Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Modimo o Amogela Tsela e o Nwang ka Yone?

A Modimo o Amogela Tsela e o Nwang ka Yone?

GA GO pelaelo gore o lebogela dimpho di le dintsi tse Jehofa a re fileng tsone le gore o re neile kgololesego ya go itlhophela gore re di dirise jang. Baebele e a re beine ke mpho e e tswang kwa Modimong. Tota e bile e a re: “Senkgwe se diretswe gore go nne le setshego, e bile beine e dira gore botshelo bo itumedise.” (Mor. 10:19; Pes. 104:15) Le fa go ntse jalo, o ka tswa o lemogile gore batho ba le bantsi ba nwa thata. Mo godimo ga moo, batho ba na le dikgopolo tse di sa tshwaneng ka bojalwa. Ka jalo, ke eng se se ka thusang Bakeresete gore ba dire ditshwetso tse di siameng mo kgannyeng eno?

Fa re dira ditshwetso, re tshwanetse go dirisa kgakololo e e mo Lefokong la Modimo, e seng se batho ba bangwe ba se akanyang. Fa re dira jalo, re tla itumela.

Batho ba le bantsi gompieno ba rata bojalwa e bile ba bo nwa thata. Bangwe ba nwa bojalwa ka gonne bo dira gore ba itumele. Ba bangwe ba bo nwa gore ba itebatse mathata. Mme mo mafelong a mangwe, fa motho a nwa thata o tsewa e le monnatia.

Bakeresete bone ba ikobela kgakololo e e tswang kwa go Jehofa. Ka sekai mo go Diane 23:29-35, Jehofa o re tlhalosetsa ditlamorago tse di botlhoko tsa go nwa ka tsela e e feteletseng. a Mogolwane mongwe wa kwa Europe yo o bidiwang Daniel a re botshelo jwa gagwe bo ne bo tlhakatlhakane tota pele e nna Mokeresete. A re: “Ke ne ke nwa thata, mme seo se ne se dira gore ke dire ditshwetso tse di sa siamang tse ke sa ntseng ke di ikwatlhaela le gompieno.”

Ke eng se se ka re thusang go dira ditshwetso tse di siameng? Gore re se ka ra wela mo mathateng a batho ba ba nwang thata ba welang mo go one, re tshwanetse go dirisa kgakololo e e mo Lefokong la Modimo.

Mma re utlwe gore Baebele e a reng ka bojalwa, le gore ke eng fa batho bangwe ba nwa.

SE BAEBELE E SE BUANG

Baebele ga e re go phoso go nwa bojalwa. Tota e bile, e tlhalosa gore go nwa beine go ka dira gore motho a itumele. E a re: “O je dijo tsa gago ka boitumelo o bo o nwe beine ya gago ka pelo e e itumetseng.” (Mor. 9:7) Jesu le batlhanka bangwe ba ba ikanyegang ba ga Jehofa, ba ne ba tle ba nwe beine.​—Math. 26:27-29; Luke 7:34; 1 Tim. 5:23.

Le fa gone Baebele e sa re go nwa bojalwa go phoso, e kgala botagwa. E a re: “Lo se ka lwa tagwa.” (Baef. 5:18) Mo godimo ga moo, e a re ‘matagwa ga a kitla a rua Bogosi Jwa Modimo.’ (1 Bakor. 6:10) Jehofa ga a batle gore re nwe ka tsela e e feteletseng. Ka jalo, ga re a tshwanela go dira se batho ba lefelo le re nnang mo go lone ba tlwaetseng go se dira. Go na le moo, re tshwanetse go dira se se tla itumedisang Jehofa.

Batho bangwe ba ipolelela gore ba ka kgona go nwa thata ba bo ba sa tagwe. Mme gone, go akanya jalo go kotsi. Baebele e a re go “tshwakgolwa ke beine” go ka dira gore motho a dire boleo jo bo masisi kgotsa a dire sengwe se se ka senyang botsala jwa gagwe le Jehofa. (Tito 2:3; Diane 20:1) Tota e bile, Jesu o ne a re go “nwa bobe” go ka dira gore motho a se ka a letlelelwa kwa lefatsheng le lesha. (Luke 21:34-36) Ka jalo, ke eng se se ka thusang Mokeresete gore a se ka a wela mo mathateng a a bakiwang ke go nwa thata?

