba tla bo ba na le tshono ya go itumelela go tshelela ruri mo lefatsheng. Mme gone, go na le dilo tse ba “dinku tse dingwe” ba tshwanetseng go di dira gone jaanong gore ba tshwanelegele go tshela kwa Paradaiseng.

Tota le gone jaanong re ka bontsha gore re ipaakanyetsa go tshela kwa lefatsheng la Paradaise (Bona serapa 15) b

15. (a) Ba “dinku tse dingwe” ba dirisana jang le bomorwarraagwe Keresete? (b) O ka etsa jang sekao sa mokaulengwe yo o mo lefelong le go rekisiwang melemo mo go lone? (Bona setshwantsho.)

15 Senokwane se se neng se ikwatlhaya, se ne sa tlhokafala se sa nna le tshono ya go bontsha gore se lebogela se Keresete a ileng a se direla sone. Le fa go ntse jalo, rona ba “dinku tse dingwe” re na le ditshono tse dintsi tsa go bontsha kafa re ikutlwang ka gone ka Jesu. Ka sekai, re ka bontsha gore re a mo rata ka go dirisana sentle le bomorwarraagwe ba ba tloditsweng. Jesu o ne a re o tlile go atlhola dinku go ikaegile ka gore di dirisana jang le bomorwarraagwe. (Math. 25:31-40) Re ka ema bomorwarraagwe Keresete nôkeng ka go ba thusa ka matlhagatlhaga mo tirong ya go rera le ya go dira batho barutwa. (Math. 28:18-20) Ke gone ka moo, re batlang go dirisa dikgatiso tsa go ruta batho Baebele tse ba re nayang tsone tse di jaaka buka ya Itumelele go Tshelela Ruri! Ipeele mokgele wa go simolola dithuto tsa Baebele le batho ba bantsi kafa o ka kgonang ka gone.

16. Ke eng se re ka se dirang gone jaanong gore re ipaakanyetse Bogosi Jwa Modimo?

16 Re tshwanetse go nna batho ba Jehofa a batlang gore re nne bone gone jaanong pele re tshela kwa lefatsheng la Paradaise. Re ka dira ka natla gone jaanong gore re ikanyege ka se re se buang le se re se dirang, le gore re nne tekatekano. E bile re ka ikanyega mo go Jehofa, mo balekaneng ba rona ba lenyalo le mo Bakereseteng mmogo le rona. Fa re ikobela melao ya Modimo gone jaanong mo lefatsheng leno le le bosula, go tla nna motlhofo gore re e ikobele kwa Paradaiseng. Gape re ka lwela go nna le bokgoni le botho jo bo molemo, go bontsha gore re ipaakanyetsa go tshela kwa lefatsheng leo. Bona setlhogo se se reng, “A o Ipaakanyeditse go ‘Rua Lefatshe’?” se se mo makasineng ono.

17. A maleo a re a dirileng mo nakong e e fetileng a tshwanetse go re kgoba marapo? Tlhalosa.

17 Re tshwanetse go leka ka natla go tlogela go ipona molato ka ntlha ya maleo a a masisi a re a dirileng mo nakong e e fetileng. Boammaaruri ke gore ga re ka ke ra leba setlhabelo sa thekololo e le seipato sa go “dira boleo ka boomo.” (Baheb. 10:26-31) Mme gone, re ka tlhatswega pelo gore fa e le gore re ikwatlhaetse maleo a a masisi a re a dirileng, re kopile Jehofa le bagolwane gore ba re thuse e bile re fetotse tsela e re neng re tshela ka yone, Jehofa o re itshwaretse ka bopelotshweu. (Isa. 55:7; Dit. 3:19) Gakologelwa mafoko ano a Jesu a neng a a bolelela Bafarasai: “Ke tletse go bitsa baleofi, e seng batho ba ba siameng.” (Math. 9:13) Setlhabelo sa thekololo ga se tlhaele mo se ka palelwang ke go bipa maleo otlhe a rona.

O KA KGONA GO TSHELELA RURI KWA PARADAISENG

18. O ka rata go tlotla ka eng le senokwane se se neng se kokotetswe go bapa le Jesu?

18 Leka go ipona o le kwa Paradaiseng, o tlotla le senokwane se se neng se bua le Jesu. Ga go pelaelo gore wena le ene lo tla kgona go bua ka tsela e lo lebogelang setlhabelo sa ga Jesu ka yone. O ka mo kopa gore a go bolelele dilo tse dingwe tse di neng tsa direga mo diureng tsa bofelo tsa botshelo jwa ga Jesu fa a ne a le mo lefatsheng, le gore o ne a ikutlwa jang fa Jesu a araba kopo ya gagwe. Gongwe a ka go kopa gore o mmolelele gore go ne go le jang go tshela mo lefatsheng la ga Satane mo malatsing a bofelo. Ruri go tla bo go itumedisa go ithuta Lefoko la Modimo le batho ba ba tshwanang le monna yoo!—Baef. 4:22-24.

Ka nako ya Puso ya Dingwaga Tse di Sekete, mokaulengwe o itumelela go dira sengwe se a neng a lebile pele go se dira ka nako eo (Bona serapa 19)

19. Goreng botshelo bo ka se ka jwa lapisa kwa Paradaiseng? (Bona setshwantsho se se mo khabareng.)

19 Botshelo ga bo kitla bo lapisa kwa Paradaiseng. Go tla nna go na le batho ba re tla itumelelang go tlotla le bone le tiro e e kgotsofatsang e re tla e dirang. Se se itumedisang le go feta ke gore letsatsi le letsatsi, re tla kgona go itse Rraarona yo o kwa legodimong botoka e bile re tla itumelela dilo tse a re neileng tsone. Go tla nna go na le dilo tse dintsi tse re di ithutang ka ene, e bile re tla ithuta go le gontsi ka dilo tse a di bopileng. Fa re ntse re tshela lobaka lo loleele, re tla rata Modimo le go feta. Re leboga fela thata go bo Jehofa le Jesu ba re solofeditse gore re tla tshelela ruri kwa Paradaiseng!

PINA 22 Bogosi bo a Busa—A bo Tle!

a A o a tle o akanye gore botshelo bo tla bo bo le jang kwa Paradaiseng? Go dira jalo go a kgothatsa. Fa re nna re akanya ka se Jehofa a tlileng go re direla sone mo nakong e e tlang, re tlile go itumelela go bolelela batho ba bangwe ka lefatshe le lesha. Setlhogo seno se tlile go nonotsha tumelo ya rona mo tsholofetsong ya ga Jesu ya paradaise e e tlang.

b TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Mokaulengwe yo o nang le tsholofelo ya go ruta batho ba ba tsositsweng o setse a simolotse go ruta batho ba bangwe gone jaanong.