A o A Gakologelwa?
A o badile ditlhogo tsa ngwaga ono tsa Tora ya Tebelo ka kelotlhoko? Leka go bona gore a o ka kgona go araba dipotso tseno:
Go ‘fetola tsela e re akanyang ka yone’ go akaretsa eng? (Bar. 12:2)
Seno ga se reye gore re tshwanetse go dira dilo di le mmalwa fela tse di molemo. Go na le moo, re tshwanetse go tlhatlhoba se re leng sone ka fa teng mme re dire diphetogo tse di tlhokegang gore re kgone go ikobela melao ya ga Jehofa kafa re ka kgonang ka gone.—w23.01, ts. 8-9.
Goreng re sa tshwanela go leka go fopholetsa gore dilo tse di diregang mo lefatsheng di kaya eng?
Re batla go bona gore dilo tse di diregang mo lefatsheng di tla diragatsa jang boporofeti jwa Baebele. Mme gone, ga re a tshwanela go leka go fopholetsa gore go tlile go direga eng, ka gonne seno se ka dira gore go se ka ga nna le kutlwano mo phuthegong. Re tshwanetse go bua fela se se kwadilweng mo dikgatisong tsa rona. (1 Bakor. 1:10)—w23.02, ts. 16.
Kolobetso ya ga Jesu e farologana jang le ya balatedi ba gagwe?
Jesu o ne a sa tlhoke go ineela mo go Jehofa jaaka rona, ka gonne o ne a tsholetswe mo setšhabeng se se ineetseng mo Modimong. O ne a sa tlhoke go ikwatlhaela maleo ka gonne o ne a se na boleo.—w23.03, ts. 5.
Re ka dira eng gore ba bangwe ba kgone go araba kwa dipokanong?
Re ka araba ka bokhutshwane. Gape ga re a tshwanela go bua dintlha tse dintsi. Seno se tla dira gore batho ba bangwe ba kgone go araba.—w23.04, ts. 23.
“Tsela ya Boitshepo” e go buiwang ka yone mo go Isaia 35:8 ke eng?
Mo nakong e e fetileng, tsela eno ya tshwantshetso e ne e le tsela e e tswang kwa Babelona e ya kwa Iseraele. Go tweng ka mo motlheng wa rona? Dingwaga di le dintsi pele ga 1919, Jehofa o ile a dirisa banna bangwe gore ba dire tiro e e neng e tla thusa batho go tswa mo bodumeding jwa maaka. Ba ile ba ranola Baebele le go e printa. Batho ba Modimo ba tsamaya mo ‘Tseleng ya Boitshepo’ e e ba isang kwa lefatsheng le lesha.—w23.05, ts. 15-19.
Diane kgaolo 9 e dira sekai ka basadi bafe ba babedi?
Buka ya Diane e bua ka “mosadi yo o sematla” le mosadi yo o botlhale. Batho ba ba yang kwa ntlong ya “mosadi yo o sematla” ba feleletsa ba sule. Mme ba ba yang kwa ntlong ya mosadi yo o botlhale ba “tsamaya mo tseleng ya tlhaloganyo” e bile ba tswelela ba tshela. (Diane 9:1, 6, 13, 18)—w23.06, ts. 22-24.
Tsela e Jehofa a ileng a dirisana le Lote ka yone e bontsha jang gore o boikokobetso e bile o fetofetoga le maemo?
Jehofa o ne a laela Lote gore a tswe mo motseng wa Sodoma mme a tshabele kwa dithabeng. Lote o ile a kopa go tshabela kwa motsaneng wa Soare mme Jehofa o ile a dumela.—w23.07, ts. 21.
Mosadi a ka dira eng fa monna wa gagwe a lebelela pornography?
Ga a tshwanela go ipega molato. O tshwanetse go nonotsha botsala jwa gagwe le Jehofa. Gape a ka bala le go akanyetsa kwa teng ka dipego tsa basadi ba go buiwang ka bone mo Baebeleng, ba ba neng ba na le mathata mme Jehofa a bo a ba gomotsa. A ka leka go thusa monna wa gagwe gore a se ka a itsenya mo maemong a a ka mo raelang go lebelela pornography.—w23.08, ts. 14-17.
Fa batho ba batla go ngangisana le rona ka se re se dumelang, go nna le temogo go ka re thusa jang gore re nne bonolo?
Re tshwanetse go nna re gopotse gore fa motho a re botsa potso, re ka kgona go lemoga gore o akanya eng le gore o dumela eng, mme seno se tla re thusa gore re mo arabe ka bonolo.—w23.09, ts. 17.
Re ka ithuta eng mo go Marea ka go kopa thuso mo go ba bangwe?
Fa Marea a sena go bolelelwa gore e tla nna mmaagwe Mesia, o ile a kopa thuso mo go ba bangwe. Gabariele le Elisabetha ba ile ba mo kgothatsa ba dirisa Dikwalo. Le rona re ka kopa bakaulengwe le bokgaitsadi gore ba re thuse.—w23.10, ts. 15.
Jehofa a ka araba dithapelo tsa rona jang?
Jehofa o solofetsa gore o tla reetsa dithapelo tsa rona a bo a bona gore di amana jang le boikaelelo jwa gagwe. (Jer. 29:12) A ka re araba ka ditsela tse di sa tshwaneng, mme ka metlha o tla re ema nôkeng.—w23.11, ts. 21-22.
Baroma 5:2 e bua ka “tsholofelo,” ka jalo ke eng fa go buiwa ka yone gape mo temana 4?
Fa motho a simolola go ithuta boammaaruri, o nna le tsholofelo ya gore o tla tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. Mme fa a nna le mathata a bo a kgona go a itshokela, o lemoga gore Modimo o a mo rata e bile seno se dira gore a tlhatswege pelo gore se a se solofetseng se tla direga.—w23.12, ts. 12-13.