ITLHATLHOBE

Jaaka re setse re tlhalositse, ga re a tshwanela go dira se batho ba mo lefelong la rona ba tlwaetseng go se dira fa go tla mo kgannyeng ya go nwa bojalwa. Go dira jalo go ka re tsenya mo mathateng. Re batla go itumedisa Jehofa. Baebele e a re: “Le fa lo ja kgotsa lo nwa kgotsa lo dira sepe fela, dirang dilo tsotlhe ka tsela e e tla dirang gore Modimo a galalediwe.” (1 Bakor. 10:31) Leka go bona gore dipotso le melaometheo e e latelang di ka go thusa jang. Ipotse go re:

A ke nwa bojalwa gore batho ba se ka ba nja ditshego? Ekesodo 23:2 e a re: “Ga o a tshwanela go sala bontsi morago.” Mo temaneng eno, Jehofa o ne a laela Baiseraele gore ba se ka ba dira dilo tse batho ba ba sa mo obameleng ba neng ba di dira. Le rona re tshwanetse go dirisa kgakololo eo. Fa re ka letla batho ba bangwe gore ba re tlhotlheletse go nwa bojalwa thata, re ka nna ra feleletsa re katogetse kgakala le Jehofa e bile re sa tshele ka melao ya gagwe.​—Bar. 12:2.

A ke nwa thata ka gonne ke batla go bontsha gore ke monnatia? Mo mafelong mangwe, batho ba rata bojalwa e bile ba nwa thata. (1 Pet. 4:3) Mme gone, 1 Bakorintha 16:13 e a re: “Nnang lo tsogile, tlhomamang mo tumelong, nnang pelokgale, nnang maatla.” A bojalwa bo ka thusa motho gore a nne maatla? Nnyaa. Go na le moo, bojalwa bo dira gore motho a se ka a akanyetsa dilo sentle le gore a dire ditshwetso tse di sa siamang. Ka jalo, motho yo o nwang thata ga se monnatia, go na le moo ke sematla. Isaia 28:7 e a re motho yo o faposiwang ke bojalwa o a thetheekela e bile ga a atlhole dilo sentle.

Jehofa ke ene a re nayang maatla a gore re kgone go dira se se siameng, mme re tshwanetse go ‘nna re tsogile e bile re tlhomame mo tumelong.’ (Pes. 18:32) Re ka dira jalo ka go tsamaela kgakala le dilo tse di ka re tsenyang mo mathateng le tse di ka senyang botsala jwa rona le Jehofa. Jesu o ne a atamalane thata le Jehofa e bile batho ba le bantsi ba ne ba mo tlotla ka gonne o ne a le pelokgale e bile a dira se se siameng ka metlha.

A ke nwa bojalwa ka gonne ke batla go itebatsa mathata? Mopesalema o ne a re: ‘Fa ditlhobaelo di ne di mphekeetsa, Jehofa o ne a nkgomotsa a bo a ntshidila maikutlo.’ (Pes. 94:19) Fa e le gore o na le mathata, go nwa bojalwa go ka se go thuse ka sepe, Jehofa ke ene a ka go thusang. Ka jalo, rapela o sa kgaotse. Gape bangwe ba ile ba thusiwa ke go kopa kgakololo mo ditsaleng tsa bone mo phuthegong. Nnete ke gore go nwa thata go ka dira gore motho a wele mo mathateng. (Hos. 4:11) Daniel yo re buileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng a re: “Ke ne ke nwa bojalwa ka gonne ke batla go itebatsa mathata, mme a ne a nna a oketsega. Ke ne ka feleletsa ke se na ditsala e bile ke ikutlwa ke se motho wa sepe.” O ile a thusiwa ke eng? A re: “Ke ile ka lemoga gore lemphorwana la bojalwa ga le fofe. Ka jalo, ke ne ka kopa Jehofa gore a nthuse. Jehofa o ile a nthusa go rarabolola mathata a me.” Gopola gore Jehofa o nna a ikemiseditse go re thusa le fa re ka tswa re na le mathata afe.​—Bafil. 4:6, 7; 1 Pet. 5:7.

Fa e le gore o nwa bojalwa, o ka ipotsa dipotso tse di latelang go bona gore a o tlhoka go dira diphetogo. Ipotse go re, ‘A mongwe yo ke atamalaneng le ene o tshwenyegile ka tsela e ke nwang ka yone?’ Fa go le jalo, seno se ka tswa se bontsha gore o na le bothata mme o sa lemoge. ‘A ke nwa go feta kafa ke neng ke nwa ka gone pele?’ Fa go le jalo, seno se ka tswa se bontsha gore o simolola go tshwakgolwa ke bojalwa. ‘A ga ke kgone go fetsa malatsi a le mmalwa ke sa nwe?’ Fa go le jalo, seno se ka tswa se bontsha gore o tlhoka thuso ya dingaka.

E re ka go nwa bojalwa go kgona go baka mathata a le mantsi, Bakeresete bangwe ba dirile tshwetso ya gore ba se ka ba bo nwa. Mme ba bangwe bone ga ba bonwe ka gonne ga bo ba natefelele. Fa e le gore mongwe yo o mo itseng ga a nwe bojalwa, o ka bontsha gore o a mo tlotla ka go sa mo tshwaye diphoso.

Bakeresete bangwe ba itiretse tshwetso ya gore ba tla nwa selekanyo se se rileng. Ka sekai, motho a ka nna a ipolelela gore o tla nwa gangwe fela mo bekeng kgotsa o tla nwa go se kae ka nako ya dijo. Ba bangwe bone ba dirile tshwetso ya gore ga ba kitla ba nwa bojalwa jo bo bogale, tota le fa bo tlhakantswe le jusi kgotsa dinô tse dingwe. Fa motho a ipeetse selekanyo se a tla se nwang, go tla nna motlhofo gore a se ka a nwa mo go feteletseng e bile ga a tlhoke go tshwenyega ka gore batho ba bangwe ba tla reng.

Gape re tshwanetse go akanyetsa batho ba bangwe. Baroma 14:21 e a re: “Go molemo gore o se ka wa ja nama kgotsa wa nwa beine kgotsa wa dira sepe fela se se kgopisang mokaulengwe wa gago.” Re ka dirisa jang kgakololo eno? Fa o na le bakaulengwe le bokgaitsadi, mme o itse gore mongwe wa bone o tla kgopisega fa a go bona o nwa, o ka nna wa tlhopha go sa nwe. Fa o dira jalo, o tla bo o bontsha gore o tlotla ba bangwe e bile o a ba rata le gore ga o ikakanyetse fela o le nosi.​—1 Bakor. 10:24.

Mo godimo ga moo, puso e ka baya melao mengwe e e amanang le bojalwa, mme Mokeresete o tshwanetse go e ikobela. Ka sekai, melao eo e ka tlhalosa gore motho o tshwanetse go nwa a na le dingwaga di le kae kgotsa e ka thibela batho go kgweetsa kgotsa go dirisa metšhini mengwe fa ba nole.​—Bar. 13:1-5.

Jehofa o re neile dimpho di le dintsi tse itumedisang e bile o re neile kgololesego ya gore re ka di dirisa jang. Re ka bontsha gore re lebogela mpho eno ka go dira se se itumedisang Jehofa fa re dira tshwetso ya gore re tla ja eng le gore re tla nwa eng.

a Mokgatlho mongwe wa tsa boitekanelo o tlhalosa gore go nwa ka tsela e e feteletseng, tota le fa e ka nna gangwe fela, go ka nna le ditlamorago tse di botlhoko tse di jaaka go bolaya batho, go ipolaya, boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le go senyegelwa ke mpa.